LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Go Rera ka Bogosi—Tshiamelo e e Botlhokwa Thata
    Tirelo ya Bogosi—2005 | August
    • Go Rera ka Bogosi—Tshiamelo e e Botlhokwa Thata

      1 Letsatsi le letsatsi, dibilione tsa batho di solegelwa molemo ke dilo tse Jehofa a ba fileng tsone gore ba tshele. (Math. 5:45) Le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwa fela ba ba bontshang Mmopi wa bone gore ba a leboga, ba dira seno ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Math. 24:14) Wena o anaanela tshiamelo eno e e botlhokwa go le kana kang?

      2 Go rera ka Bogosi go tlotla Modimo e bile go dira gore batho ba ba tshwenyegileng ka ntlha ya dinako tse di thata tsa gompieno ba nne le tsholofelo le kagiso. (Baheb. 13:15) Seno se dira gore batho ba ba amogelang molaetsa ono ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 17:3) A go na le tiro epe ya go itshedisa e e ka re duelang go le kalo? Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore o anaanela bodiredi jwa gagwe ka tsela e a neng a bo dira ka yone. O ne a bo leba e le letlotlo.—Dit. 20:20, 21, 24; 2 Bakor. 4:1, 7.

      3 Go Anaanela Tshiamelo ya Rona e e Botlhokwa: Tsela e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re anaanela tshiamelo ya rona ya go rera ke ka go ela tlhoko kafa re dirang bodiredi jwa rona ka teng. A re ipha nako ya gore re baakanyetse dipuisano tse di tla tlhotlheletsang bareetsi ba rona? A re ka dira sengwe go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go dirisa Dikwalo le go ntshetsa batho mabaka? A re bereka ka botlalo tshimo e re e abetsweng ? A re kgona go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele? Go nna le pono e e siameng ka bodiredi jwa rona le go anaanela tshiamelo e re nang le yone go a re tlhotlheletsa fela jaaka go ne go tlhotlheletsa Bakeresete ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng.—Math. 25:14-23.

      4 Fa re lebana le mathata a a bakiwang ke botsofe, bolwetse kana maemo mangwe a a boima, go a re gomotsa go itse gore maiteko a re ntseng re a dira a go tlhagafalela bodiredi a anaanelwa thata. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o anaanela thata maiteko a re a dirang a go mo direla, le fa batho ba bangwe ba a leba e se a sepe.—Luke 21:1-4.

      5 Go rera ka Bogosi ke selo se se kgotsofatsang thata. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga tse 92 o ne a re: “Ke ikutlwa ke nnile le tshiamelo e kgolo tota fa ke akanya ka dingwaga tse 80 tsa go direla Modimo ka botlalo—mme ga ke ikwatlhaele sepe! Fa go ne go ka tlhokega gore ke tshele botshelo jwa me gape, ke ne ke se kitla ke fetola sepe, ka gonne ruri, ‘bopelonomi jwa [Modimo] jwa lorato bo botoka go na le botshelo.’” (Pes. 63:3) E kete re ka anaanela tshiamelo eno e e tswang kwa Modimong, e leng tiro ya go rera ka Bogosi.

  • Karolo 12: Go Thusa Baithuti go Simolola le go Tshwara Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Bogosi—2005 | August
    • Karolo 12: Go Thusa Baithuti go Simolola le go Tshwara Dithuto Tsa Baebele

      Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele

      1 Fa batho ba re ithutang Baebele le bone ba simolola go nna le seabe mo tirelong ya tshimo, ba ka nna ba tshoga ba fa akanya ka go simolola dithuto tsa Baebele le go di tshwara. Re ka ba thusa jang gore ba se ka ba tshoga fa ba dira karolo eno e e botlhokwa ya bodiredi?—Math. 24:14; 28:19, 20.

      2 Fa moithuti wa Baebele a tshwanelegela go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, o tshwanetse a bo a setse a ikwadisitse mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Go thapisiwa ga gagwe gore a baakanyetse le go neela dipuo go tla mo thusa go nna le bokgoni jwa go ruta jo ‘modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, yo o tshwarang lefoko la boammaaruri sentle’ a tshwanetseng go nna le jone.—2 Tim. 2:15.

      3 Ruta ka go Tlhoma Sekao: Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe ka go ba naya ditaelo tse di utlwalang sentle e bile a ba tlhomela sekao. O ne a re: “Mongwe le mongwe yo o rutiwang sentle o tla tshwana le morutisi wa gagwe.” (Luke 6:40) Go botlhokwa thata gore le wena o etse sekao sa ga Jesu ka go tlhoma sekao se se molemo fa o le mo bodireding. Fa motho yo o ithutang le ene a ela sekao sa gago tlhoko mo bodireding, seno se tla mo thusa go tlhaloganya boikaelelo jwa go dira maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Baebele.

      4 Mo tlhalosetse gore fa re kopa mong wa ntlo go mo tshwarela thuto, gantsi go botlhokwa gore re mo tlhalosetse ka botlalo gore seno se dirwa jang. Gantsi go molemo go mmontsha seno ka go dirisa serapa se le sengwe kana di le pedi mo kgatisong nngwe. O ka bona dikakantsho tse di molemo mo tsebeng 8 ya kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi le mo tsebeng 6 ya kgatiso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002.

      5 Fa go tshwanela, kopa moithuti gore a tsamaye le wena kana le mmoledi yo mongwe yo o nang le maitemogelo go ya kwa dithutong tse dingwe tsa Baebele. O ka nna wa mo letla gore a akgele mo serapeng sengwe kana mo temaneng nngwe ya konokono. Ka jalo, ka go tsaya malebela mo go wena, moithuti a ka ithuta go le gontsi gore dithuto tse di gatelang pele tsa Baebele di tshwarwa jang. (Dia. 27:17; 2 Tim. 2:2) Mo akgole mme o tlotle le ene gore a ka tokafatsa jang.

      6 Go thapisa baboledi ba basha gore ba nne barutisi ba Lefoko la Modimo go tla ba thusa gore ba kgone go dira ‘tiro e e molemo’ ya go simolola le go tshwara dithuto. (2 Tim. 3:17) A bo go itumedisa jang ne go dira mmogo le bone go ntsha taletso eno e e lorato, e e reng: “Le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala”!—Tshen. 22:17.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela