PINA 105
“Modimo ke Lorato”
E e Gatisitsweng
1. Jah Modimo ke lorato;
Re tlhoka go mo etsa.
Fa re rata Jah le batho,
Re tla dira molemo.
Fa re bontshana lorato,
Re tla tshela monate.
A re etseng Jesu Kreste
Mme re bontsheng lorato.
2. ’Rato lo re tlhotlheletsa
Go dira se se siameng.
Jah o tla re segofatsa
Fa re dira bojotlhe.
Lorato lo tla re thusa
Gore re’itshokelane.
A re rateng bakaulengwe
Ka lorato lwa nnete.
3. A re tileng go galefa
Mme re nneng le lorato.
Modimo o tla re kaela
Ka Lefoko la gagwe.
A re rateng Jah Modimo,
A re rateng le batho.
A re bontshaneng lorato,
’Rato lwa boammaaruri.
(Bona le Mar. 12:30, 31; 1 Bakor. 12:31–13:8; 1 Joh. 3:23.)