Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
SEPTEMBER 3-9
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 1-2
“Kgakgamatso ya Ntlha ya ga Jesu”
(Johane 2:1-3) Jaanong mo letsatsing la boraro ga nna mokete wa lenyalo kwa Kana wa Galalea, mme mmaagwe Jesu o ne a le gone koo. 2 Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba ne ba laleditswe kwa moketeng wa lenyalo. 3 E rile beine e tlhaela, mmaagwe Jesu a mo raya a re: “Ga ba na beine.”
Keresete Maatla a Modimo
3 Jesu o ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha kwa lenyalong le le neng le le kwa motseng wa Kana. Ga re itse gore go tlile jang, mme gone go ne go se na beine e e lekaneng balalediwa. Seno se ne se tla tsenya banyalani bano ba basha matlho ka gonne e ne e le boikarabelo jwa bone go tlhomamisa gore balalediwa ba a itumela. Mongwe wa balalediwa e ne e le mmaagwe Jesu e bong Marea. A o ne a kopa Jesu gore a thuse banyalani bano ka gonne a dumela gore Jesu o na le maatla a go dira jalo? Marea a ka tswa a ile a tlhatlhanya ka boporofeti jo bo neng bo bua ka Jesu e bile o ne a itse gore Jesu o tla bidiwa “Morwa Mogodimodimo.” (Luke 1:30-32; 2:52) Go bonala sentle gore Marea le Jesu ba ne ba batla go thusa banyalani bano. Ka jalo, Jesu o ne a dira kgakgamatso mme a fetola dilitara di le 380 tsa metsi go nna “beine e e monate.” (Bala Johane 2:3, 6-11.) A go ne go tlhokega gore Jesu a dire kgakgamatso eo? Nnyaa. O ne a e dira ka gonne a ne a amega ka batho e bile a le pelotshweu fela jaaka Rraagwe.
(Johane 2:4-11) Jesu a mo raya a re: “Ke dirang ka wena, mosadi? Nako ya me ga e ise e tle.” 5 Mmaagwe a raya ba ba direlang a re: “Le fa e le eng se a se lo bolelelang, lo se dire.” 6 Kafa go neng go ntse ka gone, go ne go na le dinkgo tsa metsi tsa leje di le thataro di le foo jaaka go tlhokega go ya ka melao ya Bajuda ya go itshekisa, nngwe le nngwe e kgona go tshola dilekanyo tsa seedi di le pedi kgotsa di le tharo. 7 Jesu a ba raya a re: “Tlatsang dinkgo tsa metsi ka metsi.” Mme ba di tlatsa go fitlha fa losing. 8 Mme a ba raya a re: “Gelelang mangwe jaanong mme lo a ise kwa mokaeding wa mokete.” Jalo ba a isa. 9 Jaanong, e rile mokaedi wa mokete a utlwa metsi a a fetotsweng beine mme a sa itse gore e ne e tswa kae, le mororo ba ba direlang ba ba neng ba gile metsi ba ne ba itse, mokaedi wa mokete a bitsa monyadi 10 mme a mo raya a re: “Batho ba bangwe botlhe ba ntsha beine e e monate pele, mme fa batho ba tlhapetswe, ba ntshe ya maemo a a kwa tlase. Wena o beile beine e e monate go fitlha jaanong.” 11 Jesu o ne a dira seno kwa Kana wa Galalea e le tshimologo ya ditshupo tsa gagwe, mme a bonatsha kgalalelo ya gagwe; mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene.
jy-E 41 ¶6
Kgakgamatso ya Ntlha ya ga Jesu
Kgakgamatso eno ke ya ntlha ya ga Jesu. Tumelo ya barutwa ba gagwe e ne ya nonofa fa ba mmona a dira kgakgamatso eno. Go tswa foo, Jesu, mmaagwe le bomorwarraagwe ba ya kwa motseng wa Kaperenama o o gaufi le Lewatle la Galalea.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 1:1) Mo tshimologong Lefoko o ne a le gone, mme Lefoko o ne a na le Modimo, mme Lefoko e ne e le modimo.
Boammaaruri ka Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo
Ka sekai, ela tlhoko gore Johane o kwala gape a reng mo kgaolong 1, temana ya 18: “Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo [Mothatayotlhe] ka nako epe.” Le fa go ntse jalo, batho ba bone Jesu, e leng Morwa, ka gonne Johane a re: “Lefoko [Jesu] a tla a nna nama, mme a aga mo go rona, mme ra bona kgalalelo ya gagwe.” (Johane 1:14, Baebele e e Boitshepo) Ka jalo, go ka tla jang gore Morwa a nne karolo ya Modimo Mothatayotlhe? Gape, Johane o tlhalosa gore Lefoko o ne “a na le Modimo.” Motho a ka nna le motho yo mongwe jang mme gape a ntse a le ene motho yoo? Gape, jaaka go kwadilwe mo go Johane 17:3, Jesu o dira pharologanyo e e bonalang sentle fa gare ga gagwe le Rraagwe wa selegodimo. O bitsa Rraagwe a re ke “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” Mme go ela kwa bokhutlong jwa Efangele ya gagwe, Johane o sobokanya kgang eno ka go re: “Tseno di kwadilwe gore lo tle lo dumele gore Jesu ke Keresete Morwa Modimo.” (Johane 20:31) Ela tlhoko gore Jesu o bidiwa Morwa Modimo, e seng Modimo. Tshedimosetso e e oketsegileng eno e e leng mo Efangeleng ya ga Johane e bontsha kafa Johane 1:1 e tshwanetseng go tlhaloganngwa ka gone. Jesu, e leng Lefoko, ke “modimo” ka tlhaloganyo ya gore o na le boemo jo bo kwa godimo mme ga bo lekane le jwa Modimo Mothatayotlhe.
(Johane 1:29) Letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla kwa go ene, mme a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!
ntlha e e mo go Joh 1:29 mo nwtsty
Kwana ya Modimo: Johane Mokolobetsi o ile a bitsa Jesu a re ke “Kwana ya Modimo” fa Jesu a sena go kolobediwa le go raelwa ke Satane. Mafoko ano a tlhagelela mo temaneng eno le mo go Joh 1:36 fela. (Bona Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, Karolo 4.) Go a tshwanela gore Jesu a bidiwe kwana ka gonne mo Baebeleng dinku di ne di dirisediwa go ntsha ditlhabelo gore motho a amogelwe ke Modimo. Ditlhabelo tseno di ne di emela setlhabelo se Jesu a neng a tla se ntshetsa batho ka go ba swela. Go na le ditemana di le dintsi mo Baebeleng tse di buang ka dinku. Johane Mokolobetsi o ne a itse Dikwalo Tsa Sehebera mo go rayang gore a ka tswa a ne a bua ka nngwe ya dilo tse di latelang: phelefu e Aborahame a ileng a e ntsha setlhabelo mo boemong jwa morwawe Isake (Ge 22:13), kwana ya Tlolaganyo e Baiseraele ba ileng ba e tlhaba fa ba gololwa kwa Egepeto (Ek 12:1-13), kgotsa kwana e e tonanyana e e neng e ntshediwang Jehofa letsatsi le letsatsi kwa Jerusalema (Ek 29:38-42). Gape Johane a ka tswa a ne a akantse ka mafoko a ga Jehofa a a reng “motlhanka wa me” o tla “tlisiwa . . . jaaka nku e isiwa tlhabong.” (Isa 52:13; 53:5, 7, 11) Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakorintha lekwalo la ntlha, o ne a bitsa Jesu “tlolaganyo ya rona,” a mo tshwatsha le kwana ya Tlolaganyo. Moaposetoloi Petere o ile a re madi a ga Keresete a tshwana le a “kwanyana e e se nang molato e bile e se na selabe.” (1Pe 1:19) Gape buka ya Tshenolo e galaletsa Jesu ka go mmitsa “Kwana” makgetlo a ka nna 25.—Dikai dingwe di mo go: Tsh 5:8; 6:1; 7:9; 12:11; 13:8; 14:1; 15:3; 17:14; 19:7; 21:9; 22:1.
Mmalo wa Baebele
(Johane 1:1-18) Mo tshimologong Lefoko o ne a le gone, mme Lefoko o ne a na le Modimo, mme Lefoko e ne e le modimo. 2 Yono mo tshimologong o ne a na le Modimo. 3 Dilo tsotlhe di ne tsa nna gone ka ene, mme kwantle ga gagwe ga go a nna gone selo le fa e le se le sengwe. Se se nnileng gone 4 ka ene e ne e le botshelo, mme botshelo e ne e le lesedi la batho. 5 Mme lesedi le phatsima mo lefifing, mme lefifi ga le a le fekeetsa. 6 Go ne ga tsoga monna mongwe yo o neng a romelwa e le moemedi wa Modimo: leina la gagwe e ne e le Johane. 7 Monna yono o ne a tlile go tla go supa, gore a neye bosupi ka ga lesedi, gore batho ba mefuta yotlhe ba tle ba dumele ka ene. 8 O ne a se lesedi leo, mme o ne a laoletswe go naya bosupi ka ga lesedi leo. 9 Lesedi la boammaaruri le le nayang motho wa mofuta mongwe le mongwe lesedi le ne le tloga le tla mo lefatsheng. 10 O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le ne la nna gone ka ene, mme lefatshe le ne le sa mo itse. 11 O ne a tla mo legaeng la gagabo, mme batho ba gagabo ba ne ba se ka ba mo amogela. 12 Le fa go ntse jalo, botlhe fela ba ba neng ba mo amogela, o ne a ba naya taolo ya go nna bana ba Modimo, ka gonne ba ne ba bontsha tumelo mo leineng la gagwe; 13 mme ba ne ba tsalwa, e seng ka madi kgotsa ka thato ya senama kgotsa ka thato ya monna, mme ke Modimo. 14 Jalo Lefoko o ne a nna nama mme a aga mo gare ga rona, re ne ra bona kgalalelo ya gagwe, kgalalelo e e tshwanang le ya morwa yo o tsetsweng a le esi go tswa kwa go rre; o ne a tletse bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le boammaaruri. 15 (Johane o ne a naya bosupi ka ga gagwe, ee, tota o ne a goa—yono e ne e le yo o neng a bua—a re: “Yo o tlang kwa morago ga me o fetetse kwa pele ga me, ka gonne o ne a nna gone pele ga me.”) 16 Gonne mo botlalong jwa gagwe, rotlhe re ne ra amogela le e leng bopelonomi jo bo sa re tshwanelang mo godimo ga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. 17 Ka gonne Molao o ne wa newa ka Moshe, bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le boammaaruri di ne tsa nna gone ka Jesu Keresete. 18 Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe; modimo yo o tsetsweng a le esi yo o fa sehubeng kwa go Rara ke ene yo o mo tlhalositseng.
