LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ll karolo 1 ts. 4-5
  • Re Reetsa Modimo ka Tsela Efe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Reetsa Modimo ka Tsela Efe?
  • Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 1
    Reetsa Modimo
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Nna le Bokgoni Jwa go Reetsa ka Tsela e e Bontshang Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
ll karolo 1 ts. 4-5

KAROLO 1

Re Reetsa Modimo ka Tsela Efe?

Modimo o bua le rona ka Baebele. 2 Timotheo 3:16

Jehofa o mo setulong sa gagwe sa Bogosi, mme o tlhotlheletsa banna go kwala Baebele

Modimo wa boammaaruri o ile a laela banna bangwe gore ba kwale dikakanyo tsa gagwe mo bukeng e le nngwe e e boitshepo. Buka eo ke Baebele. E na le tshedimosetso ya botlhokwa e Modimo a batlang gore o e itse.

Modimo ke Motswedi wa botlhale jotlhe mme o itse se se ka re solegelang molemo. Ruri o tla nna botlhale fa o ka mo reetsa. —Diane 1:5.

Baebele ka dipuo di le dintsi; monna o bala Baebele ka puo ya gagwe

Modimo o batla gore batho botlhe mo lefatsheng ba bale Baebele. Gone jaanong, e teng ka dipuo di le dintsi.

Fa o batla go reetsa Modimo, o tshwanetse go bala Baebele le go e tlhaloganya.

Batho gongwe le gongwe ba a reetsa. Mathaio 28:19

Mosupi wa ga Jehofa o balela monna mongwe temana a bo a ithuta Baebele le ene

Basupi ba ga Jehofa ba ka go thusa go tlhaloganya Baebele.

Ba ruta boammaaruri ka Modimo mo lefatsheng lotlhe.

Pokano ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa

Thuto eo ke mahala. Gape o ka ithuta ka Modimo kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona.

  • Lefoko la Modimo ke boammaaruri.—Johane 17:17.

  • Ke ka ntlha yang fa re ka ikanya Modimo?—Dipalo 23:19.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela