Myanmar (Burma)
NAGA ya Myanmar e e fa gare ga dinaga tse dikgolo tse di mo kontinenteng ya Asia tsa India le China, ke lefelo le le kgatlhang le le nang le dikarolo tse di sa tshwaneng.a Toropo ya yone e kgolo go di feta tsotlhe e leng Yangon (e pele e neng e bidiwa Rangoon), e na le dikago tsa matlhatlaganyane, mabenkele a a tletseng batho le pharakano e e tlhanaselang. Mme ka kwa ga Yangon go na le metse e kwa go yone batho ba lemang ka nare e e ruiwang ya kwa Asia, kwa batho ba gakgamadiwang ke batswakwa le kwa batho ba tshelang botshelo jo bo iketlileng gone.
Gompieno naga ya Myanmar e re gopotsa Asia ya bogologolo. Fano o ka bona dibese tsa dikgoropa di tsamaya mo ditseleng tse di dikhutikhuti. Ka fa letlhakoreng le lengwe di feta dikoloi tse di gogwang ke dikgomo tse di rweleng thobo di e isa kwa mmarakeng mme ka fa go le lengwe di feta badisa ba dipodi ba tlhokometse matsomane a bone kwa nageng. Bontsi jwa banna ba kwa Myanmar ba sa ntse ba apara letsela le e keteng sekete (lungi) le le bofiwang mo lothekeng. Basadi ba itshasa setlolo sa go intlafatsa se se dirwang ka lekwati (thanaka). Batho ba koo ba rata bodumedi fela thata. Babuda ba ba ineetseng ba tlotla baitlami thata go feta batho ba ba tumileng mme letsatsi le letsatsi ba isa ditshupelo ka go manega gauta mo difikantsweng tse di phatsimang tsa ga Buddha.
Batho ba kwa Myanmar ke batho ba ba bonolo, ba ba akanyetsang le ba ba ratang go botsa dipotso. Mo nageng eno go nna merafe e megolo e le 8 le ditlhotshwana di ka nna 127. Setlhopha sengwe le sengwe se na le puo, moaparo, dijo le setso sa sone. Bontsi jwa batho bo nna mo lebaleng le legolo le le mo bogareng le le nosiwang ke Noka ya Ayeyarwady (Irrawaddy) e kgolo, ya boleele jwa dikilometara di le 2 170 e e tsamayang e itsoketsa go tloga kwa dithabeng tse di tsididitsididi tsa Himalaya go ela kwa Lewatleng la Andaman le le bothitho. Ba bangwe ba le dimilionemilione ba nna mo kgaolong e kgolo ya lotshitshi lwa molomo wa noka, le mo mafelong a a dithaba a a gaufi le Bangladesh, China, India, Laos le Thailand.
Mo e ka nnang ka dingwaga di le 100, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Myanmar ba itiretse leina le lentle ka go nna le tumelo e e nonofileng le boitshoko. Ka nako ya fa go ne go na le thubakanyo e e sa laolesegeng le dikhuduego tsa dipolotiki, ba ile ba nna ba sa tseye letlhakore. (Joh. 17:14) Batho ba ga Jehofa ba ile ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ba sa kgaotse le fa ba ne ba lebana le mathata, ba ganediwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone e bile ba thatafalelwa ke go ikgolaganya le bakaulengwe ba bone ba kwa dinageng tse dingwe. Pego e e latelang e tlhalosa kgang ya bone e e amang pelo.
Mo e ka nnang ka dingwaga di le 100, bakaulengwe ba rona ba kwa Myanmar ba itiretse leina le lentle ka go nna le tumelo e e nonofileng le boitshoko
Go Simolola Tiro ya go Rera
Ka ngwaga wa 1914 o hisitori e neng ya fetoga ka one, banna ba le babedi ba Baesemane ba ne ba fologa mo sekepeng mme ba kgatlhantshiwa ke mogote o o hupetsang wa boemakepe jwa Yangon. Hendry Carmichael le mmulatsela mmogo le ene ba ne ba tsere mosepele go tswa kwa India ba ya go dira kabelo e e boima ya go simolola tiro ya go rera kwa Burma. Tshimo ya bone e ne e akaretsa naga eo yotlhe.
“O ka dira jalo, fa e le gore le kwa lefatsheng le lesha o batla go romeletsa mongwe gore a go ele”
Hendry le mmulatsela mmogo le ene ba ne ba simolola kwa Yangon mme go ise go ye kae ba ne ba kopana le banna ba babedi ba Ba-Anglo-Indian ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi ka pelo yotlhe.b Ka yone fela nako eo, Bertram Marcelline le Vernon French ba ne ba kgaotsa go ikamanya le madumedi a a ipitsang a Bokeresete mme ba simolola go rerela ditsala tsa bone ka tsela e e sa rulaganngwang. Go ise go ye kae, batho ba ka nna 20 ba ne ba kopana ka metlha kwa legaeng la ga Bertram ba tla go ithuta Baebele ba dirisa Tora ya Tebelo.c
Baboledi kwa Yangon, 1932
Ka 1928, mmulatsela yo mongwe wa Moesemane yo o tswang kwa India e bong George Wright, o ne a jela nala kwa Burma mme a tsamaya dikgwedi di le tlhano a anamisa dikgatiso tse dintsi tsa Baebele. Ga go pelaelo gore dipeo tseo tsa boammaaruri di ne di akaretsa bukana ya ngwaga wa 1920 ya setlhogo se se reng Millions Now Living Will Never Die!—kgatiso ya rona ya ntlha ya Bokeresete go ranolelwa mo puong ya Se-Burma.
Dingwaga di le pedi moragonyana, go ne ga goroga Claude Goodman le Ronald Tippin ba babutsela kwa Yangon mme ba fitlhela setlhotshwana sa bakaulengwe ba ba neng ba tshwara dipokano ka boikanyegi mme ba se na thulaganyo epe ya go rera. Claude a re: “Re ne ra kgothaletsa bakaulengwe gore ba tle go rera Sontaga mongwe le mongwe. Mokaulengwe mongwe o ne a botsa gore a o ne a ka se re duele rona babulatsela mme ra bo re mo direla tiro ya go rera. Ron o ne a mo raya a re: ‘O ka dira jalo, fa e le gore le kwa lefatsheng le lesha o batla go romeletsa mongwe gore a go ele.’” Kgothatso eo ya puo phaa e ne e le sone se setlhopha seo se neng se se tlhoka. Go ise go ye kae Claude le Ronald ba ne ba na le batho ba bantsi ba ba neng ba rera le bone.
“Rachel, ke Bone Boammaaruri!”
Mo go one ngwaga oo, Ron le Claude ba ne ba kopana le Sydney Coote, motsamaisi wa seteishene sa diterena mo Yangon. Sydney o ne a amogela dibuka tsa rona di le lesome tse di neng di bidiwa dibuka tsa mola wa godimo ka ntlha ya mebala ya tsone e e galotseng. Fa Sydney a sena go bala dikarolo tsa nngwe ya dibuka tseno, o ne a tlhaeletsa mosadi wa gagwe a re, “Rachel, ke bone boammaaruri!” Go ise go ye kae, lelapa lotlhe loorra Coote le ne le direla Jehofa.
Sydney e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Dikwalo. Morwadie e bong Norma Barber, yo o sa bolong go nna morongwa ka lobaka lo loleele mme jaanong a direla kwa lekaleng la Boritane, o tlhalosa jaana: “Rre o ne a itirela buka ya tshupiso ya ditemana. Nako le nako fa a bona temana e e tlhalosang thuto nngwe ya Baebele, o ne a e kwala mo bukeng eno ka fa tlase ga setlhogo se se tshwanetseng. O ne a bitsa buka eno a re ke, Where Is It? [E fa Kae?]”
Sydney Coote (fa gare) e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Dikwalo; ene le mosadi wa gagwe, Rachel (ka fa molemeng), ba ne ba bolelela ba bangwe molaetsa wa Baebele
Sydney o ne a sa batle fela go ithuta Baebele mme gape o ne a batla go bolelela ba bangwe molaetsa wa yone. Ka jalo, o ne a kwalela kwa lekaleng la India a botsa gore a go na le Basupi kwa Burma. Go ise go ye kae o ne a amogela lebokoso le legolo le le nang le dikgatiso mmogo le lenaane la maina. Norma a re: “Rre o ne a kwalela mongwe le mongwe yo o neng a le mo lenaaneng leo, a mo laletsa gore a tle go tlhola le rona. Moragonyana bakaulengwe ba ka nna batlhano kgotsa barataro ba ne ba tla kwa gae ba bo ba re bontsha kafa re ka neelang bosupi ka teng le fa re se mo bodireding. Kwantle ga go senya nako, batsadi ba me ba ne ba anamisa dikgatiso tseno mo ditsaleng le mo baagelaning. Gape ba ne ba romelela ba masika a rona botlhe makwalo le dikgatiso.”
Fa kgaitsadia Sydney e bong Daisy D’Souza yo o neng a nna kwa Mandalay a amogela lekwalo la ga Sydney le bukana ya The Kingdom, the Hope of the World, o ne a le araba ka yone nako eo a kopa dikgatiso tse dingwe le Baebele. Morwadie e bong Phyllis Tsatos o ne a re: “Mmè o ne a itumetse fela thata fa a ntse a ithuta dibuka tseno go fitlha masa a sa. Go tswa foo o ne a re phutha rotlhe bana ba gagwe ba barataro a bo a re bolelela kitsiso eno e e ileng ya re gakgamatsa: ‘Ke tlogela Kereke ya Katoliki ka gonne ke bone boammaaruri!’” Moragonyana monna wa ga Daisy le bana ba gagwe le bone ba ne ba amogela boammaaruri. Gompieno dikokomana di le nnè tsa ba lelapa loorra D’Souza ba direla Jehofa Modimo ka boikanyegi.
Babulatsela ba ba Pelokgale
Mo masimologong a bo1930, babulatsela ba ba tlhagafetseng ba ne ba anamisa dikgang tse di molemo gaufi le seporo se segolo se se kwa bokone se se tswang kwa Yangon se ya kwa Myitkyina, toropo e e gaufi le molelwane wa China. Ba ne ba rera le kwa Mawlamyine (Moulmein) le kwa Sittwe (Akyab), ditoropo tse di fa lotshitshing lwa lewatle kwa botlhaba le bophirima jwa Yangon. Seo se ne sa felela ka gore go tlhongwe diphuthego tse dinnye kwa Mawlamyine le Mandalay mo nakong e khutshwane.
Ka 1938 tiro ya kwa Burma e ne ya kgaotsa go tlhokomelwa ke lekala la India e bo e simolola go tlhokomelwa ke lekala la Australia, mme babulatsela ba ba tswang kwa Australia le New Zealand ba ne ba simolola go goroga kwa Burma. Badiri bano ba ba tlhoafetseng ba ne ba akaretsa Fred Paton, Hector Oates, Frank Dewar, Mick Engel le Stuart Keltie. Bakaulengwe bano botlhe ba ne ba dira ka natla go simolola tshimo eno.
Frank Dewar
Fred Paton o ne a re: “Mo dingwageng tse nnè tse ke di feditseng mo Burma, ke ne ka rera mo dikarolong di le dintsi tsa naga eno. Mo nakong eo ke ne ka itshokela malaria, bolwetse jwa typhoid, bolwetse jwa letshololo (dysentery) le malwetse a mangwe. Morago ga go tlhola letsatsi lotlhe kwa tshimong, gantsi ke ne ke se na fa ke latsang tlhogo gone. Le fa go ntse jalo, ka metlha Jehofa o ne a ntlhokomela le go nnonotsha ka maatla a moya wa gagwe.” Frank Dewar yo o pelokgale wa kwa New Zealand o ne a re: “Ke ne ke kopana le dinokwane, baepapuso le badiredi ba puso ba ba boifisang. Mme ke ne ka fitlhela gore fa ke le botho, bonolo, boikokobetso e bile ke le tekatekano ke ne ke kgona go fenya le e leng dikgoreletsi tse di boima. Go ise go ye kae batho ba le bantsi ba ne ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ga ba kotsi.”
Babulatsela ba ne ba farologane fela thata le batswakwa ba bangwe ba gantsi ba neng ba tshwara batho ba naga eno ka lonyatso. Babulatsela bone ba ne ba tshwara batho ka tlotlo le ka lorato. Tsela e e lorato e ba neng ba tshwara batho ka yone e ne e kgatlha Ba-Burma ba ba boikokobetso, ba ba ratang go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe le go dirisa temogo go na le go bua fela ba sa akanyetse ba bangwe le go baka dikgotlhang. Babulatsela ba ne ba bontsha ka mafoko le ka ditiro tsa bone gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri.—Joh. 13:35.
Kopano E e Sa Lebalesegeng
Dikgwedi di le mmalwa babulatsela ba sena go goroga, lekala la Australia le ne la rulaganya gore go tshwarwe kopano kwa Yangon. Lefelo le kopano e neng ya tshwarelwa kwa go lone e ne e le Yangon City Hall e e neng e agilwe jaaka ntlo ya segosi, e na le ditepisi tsa mmabole le dikgoro tse dikgolo tsa boronse. Batlakopanong ba ne ba tswa kwa Thailand, Malaysia le Singapore mme Alex MacGillivray, yo e neng e le motlhanka wa lekala la Australia o ne a tla le setlhopha sa bakaulengwe go tswa kwa Sydney.
E re ka ntwa e ne e gomagomela lefatshe, puo ya phatlalatsa e e neng e phasaladitswe thata ya setlhogo se se reng “Ntwa ya Lefatshe Lotlhe e Gaufi” e ne ya kgatlhegelwa ke batho ba le bantsi thata. Fred Paton o ne a re: “Ga ke ise ke ko ke bone holo e tlala ka bonako jalo. Fa ke bula dikgoro tse di ka kwa pele, matshwititshwiti a batho a ne a tlhatloga ditepisi mme a thologela mo holong. Mo metsotsong e e kwa tlase ga e e lesome, batho ba feta 1 000 ba ne ba setse ba pitlagane mo holong eno e e tsayang batho ba le 850.” Frank Dewar o ne a oketsa ka go re: “Re ne ra tshwanelwa ke go tswala dikgoro tsa kwa pele fa boidiidi jwa batho bo ntse bo tsena, mme ga sala batho ba bangwe ba le 1 000 kwa ntle. Go ntse go le jalo, makawana a a botlhajana a ne a itshukunyetsa ka dikgoro tse dinnye tse di mo matlhakoreng.”
Bakaulengwe ba ne ba sa itumedisiwa fela ke go bona tsela e bareetsi ba neng ba kgatlhega ka yone mme gape ba ne ba itumedisitswe ke kafa e neng e le batho ba ditso tsa mefutafuta ka teng, go akaretsa le ditlhopha di le dintsi tsa merafe ya mo lefelong leo. Go fitlha ka nako eo, e ne e le batho ba le mmalwa fela ba lefelo leo ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri, e re ka bontsi jwa bone e ne e le Babuda ba ba ineetseng. Batho ba lefelo leo ba ba neng ba ipitsa Bakeresete—ba bontsi jwa bone e neng e le Ba-Kayin (Ba-Karen), Ba-Kachin le Ba-Chin—ba ne ba nna kwa mafelong a a kgakala a dikgang tse di molemo di neng di ise di rerwe kwa go one. Go ne go bonala tshimo ya lefelo leo e ne e siametse go rojwa. Go ise go ye kae “boidiidi jo bogolo” jwa ditšhaba tse dintsi jo go boleletsweng pele ka jone mo Baebeleng bo ne bo tla akaretsa le batho ba ditso tse dintsi tsa kwa Burma.—Tshen. 7:9.
Barutwa ba Ntlha ba Ba-Kayin
Barutwa ba ntlha ba Ba-Kayin, Chu May “Daisy” (ka fa molemeng) le Hnin May “Lily” (ka fa mojeng)
Ka 1940 mmulatsela mongwe yo o bidiwang Ruby Goff o ne a rera kwa Insein, torotswana e e mo kgaolong e e kwa thoko ya Yangon. E re ka a ile a fitlhela batho ba ba sa kgatlhegeng mo letsatsing leo, Ruby o ne a rapela jaana: “Jehofa, tsweetswee nthuse ke bone ‘nku’ le fa e ka nna nngwe fela pele ke ya gae.” Fa a tsena mo ntlong e e latelang, o ne a fitlhela Hmwe Kyaing, Mo-Baptist wa Mo-Kayin, yo o neng a itumelela go reetsa molaetsa wa Bogosi. Go ise go ye kae, Hmwe Kyaing le bomorwadie e bong Chu May (Daisy) le Hnin May (Lily), ba ne ba ithuta Baebele mme ba gatela pele sentle semoyeng. Le fa Hmwe Kyaing a ile a tlhokafala ka bonakonyana morago ga moo, moragonyana morwadie yo mmotlana e bong Lily e ne ya nna Mo-Kayin wa ntlha go kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Daisy le ene o ne a kolobediwa.
Lily le Daisy ba ne ba nna babulatsela ba ba tlhagafetseng mme tiro ya bone e ne ya nna le matswela a a nnelang ruri. Gompieno makgolokgolo a batho ba ba akaretsang ditlogolwana tsa bone le batho ba ba neng ba ithuta Baebele le bone, ba direla Jehofa kwa Myanmar le kwa dinageng tse di kwa moseja.
Dikgwetlho ka Nako ya Ntwa ya Lefatshe II
Ka 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne e runtse kwa Yuropa, mme seo se ne sa tsenya lefatshe lotlhe tsebetsebe. Fa ntwa e ntse e faga, baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete kwa Burma ba ne ba tlhotlheletsa puso ya bokolone fela thata gore e thibele dikgatiso tsa rona. Ka jalo, Mick Engel yo o neng a tlhokometse depo ya dibuka ya kwa Yangon, o ne a bua le modiredimogolo mongwe wa puso ya Amerika mme a mo naya lekwalotetla gore a ise dikgatiso tse di ka nnang bokete jwa ditone di le pedi kwa China ka dilori tsa masole tse di neng di tsamaya ka Tsela ya Burma.
Fred Paton le Hector Oates ba ne ba isa dikgatiso kwa depong ya diterena tsa sesole kwa Lashio, toropo e e gaufi le molelwane wa China. Fa ba kopana le modiredimogolo yo o neng a laola mokoloko wa diteraka tse di yang kwa China, o ne a phatloga ka bogale! O ne a goa a re: “Wa reng? Ke ka lo naya jang lefelo mo diterakeng tsa me gore lo beye dipampitshana tsa lona tse di se nang mosola mme nna ke se na gope mo nka tsenyang teng dilo tse di tlhokegang ka potlako tsa sesole le tsa kalafi tse di koameng fano?” Fred o ne a didimala a bo a ntsha lekwalotetla mo kgetsaneng ya gagwe a bo a bolelela modiredimogolo yono gore e ne e ka nna kgang e e masisi tota fa a ne a ka tlhokomologa taelo e e tswang kwa pusong ya Yangon. Ka jalo modiredimogolo yono yo o laolang mokoloko o ne a naya bakaulengwe bano lori e nnye e na le mokgweetsi le dilo tse di tlhokegang gore ba e dirise. Ba ne ba tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 2 400 go ya kwa Chongqing (Chungking), e e kwa borwabogare jwa China kwa ba neng ba anamisa dikgatiso tseno tsa botlhokwa teng ba bo ba rerela Chiang Kai-shek, poresidente wa puso ya Chinese Nationalist.
Fa badiredibagolo ba goroga, ba ne ba fitlhela dikgatiso di seyo
Kgabagare, ka May 1941, puso ya bokolone e e kwa India e ne ya romela molaetsa wa thelekerama kwa Yangon, e laela badiredibagolo ba lefelo leo go gapa dikgatiso tsa rona. Bakaulengwe ba babedi ba ba neng ba bereka kwa ofising ya dithelekerama ba ne ba bona molaetsa oo mme ba bolelela Mick Engel ka bonako. Mick o ne a bitsa Lily le Daisy mme ba itlhaganelela kwa depong kwa ba neng ba tsaya dibokose di le 40 tse di setseng tsa dikgatiso ba bo ba di fitlha mo magaeng a a sireletsegileng mo Yangon. Fa badiredibagolo ba goroga, ba ne ba fitlhela dikgatiso di seyo.
Ka December 11, 1941, malatsi a le manè morago ga gore Japane e tlhasele boemakepe jwa Pearl Harbor, Japane e ne ya simolola go latlhela dibomo kwa Burma. Ka one mafelobeke ao, setlhotshwana sa Basupi se ne sa kopana kwa foleteng e nnye e e fa godimo ga Yangon Central Railway Station. Ke gone kwa Lily a neng a kolobediwa teng mo bateng e e tlhapelang morago ga puo e e theilweng mo Dikwalong.