SEPTEMBER 10-16
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 3-4
“Jesu o Rerela Mosadi wa Mosamarea”
(Johane 4:6, 7) Tota e bile, motswedi wa ga Jakobe o ne o le koo. Jaanong Jesu a bo a ntse fela fa motsweding, a lapisitswe ke loeto. Ura e ne e ka nna ya borataro. 7 Mosadi mongwe wa Samarea a tla go ga metsi. Jesu a mo raya a re: “Ntshiele ke nwe.”
ntlha e e mo go Joh 4:6 mo nwtsty
a lapisitswe: Temana eno ke yone fela mo Baebeleng e e tlhalosang gore Jesu o ne a lapile. E ne e ka nna sethoboloko fa Jesu a ema kwa motsaneng wa Sikara kwa Samarea. O ne a lapisitswe ke loeto lo a neng a le mo go lone mo tseleng e e tlhatlogang, a tswa kwa Mokgatšheng wa Joredane kwa Judea a ya kwa Galalea.—Joh 4:3-5; bona Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, Karolo 4.
(Johane 4:21-24) Jesu a mo raya a re: “Ntumela, mosadi, Nako e etla ya fa lo se kitla lo obamela Rara mo thabeng eno le fa e le kwa Jerusalema. 22 Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng, ka gonne poloko e tswa mo Bajudeng. 23 Le fa go ntse jalo, nako e etla, le jaanong e fitlhile, ya fa baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela. 24 Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.”
(Johane 4:39-41) Jaanong bontsi jwa Basamarea ba ba tswang mo motseng oo ba dumela mo go ene ka ntlha ya lefoko la mosadi yo e neng ya re a naya bosupi a re: “O mpoleletse dilo tsotlhe tse ke di dirileng.” 40 Jalo e rile Basamarea ba tla kwa go ene, ba mo kopa gore a nne le bone; mme a nna koo malatsi a le mabedi. 41 Ka gone ba le bantsi ba ba oketsegileng ba dumela ka ntlha ya se a neng a se bua,
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 3:29) Yo o nang le monyadiwa ke monyadi. Le fa go ntse jalo, tsala ya monyadi, fa e ema mme e mo utlwa, e nna le boipelo jo bo seng kana ka sepe ka ntlha ya lentswe la monyadi. Jalo boipelo jono jwa me bo tladitswe.
ntlha e e mo go Joh 3:29 mo nwtsty
tsala ya monyadi: Mo Baebeleng, maikarabelo a tsala ya monyadi e ne e le go nna moemedi mo dilong tsa semolao le go mo thusa go dira dithulaganyo tsa lenyalo. O ne a tsewa e le motho yo o dirileng gore monyadi le monyadiwa ba kopane. Ka letsatsi la lenyalo, banyadi le baetsana ba ne ba ya kwa ntlong ya monyadi kgotsa kwa gaabo monyadi, kwa moletlo o neng o tla tshwarelwa teng. Kwa moletlong, tsala ya monyadi e ne e tla itumela fa e utlwa monyadi a tlotla le monyadiwa ka gonne seno se ne se tla bo se bontsha gore tsala e dirile tiro ya yone sentle. Johane Mokolobetsi o ne a re ke ene “tsala ya monyadi.” Mo seemong seno, Jesu e ne e le monyadi mme barutwa ba gagwe e le setlhopha se se emelwang ke monyadiwa. Johane Mokolobetsi o ile a itsise barutwa ba ntlha kgotsa “monyadiwa” mo go Jesu Keresete fa a ne a baakanyetsa Mesia tsela. (Joh 1:29, 35; 2Bak 11:2; Bae 5:22-27; Tsh 21:2, 9) “Tsala ya monyadi” e ne e tla bo e weditse kabelo ya yone morago ga lenyalo. Ke sone se Johane a ileng a bua jaana fa a bua ka ene le Jesu: “Yoo o tshwanetse go tswelela a oketsega, mme nna ke tshwanetse go tswelela ke fokotsega.”—Joh 3:30.
(Johane 4:10) Fa Jesu a araba a mo raya a re: “Fa o ne o itsile mpho ya mahala ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re, ‘Ntshiele ke nwe,’ o ka bo o kopile ene, mme o ka bo a go neile metsi a a tshelang.”
ntlha e e mo go Joh 4:10 mo nwtsty
metsi a a tshelang: Polelwana eno ya Segerika e ka kaya metsi a a elelang, motswedi wa metsi kgotsa metsi a a phepa a a tswang mo sedibeng. Ga e bue ka metsi a a sa eleleng. Mo go Lef 14:5 mafoko a Sehebera a a ranotsweng e le “metsi a a phepa” kgotsa “metsi a a elang,” (Baebele e e Boitshepo) a kaya metsi a a tshelang. Mo go Jer 2:13 le 17:13, Jehofa o tlhalosiwa e le “motswedi wa metsi a a tshelang,” e leng metsi a tshwantshetso a a nayang botshelo. Fa Jesu a ne a bua le mosadi wa Mosamarea, Jesu o ile bua ka “metsi a a tshelang” mme go lebega mosadi yono a simolotse a akanya gore Jesu o bua ka metsi a mmatota.—Joh 4:11.
Mmalo wa Baebele
(Johane 4:1-15) E rile, jaanong, Morena a lemoga gore Bafarasai ba ne ba utlwile gore Jesu o ne a dira barutwa ba ba oketsegileng go feta Johane e bile a ba kolobetsa— 2 le mororo, tota, Jesu ka boene a ne a se ka a kolobetsa mme e le barutwa ba gagwe ba ba neng ba dira jalo— 3 a tloga kwa Judea mme a ya gape kwa Galalea. 4 Mme go ne go tlhokega gore a ralale Samarea. 5 Jalo a tla mo motseng mongwe wa Samarea o o bidiwang Sikara gaufi le tshimo e Jakobe a e fileng Josefa morwawe. 6 Tota e bile, motswedi wa ga Jakobe o ne o le koo. Jaanong Jesu a bo a ntse fela fa motsweding, a lapisitswe ke loeto. Ura e ne e ka nna ya borataro. 7 Mosadi mongwe wa Samarea a tla go ga metsi. Jesu a mo raya a re: “Ntshiele ke nwe.” 8 (Gonne barutwa ba gagwe ba ne ba dule ba ile kwa motseng go ya go reka dijo.) 9 Jalo mosadi wa Mosamarea a mo raya a re: “Go tla jang gore wena, le fa o le Mojuda, o bo o nkopa gore ke go nose, le mororo nna ke le mosadi wa Mosamarea?” (Gonne Bajuda ga ba dirisane le Basamarea.) 10 Fa Jesu a araba a mo raya a re: “Fa o ne o itsile mpho ya mahala ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re, ‘Ntshiele ke nwe,’ o ka bo o kopile ene, mme o ka bo a go neile metsi a a tshelang.” 11 A mo raya a re: “Rra, ga o na le fa e le kgamelo ya go gelela metsi, mme sediba se boteng. Jalo, metsi a a tshelang ano o a tsaya kwa motsweding ofe? 12 Ga o mogolo go feta rraaronamogologolwane Jakobe, yo o neng a re fa sediba seno le yo ka boene mmogo le bomorwawe le dikgomo tsa gagwe ba neng ba nwa mo go sone, ga ke re?” 13 Fa Jesu a araba a mo raya a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metsi ano o tla nyorwa gape. 14 Le fa e le mang yo o nwang metsi a ke tla a mo nayang ga a kitla a nyorwa ka gope, mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna mo go ene motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.” 15 Mosadi a mo raya a re: “Rra, nnaya metsi ano, gore ke se ka ka nyorwa le fa e le go nna ke tla mo lefelong leno go tla go ga metsi.”
SEPTEMBER 17-23
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 5-6
“Sala Jesu Morago ka Pelo Yotlhe”
(Johane 6:9-11) “Mosimanyana ke yo, yo o nang le dinkgwe di le tlhano tsa barele le ditlhapi tse dinnye di le pedi. Mme tseno ke eng mo bontsing jo bo kana?” 10 Jesu a re: “Dirang gore banna ba nne ka go sekama jaaka fa go jewa.” Jaanong go ne go na le bojang jo bontsi mo lefelong leo. Jalo banna ba nna ka go sekama, ba ka nna dikete di le tlhano ka palo. 11 Jalo Jesu a tsaya dinkgwe mme, ya re a sena go leboga, a di abela ba ba ntseng ka go sekama, gape ka tsela e e tshwanang le ditlhapi tse dinnye ka bontsi jo ba neng ba batla ka jone.
ntlha e e mo go Joh 6:10 mo nwtsty
banna ba nna ka go sekama, ba ka nna dikete di le tlhano ka palo: Buka ya ga Mathaio ke yone fela e e akaretsang mafoko a a reng “kwantle ga basadi le bana ba babotlana” fa e bua ka kgakgamatso eno. (Mat 14:21) Batho ba ba ileng ba fepiwa ka kgakgamatso ba ka tswa ba ne ba feta 15 000.
(Johane 6:14) Ka gone e rile batho ba bona ditshupo tse a neng a di dira, ba re: “Ruri yono ke moporofeti yo o neng a tshwanetse go tla mo lefatsheng.”
(Johane 6:24) Jalo e rile boidiidi bo bona gore Jesu o ne a seyo foo le fa e le barutwa ba gagwe, ba palama mekorwana ya bone mme ba tla kwa Kaperenama go batla Jesu.
ntlha e e mo go Joh 6:14 mo nwtsty
moporofeti: Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba le bantsi ba ne ba lebeletse gore moporofeti yo o tshwanang le Moshe, yo go buiwang ka ene mo go Dut 18:15, 18, e ne e tla nna Mesia. Mo temaneng eno, go lebega mafoko a a reng, go tla mo lefatsheng a bua ka go tla ga ga Mesia. Johane ke ene fela yo o kwadileng ka ditiragalo tse di mo temaneng eno.
(Johane 6:25-27) Jalo e rile ba mo fitlhela ka kwa ga lewatle ba mo raya ba re: “Rabi, o tlile leng fano?” 26 Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, lo a mpatla, e seng ka gonne lo ne lwa bona ditshupo, mme ka gonne lo ne lwa ja dinkgwe mme lwa kgora. 27 Lo se ka lwa direla dijo tse di nyelelang, mme lo direle dijo tse di nnang go ya botshelong jo bo sa khutleng, jo Morwa motho a tla lo bo nayang; gonne Rara, yo e bileng e le Modimo, o beile letshwao la gagwe la kamogelo mo go ene.”
(Johane 6:54) Yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tla mo tsosa mo losong ka letsatsi la bofelo;
(Johane 6:60) “Jalo bontsi jwa barutwa ba gagwe, e rile ba utlwa seno, ba re: “Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?”
(Johane 6:66-69) Ka ntlha ya seno bontsi jwa barutwa ba gagwe ba tswa ba ya kwa dilong tse ba di tlogetseng kwa morago mme ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene. 67 Jalo Jesu a raya ba ba lesome le bobedi a re: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” 68 Simone Petere a mo araba a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; 69 mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.”
dintlha tse di mo go Joh 6:27, 54 mo nwtsty
dijo tse di nyelelang . . . dijo tse di nnang go ya botshelong jo bo sa khutleng: Jesu o ne a itse gore batho bangwe ba ne ba tsamaya le ene fela ka gonne ba batla sengwe mo go ene. Le fa gone, batho ba ja dijo letsatsi le letsatsi, “dijo” tse di tswang mo Lefokong la Modimo ke tsone fela tse di dirang gore batho ba kgone go tshelela ruri. Jesu o kgothaletsa batho gore ba direle “dijo tse di nnang go ya botshelong jo bo sa khutleng” mme o ne a raya gore ba dire ka natla go ithuta ka Modimo le go dirisa se ba se ithutang.—Mat 4:4; 5:3; Joh 6:28-39.
Yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me: Go ja nama le go nwa madi a ga Keresete mo go buiwang ka gone fano ga se ga mmatota, go na le moo ke go bontsha tumelo mo go Jesu Keresete. (Joh 6:35, 40) Jesu o ile a bua mafoko ano ka ngwaga wa 32 pele ga a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa ka ngwaga wa 33, ka jalo o ne a sa bue ka sone. O buile jaana pele ga moletlo wa Bajuda o o bidiwang Tlolaganyo (Joh 6:4), mme seno se ka tswa se dirile gore bareetsi ba gagwe ba akanye ka moletlo ono le kafa madi a kwana a ileng a boloka matshelo a Baiseraele ka teng fa ba tswa kwa Egepeto (Ek 12:24-27). Jesu o ne a gatelela gore madi a gagwe le one a tlile go dira gore barutwa ba gagwe ba kgone go tshelela ruri.
Re Tla Tsamaya mo Leineng la ga Jehofa Modimo wa Rona
13 Le fa go ntse jalo, boidiidi bo ne jwa nna jwa sala Jesu morago mme ba mo fitlhela “ka kwa ga lewatle,” jaaka Johane a bolela. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba mo sala morago a sena go gana fa ba leka go mo dira kgosi? Ba le bantsi ba ne ba bontsha ka ditiro gore ba leba dilo ka tsela ya senama, ba bua thata ka dijo tse Jehofa a neng a ba fepa ka tsone kwa nageng mo motlheng wa ga Moshe. Seo se ka tswa se ne se raya gore Jesu o tshwanetse a tswelela a ba tlamela ka dijo. Fa Jesu a lemoga maitlhomo a bone a a phoso, o ne a simolola go ba ruta dithuto tsa boammaaruri tsa semoya tse di neng di ka thusa go baakanya tsela e ba akanyang ka yone. (Johane 6:17, 24, 25, 30, 31, 35-40) Bangwe ba ne ba ngongorega, bogolo jang fa a ne a bua setshwantsho seno: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo na botshelo mo go lona. Yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tla mo tsosa mo losong ka letsatsi la bofelo.”—Johane 6:53, 54.
14 Gantsi ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di tlhotlheletsa batho go itshupa gore a ruri ba batla go tsamaya le Modimo. Seno le sone se ne sa dira fela jalo. Se ne sa kgopisa bangwe ba bone fela thata. Re bala jaana: “Jalo bontsi jwa barutwa ba gagwe, e rile ba utlwa seno, ba re: ‘Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?’” Go tswa foo Jesu o ne a tlhalosa gore ba tshwanetse go batla bokao jwa semoya jwa mafoko a gagwe. O ne a re: “Moya ke one o o nayang botshelo; nama ga e na mosola ka gope. Mafoko a ke a buileng le lona ke moya e bile ke botshelo.” Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa, mme pego e bega jaana: “Ka ntlha ya seno bontsi jwa barutwa ba gagwe ba tswa ba ya kwa dilong tse ba di tlogetseng kwa morago mme ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene.—Johane 6:60, 63, 66.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 6:44) Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge; mme ruri ke tla mo tsosa mo losong mo letsatsing la bofelo.