Dibeke di le 12 moragonyana, masole a Japane a ne a tsena mo toropokgolong ya Yangon mme a fitlhela naga e le tshetlha. Batho ba feta dikete di le lekgolo ba ne ba tshabetse go ya ntlheng ya India. Batho ba le diketekete ba ne ba swela mo tseleng ba bolawa ke tlala, letsapa le malwetse. Sydney Coote, yo o neng a tshabile le lelapa la gagwe, o ne a bolawa ke bolwetse jwa malaria e e tlhaselang boboko (cerebral malaria) a le gaufi le molelwane wa India. Mokaulengwe yo mongwe o ne a thuntshiwa ke masole a Bajapane, fa yo mongwe ene a ne a swelwa ke mosadi le ba lelapa la gagwe fa legae la bone le ne le thuntshiwa ka bomo.
Go ne ga sala palo e nnye thata ya Basupi kwa Burma. Lily le Daisy ba ne ba fudugela kwa Pyin Oo Lwin (Maymyo), toropo e e didimetseng e e mo mohapheng wa thaba gaufi le Mandalay, kwa ba neng ba jala peo ya boammaaruri gone e morago e ileng ya ungwa. Mosupi wa boraro e bong Cyril Gay o ne a nna kwa motsaneng wa Thayarwaddy, o o sekgala sa dikilometara di ka nna 100 kwa bokone jwa Yangon, kwa a ileng a nna teng go fitlha ntwa e fela.
Go Itumelela go Kopana Gape
Fa ntwa e sena go fela, bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tshabetse kwa India ba ne ba simolola go boela kwa Burma. Ka April 1946 Phuthego ya Yangon e ne e setse e na le baboledi ba ba tlhagafetseng ba le robedi. Fa ngwaga o fela, phuthego e ne e oketsegile e bile e na le baboledi ba le 24 mme bakaulengwe ba ne ba swetsa ka gore go tshwarwe kopano.
Kopano eo ya malatsi a mabedi e ne ya tshwarelwa kwa sekolong sengwe kwa Insein. Theo Syriopoulos yo o ithutileng boammaaruri kwa Yangon ka 1932 o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke boa kwa India ke ne ka fitlhela ke abetswe puo ya phatlalatsa e e tsayang ura. Go fitlha ka nako eo, ke ne nkile ka neela dipuo di le pedi fela tsa metsotso e le metlhano kwa India. Le fa go ntse jalo, kopano eo e ile ya atlega fela thata, mme ga tla batho ba feta 100.”
Dibeke di se kae moragonyana, moeteledipele yo o pelontle wa baagi ba Ba-Kayin yo o neng a kgatlhegela boammaaruri o ne a fa phuthego setsha kwa Ahlone e e leng motsesetoropo o o fa lobopong lwa noka gaufi le karolo e e mo bogareng jwa Yangon. Bakaulengwe ba koo ba ne ba dirisa lotlhaka lwa bampuse go aga Holo ya Bogosi e e tsayang batho ba ka nna lekgolo. Phuthego e ne e phophoma ka boitumelo. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ne ba falotse ntwa tumelo ya bone e ntse e nonofile mme ba ne ba tlhoafaletse go tswelela ka tiro ya go rera.
Barongwa ba Ntlha ba Gileade ba a Goroga
Fa godimo: Barongwa ba ntlha ba Gileade e bong Hubert Smedstad, Robert Kirk, Norman Barber le Robert Richards Fa tlase: (mola o o kwa morago) Nancy D’Souza, Milton Henschel, Nathan Knorr, Robert Kirk, Terence D’Souza, (mola o o kwa pele) Russell Mobley, Penelope Jarvis-Vagg, Phyllis Tsatos, Daisy D’Souza, Basil Tsatos
Mo masimologong a 1947, setlhopha sa bakaulengwe ba ba neng ba itumetse ba ne ba phuthega kwa boemakepeng jwa Yangon go tla go amogela Robert Kirk, morongwa wa ntlha go goroga kwa Burma, yo o thapisitsweng kwa Gileade. Nakwana fela morago ga moo, go ne ga tla barongwa ba bangwe ba bararo—Norman Barber, Robert Richards le Hubert Smedstad—mmogo le Frank Dewar, yo o neng a kile a dira tiro ya bobulatsela kwa India ka nako ya ntwa.
Barongwa ba ne ba gorogetse mo toropong e kgolo e e neng e kgautlhantswe ke ntwa. Dikago di le dintsi e ne e le matlotla a a laitsweng ke molelo. Batho ba le diketekete ba ne ba nna mo matlwaneng a a sa agegang sentle a a dirilweng ka lotlhaka lwa bampuse, a a neng a tlhomagane fa thoko ga tsela. Batho ba ne ba apeela mo mebileng, ba tlhatswetsa mo go yone e bile ba nna mo go yone. Le fa go ntse jalo, barongwa ba ne ba tlile go ruta batho boammaaruri jwa Baebele, ka jalo ba ne ba tlwaelana le maemo ao mme ba semelela mo bodireding.
Ka September 1, 1947, ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower e ne ya tlhomiwa kwa legaeng la barongwa kwa Signal Pagoda Road, gaufi le bogare jwa toropokgolo. Robert Kirk o ne a tlhomiwa go nna molebedi wa lekala. Moragonyana fela ga moo, Phuthego ya Yangon e ne ya tswa mo holong ya lotlhaka lwa bampuse ya Ahlone mme ya fudugela kwa foleteng e e mo boalong jo bo kwa godimo mo Bogalay Zay Street. Folete eno e ne e le sekgala se se ka tsayang motho yo o tsamayang ka dinao metsotso e se kae go tswa kwa Secretariat, kago e kgolo thata ya puso ya kolone ya Boritane—e e neng e tla tloga e menolwa!
Ntwa ya Selegae e a Runya!
Ka January 4, 1948, Baboritane ba ne ba naya puso e ntšha ya Ba-Burma marapo gore e nne yone e busang. Burma jaanong e ne e bone boipuso, morago ga dingwaga di le 60 e le kolone. Mme naga eno e ne e nweleletse mo ntweng ya selegae.
Ditlhopha tsa ditso tse di farologaneng di ne tsa lwa gore go tlhongwe dikgaolo tse di ikemetseng mme masole a e seng a puso le digongwana tsa dikebekwa di ne di lwela go laola mafelo a a rileng. Mo masimologong a 1949, masole a batsuolodi a ne a laola dikarolo tse dintsi tsa naga, mme go ne ga runya ntwa mo dikgaolong tse di kwa thoko tsa Yangon.
Fa dintwa di ntse di ile magoletsa, bakaulengwe ba ne ba rera ka kelotlhoko. Ofisi ya lekala e ne ya fudusiwa go tswa kwa legaeng la barongwa kwa Signal Pagoda Road go ya kwa foleteng e kgolo e e mo boalong jo bo kwa godimo mo 39th Street, lefelo le le sireletsegileng le le nang le diofisi di le mmalwa tsa boemedi jwa dinaga di sele e bile le le sekgala se se tsayang metsotso e le meraro fela fa o tsamaya ka dinao go tloga kwa posong.
Ka bonya masole a kwa Burma a ne a dirisa taolo ya one, a lelekela batsuolodi kwa dithabeng. Mo magareng a bo1950, puso e ne e setse e laola gape bontsi jwa dikarolo tsa naga. Le fa go ntse jalo, ntwa ya selegae e ne e le kgakala le go fela. E ile ya tswelela ka ditsela tse di farologaneng go fitlha le gompieno.
Go Rera le go Ruta ka Se-Burma
Go fitlha mo magareng a bo1950, bakaulengwe kwa Burma ba ne ba rera mo e batlileng e le ka Seesemane fela, puo e e neng e buiwa ke batho ba ba rutegileng mo ditoropong le mo ditoropokgolong. Mme batho ba bangwe ba le bantsintsi ba ne ba bua fela Se-Burma (Se-Myanmar), Se-Kayin, Se-Kachin, Se-Chin kgotsa dipuo tse dingwe tsa kwa Burma. Ba ne ba ka rerelwa jang dikgang tse di molemo?
Ka 1934 Sydney Coote o ne a rulaganya gore morutabana mongwe wa Mo-Kayin a ranolele dibukana di le mmalwa mo puong ya Se-Burma le ya Se-Kayin. Moragonyana baboledi ba bangwe ba ne ba ranolela buka ya “Let God Be True” le dibukana di le mmalwa mo puong ya Se-Burma. Go tswa foo ka 1950 Robert Kirk o ne a kopa Ba Oo go ranolela ditlhogo tse di ithutiwang tsa Tora ya Tebelo mo puong ya Se-Burma. Dithanolo tseno tse di kwadilweng ka seatla di ne tsa tlanngwa le go printiwa ke borakgwebo ba ba gatisang ba kwa Yangon di bo di anamisediwa kwa go ba ba neng ba tlile dipokanong tsa phuthego. Moragonyana ofisi ya lekala e ne ya reka motšhine o o tlanyang Se-Burma gore tiro ya thanolo e tsamaye ka bonako.
Ba Oo (ka fa molemeng) o ne a ranolela ditlhogo tse di ithutiwang tsa Tora ya Tebelo mo puong ya Se-Burma
Baranodi bao ba ntlha ba ne ba lebana le dikgwetlho di le dintsi. Naygar Po Han yo o neng a tswelela ka tiro ya go ranola fa Ba Oo a ne a sa tlhole a kgona, o tlhalosa jaana: “Motshegare ke ne ke bereka gore ke tlamele ba lelapa la me go tswa foo ke bo ke dira tiro ya go ranola go fitlha bosigo thata ke dirisa lebone la motlakase le le letobo. Ke ne ke sa itse Seesemane sentle, ka jalo dilo tse ke neng ke di ranola di ka tswa di ne di sa nepa sentle. Mme re ne re batla thata gore dimakasine tsa rona di balwe ke batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone.” Fa Robert Kirk a ne a kopa Doris Raj gore a ranolele Tora ya Tebelo mo puong ya Se-Burma, o ne a tlalelwa thata mo a neng thubega ka selelo. Doris o tlhalosa jaana: “Ke ne ke na le thuto ya motheo fela mme ke se na maitemogelo ape a go ranola. Mme Mokaulengwe Kirk o ne a nkgothaletsa gore ke leke. Ka jalo ke ne ka rapela Jehofa mme ka simolola go bereka.” Go setse go fetile dingwaga di ka nna 50 mme Doris e sa ntse e le moranodi kwa Bethele ya Yangon. Naygar Po Han yo jaanong a nang le dingwaga di le 93, le ene o kwa Bethele mme o sa ntse a tlhoafaletse go tsweletsa tiro ya Bogosi pele.
Ka 1956, Nathan Knorr o ne a golola Tora ya Tebelo ka Se-Burma
Ka 1956, Nathan Knorr yo o tswang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe o ne a etela kwa Burma mme a itsise ka go gololwa ga Tora ya Tebelo ka Se-Burma. Gape o ne a rotloetsa barongwa go ithuta puo ya koo e le gore tiro ya bone e nne le matswela a a oketsegileng. E re ka barongwa ba ne ba kgothadiwa ke mafoko a gagwe, ba ne ba leka ka natla go ithuta Se-Burma. Mo ngwageng o o latelang, Frederick Franz, yo le ene a neng a tswa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe, o ne a neela puo ya setlhogo kwa kopanong ya malatsi a matlhano e e neng e tshwaretswe kwa Yangon Railway Institute Hall. O ne a kgothaletsa bakaulengwe go atolosetsa tiro ya go rera pele ka go romela babulatsela kwa ditoropokgolong le kwa ditoropong. Lefelo la ntlha le babulatsela bano ba ba sa tswang go goroga ba neng ba abelwa kwa go lone e ne e le Mandalay, e pele e neng e le motsemogolo wa Burma e bile e le toropo ya bobedi mo ditoropong tse dikgolo go gaisa tsa naga eo.
Tiro ya go Rera Kwa Mandalay e a Ungwa
Mo masimologong a 1957, go ne ga goroga babulatsela ba ba kgethegileng ba le barataro kwa Mandalay, mme ba fitlhela Robert Richards wa morongwa le mosadi wa gagwe wa Mo-Kayin e bong Baby ba ba neng ba sa tswa go nyalana ba setse ba le koo. Babulatsela ba ne ba fitlhela go rera mo tshimong ya mo toropokgolong e le kgwetlho. Mandalay ke boremelelo jwa tumelo ya Bobuda e bile halofo ya baitlami ba Babuda ba kwa Burma ba nna koo. Le fa go ntse jalo, babulatsela ba ne ba lemoga gore fela jaaka go ne go ntse kwa Korintha wa bogologolo, Jehofa o ne a na le “batho ba le bantsi mo motseng ono.”—Dit. 18:10.
Mongwe wa bone e ne e le Robin Zauja, moithuti wa Mo-Kachin wa dingwaga di le 21 mme o anela jaana: “Mo mosong mongwe Robert le Baby Richards ba ne ba nketela ba re ke Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba re ba bolela dikgang tse di molemo ka ntlo le ntlo, go dumalana le taelo ya ga Jesu ya gore go rerwe. (Math. 10:11-13) Ba ne ba mpolelela molaetsa wa bone mme ba nnaya aterese ya bone mmogo le dimakasine le dibuka di le mmalwa. Mo maitseboeng ao ke ne ka tsaya nngwe ya dibuka tseo mme ka e bala bosigo jotlhe go fitlha ke e fetsa ka masa. Ka lone letsatsi leo, ke ne ka ya kwa legaeng la ga Robert mme ka mo tlhoma dipotso ka diura di le mmalwa. O ne a araba potso nngwe le nngwe a dirisa Baebele.” Go ise go ye kae, Robin Zauja e ne ya nna Mo-Kachin wa ntlha go amogela boammaaruri. Moragonyana, o ne a direla ka dingwagangwaga e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa bokone jwa Burma mme a thusa batho ba ka nna lekgolo go ithuta boammaaruri. Bangwe ba bana ba gagwe ba le babedi jaanong ba direla kwa Bethele ya kwa Yangon.
Morutwa yo mongwe yo o tlhagafetseng e ne e le Pramila Galliara, mosetsana wa dingwaga di le 17 yo o neng a sa tswa go ithuta boammaaruri kwa Yangon. Pramila a re: “Rre e ne e le wa bodumedi jwa Jain mme o ne a ganetsa tumelo ya me e ntšha mo go botlhoko. O ne a fisa Baebele le dikgatiso tsa me tsa Baebele gabedi mme a ntitaya mo gare ga batho makgetlho a le mmalwa. Gape o ne a ntotlelela mo gae gore ke se ka ka ya dipokanong tsa Bokeresete a ba a tshosetsa ka gore o tla fisa ntlo ya ga Mokaulengwe Richards! Mme e rile a bona gore o ne a ka se ntlogedise se ke neng ke se dumela, fa go ntse go ya o ne a tlogela go nkganetsa.” Pramila o ne a kgaotsa dithuto tsa gagwe tsa yunibesithi, a nna mmulatsela yo o tlhagafetseng mme moragonyana a nyalwa ke molebedi wa potologo e bong Dunstan O’Neill. Fa e sa le ka nako eo, o thusitse batho ba le 45 gore ba bone boammaaruri.
Fa tiro e ntse e tswelela pele kwa Mandalay, ofisi ya lekala gape e ne ya romela barongwa le babulatsela kwa mafelong a mangwe a a mo bogareng jwa dikgaolo tse di mo nageng eno, go akaretsa Pathein (Bassein), Kalaymyo, Bhamaw, Myitkyina, Mawlamyine le Myeik (Mergui). Go bonala sentle gore Jehofa o ile a segofatsa tiro eno ka gonne nngwe le nngwe ya ditoropo tseno e ile ya nna le diphuthego tse di nonofileng.
Barongwa ba a Lelekwa!
Fa tiro ya go rera e ntse e gola, dikgogakgogano tsa dipolotiki le tsa merafe di ne tsa ya magoletsa mo nageng eno. Kgabagare, ka March 1962 masole a ne a thankgola puso. Baindia le Ba-Anglo-Indian ba le dikete di le makgolokgolo ba ne ba fudusediwa kwa India le Bangladesh (e e neng e bidiwa East Pakistan), mme batswakwa ba ba etang ba ne ba ka newa makwalo a mosepele (di-visa) a diura di le 24 fela. Burma e ne e dira gore go nne thata gore batswakwa ba tsene mo nageng eno.
Bakaulengwe ba ile ba tshwenyega thata fa ba ntse ba bona ditiragalo tseno di direga. Puso ya sesole e ne e tlhomamisetsa batho kgololesego ya bodumedi, fa fela madumedi a ne a ka se inaakanye le dipolotiki. Fela jaaka go ne go ka lebelelwa, barongwa ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba tswelela go itshunya nko mo dipolotiking. Kgabagare, ka May 1966 puso e ne e setse e tennwe ke mokgwa ono—e ne ya laela gore barongwa botlhe ba ba tswang kwa dinageng di sele ba tswe mo nageng eno! Barongwa ba Basupi ba ne ba sa nne le seabe gotlhelele mo dipolotiking; le fa go ntse jalo, go ise go ye kae le bone ba ne ba lelekwa mo nageng.
Bakaulengwe ba mo nageng eno ba ne ba gamaregile mme gone ga ba a ka ba kgobega marapo. Ba ne ba itse gore Jehofa Modimo o ne a na le bone. (Dute. 31:6) Le fa go ntse jalo, bakaulengwe bangwe ba ne ba ipotsa gore tiro ya Bogosi e ne e tla tswelela jang.
Go ise go ye kae go ne ga bonala gore Jehofa o ne a kaela tiro eno. Moragonyana fela, Maurice Raj yo o neng a kile a nna molebedi wa potologo e bile a thapisitswe kwa lekaleng o ne a tlhomiwa gore a tlhokomele ofisi ya lekala. Mme Maurice yo e neng e le Moindia, ga a ka a lelekwa le Baindia ba bangwe. O tlhalosa jaana: “Dingwaga di le mmalwa pelenyana ga foo, ke ne ke tsentse kopo ya go nna moagi wa Burma. Mme ke ne ke se na di-kyat di le 450d tse ke neng ke di tlhoka go duelela lokwalo lwa boagi, ka jalo ke ne ka baya pelo. Mme letsatsi lengwe fa ke ne ke feta fa ofising ya khampani e ke neng ke bereka mo go yone dingwaga tse di fetileng, ke ne ka bonwa ke mothapi wa me wa bogologolo. O ne a tlhaeletsa jaana: ‘Heela, Raj, tla o tseye madi a gago. O ne wa lebala go tsaya madi a gago a phenshene fa o ne o tsamaya.’ E ne e le di-kyat di le 450.
“Fa ke tswa mo ofising eo, ke ne ka akanya ka dilo tsotlhe tse nka di dirang ka di-kyat di le 450. Mme e re ka madi ano a ne a lekana kgo le madi a ke neng ke a tlhoka gore ke newe lekwalo la boagi, ke ne ke tsaya gore Jehofa o ne a ka rata gore ke a dirisetse go bona lekwalo leo. Mme go dira jalo go ne ga itshupa go le molemo tota. Fa Baindia ba bangwe ba ne ba lelekwa mo Burma, nna ke ne ka kgona go nna mo nageng eno, go tsaya mesepele ka kgololesego, go tlisa dibuka go tswa kwa dinageng tse dingwe le go dira ditiro tse dingwe tsa botlhokwa tse di amanang le tiro ya rona ya go rera, fela ka gonne ke ne ke le moagi wa mo Burma.”
Maurice le Dunstan O’Neill ba ne ba tswa letsholo la go tsamaya mo nageng yotlhe ba kgothatsa phuthego nngwe le nngwe le setlhopha sengwe le sengwe se se kwa thoko. Maurice a re: “Re ne ra raya bakaulengwe ra re: ‘Lo se ka lwa tshwenyega, Jehofa o na le rona. Fa re nna re ikanyega mo go ene o tla re thusa.’ Mme Jehofa o ne a re thusa! Go ise go ye kae, go ne ga tlhomiwa babulatsela ba bangwe ba ba kgethegileng ba le bantsi, e bile tiro ya go rera e ne ya anama ka bonako go feta pele.”
Gompieno, morago ga dingwaga di le 46, Maurice yo e leng leloko la Komiti ya Lekala, o sa ntse a tsamaya go ralala Myanmar a kgothatsa diphuthego. Fela jaaka Kalebe yo o godileng wa kwa Iseraele wa bogologolo, tlhoafalo ya gagwe mo tirong ya Modimo ga e a fela.—Josh. 14:11.
Tiro e Anamela Kwa Kgaolong ya Chin State
Lengwe la mafelo a ntlha go nna le babulatsela ba ba kgethegileng e ne ya nna Chin State, kgaolo e e dithaba e e kgaoganyang Bangladesh le India. Mo lefelong leno go nna batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete, ka gonne go kile ga bo go na le barongwa ba kereke ya Baptist mo motlheng wa puso ya kolone ya Boritane. Ka jalo, bontsi jwa Ba-Chin ba tlotla Baebele le batho ba ba rutang Baebele fela thata.