ntlha e e mo go Joh 6:44 mo nwtsty
mo goge: Gantsi lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano la go ‘goga’ le kaya fa motho a goga letloa a ntsha ditlhapi mo metsing (Joh 21:6, 11). Fa temana eno e re Modimo o gogela batho kwa go ene ga go reye gore Modimo o pateletsa batho go mo direla. Gape lefoko leno le ka kaya “go kgatlhegela sengwe” mme le tsamaisana le mafoko a Jehofa a ileng a a bua le batho ba gagwe mo go Jer 31:3 fa a ne a re: ‘ke go gogile ka bopelonomi jwa lorato.’ (Baebele ya Septuagint e dirisa lefoko leno la Segerika mo temaneng eno.) Joh 12:32 e bontsha gore Jesu le ene o gogela batho kwa go ene. Dikwalo di re ruta gore Jehofa o neile mongwe le mongwe tshwanelo ya gore a itlhophele go mo direla. (Dut 30:19, 20) Ka jalo, batho ba Modimo a ba gogelang kwa go ene ke ba a bonang gore ba batla go mo itse. (Pes 11:5; Dia 21:2; Dit 13:48) Jehofa o dirisa molaetsa wa Baebele le moya wa gagwe o o boitshepo go gogela batho kwa go ene. Joh 6:45 e nopola boporofeti jo bo mo go Isa 54:13 jo bo buang ka batho ba Rara a ba gogelang kwa go ene.—Bapisa Joh 6:65.
(Johane 6:64) Mme go na le bangwe ba lona ba ba sa dumeleng.” Gonne go tloga kwa tshimologong Jesu o ne a itse gore e ne e le bomang ba ba sa dumeleng le gore e ne e le mang yo o neng a tla mo oka.
dintlha tse di mo go Joh 6:64 mo nwtsty
Jesu o ne a itse gore . . . e ne e le mang yo o neng a tla mo oka: Fano Jesu o ne a bua ka Judase Isekariota. Pele Jesu a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, o ile a rapela bosigo jotlhe. (Luk 6:12-16) Kwa tshimologong, Judase o ne a ikanyega mo Modimong. Mme gone Jesu o ne a itse gore go ya ka boporofeti jo bo mo Dikwalong Tsa Sehebera, mongwe wa ditsala tsa gagwe o ne a tlile go mo oka. (Pes 41:9; 109:8; Joh 13:18, 19) Ka jalo, fa Judase a ne a simolola go akanya ka tsela e e sa siamang, Jesu o ile a mo lemoga ka gonne o ne a kgona go bona se se mo dipelong tsa batho. (Mat 9:4) Modimo o kgona go bonela dilo kwa pele, ke ka moo a ileng a itse gore mongwe wa ditsala tsa ga Jesu o ne a tlile go mo oka. Mme seo ga se reye gore Modimo ke ene a dirileng gore Judase a nne bosula ka gonne Modimo ga a dire dilo ka tsela eo e bile ga a dirisane le batho jalo.
go tloga kwa tshimologong: Mafoko ano ga a bue ka nako ya fa Judase a ne a tsholwa kgotsa a tlhophiwa go nna moaposetoloi, ka gonne Jesu o ile a mo tlhopha morago ga go rapela bosigo jotlhe. (Luk 6:12-16) Go na le moo a bua ka nako ya fa Judase a ne a simolola go akanya dilo tse di maswe tse Jesu a ileng a di lemoga ka bonako. (Joh 2:24, 25; Tsh 1:1; 2:23) Gape seno se re bontsha gore Judase ga a fetoga ka ponyo ya leitlho mme dilo tse a neng a di dira o ne a sa bolo go di akanyetsa. Lefoko la Segerika ar·kheʹ le le ranotsweng e le kwa “tshimologong” mo Dikwalong Tsa Bokeretse Tsa Segerika, le na le bokao jo bo farologaneng go ikaegile ka gore le dirisitswe fa go buiwa ka eng. Ka sekai, mo go 2Pe 3:4, lefoko le le reng kwa “tshimologong” le bua ka nako ya fa Modimo a ne a simolola go bopa dilo. Mme gantsi lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa ka nako e e rileng. Ka sekai, Petere o ne a re Baditšhaba ba ile ba newa moya o o boitshepo fela jaaka le bone ba o neilwe kwa “tshimologong.” (Dit 11:15) Petere o ne a sa bue ka nako ya fa a tsholwa kgotsa a nna moaposetoloi. Go na le moo, o ne a bua ka letsatsi la Pentekosete ya ngwaga wa 33 fa Modimo a ne a simolola go ba tshololela moya o o boitshepo gore ba kgone go dira tiro ya gagwe. (Dit 2:1-4) Dikai tse dingwe tsa kafa lefoko leno le dirisitsweng ka gone di mo go Luk 1:2; Joh 15:27; le 1Jo 2:7.
Mmalo wa Baebele
(Johane 6:41-59) Jalo Bajuda ba simolola go ngongorega ka ene ka gonne a ne a re: “Ke nna senkgwe se se fologileng kwa legodimong”; 42 mme ba re: “A yono ga se Jesu morwa Josefa, yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng? Go tla jang gore jaanong a bo a re, ‘Ke fologile kwa legodimong’?” 43 Fa Jesu a araba a ba raya a re: “Tlogelang go ngongorega mo gare ga lona. 44 Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge; mme ruri ke tla mo tsosa mo losong mo letsatsing la bofelo. 45 Go kwadilwe mo Baporofeting ga twe, ‘Mme botlhe ba tla rutwa ke Jehofa.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara e bile a ithutile o tla mo go nna. 46 E seng gore motho ope o bone Rara, fa e se yo o tswang kwa Modimong; yono o bone Rara. 47 Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Yo o dumelang o na le botshelo jo bo sa khutleng. 48 “Ke nna senkgwe sa botshelo. 49 Borraalonamogologolwane ba ne ba ja mana kwa nageng mme le fa go ntse jalo ba ne ba swa. 50 Seno ke senkgwe se se fologang kwa legodimong, gore mongwe le mongwe a tle a se je mme a se ka a swa. 51 Ke nna senkgwe se se tshelang se se fologileng kwa legodimong; fa mongwe a ka ja senkgwe seno o tla tshela ka bosaengkae; mme, tota e bile, senkgwe se ke tla se nayang ke nama ya me mo boemong jwa botshelo jwa lefatshe.” 52 Jalo Bajuda ba simolola go ganetsana, ba re: “Monna yono o ka re naya jang nama ya gagwe gore re e je?” 53 Jalo Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo na botshelo mo go lona. 54 Yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tla mo tsosa mo losong ka letsatsi la bofelo; 55 gonne nama ya me ke dijo tsa boammaaruri, le madi a me ke senō sa boammaaruri. 56 Yo o jang nama ya me a ba a nwa madi a me o nna a le seoposengwe le nna, le nna ke le seoposengwe le ene. 57 Fela jaaka Rara yo o tshelang a nthometse mme nna ke tshela ka ntlha ya ga Rara, le yo o njang, le ene yoo o tla tshela ka ntlha ya me. 58 Seno ke senkgwe se se neng sa fologa kwa legodimong. Ga se jaaka fa borraalonamogologolwane ba ne ba ja mme le fa go ntse jalo ba swa. Yo o jang senkgwe seno o tla tshela ka bosaengkae.” 59 Dilo tseno o ne a di bua fa a ntse a ruta mo kopanong ya phatlalatsa kwa Kaperenama.
SEPTEMBER 24-30
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 7-8
“Jesu o Galaleditse Rraagwe”
(Johane 7:15-18) Jalo Bajuda ba gakgamala, ba re: “Go tla jang gore monna yono a bo a na le kitso ya makwalo, a sa ithuta kwa dikolong?” 16 Jesu, le ene, a ba araba a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng. 17 Fa mongwe a eletsa go dira thato ya Gagwe, o tla itse ka ga thuto eno gore a e tswa kwa Modimong kgotsa ke bua mo go tswang mo go nna. 18 Yo o buang mo go tswang mo go ene o itshenkela kgalalelo; mme yo o senkang kgalalelo ya ene yo o mo romileng, yoo o boammaaruri, mme ga go na tshiamololo mo go ene.
“Go Kwadilwe ga Twe”
5 Jesu o ne a batla gore batho ba itse gore molaetsa wa gagwe o tswa kae. O ile a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Nako nngwe o ile a re: “Ga ke dire sepe ka bogame; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” (Johane 8:28) Mo godimo ga moo, o ile a re: “Dilo tse ke di buang le lona ga ke di bue ka go di itshimololela ka bonna; mme Rara yo o nnang a le seoposengwe le nna o dira ditiro tsa gagwe.” (Johane 14:10) Tsela nngwe e Jesu a neng a tlhomamisa boammaaruri jwa mafoko ao ka yone e ne e le ka go nopola gangwe le gape mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng.
6 Go sekaseka mafoko a a kwadilweng a ga Jesu go senola gore o ne a nopola ka tlhamalalo kana a umaka e se ka tlhamalalo selekanyo se se fetang sephatlo sa dibuka tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Kwa tshimologong seo se ka nna sa se ka sa gakgamatsa go le kalo. O ka nna wa ipotsa gore ke eng fa mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse a neng a ruta phatlalatsa ka tsone, a ile a se ka a nopola go tswa mo dibukeng tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng tse di neng di le gone mo motlheng wa gagwe. Mme gone boammaaruri ke gore go ka direga gore o ile a dira jalo. Se lebale gore go kwadilwe karolo e nnye fela ya mafoko le ditiro tsa ga Jesu. (Johane 21:25) Tota e bile, mo diureng di le mmalwa fela o ka kgona go balela kwa godimo mafoko otlhe a a kwadilweng a ga Jesu. Jaanong akanya o bua ka Modimo le Bogosi jwa gagwe ka diura di le mmalwa fela mme o bo o kgona go nopola go feta sephatlo sa dibuka tsa Dikwalo Tsa Sehebera! Mo godimo ga moo, gantsi Jesu o ne a sa tshole memeno. Fa a ne a neela Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng, o ne a nopola dikarolo di le dintsi tsa Dikwalo Tsa Sehebera ka tlhamalalo le ka tsela e e seng ya tlhamalalo—tsotlhe a di nopola jalo ka tlhogo!
(Johane 7:28, 29) Jalo Jesu a goa fa a ntse a ruta mo tempeleng mme a re: “Lo a nkitse e bile lo itse kwa ke tswang gone. Gape, ga ke a tla ka bogame, mme yo o nthomileng ke wa mmatota, mme ga lo mo itse. 29 Nna ke a mo itse, ka gonne ke moemedi yo o tswang kwa go ene, mme Ene yoo o nthomile.”