Go ya kwa bowelong jwa 1966, Lal Chhana, yo e kileng ya bo e le lesole mme jaanong e le mmulatsela yo o kgethegileng, o ne a goroga kwa Falam, e ka nako eo e neng e le toropo e kgolo go di feta tsotlhe mo Chin State. Koo o ne a dira le Dunstan le Pramila O’Neill mmogo le Than Tum yo le ene e kileng ya bo e le lesole mme a ne a sa tswa go kolobediwa. Badiri bano ba ba tlhoafetseng ba ne ba kgona go bona malapa a le mmalwa a a kgatlhegang mme go ise go ye kae ba tlhoma phuthego e nnye mme gone e tlhagafetse.
Ngwaga o o latelang, Than Tum o ne a fudugela kwa Hakha, toropo e e kwa borwa jwa Falam, kwa a neng a simolola go nna mmulatsela a ba a tlhoma setlhopha se sennye gone. Moragonyana o ne a tswelela a rera go ralala Chin State le go thusa go tlhoma diphuthego kwa Vanhna le kwa Surkhua mmogo le kwa Gangaw le kwa mafelong a mangwe. Gompieno, morago ga dingwaga di le 45, Than Tum e sa ntse e le mmulatsela yo o kgethegileng yo o tlhoafetseng kwa motseng wa gaabo wa Vanhna.
Fa Than Tum a tloga kwa Hakha, Donald Dewar yo o neng a na le dingwaga di le 20 e bile e le mmulatsela yo o kgethegileng, o ne a tswelela ka tiro e e neng e dirwa ke Than Tum. E re ka batsadi ba ga Donald e bong Frank le Lily (yo pele e neng e le Lily May) Dewar ba ne ba sa tswa go lelekiwa mo nageng, monnawe Donald wa dingwaga di le 18 e bong Samuel o ne a ya go nna le ene koo. Donald a re: “Re ne re nna mo ntlong e nnye ya disenke e e neng e fisa thata fa go le selemo mme e le tsididi thata fa go le mariga. Le fa go ntse jalo, kgwetlho e kgolo e ne ya nna go jewa ke bodutu. Gantsi ke ne ke bereka ke le nosi mo bodireding mme ke sa kgone go bua puo ya koo ya Se-Hakha Chin sentle. Kwa dipokanong go ne go ya nna le Samuel le mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi fela. Fa nako e ntse e ya ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong ka ba ka akanya go tlogela kabelo ya me.
“Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka bala pego e e amang maikutlo ya Buka ya Ngwaga e e ka ga bakaulengwe ba rona ba kwa Malawi ba ba neng ba nna ba ikanyega le fa ba ne ba bogisiwa setlhogo.e Ke ne ka ipotsa go re, ‘Fa ke sa kgone go itshokela bodutu, ke tla itshokela pogiso jang?’ Ke ne ka rapela Jehofa ka mmolelela dilo tse di ntshwenyang mme ka simolola go ikutlwa ke imologile. Gape ke ne ka nonotshiwa ke go bala le go tlhatlhanya ka Baebele le ditlhogo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Fa Maurice Raj le Dunstan O’Neill ba ne ba nketela ke sa lebelela, go ne ga nna jaaka e kete ke bona baengele ba babedi! Kgabagare, ka bonya ka bonya ke ne ka boa ka itumela gape.”
Moragonyana fa Donald e ne e le molebedi yo o etang, o ne a dirisa maitemogelo a gagwe go kgothatsa Basupi ba bangwe ba ba berekang tshimo ba le bosi. Tiro ya gagwe ya kwa Hakha le yone e ne ya ungwa. Gone jaanong kwa Hakha go na le phuthego e e golang sentle mme ka metlha go tshwarelwa dikopano tsa Bokeresete tse dinnye le tse dikgolo teng. Baboledi ba le babedi ba ba neng ba nna gone kwa dipokanong kwa Hakha e bong Johnson Lal Vung le Daniel Sang Kha, e ne ya nna babulatsela ba ba kgethegileng ba ba tlhoafetseng ba ba ileng ba nna le seabe mo go anamiseng dikgang tse di molemo mo dikarolong tse dintsi tsa Chin State.
‘Go Tlhatloga Dithaba’
Chin State e dimetara di le 900 go ya go di le 1 800 go feta bogodimo jwa lewatle mme e na le ditlhoa tse di ka fitlhang go dimetara di le 3 000. Dithaba di le dintsi di apesitswe ke dikgwa tse di kitlaneng tsa ditlhare tse dileele tsa di-teak, ditlhare tse di nnang di le ditala tsa di-conifer, ditlhatshana tse di mebalabala tsa di-rhododendron le dimela tsa di-orchid tsa malomo a mantlentle. Lefelo leno ke sekgwa e bile le legolo thata, mme seno se dira gore go nne bokete go tsamaya mo go lone. Gantsi ditoropo tsa naga eno di kopanngwa ke ditsela tsa mmu tse ditshesane tse di motsopodia, tse fa pula e nele go leng boima go feta mo go tsone mme gantsi ditsela tseno di tswalwa ke go gosomana ga mmu. Motho a ka fitlha kwa metseng e le mentsi e e kwa thoko fela fa a tsamaya ka maoto. Le fa go ntse jalo, dikgoreletsi tseno ga di a kgoba batlhanka ba ga Jehofa marapo mme ba ikemiseditse go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone ka dikgang tse di molemo.
Aye Aye Thit, yo o neng a direla le monna wa gagwe mo tirong ya potologo kwa Chin State o anela jaana: “Ke goletse mo lefelong le le se nang dithaba le le fa molomong wa noka wa Ayeyarwady Delta mme ke ne ke kgatlhiwa thata ke dithaba tse dintle tsa Chin Hills. Ke ne ka palama thaba ya ntlha ka matlhagatlhaga mme fa ke fitlha kwa setlhoweng ke ne ka nna fa fatshe ke feletswe ke maatla e bile ke hemela kwa godimo. Morago ga go palama dithaba di le mmalwa, ke ne ke lapile thata mo ke neng ke akanya gore ke a swa. Kgabagare ke ne ka ithuta go palama dithaba ka go tsamaya ke iketlile gore ke se ka ka felelwa ke maatla ka bonako. Go ise go ye kae ke ne ke kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 32 ka letsatsi mo mesepeleng e e neng e tsaya malatsi a le marataro kgotsa go feta.”
Ka fa molemeng: Maloko a Phuthego ya Matupi a ne a tsamaya sekgala sa dikilometara di le 270 go ya dikopanong tsa Bokeresete kwa Hakha
Fa dingwaga di ntse di feta, bakaulengwe ba kwa Chin State ba ile ba dirisa mefuta e e farologaneng ya dipalangwa go akaretsa dimmoulo, dipitse, dibaesekele mme bosheng jaana ba dirisa dithuthu, dikhombi le dikoloi tse di gogang ka maoto a le manè. Mme gantsi ba tsamaya ka dinao. Ka sekai, fa babulatsela ba ba kgethegileng e bong Kyaw Win le David Zama ba ne ba ya kwa metseng e e gaufi le Matupi, ba ne ba tsaya mosepele o o boima ka dinao, ba tsamaya dikilometara di le dintsintsi ba tlhatloga le go fologa dithaba. Fa Phuthego ya Matupi e ne e ya dikopanong tsa kgaolo tsa Bokeresete kwa Hakha, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di feta 270, e ne e tsamaya malatsi a le marataro go ya go a le robedi fa e ya, le malatsi a le marataro go ya go a le robedi fa e boa. Ba ne ba tsamaya ba opela dipina tsa Bogosi tse di neng di utlwala mo dithabeng tse dintlentle.
Maeto ao a a boima ga a ka a dira fela gore bakaulengwe ba rona ba tsamaye mo maemong a bosa a a seng mantle a kwa dithabeng tseo mme gape ba ne ba tshwenngwa ke mentsana e mentsintsi le mefuta yotlhe e mengwe ya digagabi, segolobogolo ka paka ya dipula. Molebedi mongwe wa potologo e bong Myint Lwin, o anela jaana: “Fa ke ntse ke tsamaya mo sekgweng ke ne ka bona menopi e mpalama maoto. Fa ke e kgomola, ke ne ka palangwa ke e mengwe e mebedi. Ke ne ka tlolela mo setlhareng se se neng se ole, mme menopi e mentsintsi e ne ya simolola go palama kutu ya setlhare. Ke ne ke tshogile thata mo ke neng ka tlhanola direthe ka ralala sekgwa. Fa kgabagare ke fitlha kwa tseleng ke ne ke palangwe ke menopi e mentsintsi.”
Ka fa mojeng: Molebedi wa kgaolo e bong Gumja Naw le mosadi wa gagwe Nan Lu ba ne ba tsamaya ka dinao ba etela diphuthego tse di kwa Chin State
Le fa go ntse jalo, batho ba ba ratang go tsaya mesepele ba ne ba sa tshwenngwe ke menopi fela kwa Chin State. Kwa Myanmar gape go na le dikolobe tsa naga, dibera, mangau, dinkwe mme go ya ka metswedi mengwe ya tshedimosetso gape go na le mefuta ya dinoga tse di botlhole tse dintsi go gaisa tsa naga epe fela mo lefatsheng. Fa molebedi wa kgaolo e bong Gumja Naw le mosadi wa gagwe e bong Nan Lu ba ne ba etela diphuthego tsa kwa Chin State ba tsamaya ka dinao, ba ne ba gotsa melelo bosigo go leleka diphologolo tsa naga!
Bareri bao ba ba dirang ka natla ba ne ba dira tiro e e ileng ya nna le diphelelo tse di nnelang ruri. Maurice Raj a re: “Ba ile ba direla Jehofa ka maatla otlhe a bone. Tota le fa ba sena go tswa mo Chin State, ba ne ba iketleeleditse go boa. Eleruri maiteko a bone a ile a galaletsa Jehofa!” Gompieno, tota le fa kgaolo ya Chin State e le nngwe ya dikgaolo tse di se nang batho ba bantsi mo nageng eno, e na le diphuthego di le supa le ditlhopha di le mmalwa tse di kwa thoko.
“Ga go Na ‘Dinku’ mo Myitkyina”
Ka 1966, babulatsela ba le mmalwa ba ba kgethegileng ba ne ba goroga mo Myitkyina, torotswana e ntlentle e e ikgarileng fa noka ya Ayeyarwady River e itsoketsang gone, mo Kachin State gaufi le China. Dingwaga di le thataro pelenyana Robert le Baby Richards ba ne ba kile ba rera koo ka nakwana. Ba ne ba re: “Ga go na ‘dinku’ mo Myitkyina.” Le fa go ntse jalo, babulatsela ba basha ba ne ba fitlhela batho ba ba nyoretsweng boammaaruri.
Mongwe wa bone e ne e le Mya Maung, Mo-Baptist wa dingwaga di le 19 yo o neng a ntse a rapela Modimo a kopa gore a mo thuse go tlhaloganya Baebele. O tlhalosa jaana: “Fa mmulatsela mongwe a ne a nketetse kwa tirong a bo a ithaopa go ithuta Baebele le nna, ke ne ka itumela fela thata. Ke ne ke dumela gore seo e ne e le karabo ya dithapelo tsa me. Nna le nnake e bong San Aye, re ne re ithuta gabedi mo bekeng mme ra gatela pele ka bonako semoyeng.
“Re ne ra thusiwa ke morutisi yo o nang le bokgoni—Wilson Thein. O ne a re bontsha se re tshwanetseng go se dira go na le go re bolelela ka molomo fela! Ka go nna le dinako tsa go ikatisa le go dira dipontsho re ne ra ithuta go dirisa Baebele ka tsela e e nang le matswela, go rera ka bopelokgale, go lebana le kganetso le go baakanyetsa dipuo tsa kwa phuthegong le go di neela. Wilson Thein o ne a re reetsa fa re ntse re ikatisetsa go neela puo nngwe le nngwe a bo a re naya dikakantsho tsa gore re ka tokafatsa jang. Go re thapisa ga gagwe ka bopelontle go ne ga re rotloetsa gore re leke go fitlhelela mekgele ya semoya.
“Gompieno ditoropo tse di gaufi le seporo e leng Namti, Hopin, Mohnyin le Katha tsotlhe di na le diphuthego tse di golang sentle”
“Ka 1968, nna le San Aye re ne ra simolola tiro ya bobulatsela mme seo sa dira gore go nne le babulatsela ba le robedi mo Myitkyina. Batho ba ntlha ba re neng ra ithuta Baebele le bone ba ne ba akaretsa mmaarona le bangwe ba bana ba kwa gae ba le supa, mme kgabagare botlhe ba ne ba amogela boammaaruri. Gape re ne ra rera mo ditoropong le mo metseng e e gaufi le seporo se se tswang Myitkyina se ya Mandalay mo mesepeleng e e neng e tsaya letsatsi le le lengwe go ya go a le mararo. Moragonyana peo e re neng re e jadile e ne ya ungwa. Gompieno ditoropo tse di gaufi le seporo e leng Namti, Hopin, Mohnyin le Katha tsotlhe di na le diphuthego tse di golang sentle.”
Fa San Aye a ntse a rera mo tshimong ya kgwebo mo Myitkyina, o ne a kopana le Phum Ram, Mo-Baptist wa Mo-Kachin yo o neng a bereka kwa diofising tsa puso. Phum Ram o ne a itumelela go amogela boammaaruri a ba a fudugela kwa Putao, torotswana e e mo mohapheng wa dithaba tsa Himalaya. Fa a fitlha koo, o ne a rerela ba losika lwa gagwe ba le bantsi mme go ise go ye kae batho ba le 25 ba ne ba nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa Phum Ram e ntse e le mmulatsela o ne a thusa mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba ba supa le ba losika ba le bantsi gore ba ithute boammaaruri. Jaanong ke mogolwane e bile ke mmulatsela kwa Myitkyina.
Materoko a Terena a Setse
Basupi ba tsamaya ka terena e e hirilweng ba tswa kwa Yangon ba ya kopanong kwa Myitkyina ka 1969
Koketsego e e diregileng ka bonako kwa Kachin State e ne ya dira gore ofisi ya lekala e tshware Kopano ya Ditšhabatšhaba ya 1969 ya setlhogo se se reng “Kagiso mo Lefatsheng” kwa Myitkyina mme e seng kwa Yangon, kwa e neng e tlwaetse go tshwarelwa teng. Ofisi ya lekala e ne ya kopa Burma Railways tetla ya go hira materoko a le marataro a terena go tsamaisa bayakopanong go tswa kwa Yangon go ya kwa Myitkyina, sekgala sa dikilometara tse di fetang 1 100 go ya kwa bokone. Kopo eno e ne e sa tlwaelega le e seng. Kachin State e ne e le kgaolo e e tletseng baepapuso mme go ne go na le melao e e gagametseng e e laolang go tsena le go tswa ga batho mo lefelong leno. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba gakgamala fa batsamaisi ba diterena ba amogela kopo ya bone ntle le go dikadika.
Setlhopha sa bagolwane kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya “Kagiso mo Lefatsheng” kwa Myitkyina ka 1969. (Mola o o kwa morago) Francis Vaidopau, Maurice Raj, Tin Pei Than, Mya Maung, (mola o o fa gare) Dunstan O’Neill, Charlie Aung Thein, Aung Tin Shwe, Wilson Thein, San Aye, (mola o o kwa pele) Maung Khar, Donald Dewar, David Abraham, Robin Zauja
Mo letsatsing le terena ya batlakopanong e neng e tshwanetse go goroga ka lone kwa Myitkyina, Maurice Raj le setlhopha sa bakaulengwe ba bangwe ba ne ba ya kwa seteisheneng go ya go amogela batlakopanong. Maurice o anela jaana: “Fa re ntse re letile, motsamaisi wa seteishene o ne a tla a itlhaganetse a tla go re bolelela gore go ne go sa tswa go goroga thelekerama e e neng e bolela gore balaodi ba hakolotse materoko a le marataro a a pegileng batlakopanong ba rona, mme ba tlogetswe fela ba gaeletswe fa gare ga Mandalay le Myitkyina. Go ne go bonala terena e ne e sa kgone go tlhatloga thota e goga materoko ao.
“Re ne re ka dirang? Sa ntlha re ne ra akanya go busetsa kopano kwa morago. Mme seo se ne se tla tlhoka gore re kope makwalo a mangwe gape a tetla a a neng a tla tsaya dibeke! Fa re ntse re rapela Jehofa ka tlhoafalo, terena e ne ya goroga mo seteisheneng. Re ne re sa dumele se re se bonang—materoko otlhe a marataro a ne a tletse ka bakaulengwe ba rona! Ba ne ba nyenya e bile ba tsholeditse matsogo ba re dumedisa. Fa re ba botsa gore go diragetseng, mongwe wa bone o ne a tlhalosa jaana: ‘Ee, ba hakolotse materoko a le marataro, mme e seng a rona!’”
“Ba hakolotse materoko a le marataro, mme e seng a rona!”
Kopano ya kwa Myitkyina e ne ya atlega fela thata. Mo thulaganyong eo go ile ga gololwa dikgatiso tse disha di le tharo ka Se-Burma le di le tlhano ka Seesemane. Dingwaga di le tharo pele ga moo fa barongwa ba ne ba sa tswa go lelekwa, dijo tsa semoya di ne di sa tlhole di tsena ka bontsi kwa Burma, di ne di rothela fela. Mme jaanong di ne di thelegela ka bontsi!
Go Ruta Ba-Naga
Dikgwedi di le nnè morago ga kopano ya kwa Myitkyina, ofisi ya lekala e ne ya amogela lekwalo le le tswang kwa modireding wa poso kwa Khamti, toropo e e bapileng le noka mme e le kwa tlase ga dithaba tse di kwa godimo tse di tlhomaganeng mo molelwaneng o o kwa bokonebophirima o o fa gare ga Burma le India. Mo lefelong leno go nna setšhaba sa Ba-Naga se se kopantseng ditso tse di farologaneng tsa batho ba pele ba neng ba boifiwa ka gonne ba ne ba bolaya baba ba bone ba bo ba tsaya ditlhogo tsa bone. Mo lekwalong la gagwe, modiredi yono e bong Ba Yee, yo o kileng a bo a tsena kereke ya Seventh Day Adventist, o ne a kopa go thusiwa go itse Modimo. Ka bonako ofisi ya lekala e ne ya romela babulatsela ba ba babedi ba ba kgethegileng e bong Aung Naing le Win Pe.
Win Pe o tlhalosa jaana: “Kwa difofane di emang gone kwa Khamti, re ne ra tshosiwa ke go bona batlhabani ba ba boifisang ba Ba-Naga ba eme ba itlamile fela ka matsela mo mathekeng. Mme Ba Yee o ne a itlhaganelela go tla go re dumedisa le go re isa kwa bathong bangwe ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri. Go ise go ye kae re ne re ithuta le batho ba le batlhano.
Biak Mawia (mola o o kwa morago, go ela kwa bofelong kwa mojeng) le Phuthego ya Khamti fa tiro ya go rera e ne e simologa kwa dikgaolong tsa Naga
“Le fa go ntse jalo, balaodi ba mo lefelong leo ba ne ba tsaya gore re baruti ba kereke ya Baptist ba ba neng ba dirisana le baepapuso ba moo. Le fa re ne ra ba tlhomamisetsa gore ga re tseye letlhakore mo dipolotiking, ba ne ba re laela gore re tswe mo lefelong leo re ise re fetse le kgwedi re fitlhile.”
Dingwaga di le tharo morago ga foo, fa go ne go na le badiredipuso ba bangwe ba basha, Biak Mawia, mmulatsela yo o nang le dingwaga di le 18, o ne a tsweletsa tiro e e neng e simolotswe ke babulatsela ba bangwe mo nakong e e fetileng. Go ise go ye kae, Ba Yee o ne a tlogela tiro ya gagwe ya kwa posong mme a tsaya bobulatsela. Go tswa foo, go ne ga goroga babulatsela ba bangwe ba le mmalwa. Ka bonako fela setlhopha seno se se tlhagafetseng se ne sa tlhoma phuthego kwa Khamti mmogo le ditlhotshwana di le mmalwa kwa metseng e e gaufi. Biak Mawia o tlhalosa jaana: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Ba-Naga ba ne ba sa rutega e bile ba sa itse go bala le go kwala. Mme ba ne ba rata Lefoko la Modimo e bile e le bareri ba ba tlhagafetseng ba ba neng ba dirisa ditshwantsho tse di mo dikgatisong tsa rona ka botswerere. Gape ba ne ba tshwara ditemana di le dintsi le dipina tsa Bogosi ka tlhogo.”
Gompieno dikopano tsa kgaolo di tshwarelwa ka metlha kwa Khamti, mme batlakopanong ba tswa mafelong a a kgakala a a kwa borwa a a jaaka Homalin, e leng toropo e e sekgala se o ka se tsamayang diura di le 15 ka mokoro.
Kganetso Kwa Golden Triangle
Go ntse go le jalo, ka fa ntlheng e nngwe ya naga, tiro e ne e anamela le kwa mafelong a a dithaba a a kgaoganyang China, Laos le Thailand. Eno ke karolo e e fa gare ga Golden Triangle, lefelo le lentle le le nang le dithaba le mekgatšha ya mmu o o nonneng mme karolo eno e sentswe ke go lengwa ga seokobatsi se se bidiwang opium, borukhutlhi le ditiro tse dingwe tse di seng kafa molaong. Babulatsela ba ba neng ba rera mo kgaolong eno e e sa iketlang ba ne ba le kelotlhoko e bile ba le botlhale. (Math. 10:16) Le fa go ntse jalo, tiro ya bone ya go rera e ne ya nnela go ganediwa ke setlhopha sengwe—baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete!
Fa Robin Zauja le David Abraham ba babulatsela ba ne ba goroga kwa Lashio, toropo e e tlhanaselang e e kwa Shan State, ka bonako fela baruti ba mo lefelong leo ba ne ba ba pega molato wa gore ke baepapuso. Robin o ne a re: “Re ne ra tshwarwa ra isiwa kgolegelong, kwa re neng ra bontsha mapodise ditlankana tsa gore re badiredi ba bodumedi. Go ise go ye kae, modiredimogolo mongwe wa masole o ne a tsena. O ne a re, ‘Dumela Rre Zauja. Ke bona gore Basupi ba ga Jehofa ba gorogile mo Lashio!’ Modiredimogolo yono, yo nkileng ka bo ke tsena sekolo le ene, o ne a re golola ka yone nako eo.”
Babulatsela bano ba babedi ba ne ba simolola tiro ya bone mme mo nakong e khutshwane ba ne ba tlhoma phuthego e kgolwanyane. Go tswa foo ba ne ba aga Holo ya Bogosi. Dingwaga di le pedi moragonyana, ba ne ba bilediwa kwa ntlokgolong ya puso ya lefelo leno kwa go neng go phuthegile badiredi ba sesole ba feta 70, baeteledipele ba merafe le baruti. Robin o ne a anela jaana: “Baruti ba ne ba re latofatsa ka bogale ba re re pateletsa batho go tlogela meetlo ya madumedi a bone. Fa modulasetulo wa pokano eo a ne a re re akgele, ke ne ka kopa go iphemela ke dirisa Baebele. O ne a dumela. Ke ne ka rapela thapelo e khutshwane mo pelong mme ka tlhalosa se Baebele e se bolelang ka meetlo ya bodumedi jwa maaka, tirelo ya sesole le meletlo ya boratanaga. Fa ke fetsa, modulasetulo o ne a ema mme a bua gore molao wa Burma o letlelela madumedi otlhe go obamela ka kgololesego. Se se neng sa swabisa baruti bao ke gore re ne ra gololwa mme ra letlelelwa go tswelela re rera.”
Moragonyana, kwa Mongpaw, motsana mongwe o o gaufi le molelwane wa China, segopa se se galefileng sa Ba-Baptist se ne sa fisa Holo ya Bogosi. Fa tiro eno ya bone e e boikepo e retelelwa ke go tshosetsa Basupi ba mo lefelong leo, segopa seo se ne sa fisa legae la mmulatsela mongwe yo o kgethegileng mme sa simolola go tlhorontsha bakaulengwe le bokgaitsadi mo magaeng a bone. Bakaulengwe ba ne ba ikuela kwa mmusing wa lefelo leo mme o ne a ema Ba-Baptist nokeng. Le fa go ntse jalo, kgabagare puso e ne ya tsenelela mo kgannyeng eno mme ya naya bakaulengwe tetla ya go aga Holo ya Bogosi—e seng mo setsheng sa ntlhantlha se se kwa dintlheng tsa motse mme mo garegare ga motse!
Go ela kwa borwa kwa Leiktho, e leng motse o o kwa thoko o o mo dithabeng kwa Kayin State, mo molelwaneng wa Golden Triangle, Gregory Sarilo o ne a ganediwa thata ke Kereke ya Katoliki. Gregory o anela jaana: “Moruti wa mo motseng o ne a laela batho ba kereke ya gagwe gore ba senye tshingwana ya me ya merogo. Go tswa foo ba ne ba ntlisetsa dimpho tsa dijo, mme tsala nngwe ya me e ne ya ntlhagisa gore dijo tseo di na le botlhole. Letsatsi lengwe, batho ba ba neng ba dirisana le moruti ba ne ba mpotsa gore ke ne ke tlile go tsaya tsela efe mo letsatsing le le latelang. Ke ne ka tsaya tsela e sele letsatsi leo mme ka jalo ka falola leano la bone la go ntalela ba bo ba mpolaya. Fa ke sena go begela balaodi ka ditiro tseno tsa batho ba ba neng ba leka go mpolaya, balaodi ba ne ba laela moruti le balatedi ba gagwe ba tiisitse gore ba ntlogele. Jehofa o ne a ntshireletsa mo bathong ba ba neng ba ‘tsoma moya wa me.’”—Pes. 35:4.
Ba ne Ba sa Tseye Letlhakore ka Gope
Fa dingwaga di ntse di ya, bothokgami jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Burma bo ne jwa lekwa ka tsela e nngwe e e tlhomologileng. Ka makgetlho a le mmalwa bothokgami jwa bone jwa Bokeresete bo ne jwa lekwa ka dintwa tsa semorafe le dikhuduego tsa sepolotiki.—Joh. 18:36.
Kwa toropong e e kwa borwa ya Thanbyuzayat, e e itseweng ka seteishene sa yone sa diterena se se neng sa agiwa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, mmulatsela yo o kgethegileng e bong Hla Aung o ne a iphitlhela a le mo gare ga ntwa e e neng e larile fa gare ga baepapuso le masole a puso. O tlhalosa jaana: “Masole a ile a tlhasela metse bosigo a tsamaya a tshwara banna le go ba kgweetsa a ba supile ka ditlhobolo gore ba ye go nna badiredi ba masole. Ba le bantsi ga ba a ka ba tlhola ba bonwa gape. Bosigo bongwe fa ke ntse ke tlotla le Donald Dewar kwa ntlong ya me, masole a ne a simolola go tlhasela motse wa rona. Ka bonako fela mosadi wa me o ne a re tsibosa mme re ne ra nna le nako ya go tshabela kwa sekgweng. Morago ga go falola jalo ka lesoba la nnale ke ile ka aga lefelo la sephiri la go iphitlha mo legaeng la me, le ke neng ke tla iphitlha ka bonako mo go lone fa re ne re ka tlhaselwa gape.”
Fa mmulatsela yo o kgethegileng e bong Rajan Pandit a sena go goroga kwa Dawei, toropo e e kwa borwa jwa Thanbyuzayat, kwantle ga go senya nako o ne a simolola dithuto tsa Baebele di le mmalwa mo motseng o o gaufi o o neng o na le baepapuso ba le bantsi. O tlhalosa jaana: “Fa ke boa kwa motseng masole a ne a ntshwara a bo a ntitaya, a ntatofatsa ka gore ke dirisana le baepapuso. Fa ke ba bolelela gore ke Mosupi wa ga Jehofa, ba ne ba batla go itse gore ke fitlhile jang mo Dawei. Ke ne ka ba bontsha thekete ya me ya sefofane—e ke neng ke e bolokile go nna segopodiso. E ne e supa gore ke ne ke tlile ka sefofane mme baepapuso ba ne ba se ke ba dirisa sefofane fa ba tsaya mesepele. Ba ne ba tlogela go ntitaya mme kgabagare ba nkgolola. Le fa go ntse jalo, masole a ne a botsolotsa mongwe wa batho ba ke neng ke ithuta Baebele le bone, yo o neng a ba tlhomamisetsa gore re ne re ithuta Baebele fela. Morago ga foo masole ano a ne a ntlogela mme ke ne ka simolola go isetsa bangwe ba bone dimakasine ka metlha.”
Ka dinako dingwe badiredipuso ba toropo ba ne ba leka go tlhotlheletsa bakaulengwe gore ba tseye letlhakore ka go nna le seabe mo ditlhophong kgotsa mo medirong ya bosetšhaba. Fa badiredipuso ba kwa Zalun, toropo e e fa thoko ga noka e e ka nnang sekgala sa dikilometara di le 130 kwa bokone jwa Yangon, ba ne ba tlhotlheletsa Basupi ba koo go nna le seabe mo ditlhophong, bakaulengwe ba ne ba ema ba nitame ba tlhalosa fa Baebele e le yone e ba kaelang. (Joh. 6:15) Badiredipuso ba ne ba kopa gore puso ya kgaolo e pateletse Basupi go tsenela ditlhopho. Mme badiredipuso ba kgaolo eo ba ne ba itse sentle gore Basupi ba ga Jehofa ga ba itshunye nko mo dipolotiking. Ka yone nako eo bakaulengwe ba ne ba newa tetla ya gore ba se ka ba nna le seabe mo ditlhophong.
Fa bana ba le 23 ba Basupi kwa Khampat, toropo e e mo molelwaneng wa Burma le India, ba ne ba gana go ikoba fa pele ga folaga ya setšhaba, mosadi mongwe yo e neng e le mogokgo o ne a ba koba mo sekolong. Go tswa foo o ne a bitsa bagolwane ba le babedi gore ba tle fa pele ga setlhopha se segolo sa badiredipuso go akaretsa le mmakaseterata wa toropo eo le molaodi wa masole. Mongwe wa bagolwane bao e bong Paul Khai Khan Thang a re: “Fa re ntse re tlhalosa mabaka a a theilweng mo Dikwalong a go bo re sa tseye letlhakore, go ne go bonala sentle gore bangwe ba badiredipuso bao ba ne ba le kgatlhanong le rona. Go tswa foo re ne ra ba bontsha khopi ya molawana wa puso o o reng Basupi ba ga Jehofa ba letleletswe go ‘ema ka tshisibalo le ka tlotlo ka nako ya meetlo ya go dumedisa folaga.’ Badiredipuso ba ne ba gamaregile mo ba neng ba sa itse gore ba reng. Morago ga nakwana molaodi wa masole o ne a laela mogokgo gore a busetse bana ba ba neng ba kobilwe mo sekolong. Gape mogokgo o ne a romelela mafapha otlhe a sekolo dikhopi tsa molao oo.”
Gompieno, badiredipuso ba maemo a a kwa godimo mo pusong ya Myanmar ba itse sentle gore Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking. E re ka batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba latela melaometheo ya Baebele ba sa fetoge, ba ile ba naya bosupi jo bo molemo fela jaaka Jesu Keresete a ne a bolelela pele.—Luke 21:13.
Masole a Nna Bakeresete
Go ralala hisitori ya motlha wa gompieno ya Myanmar e e tletseng dikhuduego, baagi ba le bantsi ba naga eno ba ne ba tsenela bosole kgotsa ba lwa e le baepapuso. Fela jaaka Korenelio yo e neng e le motlhankedi wa sesole sa Roma mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bangwe ba bone ba ‘ineetse e bile ba boifa Modimo.’ (Dit. 10:2) Morago ga go ithuta boammaaruri, ba dira ka natla gore matshelo a bone a dumalane le melao e e siameng ya ga Jehofa.
Jaanong ka thuso ya maatla a a gololang a Lefoko la Modimo, banna bano ba babedi ba ne ba golotswe mo letlhoong mme ba kopantswe ke lorato
Mongwe wa batho bao ke Hlawn Mang, yo pele e neng e le motlhankedi yo e seng wa maemo a a kwa godimo mo sesoleng sa mo metsing mme morago a ithuta boammaaruri fa a ntse a le kwa tirong ya gagwe kwa Mawlamyine. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke batla go simolola go rera gone fela foo. Mme fela fa ke re ke tlogela sesole, ke ne ka utlwalela gore go ne go akanyediwa gore ke tlhatlosiwe maemo le go newa basari ya sesole kwa sekolong se se kwa nageng nngwe ya Bophirima e e humileng! Mme gone, ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla dira tiro ya Modimo. Balaodi ba me ba kwa tirong ba ne ba gakgamala fa ke ba naya lekwalo la go leboga tiro ke bo ke simolola go direla Jehofa. Gompieno dingwaga di ka nna 30 morago ga foo ke sa ntse ke tlhatswegile pelo gore ke dirile tshwetso e e siameng. Tota ke eng se se ka bapisiwang le tshiamelo ya go direla Modimo wa boammaaruri?”
Aik Lin (ka fa molemeng) le Sa Than Htun Aung (ka fa mojeng) ba ne ba le mo matlhakoreng a mabedi a a neng a lwantshana mo dintweng di le mmalwa tse di matlho mahibidu tsa kwa sekgweng
La Bang Gam o ne a ntse a kokotlegela kwa bookelong jwa masole fa Robin Zauja a ne a mmontsha buka ya From Paradise Lost to Paradise Regained.f La Bang Gam o ne a kgatlhiwa thata ke buka eno mme a kopa go e tsaya. Mme e re ka e ne e le yone fela e Robin a neng a na le yone, o ne a dumela go e adima La Bang Gam bosigo bo le bongwe fela. Mo letsatsing le le latelang fa Robin a boa, La Bang Gam o ne a mo raya a re: “Buka ya gago ke e. Jaanong ke na le ya me!” O ne a feditse bosigo jotlhe a kwalololela buka eno yotlhe ya ditsebe di le 250 ka letsogo mo dibukaneng di le mmalwa tsa go kwalela dintlha! Nakwana fela morago ga moo, La Bang Gam o ne a tlogela bosole a bo a dirisa buka e a e ikwalololetseng ya Paradise go thusa batho ba le bantsi go ithuta boammaaruri.
Kwa kgaolong ya Shan State e e dithaba, Sa Than Htun Aung, yo e neng e le kapotene wa masole a kwa Burma mmogo le Aik Lin yo e neng e le molaodi wa masole a United Wa State Army, ba ne ba le mo matlhakoreng a mabedi a a neng a lwantshana mo dintweng di le mmalwa tse di matlho mahibidu tsa kwa sekgweng. Kgabagare, fa ditlhopha tseno di ne di dumalana gore di beye marumo fatshe, banna bano ka bobedi ba ne ba aga mo Shan State. Moragonyana, boobabedi ba ne ba ithuta boammaaruri mongwe le mongwe wa bone a le go sele, ba tlogela ditiro tsa bone tsa sesole mme ba kolobediwa. Banna bano ba e kileng ya bo e le baba ba ne ba kopana kwa kopanong ya potologo mme ba ne ba tlamparelana ka lorato e le bakaulengwe ba Bakeresete! Jaanong ka thuso ya maatla a a gololang a Lefoko la Modimo, ba ne ba golotswe mo letlhoong mme ba kopantswe ke lorato.—Joh. 8:32; 13:35.
Go Bontshana Mabaka le “Batho ba Mefuta Yotlhe”
Fa gare ga 1965 le 1976, palo ya baboledi mo Burma e ne ya oketsega ka selekanyo se se fetang diperesente di le 300. Bontsi jwa batho ba ba neng ba amogela boammaaruri ba ne ba tswa mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba itse gore thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ka jalo, go tloga mo magareng a bo1970 go ya pele ba ne ba leka ka natla go rerela batho ba bangwe ba bantsi ba madumedi a mangwe go akaretsa Babuda, Ba-Hindu le batho ba ba obamelang meya ya dilo tsa tlholego (animists).
Go tlwaelegile go bona baitlami ba Babuda ba apere diaparo tsa bone
Go ne go na le dikgwetlho di le dintsi. Babuda ga ba dumele gore go na le mongwe yo e leng Modimo kgotsa Mmopi, Bahindu ba obamela medimo e le dimilionemilione mme Ba-Burma ba ba obamelang meya ya dilo tsa tlholego bone ba obamela meya e e maatla e e bidiwang di-nat. Madumedi ano a tletse ka tumelobotlhodi, go laola ka bola le tirisabadimo. Mme le fa batho ba le bantsi ba ba ineetseng mo madumeding ano ba tsaya Baebele e le buka e e boitshepo, gantsi ba itse go le gonnye kgotsa ga ba itse sepe gotlhelele ka se se mo Baebeleng le se e se rutang.
Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba itse gore dithuto tse di maatla tsa Lefoko la Modimo di ka ama pelo ya mongwe le mongwe. (Baheb. 4:12) Ba ne ba tlhoka fela go ikaega ka moya wa Modimo le go dirisa “botswerere jwa go ruta”—ke gore, go baya mabaka ka tsela e e utlwalang e e fitlhelelang dipelo tsa batho le go ba tlhotlheletsa go fetola matshelo a bone.—2 Tim. 4:2.
Ka sekai, ela tlhoko kafa Rosaline, yo o nang le lobaka lo loleele e le mmulatsela yo o kgethegileng, a bayang mabaka ka teng ka tsela e e utlwalang fa a buisana le Babuda. O tlhalosa jaana: “Fa Babuda ba rutiwa gore go na le Mmopi, gantsi ba botsa ba re, ‘Mmopi ene o bopilwe ke mang?’ Babuda ba tsaya gore diphologolo ke batho ba ba suleng ba bo ba tsalwa gape e le diphologolo, ka jalo, ke ba beela mabaka ke dira dikai ka diruiwa tsa bone tsa mo gae.
“Ke botsa jaana: ‘A seruiwa se a itse gore se na le mong?’
“‘Ee.’
“‘A mme se itse gore mong wa sone o a bereka, o nyetse kgotsa gore o tswa kae?’
“‘Nnyaa.’
“‘Ka tsela e e tshwanang, e re ka batho ba farologane le Modimo yo e leng Moya, a re tshwanetse go lebelela gore re tla tlhaloganya sengwe le sengwe ka Modimo kgotsa gore o tswa kae?’
“‘Nnyaa.’”
“Ke ne ka itumedisiwa thata ke lorato lo bakaulengwe ba neng ba lo mpontsha”
Go baya mabaka ka tsela e e ntseng jalo go tlhotlheleditse Babuda ba le bantsi ba ba peloephepa go sekaseka mo go oketsegileng bosupi jo bo bontshang gore Modimo o gone. Fa batho ba beelwa mabaka ka tsela e e utlwalang sentle e bile ba bontshiwa lorato lwa mmatota lwa Bokeresete, seo se ka ama dipelo tsa bone fela thata. Ohn Thwin, yo e neng e le Mobuda, o anela jaana: “Fa ke bapisa tumelo ya me ya Bobuda ya Nirvana (boemo jwa go se nne le keletso epe kgotsa go se utlwe botlhoko) le tsholofetso ya Baebele ya Paradaise mo lefatsheng, ke ne ka bona Paradaise e kgatlhisa go feta Nirvana. Mme e re ka ke ne ke dumela gore go na le ditsela tse dintsi tse di isang kwa boammaaruring, ke ne ke sa bone go tlhokega go dirisa se ke neng ke se ithutile. Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka itumedisiwa thata ke lorato lo bakaulengwe ba neng ba lo mpontsha. Lorato loo lo ne lwa ntlhotlheletsa gore ke tseye kgato ka se ke neng ke itse e le boammaaruri.”
Setlhopha sa Basupi kwa Burma, 1987
Gone ke boammaaruri gore go thusa batho gore ba fetole se ba se dumelang go tlhoka botlhale le bopelotelele. Kumar Chakarabani o ne a na le dingwaga di le lesome fa rraagwe yo e neng e le Mohindu yo o latelang molao wa Sehindu thata, a ne a letla Jimmy Xavier yo o direlang kwa Bethele gore a rute Kumar go bala. A re: “Rre o ne a mo laela gore a nthute go bala fela mme a se ka a nthuta ka bodumedi. Ka jalo Jimmy o ne a mmolelela gore Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele ke buka e e siametseng go ruta bana go bala. Gape fa Jimmy a sena go nthuta go bala o ne a ipha nako ya go tlotla le Rre, mme a mmontsha gore o mo kgatlhegela ka tsela ya mmatota. Fa Rre a ne a simolola go botsa dipotso ka tsa bodumedi, Jimmy o ne a mmolelela jaana ka botlhale: ‘Baebele e na le dikarabo. A re di senke mmogo.’ Fa nako e ntse e ya, Rre o ne a amogela boammaaruri mme batho ba bangwe gape ba le 63 ba lelapa la gaetsho e ne ya nna Basupi ba ga Jehofa.”
Go Tshwara Dikopano ka Nako ya Dikhuduego
Mo magareng a bo1980, maemo a dipolotiki kwa Burma a ne a etegela. Kgabagare, ka 1988, batho ba le diketekete ba ne ba tlala ka mebila ba dira megwanto e e kgatlhanong le puso. Le fa go ntse jalo, megwanto ya bone e ne ya thibelwa ka bonako, mme karolo e kgolo ya naga e ne ya simolola go laolwa ke masole.
Kyaw Win yo o direlang kwa Bethele o bolela jaana ka se a se gakologelwang: “Balaodi ba ne ba tlhoma molao o o gagametseng wa gore batho ba bo ba le mo magaeng a bone ka nako e e rileng, mme go ne ga ntshiwa taelo ya gore batho ba se ka ba tshwara kokoano ya batho ba feta ba batlhano. Re ne ra ipotsa gore a ke ka re phimole dikopano tsa rona tsa kgaolo tse di neng di atamela. Mme e re ka re ne re na le tumelo mo go Jehofa, re ne ra ya kwa molaoding wa masole wa Yangon Division re bo re kopa tetla ya go tshwara kopano ya batho ba le 1 000. Morago ga malatsi a le mabedi re ne ra newa lekwalo la tetla! Fa re bontsha balaodi ba dikgaolo tse dingwe lekwalo leno, le bone ba ne ba tlhotlheletsega go letlelela dikopano mo dikgaolong tsa bone. Ka thuso ya ga Jehofa dikopano tsotlhe di ne tsa atlega fela thata!”
Ga ba A ka Ba Lesa go Phuthega Mmogo e le Bakeresete
Morago ga dikhuduego tsa 1988, seemo sa ikonomi kwa Burma se ne sa etegela ka iketlo. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba bontsha tumelo e e nonofileng mo Modimong ka go tswelela ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone.—Math. 6:33.
Ka sekai, akanya ka Cin Khan Dal, yo o neng a nna le lelapa la gaabo mo motseng o o kgakala kwa Sagaing. O tlhalosa jaana: “Re ne re batla go ya kopanong ya kgaolo kwa Tahan, e e neng e ka re tsaya malatsi a mabedi go ya kwa go yone ka sekepe le ka lori. Mme go ne go se na ope yo o neng a tla sala a tlhokometse dikoko tsa rona fa re tsamaile. Le fa go ntse jalo, re ne ra ikanya Jehofa mme ra ya kopanong. Fa re boela gae, re ne ra fitlhela dikoko tse 19 di seyo—mme seo se ne sa ama maemo a rona a tsa itsholelo fela thata. Le fa go ntse jalo, morago ga ngwaga, dikoko tsa rona di ne di oketsegile e bile jaanong di feta 60. Mme le fa banni ba le bantsi ba motse ba ile ba swelwa ke dikoko ka ntlha ya bolwetse mo ngwageng oo, rona ga re a ka ra swelwa ke dikoko dipe.”
Banyalani ba bangwe ba ba ileng ba nna ba tlhomile mogopolo mo dilong tsa semoya e ne e le Aung Tin Nyunt le mosadi wa gagwe, Nyein Mya, ba ba neng ba nna le bana ba bone ba ba robongwe kwa Kyonsha, motsana o o sekgala sa dikilometara di le 64 kwa bokonebophirima jwa Yangon. Aung Tin Nyunt o anela jaana: “Gantsi lelapa la rona le ne le ja motogo wa raese le merogo fela. Re ne re se na madi e bile re se na sepe se re ka se rekisang. Go ntse go le jalo, re ne re sa ngomoga pelo. Ke ne ka raya ba lelapa la me ka re: ‘Jesu o ne a se na fa a ka latsang tlhogo gone. Ka jalo, le fa nka tshwanelwa ke go nna ka fa tlase ga setlhare kgotsa go bolawa ke tlala, ke tla tswelela ke obamela Modimo ka boikanyegi.’
“Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?”—Baheb. 13:6
“Mme letsatsi lengwe re ne re feletswe ke dijo mo ntlong. Mosadi wa me le bongwanake ba ne ba nteba ba tshwenyegile. Ke ne ka ba tlhomamisetsa jaana: ‘Lo se ka lwa tshwenyega. Modimo o tla re thusa.’ Fa ke sena go bereka kwa tirelong ya tshimo moso otlhe, ke ne ka tsamaya le bomorwaake ra ya go tshwara ditlhapi. Mme re ne ra tshwara ditlhapi tse di lekaneng gore di jewe gangwe fela. Re ne ra tlogela diroto tsa rona tsa go tshwara ditlhapi fa nokeng, gaufi le lesuthu la malomo a metsi a di-lily, mme ka raya basimane ka re: ‘Re tla boa kgantele, morago ga dipokano.’ Mo maitseboeng ao go ne go le phefo tota. Fa re boa, re ne ra fitlhela ditlhapi di le dintsi ka fa tlase ga malomo a di-lily di tshabetse phefo foo. Ka jalo re ne ra tsenya diroto tsa rona mo metsing mme ra tshwara ditlhapi tse dintsi tse re neng ra di rekisa mme ra kgona go reka dijo tsa beke yotlhe.”
Gangwe le gape, batlhanka ba ga Jehofa kwa Myanmar ba iponetse go diragadiwa ga tsholofetso eno ya Modimo e e amang pelo: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” Ka jalo, ba bolela mafoko ano ba sa okaoke: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?”—Baheb. 13:5, 6.
Mokgwa wa go Gatisa o a Tokafadiwa
Fa e sa le ka 1956, batho ba kwa Myanmar ba ile ba solegelwa molemo ke go newa dijo tsa semoya ka metlha ka kgatiso ya Tora ya Tebelo ya Se-Myanmar (Se-Burma). Le fa go ile ga tswelela go na le dintwa tsa semorafe, dintwa tsa selegae le mathata a ikonomi, ga ba a ka ba fetwa ke makasine ope. Makasine ono o ne o gatisiwa jang?
Go ne ga tsaya dingwaga di le dintsi ofisi ya lekala e romela dikhopi di le dintsi tse di tlantsweng tsa tshedimosetso e e ranotsweng ya makasine o o iseng o gatisiwe kwa batlhatlhobing ba dikgatiso ba puso. Fa motlhatlhobi a ntsha tetla ya gore tshedimosetso eno e gatisiwe, ofisi ya lekala e ne e kopa tetla ya go reka pampiri ya go gatisa. Fa mokaulengwe a sena go amogela pampiri eo, o ne a e isa le tshedimosetso ya makasine kwa khampaning ya go gatisa kwa mongwe a neng a rulaganya ka seatla tlhaka nngwe le nngwe ya tsebe nngwe le nngwe ka mokwalo wa Se-Myanmar (Se-Burma). Go tswa foo mokaulengwe yono o ne a bala tshedimosetso eo go tlhomamisa gore e nepile, mme bagatisi ba bo ba gatisa makasine mo motšhineng wa sekgoropa. Morago ga foo, dikhopi tsa makasine ono di ne di romelwa kwa motlhatlhobing yo o neng a ba naya setlankana se se nang le nomoro go bontsha gore makasine ono o letleletswe go gatisiwa. Go a utlwala go bo thulaganyo eno e e leng tiro e ntsi e ne e tsaya dibeke di le dintsi, mme boleng jwa pampiri le jwa ditlhaka bo ne bo le kwa tlase thata.
Ka 1989, ofisi ya lekala e ne ya newa thulaganyo e ntšha ya go gatisa e e neng ya fetola mokgwa wa yone wa go gatisa gotlhelele. Thulaganyo ya Multilanguage Electronic Phototypesetting System (MEPS) e ne ya tlhamiwa le go dirwa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe mme e ne e dirisa dikhomputara, dithulaganyo tsa khomputara le di-phototypesetter go dira ditlhaka tse di ka printiwang ka dipuo di le 186—go akaretsa le Se-Myanmar!g
Mya Maung yo o neng a bereka kwa lekaleng a re: “Go bonala sentle gore Basupi ba ga Jehofa ke bone batho ba ntlha mo Myanmar go baakanyetsa le go gatisa dikgatiso ba dirisa dikhomputara. Thulaganyo ya MEPS e e neng e dirisa ditlhaka tse di bothakga tsa Se-Myanmar tse di tlhamilweng kwa lekaleng la rona, e ne ya dira gore go nne le diphetogo tse dikgolo mo madirelong a naga eo a go gatisa. Batho ba ne ba sa tlhaloganye gore re ne re kgona jang go dira ditlhaka tse di bothakga jaana!” Gape MEPS e ne e tsamaisana le mekgwa e mesha ya go gatisa e e neng e tokafatsa boleng jwa dikgatiso fela thata. Mo godimo ga moo, MEPS e ne e dira gore ditshwantsho di bonale sentle mme seo se ne se dira gore Tora ya Tebelo e lebege bontle le go feta pele.
Ka 1991 puso ya Myanmar e ne ya letlelela go gatisiwa ga makasine wa Tsogang! mme bakaulengwe ba ne ba itumela fela thata. Tota le setšhaba se ne sa itumela! Modiredimogolo mongwe wa Lefapha la Tshedimosetso o ne a bua mafoko a a tshwanang le a a neng a buiwa ke babadi ba le bantsi fa a ne a re: “Tsogang! ga e tshwane le dimakasine tse dingwe tsa bodumedi. E bua ka dikgang tse dintsi tse di kgatlhang mme e motlhofo go e tlhaloganya. Ke e rata tota.”
Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, palo ya dimakasine tse di gatisiwang e oketsegile ka diperesente di feta 900!
Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, palo ya dimakasine tse di gatisiwang ke ofisi ya lekala kgwedi le kgwedi e oketsegile go tloga go tse 15 000 go ya go tse di fetang 141 000, koketsego ya mo e ka nnang diperesente di le 900! Jaanong dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di tlwaelegile kwa Yangon mme di itumelelwa ke batho go ralala naga eno.
Go Tlhokega Ofisi e Ntšha ya Lekala
Morago ga dikhuduego tsa 1988, balaodi ba sesole ba ne ba kopa mekgatlho ya loago le ya bodumedi kwa Myanmar gore e ikwadise kwa pusong. Ofisi ya lekala e ne ya dira jalo kwantle ga go senya nako. Morago ga dingwaga di le pedi, ka January 5, 1990, puso e ne ya kwadisa “Mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa (Watch Tower)” kafa molaong kwa Myanmar.
Kago ya Bethele e ne e sa tlhole e lekane. Kgaitsadi o ne a aenela diaparo fa fatshe
Ka nako eno, bakaulengwe ba ne ba fudusitse ofisi ya lekala go tswa kwa 39th Street go ya kwa legaeng la matlhatlaganyane a mabedi mo setsheng sa diheketara di le 0,2 kwa Inya Road, mo lefelong la bahumi le le kwa bokone jwa toropokgolo. Le fa go ntse jalo, kago eno e ntšha e ne e sa tlhole e lekane. Viv Mouritz, yo ka nako eo a neng a etela Myanmar e le molebedi yo o etelang makala a re: “Maloko a a 25 a lelapa la Bethele a ne a bereka mo maemong a a boima. Kitsi e ne e se na setofo mme kgaitsadi yo o neng a apaya o ne a dirisa hot plate ya motlakase. Lefelo la go tlhatswetsa le ne le se na motšhine o o tlhatswang, ka jalo kgaitsadi o ne a tlhatswetsa diaparo mo sinking e e epetsweng fa fatshe. Bakaulengwe ba ne ba batla go reka setofo le motšhine o o tlhatswang, mme go ne go sa kgonege go reka dilwana tseno go tswa kwa dinageng tse dingwe.”
Ruri bakaulengwe ba ne ba tlhoka lekala le legolwane. Ka jalo Setlhopha se se Laolang se ne sa ntsha tetla ya gore legae le le leng teng la matlhatlaganyane a mabedi le thubiwe mme go agiwe kago e ntšha ya matlhatlaganyane a manè le diofisi gone mo setsheng seo. Le fa go ntse jalo, pele bakaulengwe ba ka simolola go dira jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go fenya dikgwetlho dingwe tse dikgolo. Sa ntlha, ba ne ba tshwanetse go newa tetla ke badiredibagolo ba puso ba le barataro ka go latelana ga maemo a bone. Sa bobedi, baagi ba ba hiriwang ba lefelo leno ba ne ba ka se dire tiro eno ka gonne ba sa itse mokgwa wa go aga ka foreime ya tshipi. Sa boraro, Basupi ba baithaopi ba ba tswang kwa moseja ba ne ba ka se kgone go tsena mo nageng eno. Mme sa bofelo, dilwana tsa go aga di ne di ka se bonwe mo nageng eno e bile di ne di ka se romelwe go tswa kwa dinageng tse dingwe. Go ne go lebega porojeke eno e ne e ka se atlege. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba ikanya Jehofa. Fa Jehofa a batla, ofisi e ntšha ya lekala e ne e tla agiwa!—Pes. 127:1.
‘E Seng ka Maatla, Mme ka Moya wa Me’
Kyaw Win wa Lefapha la Melao kwa lekaleng o tswelela jaana ka kgang eno: “Kopo ya rona ya go aga e ne ya feta sentle kwantle ga mathata ape mo badiredibagolong ba batlhano mo go ba le barataro ba puso go akaretsa le wa Lefapha la Tsa Bodumedi. Mme Komiti ya Toropokgolo ya Yangon ya Ditlhabololo e ne ya bolela gore kago ya matlhatlaganyane a manè e ne e tla bo e goletse kwa godimo thata mme ya gana kopo ya rona. Fa re tsenya kopo gape, e ne ya ganwa gape. Komiti ya Lekala e ne ya nkgothatsa gore ke se ka ka fela pelo. Ka jalo ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo ka bo ke tsenya kopo eno gape lekgetlho la boraro. E ne ya amogelwa!
“Go tswa foo re ne ra ya kwa Lefapheng la Bafaladi. Fa re le koo, badiredibagolo ba ne ba re bolelela gore batswakwa ba ka tsena mo nageng ka visa ya baeti ya malatsi a le supa fela. Mme fa re tlhalosa gore baithaopi ba rona ba ba ditswerere ba dinaga tse dingwe ba ka thapisa batho ba naga eno go dirisa mekgwa ya maemo a a kwa godimo ya go aga, ba ne ba naya baithaopi ba rona di-visa tsa dikgwedi di le thataro!
“Go tswa foo re ne ra ya kwa Lefapheng la Tsa Kgwebo mme ra bolelelwa gore dilo tsotlhe tse di tswang kwa dinageng di sele di ne di thibetswe go tsena mo nageng. Le fa go ntse jalo, fa re bolelela batlhankedi bagolo gore tiro ya rona e amana le eng, ba ne ba re naya laesense ya go reka dilwana tsa go aga tse di jang madi a a fetang diranta di le dimilione di le robedi go tswa kwa dinageng di sele. Go tweng ka lekgetho la dilwana tse di tswang kwa dinageng di sele? Fa re ya kwa Lefapheng la Tsa Madi, ba ne ba re letla go tlisa dilwana tseo re sa duele lekgetho la dilwana! Re ne ra bona ka ditsela tseno le tse dingwe tse dintsi gore mafoko ano a Modimo a boammaaruri: ‘“E seng ka mophato wa sesole, le fa e le ka maatla, mme ka moya wa me,” go buile Jehofa wa masomosomo.’”—Seka. 4:6.
Bakaulengwe ba dinaga di sele le ba mo nageng eno ba ne ba dira mmogo
Ka 1997 baithaopi ba ne ba thologela kwa setsheng sa kago. Bakaulengwe ba kwa Australia ba ne ba tlisa bontsi jwa dilwana tsa go aga e le dimpho, mme tse dingwe di ne di tswa kwa Malaysia, Singapore le Thailand. Bruce Pickering, yo o neng a thusa go okamela tiro eno o tlhalosa jaana: “Bakaulengwe ba le mmalwa ba ne ba dira foreime yotlhe ya tshipi ba sa ntse ba le kwa Australia mme ba ya kwa Myanmar ba bo e kopanya fa ba fitlha koo. Se se gakgamatsang ke gore, ditshipi tsotlhe di ne tsa kopana kgo!” Baithaopi ba bangwe ba ne ba tswa kwa Boritane, Fiji, Gerika, Jeremane, New Zealand le kwa United States.
E le lekgetlho la ntlha mo dingwageng di le 30, baboledi ba lefelo leo ba ne ba ka dirisana ka tshosologo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba dinaga di sele. Donald Dewar a re: “Re ne re itumetse tota; e ne e kete ke toro. Go rata Modimo ga baeng bano, go rata bakaulengwe ba bone le go intsha setlhabelo ga bone go ne ga re kgothatsa fela thata.” Gape mokaulengwe yo mongwe a re: “Mo godimo ga moo re ile ra ithuta ditiro tsa go aga tse di re solegetseng molemo. Baboledi ba ba kileng ba bo ba dirisa dikerese fela ba ne ba ithuta go lomaganya megala ya dipone tsa motlakase. Ba bangwe ba ba kileng ba bo ba dirisa difokaphefo tsa letsogo fela ba ne ba ithuta go tsenya metšhine ya air-conditioner. Re ne ra ba ra ithuta go dirisa dithulusu tsa motlakase!”
Bethele ya kwa Myanmar
Ka tsela e e tshwanang, baithaopi ba dinaga di sele ba ne ba amiwa thata ke tumelo le lorato lwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Myanmar. Bruce Pickering a re: “Bakaulengwe ba ne ba humanegile mme ba ne ba le pelotshweu. Ba le bantsi ba bone ba ne ba re laletsa mo magaeng a bone go tla go ja le bone dijo tse ba ka bong ba fepile malapa a bone ka tsone ka malatsi a le mantsi. Dikao tsa bone di ne tsa re gopotsa se tota se leng botlhokwa mo botshelong—lelapa, tumelo, bokaulengwe le masego a Modimo.”
Ka January 22, 2000, dikago tse disha tsa lekala di ne tsa neelwa kwa pokanong e e kgethegileng e e neng e tshwaretswe kwa National Theatre. Bakaulengwe ba koo ba ne ba itumelela gore John E. Barr wa Setlhopha se se Laolang o ne a fa puo ya go neela kago eo.
Go Aga Diholo Tse Disha Tsa Bogosi
Fa tiro ya go aga ofisi e ntšha ya lekala e ne e le gaufi le go wediwa, bakaulengwe ba ne ba simolola tiro e nngwe e e neng e tlhoka go dirwa ka potlako—go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi. Ka 1999, Nobuhiko le Aya Koyama ba ne ba goroga ba tswa kwa Japane. Nobuhiko o ne a thusa go tlhoma Ofisi ya Kago ya Diholo Tsa Bogosi kwa ofising ya lekala. O anela jaana: “Rona bakaulengwe re ne ra simolola ka go sekaseka mafelo a diphuthego di kopanelang mo go one mo nageng eno yotlhe, mme ra tshwanelwa ke go tsaya mesepele ka bese, ka sefofane, ka sethuthu, ka baesekele, ka sekepe le ka maoto. Gantsi re ne re tlhoka dipampiri tsa semolao tse di re letlang go tsaya mesepele ka gonne batswakwa ba ne ba sa letlelelwa kwa mafelong a mantsi a a neng a tlhoka diholo tse disha. Fa re setse re bone gore diholo di tlhokega mo mafelong afe, Setlhopha se se Laolang se ne sa re naya madi a go aga go tswa mo thulaganyong e e diretsweng go thusa dinaga tse di humanegileng.
“Fa re sena go kokoanya setlhopha sa batho ba ba ithaopileng ka go rata, badiri ba ne ba phuthegela kwa Shwepyitha, motsesetoropo o o mo Yangon, ba tlile go aga holo ya ntlha e ntšha. Bakaulengwe ba dinaga di sele le ba mo nageng eno ba ne ba bereka mmogo, se se neng sa gakgamatsa mapodise a lefelo leno a a neng a emisa tiro ya go aga makgetlho a le mmalwa gore a botse baokamedi ba bagolo gore a go letleletswe gore batswakwa le batho ba mo nageng eno ba bereke mmogo ka tsela e e ntseng jalo. Batho ba ba neng ba lebeletse ba ne ba akgola bakaulengwe. Monna mongwe o ne a bua jaana a gakgametse: ‘Ke bone motswakwa a phepafatsa ntlwana ya boithomelo! Ga ke ise ke tsamaye ke bone batswakwa ba dira ditiro tse di ntseng jaana. Ruri lo farologane le batho ba bangwe!’
Ba ya kwa Holong e ntšha ya Bogosi ka mokoro
“Fa go ntse go le jalo, setlhopha se sengwe sa baagi se ne sa simolola go aga holo e ntšha kwa Tachileik, toropo e e mo molelwaneng wa Myanmar le Thailand. Basupi ba le bantsi ba kwa Thailand ba ne ba tshela molelwane letsatsi le letsatsi go tla go bereka le bakaulengwe ba bone ba kwa Myanmar mo porojekeng eno. Ditlhopha tseno tse pedi di ne tsa dira mmogo ka kutlwano le fa di ne di bua dipuo tse di sa tshwaneng. Go farologana thata le seo, mo e ka nnang ka nako ya fa holo e ne e wediwa, ditlhopha tse di ganetsanang tsa sesole tse di mo molelwaneng di ne tsa simolola go lwa. Le fa dibomo le dikolo tsa ditlhobolo di ne di wa jaaka sefako go dikologa holo, ga di a ka tsa e itaya. Fa ntwa e okobala, batho ba le 72 ba ne ba phuthegela kwa holong go tla go neela kago eno kwa go Jehofa, Modimo wa kagiso.”
Fa e sa le ka 1999, ditlhopha tse di agang Diholo Tsa Bogosi di agile Diholo Tsa Bogosi di feta 65 go ralala naga eno
Fa e sa le ka 1999, ditlhopha tse di agang Diholo Tsa Bogosi di agile Diholo tse disha tsa Bogosi di feta 65 go ralala naga eno. Seno se ne sa ama baboledi ba mo lefelong leno jang? Batho ba le bantsi ba ne ba ikutlwa jaaka kgaitsadi mongwe yo o neng a tletse ditebogo mme a bua jaana ka boitumelo: “Ke ne ke sa akanye gore re tla tsamaya re nna le holo e ntšha e ntle jaana! Jaanong ke tla leka ka natla go laletsa batho ba ba kgatlhegang gore ba tle dipokanong. Ke leboga Jehofa le phuthego ya gagwe ka ntlha ya bopelontle jo ba re bontshitseng jone!”
Barongwa ba a Goroga
Ka dingwaga tsa bo1990, morago ga gore Myanmar e fetse masomesome a dingwaga e sa dirisane le dinaga tse dingwe, ka iketlo batswakwa ba ne ba letlelelwa go tsena mo nageng eno. Ofisi ya lekala e ne ya tsibogela seno ka go kopa tetla ya puso gore barongwa ba letlelelwe go tsena mo nageng gape. Kgabagare, ka January 2003 Hiroshi le Junko Aoki ba ba neng ba alogile kwa Gileade ba ne ba goroga go tswa Japane, e le barongwa ba ntlha go tsena mo Myanmar morago ga dingwaga di ka nna 37.
Hiroshi le Junko Aoki, barongwa ba ntlha go tsena mo Myanmar morago ga dingwaga di ka nna 37
Hiroshi a re: “E re ka batswakwa ba ne ba le mokawanyana mo nageng, re ne re tlhoka go dirisa botlhale fa re rera ka gonne badiredipuso ba ne ba sa tlhaloganye sentle gore tiro ya rona ya go rera e akaretsa eng. Ka jalo re ne ra simolola ka go tsamaya le bakaulengwe ba lefelo leno fa ba ya maetong a go boela le kwa dithutong tsa bone tsa Baebele. Go ise go ye kae re ne ra lemoga gore batho ba Myanmar ba rata go bua ka dilo tse di amanang le Modimo. Mo mosong wa rona wa ntlha mo bodireding, re ne ra simolola dithuto tsa Baebele tse tlhano tse disha!”
Junko ene a re: “Gantsi re ne re bona kafa Jehofa a re kaelang ka teng ka seatla sa gagwe. Letsatsi lengwe, fa re ne re boa kwa thutong nngwe ya Baebele gaufi le Mandalay, thaere ya rona e ne ya pantšha. Re ne ra kgorometsa sethuthu ra se isa kwa feketiring nngwe e e gaufi mme ra kopa thuso ya go baakanya thaere eo. Motlhokomedi o ne a letla Hiroshi a tsena le sethuthu, mme nna ke ne ka tshwanelwa ke go leta mo phaposaneng ya batlhokomedi ba tshireletso. Motlhokomedi o ne a batla go itse gore re bomang.
“O ne a botsa jaana: ‘Lo tlile go dirang mono?’
“Ke ne ka araba ka re: ‘Re etetse ditsala.’
“O ne a tswelela a mpotsa a re: ‘Go tla go dirang? A lo tletse kokoano ya bodumedi?’
“E re ka ke ne ke sa tlhomamisega ka maitlhomo a gagwe, ke ne ka itlhokomolosa potso ya gagwe.
“Ga a ka a fela pelo mme o ne a tswelela a re: ‘Mpolelele boammaaruri! Lo tswa kwa mokgatlhong ofe?’
“Ke ne ka ntsha makasine wa Tora ya Tebelo mo kgetsing ya me mme ka o mmontsha.
“O ne a bua jaana a itumetse: ‘Ke itsile!’ Go tswa foo a tlhaeletsa badirikaene a re: ‘Bonang! Moengele o pantšhisitse thaere gore a re romelele Basupi ba ga Jehofa!’
“Monna yono o ne a tsenya seatla mo kgetsaneng ya gagwe a bo a ntsha Baebele le nngwe ya dipampitshana tsa rona. O ne a kile a ithuta le Basupi kwa lefelong le lengwe mme a se ka a tlhola a kgona go ikgolaganya le bone gape fa a fudugela kwa Mandalay. Re ne ra simolola go ithuta Baebele le ene ka yone nako eo. Moragonyana, bangwe ba badiri ka ene le bone ba ne ba simolola go ithuta.”
Ka 2005, barongwa ba bangwe ba le banè ba ne ba goroga kwa Myanmar, mo lekgetlhong leno ba tswa kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi (se jaanong se bidiwang Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang) kwa Philippines. Mongwe wa bakaulengwe bano e bong Nelson Junio, o ne a lebana le kgwetlho e barongwa ba le bantsi ba lebanang le yone—go tlhologelelwa gae thata. A re: “Gantsi ke ne ke lela ke bo ke rapela pele ke robala. Mme mokaulengwe mongwe yo o pelonomi o ne a mpontsha Bahebera 11:15, 16. E tlhalosa gore Aborahame le Sara ga ba a ka ba nna ba gopotse legae la bone la kwa Ure mme ba ne ba nna ba tlhomile mogopolo mo go direleng Modimo. Morago ga go bala lekwalo leno, ga ke a ka ka tlhola ke lela. Ke ne ka simolola go tsaya kabelo ya me e le legae la me.”
Dikao Tse di Siameng di Solegela ba le Bantsi Molemo
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a naya Timotheo kgakololo eno: “Dilo tse o neng wa di utlwa mo go nna . . . di neye banna ba ba ikanyegang, ba le bone ba tla tshwanelegang sentle go ruta ba bangwe.” (2 Tim. 2:2) E re ka barongwa ba ne ba tsaya molaomotheo ono tsia, ba ne ba dira ka natla go thusa diphuthego tsa mo Myanmar gore di latele dithulaganyo tsa phuthego ya Modimo tse di dirisiwang ke batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.
Ka sekai, barongwa ba ne ba lemoga gore baboledi ba le bantsi ba mo lefelong leno ba ne ba ruta batho Baebele ka go dira gore ba bue dikarabo fela jaaka di kwadilwe mo bukeng, e leng mokgwa o o dirisiwang mo dikolong di le dintsi tsa mo Myanmar. Joemar Ubiña a re: “Re ne ra kgothatsa baboledi ka bopelotelele gore ba fate maikutlo a batho ba ba ithutang le bone ka go dirisa dipotso tse di dirang gore motho a tlhalose tsela e a akanyang ka yone. Kwantle ga go okaoka, baboledi ba ne ba dirisa kakantsho eno mme ga felela ka gore ba nne barutisi ba ba ditswerere.”
Gape barongwa ba ne ba lemoga gore diphuthego di le dintsi di ne di na le mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi a le mongwe fela. Le fa bangwe ba bakaulengwe bao ba ba tlhomilweng ba ne ba ikanyega e bile ba dira ka natla, gantsi ba ne ba gatelela letsomane. Gone ke boammaaruri gore mokgwa oo o tshwanetse wa bo o ne o le teng le mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa moaposetoloi Petere a ne a kgothatsa bagolwane jaana: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng . . . ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.” (1 Pet. 5:2, 3) Barongwa ba ne ba ka thusa bakaulengwe ba bone jang? Benjamin Reyes a re: “Re ne ra leka ka natla go nna dikao tse di molemo ka go nna pelonomi, bonolo le go atamelesega le go feta pele.” Ka iketlo, bakaulengwe ba ne ba latela sekao sa bone se se molemo. Bagolwane ba le bantsi ba ne ba fetola tsela e ba neng ba dira dilo ka yone mme ba simolola go tshwara letsomane ka lorato go feta pele.
Thanolo e e Tokafaditsweng e Nna le Melemo
Go ne ga feta dingwaga di le dintsi bakaulengwe ba kwa Myanmar ba dirisa Baebele ya lekgolo la bo19 la dingwaga ya puo ya koo e e neng e ranotswe ke mongwe wa barongwa ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete a thusiwa ke baitlami ba Babuda. Thanolo eno e na le mafoko a le mantsi a bogologolo a a sa tlholeng a dirisiwa a Se-Pali mme e thata go tlhaloganngwa. Ka jalo fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ya Se-Myanmar e ne e gololwa ka 2008, bakaulengwe ba ne ba tlala boitumelo. Maurice Raj o tlhalosa tiragalo eo jaana: “Bareetsi ba ne ba itaya legofi ka lobaka lo loleele mme ba bangwe ba ile ba bo ba tsholola dikeledi tsa boitumelo fa mongwe le mongwe a newa Baebele ya gagwe. Thanolo e ntšha e utlwala sentle, e motlhofo go tlhaloganngwa e bile e nepile. Tota le Babuda ba e tlhaloganya motlhofo!” Fela fa thanolo eno e sena go gololwa, palo ya batho ba ba ithutang Baebele mo nageng eno e ne ya oketsega ka diperesente di feta 40.
Go setse go fetile dingwaga di ka nna 50 mme Doris Raj e sa ntse e le moranodi kwa Bethele ya Yangon
Jaaka dipuo tse dingwe tse dintsi, puo ya Se-Myanmar e buiwa ka ditsela tse pedi—tsela e e latelang melao ya puo e e tswang mo puong ya Se-Pali le ya Se-Sanskrit le tsela e e tlwaelegileng e e dirisiwang letsatsi le letsatsi. Ditsela tseno ka bobedi di a kwalwa e bile di a buiwa. Bontsi jwa dikgatiso tsa rona tsa bogologolo di ne di dirisa tsela e e latelang melao ya puo e batho ba bantsi jaanong ba bonang go le thata go e tlhaloganya. Ka ntlha ya seno, bosheng jaana ofisi ya lekala e ne ya simolola go ranolela dikgatiso mo puong ya Se-Myanmar se se buiwang letsatsi le letsatsi, se bontsi jwa batho bo se tlhaloganyang motlhofo.
Ditlhopha tsa baranodi tsa kwa lekaleng la Myanmar
Dikgatiso tseno tse disha di ne tsa ama batho ka bonako. Molebedi wa Lefapha la Thanolo e bong Than Htwe Oo, o tlhalosa jaana: “Batho ba ne ba a tle ba re, ‘Dikgatiso tsa lona ke tsa maemo a a kwa godimo, mme ga re kgone go di tlhaloganya.’ Jaanong ba itumela fela thata, mme ba simolola go di bala fela fa ba di newa. Ba bantsi ba re, ‘Dikgatiso tseno di tlhaloganyesega motlhofo!’” Tota le tsela e batho ba arabang ka yone kwa dipokanong tsa phuthego e tokafetse ka gonne jaanong babadi ba tlhaloganya sentle se se kwadilweng mo dikgatisong tsa rona.
Gone jaanong, Lefapha la Thanolo le na le baranodi ba le 26 ba nako e e tletseng ba ba dirang mo ditlhopheng tse di ranolang dipuo tse tharo—Se-Myanmar, Se-Hakha Chin le Se-Sgaw Kayin. Gape dikgatiso di ranolelwa mo dipuong tse dingwe di le 11 tse di buiwang mo nageng eno.
Sefefo sa Nargis
Ka May 2, 2008, Sefefo sa Nargis se se neng se le maatla mme se na le diphefo tse di tsamayang ka lobelo lwa dikilometara di le 240 ka ura se ne sa tlhasela Myanmar, mme sa bolaya batho ba le bantsi sa ba sa baka tshenyo e kgolo go tloga kwa Ayeyarwady Delta go ya kwa molelwaneng wa Thailand. Sefefo seno se ne sa ama batho ba feta dimilione di le pedi mme ba ka nna 140 000 ba ne ba sule kgotsa go sa itsewe kwa ba leng teng.
Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba ne ba amiwa ke sefefo seno, mme se se gakgamatsang ke gore ga go ope wa bone yo o neng a gobala. Bontsi bo ne jwa falola ka go tshabela kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi tse di neng di sa tswa go agiwa. Kwa motseng wa Bothingone o o mo lotshitshing kwa Ayeyarwady Delta, Basupi ba le 20 mmogo le baagi ba bangwe ba motse oo ba le 80 ba ne ba nna diura di le robongwe fa gare ga marulelo le siling ya Holo ya bone ya Bogosi, fa metsi a morwalela a ntse a tlhatlogela go fitlha gaufi le siling mme a bo a ya kwa tlase gape.
May Sin Oo a le ka fa ntle ga ntlo ya gaabo fa e ne e agiwa sesha
Setlhopha sa namolo se eme le Mokaulengwe le Kgaitsadi Htun Khin fa pele ga ntlo ya bone e e agilweng sesha morago ga go senngwa ke Sefefo sa Nargis
Ka bonako ofisi ya lekala e ne ya romela setlhopha sa badiri ba namolo kwa kgaolong e e gaufi le molomo wa noka e e neng e sentswe thata ke sefefo seno. Setlhopha seno se ne sa ralala naga e e swafetseng e mo go yone go neng go lalaane ditopo, mme sa goroga kwa motseng se tshotse dijo, metsi le melemo. E ne e le setlhopha sa ntlha sa namolo go goroga kwa lefelong leno. Morago ga gore setlhopha seo se neye bakaulengwe le bokgaitsadi ba lefelo leno dilwana, se ne sa ba kgothatsa ka dipuo tse di theilweng mo Dikwalong mme sa ba naya Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka gonne dithoto tsa bone tsotlhe di ne di gogotswe ke sefefo.
Ofisi ya lekala e ne ya rulaganya tiro e kgolo ya namolo ka go tlhoma Dikomiti Tsa Namolo kwa Yangon le kwa Pathein. Dikomiti tseno di ne tsa rulaganya gore baithaopi ba le makgolokgolo ba neye batho ba ba neng ba amilwe ke sefefo metsi, raese le dilwana tse dingwe tsa botlhokwa. Gape ba ne ba rulaganya ditlhopha tsa batho ba ba neng ba tsamaya mo mafelong a a farologaneng ba aga sesha magae a Basupi a a neng a sentswe kgotsa a digilwe ke sefefo.
Mongwe wa baithaopi ba namolo e bong Tobias Lund o anela jaana: “Nna le mosadi wa me Sofia re ne ra fitlhela May Sin Oo wa dingwaga di le 16, yo e neng e le ene fela mmoledi kwa gabone a omisa Baebele ya gagwe mo letsatsing a le mo matlotleng a legae la gabone. O ne a nyenya fa a re bona mme a rothisa keledi. Go ise go ye kae, sengwe sa ditlhopha tsa rona tse di neng di tsamaya mo mafelong a a farologaneng di aga, se ne sa goroga se tshotse makarapa, dithulusu tsa motlakase le dilwana tsa go aga mme sa simolola go agela lelapa leno legae le lesha. Baagelani ba ne ba gakgametse! Ka malatsi a le mmalwa, batho ba ne ba tlhoma matlo a nakwana go bapa le setsha seo se se neng sa ngoka matlho a batho ba le bantsi mo lefelong leo. Batho ba ba neng ba lebeletse ba ne ba re: ‘Ga re ise re ko re bone sepe se se ntseng jaana! Batho ba phuthego ya lona ba a utlwana e bile ba a ratana. Le rona re batla go nna Basupi ba ga Jehofa.’ Jaanong batsadi ba ga May Sin Oo le bana ba kwa gabone ba nna gone mo dipokanong, mme botlhe mo lelapeng ba gatela pele semoyeng.”
Tiro ya namolo e ne ya tswelela ka dikgwedi di le dintsi. Bakaulengwe ba ne ba anamisa dilwana tsa namolo di le dintsintsi mme ba baakanya kgotsa ba aga sesha magae a le 160 le Diholo Tsa Bogosi di le 8. Sefefo sa Nargis se ne sa tlisa masetlapelo le mathata mo Myanmar, mme mo nakong eo ya mathata batho ba ne ba bona sentle selo sengwe sa botlhokwa—lorato lo lo kopanyang batho ba Modimo e bile lo galaletsa leina la ga Jehofa.
Tiragalo E e Sa Lebalesegeng
Mo masimologong a 2007, ofisi ya lekala ya kwa Myanmar e ne ya amogela lekwalo le le itumedisang. Jon Sharp, yo ene le mosadi wa gagwe Janet ba neng ba goroga kwa lekaleng ka 2006, a re: “Setlhopha se se Laolang se ne sa re kopa gore re rulaganye kopano ya ditšhabatšhaba kwa Yangon. Kopano ya 2009 e ne e tla akaretsa makgolokgolo a batlakopanong ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe di le lesome—sengwe se se neng se simolola go direga mo hisitoring ya lekala la rona!”
Jon o tswelela pele a re: “Re ne ra ipotsa dipotso di le dintsi: ‘Ke lefelo lefe mo tikologong eno le le ka tsholang batho ba bantsi jaana? A baboledi ba ba tswang kwa mafelong a a kgakala ba ne ba tla tla? Ba ne ba tla nna kae? Ba ne ba tla tsamaya ka eng? A ba ne ba tla kgona go fepa ba malapa a bone? Mme go tweng ka balaodi ba mo Myanmar? A gone ba ne ba tla letlelela kokoano e e ntseng jalo?’ Dikgoreletsi di ne di lebega di le dintsi thata. Le fa go ntse jalo, re ne ra gopola mafoko ano a ga Jesu: ‘Dilo tse di sa kgonegeng mo bathong di a kgonega mo Modimong.’ (Luke 18:27) Ka jalo re ne ra simolola go rulaganyetsa kopano ka tlhoafalo re ikaegile ka Modimo.
“Go ise go ye kae, re ne ra bona lefelo le le tshwanetseng—setadiamo sa kwa Myanmar sa National Indoor Stadium, lefelo le le batlileng le nna mo gare ga toropokgolo le le nang le manno a batho ba le 11 000 e bile le na le di-air-conditioner. Ka yone nako eo re ne ra tsenya kopo kwa balaoding gore re dirise lefelo leo. Le fa go ntse jalo, dikgwedi moragonyana fa go ne go setse dibeke di se kae pele ga kopano, kopo ya rona e ne e ntse e ise e arabiwe. Go tswa foo re ne ra amogela dikgang tse di sa itumediseng: Balaodi ba setadiamo ba ne ba rulagantse gore kgaisano ya boramabole ba ba raganang e tshwarelwe mo setadiamong seo ka one matlha a kopano ya rona! E re ka go ne go se na nako ya go batla lefelo le lengwe, re ne ra buisana ka bopelotelele le morulaganyi wa kgaisano le badiredi ba le bantsi go rarabolola bothata jono. Kgabagare, morulaganyi o ne a dumela gore o ne a ka busetsa kgaisano kwa morago fa fela boramabole ba ba 16 ba ba neng ba rulaganyeditswe go lwa mo kgaisanong eno le bone ba ne ba ka dumela gore e busediwe kwa morago. Fa boramabole ba utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba batla go dirisetsa lefelo leno kopano e e kgethegileng, botlhe ba ne ba dumalana le phetogo eo.”
Komiti ya Lekala, go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng: Kyaw Win, Hla Aung, Jon Sharp, Donald Dewar le Maurice Raj
Kyaw Win yo le ene e leng leloko la Komiti ya Lekala a re: “Le fa go ntse jalo, re ne re sa ntse re tlhoka tetla ya puso go dirisa setadiamo seo mme kopo ya rona e ne e setse e gannwe makgetlho a le manè! Fa re sena go rapela Jehofa, re ne ra kopana le mojenerale yo o neng a laola ditadiamo tsotlhe mo Myanmar. Go ne go setse dibeke di le pedi fela pele ga kopano ya rona e bile e le lekgetlho la ntlha re letlelelwa go buisana le mongwe wa maemo a a kwa godimo jaana mo pusong. Re ne ra itumela fela thata fa a amogela kopo ya rona!”
Diketekete tsa batlakopanong ba ba neng ba tswa kwa mafelong a mantsi a mo Myanmar le kwa moseja ba ne ba tsaya mesepele go tla mo Yangon ka difofane, diterena, dikepe, dibese, dilori—tota le ka maoto—ba sa itse sotlhe se se neng se ntse se direga. Malapa a le mantsi a mo Myanmar a ne a beile madi ka dikgwedi di le dintsi gore a kgone go ya kopanong. Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba lema, ba bangwe ba rua dikolobe, bangwe ba roka diaparo mme ba se kae ba senka gauta mo dinokeng. Ba le bantsi ba ne ba ise ba ko ba le beye kwa toropong e kgolo kgotsa ba ne ba ise ba tsamaye ba bone motho yo o tswang moseja.
Batlakopanong ba feta 1 300 go tswa kwa bokone jwa Myanmar ba ne ba thologela kwa Seteisheneng sa Diterena sa Mandalay ba tla go palama terena e e kgethegileng e e neng e hiretswe go ba isa kwa Yangon. Setlhopha sengwe go tswa kwa Naga Hills se ne se tsere mosepele wa malatsi a marataro, mme ba ne ba tsamaya ba belege baboledi ba le babedi ba ditilo tsa bone tsa maotwana tse di itiretsweng di neng di senyegile fa loeto lo ne lo simologa. Ba le bantsi ba ne ba thibelela mo polatefomong ya seteishene, ba tlotla, ba tshega e bile ba opela dipina tsa Bogosi. Pum Cin Khai yo o neng a thusa go rulaganyetsa bakaulengwe dipalangwa a re: “Mongwe le mongwe o ne a itumetse. Re ne ra ba naya dijo, metsi le meseme ya go robala. Labofelo fa terena e goroga, bagolwane ba ne ba isa setlhopha sengwe le sengwe kwa letorokong la sone. Kgabagare, sebuelagodimo se ne sa tlerebetsa jaana: ‘Terena ya Basupi ba ga Jehofa e a emelela!’ Ke ne ka latlhela matlho mo polatefomong go bona gore a go na le ba ba saletseng kwa morago ka bo ke tlolela mo teng ga terena!”
Ka nako eo kwa Yangon, batlakopanong ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ka nna 700 ba ne ba gorogela mo dihoteleng. Mme batlakopanong ba ba fetang 3 000 ba ba tswang mo Myanmar ba ne ba tla gorogela kae? Myint Lwin yo o neng a bereka mo Lefapheng la Marobalo a re: “Jehofa o ne a bula dipelo tsa Basupi ba mo Yangon gore ba tlhokomele bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Malapa mangwe a ne a amogela baeng ba ka nna 15. Ba malapa ano ba ne ba duelela go kwadisa baeng ba bone kwa balaoding mme letsatsi le letsatsi ba ne ba ba fa sefitlholo le go ba rulaganyetsa dipalangwa go ya le go boa kwa setadiamong. Batlakopanong ba le bantsi ba ne ba nna kwa Diholong Tsa Bogosi; ba bangwe ba le bantsintsi ba ne ba robala kwa madirelong a magolo. Le fa go ne go tserwe matsapa a magolo jalo, batlakopanong ba ka nna 500 ba ne ba sa ntse ba tlhoka mo ba ka latsang tlhogo gone. Re ne ra tlhalosetsa balaodi ba setadiamo bothata jwa rona mme ba ne ba letlelela batlakopanong bano go robala kwa setadiamong—e le lantlha go dirwa jalo!”
“Jehofa o ne a bula dipelo tsa Basupi ba mo Yangon gore ba tlhokomele bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone”
Kopano ya Ditšhabatšhaba ya 2009 ya “Nnang lo Disitse!” e ne ya nonotsha tumelo ya bakaulengwe mme ya neela bosupi jo bogolo mo Yangon
E re ka setadiamo se ne se onetse, baithaopi ba feta 350 ba ne ba tsaya malatsi a le lesome ba se baakanyetsa kopano. Molebedi wa kopano e bong Htay Win a re: “Re ne ra baakanya thulaganyo ya go tsamaisa metsi, ya motlakase le ya di-air-conditioner ra ba ra penta le go phepafatsa moago otlhe. Namane eno e kgolo ya tiro e ne ya neela bosupi jo bo molemo. Molaodi wa masole yo o neng a tlhokometse setadiamo o ne a re: ‘Re leboga go menagane! Ke rapela Modimo gore lo dirise setadiamo seno ngwaga le ngwaga!’”
Batho ba feta 5 000 ba ne ba tla kopanong eno, e e neng e tshwerwe ka December 3-6, 2009. Ka letsatsi la bofelo, batlakopanong ba ne ba apere diaparo tsa setso, mme go ne go le gontle e bile go le mebalabala e e kgatlhang. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Batho botlhe ba ne ba tlamparelana e bile ba lela—tota le pele thulaganyo e simolola!” Fa Gerrit Lösch wa Setlhopha se se Laolang a sena go rapela thapelo e e konelang, bareetsi ba ne ba fetsa metsotso e le mmalwa ba itaya legofi ba bo ba tsholeletsana diatla ba laelana. Batho ba le bantsi ba ne ba ikutlwa jaaka kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 86 yo o neng a re, “Ke ne ke ikutlwa e kete ke mo lefatsheng le lesha!”
Badiredipuso ba le bantsi le bone ba ne ba kgatlhega. Modiredimogolo mongwe o ne a re: “Kokoano eno ga e tshwane le epe. Ga go na ope yo o tlhapatsang, yo o gogang motsoko kgotsa yo o tlhafunang betel nut. Batho ba merafe e e sa tshwaneng ba ntse ka kutlwano. Ga ke ise ke tsamaye ke bone setlhopha se se ntseng jaana sa batho!” Maurice Raj o anela jaana: “Tota le molaodimogolo wa masole wa kwa Yangon o ne a re bolelela gore ene le badirikaene ba ne ba ise ba ke ba bone kokoano e ntle jaaka eno.”
Batlakopanong ba le bantsi ba ne ba nna mogopolo mongwe fela gore ba ne ba bone sengwe se se kgethegileng. Mokaulengwe mongwe wa koo o ne a re: “Pele ga kopano eno re ne re a tle re utlwe go buiwa ka bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe. Jaanong re bo iponetse ka matlho! Le ka motlha re ka se lebale lorato lo bakaulengwe ba rona ba re lo bontshitseng.”
“Pele ga kopano eno re ne re a tle re utlwe go buiwa ka bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe. Jaanong re bo iponetse ka matlho!”
“A Masweu go ka Rojwa”
Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.” (Joh. 4:35) Go ka bolelwa se se tshwanang ka Myanmar gompieno. Gone jaanong naga eno e na le baboledi ba le 3 790 mme mmoledi mongwe le mongwe o lebanwe ke banni ba le 15 931—eleruri ke tshimo e kgolo e e siametseng go ka rojwa! Mme e re ka go ne go tlile batho ba le 8 005 kwa Segopotsong sa 2012, seo se bontsha gore koketsego e sa ntse e tla nna kgolo!
Bosupi jo bongwe jo bo oketsegileng bo fitlhelwa kwa kgaolong ya Rakhine State, e e mo lotshitshing mo molelwaneng wa Bangladesh, e e nang le baagi ba ka nna dimilione di le nnè mme go se na ope yo e leng Mosupi wa ga Jehofa gone. Maurice Raj a re: “Kgwedi le kgwedi re amogela makwalo a le mantsi go tswa kwa bathong ba kgaolo eno, ba kopa gore ba newe dikgatiso le gore ba thusiwe go tlhaloganya Baebele. Gape bontsi jwa Babuda kwa Myanmar, segolobogolo basha, ba kgatlhegela boammaaruri. Ka jalo, re nna re kopa Mong wa thobo gore a romele badiri ba ba oketsegileng go tla thobong.”—Math. 9:37, 38.
“Re nna re kopa Mong wa thobo gore a romele badiri ba ba oketsegileng go tla thobong”
Dingwaga di ka nna 100 tse di fetileng, babulatsela ba le babedi ba ba pelokgale ba ne ba tlisa dikgang tse di molemo mo nageng eno e e tletseng bodumedi jwa Sebuda. Fa e sale ka nako eo, batho ba le diketekete ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng ba ntse ba femela boammaaruri. Go sa kgathalesege dintwa tse di matlho mahibidu, dikhuduego tsa sepolotiki, khumanego e e anameng, go bogisiwa ka ntlha ya bodumedi, go se dirisane le dinaga tse dingwe le masetlapelo a tlholego, Basupi ba ga Jehofa ba mo Myanmar ba ne ba bontsha boineelo jo bo tlhomameng mo go Jehofa Modimo le Morwawe Jesu Keresete. Ba sa ntse ba ikemiseditse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, go ‘itshoka ka botlalo le go itshwara ka bopelotelele ka boipelo.’—Bakol. 1:11.
a Myanmar e kile ya bo e bidiwa Burma mme e teeletswe ka morafe wa Ba-Bamar (Ba-Burma), e leng morafe o mogolo go gaisa e mengwe kwa Myanmar. Ka 1989, naga eno e ne ya fetolwa leina go nna Union of Myanmar gore leina leno le akaretse ditlhopha tse dintsi tsa merafe ya kwa nageng eo. Re tla dirisa leina Burma fa re bua ka ditiragalo tsa pele ga 1989 le Myanmar fa re bua ka ditiragalo tsa morago ga ngwaga oo.
b Ba-Anglo-Indian ke lotso lwa batho ba bagologolwane ba bone e neng e le batho ba kwa India le ba kwa Boritane. Fa Boritane e ne e busa, Baindia ba le diketekete ba ne ba fudugela kwa Burma, e ka nako eo e neng e tsewa e le karolo ya India e e busiwang ke Boritane.
c Bertram Marcelline ke ene motho wa ntlha go kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa kwa Burma. O ne a ikanyega go fitlha a tlhokafalela koo kwa bofelong jwa bo1960.
d Ka nako eo, e ne e ka lekana le mo e ka nnang R750, a e neng e le madi a mantsi.
e Bona tsebe 192 ya 1966 Yearbook of Jehovah’s Witnesses.
f E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.
g Gone jaanong MEPS e dirisiwa ka dipuo di feta 600.
Jehofa O ne A Bula Tsela
MAURICE RAJ
O TSHOTSWE KA 1933
O KOLOBEDITSWE KA 1949
DINTLHA KA GA GAGWE O na le dingwaga di feta 50 a le mo tirelong ya nako e e tletseng kwa Myanmar, mme bontsi jwa nako eo o ne a direla e le molebedi wa lekala. O sa ntse a direla mo Komiting ya Lekala.h
◆ KA 1988, megwanto e e tletseng thubakanyo e ne ya baka tsebetsebe mo nageng ya Yangon fa batho ba le diketekete ba ne ba thelegela mo mebileng ba batla gore go dirwe diphetogo tsa sepolotiki. E re ka setšhaba se ne se tloga se tswa mo taolong, masole a ne a menola puso mme a tlhoma molao wa sesole mo dikarolong tse dintsi tsa naga. Badiraditshupetso ba le diketekete ba ile ba bolawa.
Mo go yone kgwedi eo, re ne re tshwanetse go romela pego ya rona ya ngwaga le ngwaga ya lekala kwa ntlokgolong kwa New York, mme mekgwa yotlhe ya tlhaeletsano e ne e sa tlhole e dira e bile re ne re sa itse gore re tla romela pego eno jang. Mme ke ne ka utlwalela gore Ntlokemedi ya United States e ne e romela makwalo kwa nageng ya yone ka helikopotara. E re ka ke ne ke akanya gore pego eo e ka romelwa le makwalo ao, ke ne ka apara sutu ya me le tae tse dintlentle mme ka ya kwa ntlokemeding.
Fa ke ntse ke tsamaya ka koloi mo mebileng e e tletseng metsi a pula, ke ne ka lemoga gore toropokgolo e ne e didimetse ka tsela e e sa tlwaelegang. Go ise go ye kae ke ne ka fitlhela kota e kgolo e thibile tsela, ka jalo ke ne ka paka koloi mme ka tsamaya ka dinao.
Fa ke atamela heke ya ntlokemedi, ke ne ka bona batho ba le bantsi ba goa ba batla go tsena, mme masole a lewatle a a neng a sosobantse difatlhego a ne a thibile tsela. Ke ne ka ema go se kae mme ka rapela mo pelong. Moithuti mongwe o ne a bona kafa ke neng ke apere bontle ka teng mme a goa a re, “Monna yono e tshwanetse ya bo e le modiredi wa ntlokemedi.” Fa a rialo ke ne ka itshukunyetsa mo boidiiding jwa batho. Fa ke fitlha fa hekeng e e lotletsweng ya ntlokemedi, lesole lengwe la serintlha le ne la nteba ka go mpelaela.
Le ne la mpotsa jaana le galefile: “O mang, le gone o batlang?”
Ke ne ka araba ka re: “Ke batla go bona moemedi. Ke na le molaetsa wa botlhokwatlhokwa o ke tshwanetseng go o romela kwa Amerika.”
O ne a ntlhoma matlho ka lobakanyana. Ka tshoganyetso, o ne a bula heke ka maatla a magolo, a nkgogela mo teng a bo a e itaaganya gore boidiidi bo se ka jwa tsena.
O ne a bua jaana ka bogale: “Ntshale morago.”
Fa ke fitlha kwa kgorong ya ntlokemedi, lesole le ne la nkisa kwa modiredimogolong yo o neng a lebega a lapile mme a mpotsa gore ke batlang.
Ke ne ka tlhalosa jaana: “Ke tswa kwa ofising ya mono ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower. Mme ke na le pego ya botlhokwa e e tshwanetseng go fitlha kwa ntlokgolong ya rona e e kwa New York mo kgweding eno. Tsweetswee ke kopa gore lo e romele le makwalo a a yang kwa nageng ya lona.” Ke ne ka naya monna yono enfelopo ya me e e botlhokwa mme ka re, “Ke maswabi; ga ke na setempe.”
Ke ne ka naya monna yono enfelopo ya me e e botlhokwa mme ka re, “Ke maswabi; ga ke na setempe”
E re ka modiredimogolo a ne a akabetse, o ne a mpotsa dipotso di se kae. Go tswa foo o ne a ntlhomamisetsa gore o tla romela pego eo. Moragonyana ke ne ka utlwa gore e fitlhile kwa ntlokgolong ka nako.
h Pego ya botshelo jwa ga Mokaulengwe Raj e mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa December 1, 2010..
Moatlhodi yo o Tlhoafetseng o Amogela Boammaaruri
MANG CUNG
O TSHOTSWE KA 1934
O KOLOBEDITSWE KA 1981
DINTLHA KA GA GAGWE Mogokgo wa sekolo le moatlhodi yo o itsegeng yo moragonyana a neng a nna mmulatsela yo o tlhagafetseng.
◆ FA MMULATSELA mongwe a ne a nnaya makasine wa Tora ya Tebelo lekgetlho la ntlha, ke ne ka mo raya ka re: “Ga ke na nako ya go bala. Ke tshwaregile thata.” Mme ka gonne ke ne ke goga motsoko thata ke ne ke akanya gore nka dirisa ditsebe tsa makasine ono go itshophela disekerete ka tsone. Ka jalo ke ne ka o amogela.
Fa ke ne ke gagola tsebe go dira sekerete ke ne ka akanya gore e tla bo e le tshenyo fa nka se e bale pele. Go tloga ka nako eo ke ne ka simolola go itse Tora ya Tebelo le go e rata. Se ke neng ka se bala se ne sa ntlhotlheletsa gore ke tlogele go goga motsoko mme ke dire gore botshelo jwa me bo tsamaisane le melao e mengwe e e siameng ya Modimo. Moragonyana fela ga foo, ke ne ka kolobediwa.
Fa ke boela kwa motseng wa gaetsho morago ga gore ke kolobediwe, moruti le baeteledipele ba kereke ba ne ba ntsholofetsa madi gore ke boele kwa bodumeding jwa me jwa pele. Fa ke gana, ba ne ba bolelela batho maaka ba re Basupi ba ne ba ntuetse gore ke kolobediwe. Le fa ba ile ba ntshenya leina jalo, ga ke a ka ka kata ka morago. Ke ne ke le motlotlo go bo ke itse Modimo wa boammaaruri e bile ke mo direla.
Jehofa O ne A Segofatsa Boitshoko Jwa Me
AH SHE
O TSHOTSWE KA 1952
O KOLOBEDITSWE KA 1998
DINTLHA KA GA GAGWE Motho yono yo pele e neng e le moreri wa Mokatoliki o ne a amogela boammaaruri.
◆ KE NE ke le moreri wa Mokatoliki ka dingwaga di le dintsi mo karolong e e mo gare ga Golden Triangle. Fa ke kopana le Basupi ba ga Jehofa mme ke bona tsela e e botswerere e ba dirisang Baebele ka yone, ke ne ka dumela go ithuta Baebele le bone.
Go ise go ye kae ke ne ke rera kwa kerekeng mo mosong ka boSontaga mme ke bo ke ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi thapama. Go ise go ye kae, dithero tsa me tsa kwa kerekeng di ne tsa simolola go akaretsa dithuto tsa boammaaruri tse di tswang mo Baebeleng, mme seo se ne sa kgopisa maloko mangwe a kereke, re sa bue sepe ka moruti! Fa ke tlogela go nna moreri, maloko a kereke a ne a nkisa kwa kgotlatshekelong gore ke kobiwe mo motseng. Mmakaseterata o ne a ba bolelela gore ke na le tshwanelo ya go obamela ka kgololesego. Le fa go ntse jalo, mosadi wa me o ne a sa batle go utlwa sepe. O ne a goa a re: “Ntswele ka ntlo! O tseye beke le Baebele ya gago o tsamaye!” Le fa a ne a le bogale, ga ke a ka ka ipusolosetsa mme ke ne ka tswelela ke mo tlhokomela mmogo le bana ba rona. Se se neng sa intumedisa ke gore Jehofa o ne a segofatsa boitshoko jwa me. Gompieno mosadi wa me Cherry le bana ba rona le bone ba direla Jehofa ka boitumelo.
Dipelaelo Tsa Me di Ne Tsa Fela
GREGORY SARILO
O TSHOTSWE KA 1950
O KOLOBEDITSWE KA 1985
DINTLHA KA GA GAGWE Mongwe yo pele e neng e le modiredi wa kereke yo o neng a akanya gore Basupi ba ga Jehofa e ka tswa e le baporofeti ba maaka.
◆ KE FEDITSE dingwaga di le dintsi ke ineetse mo kerekeng ya Katoliki ya Roma e bile ke etelela pele mo ditirong tsa kereke mo motseng wa gaetsho. Go ntse go le jalo, ke ne ke bona baeteledipele ba kereke ba letlelela boitsholo jo bo sa siamang, ba ntsha ditlhabelo tsa kobamelo ya meya e bile ba inaakanya le tirisabadimo. E re ka ke ne ke tenwa ke boitimokanyi jwa bone ke ne ka tlogela ditiro tse ke neng ke di dira mo kerekeng, mme ga ke a ka ka latlha dilo tse ke neng ke di dumela tsa Katoliki.
Ka 1981, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa. Ka gonne ke ne ke kgatlhiwa ke kitso ya bone ya Baebele, ke ne ka dumela go ithuta le bone. Mme le fa go ntse jalo, ke ne ke belaela dithuto tsa bone thata e bile ke nnela go ba tlhoma dipotso ke ba tshwaya diphoso. Ba ne ba dirisa Baebele go araba dipotso tsa me ba wetse makgwafo.
Ke ne ka ya kwa kopanong ya kgaolo ke batla go bona gore a Basupi ba ruta dithuto tse di tshwanang. Ka nako ya boikhutso ke ne ka lebala kgetsana ya me kafa tlase ga setulo e na le lokwaloitshupo, madi le dilwana tse dingwe tse di botlhokwa. Ke ne ke tsaya gore kgetsana ya me e tshwanetse ya bo e utswilwe. Mme bakaulengwe ba ne ba ntlhomamisetsa ba re: “O se ka wa tshwenyega. O tla e fitlhela fa o boa.” Ke ne ka tabogela kwa setulong sa me mme ka e fitlhela! Go tloga ka nako eo go ya pele, dipelaelo tsa me ka Basupi di ne tsa fela.
Ke Bone “Dikhumo Tse Dikgolo Thata”
SA THAN HTUN AUNG
O TSHOTSWE KA 1954
O KOLOBEDITSWE KA 1993
DINTLHA KA GA GAGWE E kile ya bo e le moitlami wa Mobuda e bile e le lesole. Fa a sena go amogela boammaaruri, o ne a nna mmulatsela ka dingwaga di le dintsi.
◆ KE TSHOLETSWE mo lelapeng la Babuda mme ke ne ka nna moitlami wa Mobuda ka lobakanyana. Ke ne ke sa dumele gore go na le Modimo kgotsa Mmopi. Mme letsatsi lengwe tsala ya me e e neng e le mo bodumeding bongwe jwa Bokeresete e ne ya ntaletsa gore ke tsamaye le yone kwa kerekeng, kwa ke neng ka utlwa gore batho ba na le Rre kwa legodimong. Ke ne ke eletsa go itse Rre yono yo o kwa legodimong le go atamalana le ene.
Fa ke fetsa tirelo ya me ya go nna moitlami, ke ne ka nna lesole. Fa ke ntse ke le lesole ke ne ke kwala tayari. Nako le nako fa ke simolola go kwala ke ne ke simolola ka mafoko a a reng “Modimo Rara yo o kwa legodimong.” Moragonyana ke ne ka leka go tlogela bosole gore ke nne moruti wa kereke mme balaodi ba me ba kwa tirong ba ne ba gana ke tlogela tiro. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka tlhatlosiwa mme ka dirwa kapotene, maemo a a neng a dira gore ke itsege, ke nne le taolo ke bo ke nne le ditshono tsa go tokafatsa maemo a me a tsa itsholelo. Mme tota ke ne ke tshwerwe ke tlala ya semoya.
Ka 1982 ke ne ka nyala Htu Aung. Mogolowe, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, o ne a re naya buka ya From Paradise Lost to Paradise Regained. Buka eo e ne e re leina la Modimo ke Jehofa, sengwe se ke neng ke se belaela. Ke ne ka raya Htu Aung ka re, “Fa o ka mpontsha leina Jehofa mo Baebeleng ya Se-Myanmar, ke gone ke tla nnang Mosupi wa ga Jehofa!” O ne a le batla mo Baebeleng ya gagwe mme a se ka a le bona. Le fa go ntse jalo, tsala ya gagwe ya Mosupi e bong Mary ga a ka a nna le bothata jo bo ntseng jalo. O ne a mpontsha leina Jehofa ka bonako fela! Kgabagare ke ne ka simolola go ya dipokanong tsa Basupi ke tsamaya le mosadi wa me le bongwanake, ka ba ka dumela go ithuta Baebele.
Fa kitso ya me ka Baebele e ntse e oketsega, keletso ya me ya go direla Modimo e ne ya oketsega le go feta. Ka 1991, ke ne ka tsenya kopo gape ya gore ke tlogele bosole—mo lekgetlhong leno e le gore ke nne Mosupi wa ga Jehofa. Dingwaga di le pedi moragonyana, ke ne ka rebolwa go tlogela tiro. Mo go one ngwaga oo, nna le Htu Aung re ne ra kolobediwa.
Ke ne ka simolola go rekisa dijo kwa mmarakeng gore ke tlamele ba lelapa la me. Ba losika le ditsala ba ne ba re ke ne ke le seeleele ka go bo ke tlogetse tiro e ke neng ke tla atlega mo go yone ya bosole, gore ke dire tiro ya maemo a a kwa tlase. Mme ke ne ka gopola gore Moshe o ne a tlogela ntlo ya segosi ya ga Faro a bo a nna modisa gore a direle Modimo. (Ekes. 3:1; Baheb. 11:24-27) Moragonyana ke ne ka fitlhelela mokgele o ke neng ke o tsaya o le botlhokwa thata—ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha.
Bangwe ba ditsala tsa me tsa masole ba ne ba nna le maemo a a kwa godimo ba bo ba nna le dikhumo. Mme nna ke bone “dikhumo tse dikgolo thata,” masego a ke a bonang ka ntlha ya go itse le go direla Rre yo o kwa legodimong. (Baef. 2:7) Gompieno ditlogolo tsa me di le mmalwa di mo tirelong ya nako e e tletseng, mme morwaake yo mogolo o direla kwa Bethele ya Myanmar.
Ke ne Ka Nolofadiwa ke Bopelonomi
ZAW BAWM
O TSHOTSWE KA 1954
O KOLOBEDITSWE KA 1998
DINTLHA KA GA GAGWE O kile a bo a gweba ka diokobatsi e bile a ganetsa boammaaruri mme o ne a amiwa ke bopelonomi jwa Bakeresete.
◆ FA MOSADI wa me Lu Mai a ne a simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka mo ganetsa mo go botlhoko. Ke ne ka latlhela dikgatiso tsa gagwe tse di theilweng mo Baebeleng mo lehuting la ntlwana ya boithomelo mme ka koba Basupi mo legaeng la me.
Gompieno ke sa ntse ke diragatsa maikano a me ka go direla Jehofa ka bojotlhe
Moragonyana ke ne ka simolola go gweba ka diokobatsi mme seo sa felela ka gore ke latlhelwe mo kgolegelong. Morago ga bosigo jwa me jwa ntlha koo, Lu Mai o ne a nthomelela Baebele le lekwalo le le kgothatsang e bile le na le ditemana tse dintsi tsa Baebele. O ne a nna a nthomelela le makwalo a mangwe a a kgothatsang. Go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore fa nka bo ke latetse kgakololo ya Baebele, nka bo ke sa latlhelwa mo kgolegelong.
Fa ke ntse ke le kwa kgolegelong, ke ne ka nna le baeng ba babedi ba ke neng ke sa ba lebelela. Banna bano ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba mpolelela gore mosadi wa me o ne a ba kopile gore ba nketele go tla go nkgothatsa. Ba ne ba tsere mosepele wa malatsi a le mabedi gore ba tle kwa go nna. Go tla ga bone go ne ga nkama fela thata. Ga go le a le mongwe wa ba losika lwa me yo o ileng a nketela—fa e se fela batho bano ba ke neng ke kile ka ba ganetsa mo go botlhoko.
Nakwana fela morago ga moo, ke ne ka robadiwa kwa kokelong ke tshwerwe ke bolwetse jwa typhoid mme ke ne ke se na madi a go duelela kalafi. Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka etelwa ke motho yo mongwe yo ke neng ke sa mo lebelela—Mosupi mongwe yo o neng a rometswe ke mosadi wa me. E re ka a ne a nkutlwela botlhoko o ne a ntuelela ditshenyegelo tsa kalafi. Ke ne ke swabile e bile ke tlhabilwe ke ditlhong mme ka ikana gore ke tla nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa ke gololwa kwa kgolegelong morago ga dingwaga di le tlhano ke ne ka diragatsa maikano a me.
Ke Tla Palama Jaaka Kgama
LIAN SANG
O TSHOTSWE KA 1950
O KOLOBEDITSWE KA 1991
DINTLHA KA GA GAGWE E kile ya bo e le lesole mme o ne a kgaoga maoto ka bobedi kwa ntweng. Jaanong ke motlhanka wa bodiredi.
◆ KE TSHOLETSWE kwa motseng o o kgakala o o dithaba wa Matupi kwa Chin State, ka ba ka golela koo. Lelapa la gaetsho le ne le obamela di-nat, meya e e maatla e go neng go dumelwa gore e nna mo dikgweng le mo dithabeng dingwe mo kgaolong ya rona. Fa mongwe mo lapeng a ne a lwala, re ne re baya dijo mo sebesong sa mo gae re bo re rapela nat gore e amogele setlhabelo seno. Re ne re dumela gore nat e ne e tla fodisa molwetse.
Fa ke na le dingwaga di le 21 ke ne ka nna lesole. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, ke ne ka lwa mo dintweng di le 20. Ka 1977, baepapuso ba makomonise ba ne ba tlhasela kampa ya rona gaufi le Muse, toropo e e mo Shan State. Ntwa e ne ya tsaya malatsi a le 20. Kgabagare, le rona re ne ra ba tlhasela ka tlhaselo e kgolo mme ka gata bomo e e neng e epetswe fa fatshe. Fa ke leba maoto a me ke ne ka bona marapo fela. Maoto a me a ne a fisa mme ke ne ke omile ke lenyora, le fa go ntse jalo ke ne ke sa tshoga. Ke ne ka potlakisediwa kwa kokelong mme ka kgaolwa maoto gone. Dikgwedi di le nnè moragonyana, ke ne ka tswa mo bookelong mme ka boela gae ke sa tlhole ke le lesole.
Kwa Paradaiseng ga ke na ke palama jaaka kgama fela mme gape ke tla taboga ke bo ke tlole ka boipelo!
Nna le mosadi wa me Sein Aye re ne ra fudugela kwa Sagaing, toropo e e gaufi le Mandalay mme fa re fitlha koo ke ne ka simolola go dira tiro ya go loga ditilo ka lotlhaka lwa bampuse. Ke ne ka kopana le moruti mongwe koo wa kereke ya Baptist yo o neng a mpolelela gore ke thato ya Modimo go bo ke sa tlhole ke na le maoto. Moragonyana nna le Sein Aye re ne ra kopana le Rebecca, mmulatsela yo o neng a re bolelela gore ke tla nna le maoto gape mo Paradaiseng e e tlileng go nna gone mo lefatsheng. Go ise go ye kae re ne re ithuta Baebele ka tlhoafalo le Rebecca, e seng le moruti wa kereke ya Baptist!
Gompieno, morago ga dingwaga di ka nna 30, nna le Sein Aye mmogo le bana ba rona ba ba kolobeditsweng ba le supa re nna mo motsaneng mongwe gaufi le Pyin Oo Lwin, torotswana e ntle e e mo thabeng dikilometara di ka nna 65 go tswa kwa Mandalay. Ke motlhanka wa bodiredi mo Phuthegong ya Pyin Oo Lwin mme bongwanake ba le bararo ke babulatsela ba ka metlha. Nna le Sein Aye re dirile ka natla go godisetsa bana ba rona mo boammaaruring mme re ikutlwa re segofetse go bo ba ile ba reetsa mme ba nna batlhanka ba ga Jehofa.
Fa ke rera ka metlha mo motseng o re nnang mo go one, ke tsamaya ka setulo sa maotwana mme fa ke ya dipokanong ke nna kwa morago fa mongwe a kgweetsa sethuthu. Gape ke a tle ke tsamaye ke dirisa dipolanka tse pedi go itshegetsa ka tsone.
Temana e ke e ratang thata ke Isaia 35:6, e e reng: “Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana.” Eleruri ke lebile pele go ipona ke na le maoto gape! Ka nako eo, ga ke na ke palama jaaka kgama fela mme gape ke tla taboga ke bo ke tlole ka boipelo!
Dinatla Tsa Balebedi ba ba Etang
Balebedi ba ba etang ba dirile ka natla go nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone go ralala naga eno yotlhe e e kgatlhang. Ba dira tiro ya bone jang? Mma re tseye loeto le mongwe wa bone fa a ntse a etela diphuthego kwa dithabeng tse di kwa kgakala tsa Naga Hills. Molebedi wa potologo e bong Myint Lwin yo o tsamayang le mosadi wa gagwe Lal Lun Mawmi o anela jaana: “Nna le mosadi wa me re emelela mo Kalaymyo mo mosong re tsamaya ka bene, re pitlagane kwa morago ga yone. Re sotlhometsa maoto a rona fa gare ga mekoa ya dibokose tsa dilwana le merogo. Bapalami ba bangwe ba itshwareletse kwa morago fa ba bangwe ba ntse mo godimo ga bene. Bene e tsamaya e itaagana mo tseleng eno e e dikhuti mme go tsena lorole lo lontsi. Re ipipa ka di-mask gore re se ka ra kgangwa ke lorole.
“Morago ga diura di le pedi re goroga kwa Kalaywa, toropo e e fa thoko ga noka, kwa re tlileng go palama mokoro gone. Fa re ntse re letile, re rerela boramabenkele le bapalami ba bangwe, ba bontsi jwa bone ba iseng ba ke ba tsamaye ba utlwalele ka Basupi ba ga Jehofa. Fa mokoro o re tlileng go o palama o goroga batho ba ba o palameng ba a fologa mme go palama ba bangwe ba bo ba itlhaganelela go batla ditulo. Batho ba ka nna 100 ba sukagana mo mokorong o o tletseng thata mo o ka menogang nako nngwe le nngwe. Re tobela mabotlele a polasetiki mo dibekeng tsa rona gore fa re ka wela mo nokeng di kokobale.
“Morago ga diura di le tlhano re goroga kwa toropong ya Mawlaik re bo re lala gone mo ntlong e nnye ya baeng. Mosepele wa rona o simolola gape ka ura ya botlhano mo mosong o o latelang. Ke paka e pula e sa neng ka yone mme noka ga e na metsi a mantsi, ka jalo mokoro wa rona o tshwarwa ke mmu makgetlho a le manè. Nna le banna ba bangwe re tshwanelwa ke go tswa re bo re o kgorometsa. Morago ga diura di le 14 re goroga kwa Homalin, re sule ke letsapa la mosepele mme re kgatlhantshiwa ke bakaulengwe ba phuthego ya lefelo leno. Fa re bona menyenyo ya bone, re ikutlwa re lapologetswe. Mo maitseboeng ano re tla ipelela go itisa monate le bone. Kamoso re tla leba kwa Khamti e go tsayang diura di le 15 go fitlha kwa go yone.
“Le mo letsatsing leno re a tsogelela. Gompieno mokoro ga o a tlala thata le naga e re tsamayang mo go yone ga e tshwane le e re neng re tsamaya mo go yone maabane. Mokoro wa rona o tsamaya bokete ka gonne o tlhabagane le metsi mme re feta batho ba le bantsi ba motse ba epa mo nokeng ba senka gauta. Kgabagare re goroga kwa Khamti, re opelwa e bile re wetse dingalo, mme re fitlhela go se ope yo o tlileng go re kgatlhantsha. Lekwalo le re le kwaletseng phuthego ya mono re e itsise gore re etla le tshwanetse la bo le latlhegile. Ka jalo, re palama tekisi ya sethuthu go re isa kwa moagong wa bonno o o golaganeng le Holo ya Bogosi re bo re itatlhela mo dikobong.
“Mo mosong o o latelang re dumedisa baboledi ba le 25 ba phuthego eo, ba ba tlileng pokanong ya tirelo ya tshimo mo Holong ya Bogosi. Bontsi jwa bone ke Ba-Naga, morafe mongwe o o nnang mo dithabeng tse di tsenelelang kwa India. Rotlhe re wela tsela re leba kwa tshimong. Toropo eno e ikgarile mo noka e itsoketsang teng, fa gare ga dithaba tse di goletseng kwa godimo. Nna le motho yo ke tsamayang le ene re fitlha mo ntlong e e agilweng ka lotlhaka lwa bampuse re bo re tlhaeletsa re dumedisa. Go tla monna wa Mo-Naga a bo a re re tsene mo ntlong. Ene le mosadi wa gagwe ba re reetsa ka kelotlhoko fa re ba bolelela molaetsa wa Bogosi mme ba itumelela go tsaya dikgatiso. Ba-Naga ba bantsi ba bolela gore ke Bakeresete e bile ba kgatlhegela dikgang tse di molemo fela thata. Mo tshokologong, re ya kwa pokanong nngwe ya phuthego, e e leng yone ya ntlha mo go di le mmalwa tse di tla tshwarwang beke eno.
Fa re bona menyenyo ya bone, re ikutlwa re lapologetswe
“Morago ga beke, re kgabaganya noka re bo re ya kwa Sinthe, torotswana e e nang le baboledi ba le 12. Gape re etela ditlhopha tse di kwa thoko di le tharo mme se se kgakala thata mo go tsone se le sekgala sa dikilometara di le 11. Re tsamaya ka maoto go ya kwa setlhopheng sengwe le sengwe gore re ye go rera go tswa foo ke bo ke neela puo. Baboledi ba mono ba humanegile thata mme ba le bantsi ba na le bolwetse jwa malaria kgotsa thiibi. Gape ba ganediwa thata ka ntlha ya bodumedi jwa bone. Le fa go ntse jalo, ba rera ka tlhoafalo. Ka Sontaga, re itumelela go bona batho ba le 76 ba tlile go reetsa puo ya phatlalatsa, bangwe ba bone ba tsamaile diura di le dintsi gore ba fitlhe fano.
“Go ise go ye kae re tshwanelwa ke go tsamaya. Re go fitlhela go le thata go tlogela bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba rategang ba ba bontshitseng gangwe le gape gore ba rata Jehofa. Fa mokoro wa rona o ya o lebile borwa, re akanya ka tumelo ya bone e e nonofileng. Le fa gone ba humanegile, ba humile mo semoyeng! Re swegaswega pelo gore re tla ba etela leng gape.”
Ke Batla go Rerela Lefatshe Lotlhe!
SAGAR RAI
O TSHOTSWE KA 1928
O KOLOBEDITSWE KA 1968
DINTLHA KA GA GAGWE Lesole le le neng le na le dimetlele mme la amogela boammaaruri la ba la tswelela le rera le fa ba masika ba ne ba le ganetsa mo go botlhoko.
◆ KE TSHOTSWE kwa Shan State, kgaolo e e dithaba kwa bokonebotlhaba jwa Myanmar. Lelapa la gaetsho e ne e le la morafe wa Ba-Gurkha ba kwa Nepal mme e le Bahindu. Le fa go ntse jalo, re ne re latela kobamelo ya meya. Ke ne ka latela tlwaelo e e neng e ngangatletswe thata ya Ba-Gurkha ka go nna lesole fela jaaka Rre le bonkgonne ba banè. Ke ne ka direla mo sesoleng sa kwa Burma dingwaga di le 20 mme ka lwa mo dintweng di le dintsi. Se se gakgamatsang ke gore ga ke ise ke ko ke gobale thata.
Fa ke ne ke bala Tora ya Tebelo lekgetlho la ntlha, ke ne ka ithuta mo Baebeleng gore go na le Modimo wa boammaaruri a le mongwe fela—Jehofa. Ke ne ka kgatlhega fela thata. E re ka ke ne ke le Mohindu, ke ne ke dumela mo medimong e mentsintsi! Ke ne ka batla leina Jehofa mo dithanoding di le dintsi tsa dipuo tse di farologaneng—tsa Se-Nepal, Se-Hindi, Se-Burma le tsa Seesemane. Nngwe le nngwe ya tsone e ne e tlhomamisa gore Jehofa ke leina la Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng.
Moragonyana nna le mosadi wa me Jyoti re ne ra fudugela kwa Pathein mme fa re fitlha koo Frank Dewar wa morongwa o ile a ithaopela go ithuta Baebele le nna. Ke ne ka dumela mme Jyoti le ene o ne a dumela. Go ise go ye kae re ne ra tlhatswega pelo gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri mme ra swetsa ka gore re tla obamela ene a le esi. Re ne ra latlhela medingwana ya rona ya bodumedi mo Nokeng ya Pathein gore ope a se ka a e sela.—Dute. 7:25; Tshen. 4:11.
Moragonyana ga foo, ke ne ka tlogela bosole mme nna, mosadi wa me le bongwanake ra fudugela kwa ke tsholetsweng teng. Fa re fitlha koo re ne ra dira mmogo le setlhotshwana sa Basupi ba ba neng ba re ruta go rera. Fa nako e ntse e ya, re ne ra batla dilwana tsa go aga mo sekgweng mme ra aga Holo e nnye ya Bogosi fa pele ga legae la rona. Seno se ne sa galefisa komiti ya morafe wa Ba-Gurkha, e e neng ya ganetsa jaana: “Ke mang yo o lo neileng tetla ya go aga ‘kereke’ ya Bakeresete mo kgotleng ya Bahindu? Ga lo a tshwanela go rerela batho ba ba setseng ba na le bodumedi jwa bone.”
Komiti ya Ba-Gurkha e ne ya ya go ngongorega kwa balaoding ba lefelo leo, ba mongwe wa bone a neng a mpotsa jaana: “Rre Rai, a ke boammaaruri gore o rera mo kgotleng ya galona e bile o tlhotlheletsa batho gore ba nne Bakeresete?”
Ke ne ka araba jaana: “Ke Mosupi wa ga Jehofa. Ga ke batle go rera mo kgotleng eno fela mme ke batla go rerela lefatshe lotlhe! Mme batho ke bone ba itlhophelang gore a ba batla go fetola bodumedi jwa bone kgotsa nnyaa.”
Mo dingwageng di le 40 tse di fetileng, nna le Jyoti re thusitse batho ba feta 100 go ithuta boammaaruri
Se se itumedisang ke gore balaodi ba ne ba re letlelela go tswelela re rera re sa ganediwe. Mo dingwageng di le 40 tse di fetileng, nna le Jyoti re thusitse batho ba feta 100 go ithuta boammaaruri. Gone jaanong ba le bantsi ba bone ke babulatsela ba ba kgethegileng, balebedi ba ba etang kgotsa badiredi ba kwa Bethele. Gape re itumedisiwa ke gore bontsi jwa bana ba rona le ba malapa a bone ba direla Jehofa ka boikanyegi.
Ke Batlile “Bogosi Jwa ga Jehofa” Mme Ga ke Bo Bone
SOE LWIN
O TSHOTSWE KA 1960
O KOLOBEDITSWE KA 2000
DINTLHA KA GA GAGWE Mongwe yo e kileng ya bo e le Mobuda mme a bala ka “Bogosi jwa ga Jehofa” a bo a batla go bo etela.
◆ FA KE ya tirong kwa toropong ya Tachileik e e gaufi le molelwane wa Thailand, ke ne ka sela dimakasine dingwe tsa Tora ya Tebelo tse di neng di latlhetswe fa thoko ga tsela. Dimakasine tseo di ne di bua ka masego a a itumedisang a Bogosi jwa ga Jehofa. E re ka ke ne ke le Mobuda ke ne ke ise ke tsamaye ke utlwe ka Jehofa, ka jalo ke ne ka swetsa ka gore “Bogosi jwa ga Jehofa” e tshwanetse ya bo e le naga nngwe kwa Afrika. Ke ne ka batla “Bogosi jwa ga Jehofa” mo bukeng ya dimmapa mme ka se ka ka bo bona. Ke ne ka botsa batho ba bangwe mme ga ba a ka ba kgona go nthusa.
Moragonyana ke ne ka utlwalela gore lekawana lengwe le ke neng ke dira le lone le ne le ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mo raya ka re, “A o ka mpolelela gore nka bona Bogosi jwa ga Jehofa kae?” Fa ke ntse ke ithuta ke bo ke utlwa gore Bogosi jwa ga Jehofa ke puso e e kwa legodimong e e tla tlisang Paradaise mo lefatsheng, ke ne ke gakgametse e bile ke itumetse. Ke ne ka fokotsa moriri wa me, ka tlogela go tlhafuna betel nut mme ka tlogela go dirisa diokobatsi le dingwao tsa Sebuda. Jaanong ke swegaswega pelo go tshela mo Bogosing jwa ga Jehofa go feta pele.—Math. 25:34.