(Johane 8:29) Mme yo o nthomileng o na le nna; o ne a se ka a ntlogela ke le nosi, ka gonne ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.”
Amogela Moya wa Modimo, e Seng wa Lefatshe
19 Ikobele Jehofa ka botlalo. Ka metlha Jesu o ne a dira dilo tse di itumedisang Rraagwe. Mo e ka nnang ka lekgetlho le le lengwe, tsela e Jesu a neng a rata gore dilo di dirwe ka yone e ne e farologane le e Rraagwe a neng a batla gore di dirwe ka yone. Le fa go ntse jalo, o ne a raya Rraagwe jaana a tlhomamisegile: “A go diragale thato ya gago, e seng ya me.” (Luke 22:42) Ipotse, ‘A ke ikobela Modimo tota le fa go se motlhofo go dira jalo?’ Go ikobela Modimo go botlhokwa thata mo go rona. Re tshwanetse go mo ikobela ka botlalo e re ka e le Modiri wa rona, Motswedi le Motlamedi wa botshelo jwa rona. (Pes. 95:6, 7) Ga go na sepe se se ka emelang go mo ikobela. Modimo a ka se re amogele fa re sa mo ikobele.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 7:8-10) Lona tlhatlogelang kwa moletlong; nna ga ke ise ke tlhatlogele kwa moletlong ono, ka gonne nako ya me e e tshwanetseng ga e ise e tle ka botlalo.” 9 Jalo fa a sena go ba bolelela dilo tseno, a sala mo Galalea. 10 E rile bomorwarraagwe ba sena go tlhatlogela kwa moletlong, foo le ene a tlhatlogela gone ka boene, e seng mo pontsheng mme ka sephiri.
Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Bua Boammaaruri?
Jesu Keresete o tlhomile sekao sefe mo kgannyeng eno? Nako nngwe, Jesu o ne a bua le batho bangwe ba e neng e se barutwa ba gagwe ba ba neng ba batla go itse ka metsamao ya gagwe. Ba ne ba mo raya ba re: “Tswaa mono o fete o ye kwa Judea.” Jesu o ne a araba jang? “Lona tlhatlogelang kwa moletlong [kwa Jerusalema]; nna ga ke ise ke tlhatlogele kwa moletlong ono, ka gonne nako ya me e e tshwanetseng ga e ise e tle ka botlalo.” Moragonyana fela ga foo, Jesu o ne a ya Jerusalema a ya moletlong. Ke ka ntlha yang fa a ne a ba araba jaaka a ba arabile? Go ne go sa tlhokege gore ba itse metsamao ya gagwe ka botlalo. Ka jalo, le fa Jesu a sa bua maaka, o ba neile karabo e e sa felelang gore ba se ka ba kgona go mo gobatsa kana go gobatsa balatedi ba gagwe. Seno e ne e se maaka ka gonne moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana ka Keresete: “Ga a ka a dira boleo bope, le gone ga go a ka ga fitlhelwa tsietso mo molomong wa gagwe.”—1 Petere 2:22.
(Johane 8:58) Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Pele ga Aborahame a nna gone, ke ne ke ntse ke le gone.”
ntlha e e mo go Joh 8:58 mo nwtsty
ke ne ke ntse ke le gone: Bajuda ba ne ba batla go kgobotletsa Jesu ka maje fa a ba raya a re o “bone Aborahame” ka gore ba ne eba re Jesu ga a ise a “nne le dingwaga di le masome a matlhano.” (Joh 8:57) Jesu o ne a leka go ba tlhalosetsa gore o ne a ntse a le gone kwa legodimong pele Aborahame a tsholwa. Batho bangwe ba re temana eno ya re Jesu ke Modimo. Ba re mafoko a Segerika e·goʹ ei·miʹ (a mo Dibaebeleng tse dingwe a ranotsweng e le “Ke Nna”) a na le bokao jo bo tshwanang le jwa mafoko a a mo go Ek 3:14 mo Baebeleng ya Septuagint le gore ditemana tseno ka bobedi di tshwanetse go ranolwa ka tsela e e tshwanang. Mme mo go Joh 8:58, Jesu o ne a leka go ba tlhalosetsa gore o ne a le teng pele Aborahame a nna gone e bile o ile a tswelela a ntse a le teng le fa Aborahame a sena go tlhokafala. Ka jalo, temana eno e tshwanetse go ranolwa e le “ke ne ke ntse ke le gone” e seng “ke nna,” e bile Dibaebele di le mmalwa tsa bogologolo le tsa bosheng di dirisa mafoko “ke ne ke ntse ke le gone” go ranola temana eno. Mafoko ano gape a tlhagelela mo go Joh 14:9 fa Jesu a ne a re: “Ke ntse ke na le lona nako e telele jaana banna, mme le jaanong, Filipo, ga o ise o bo o nkitse?” Dibaebele di le dintsi di ranola mafoko ano jaana, ka jalo, ga go na sepe se se phoso ka go a ranola ka tsela eno. (Dikai tse dingwe tsa kafa mafoko ao a ileng a dirisiwa ka gone di mo go Luk 2:48; 13:7; 15:29; Joh 1:9; 5:6; 15:27; Dit 15:21; 2Bak 12:19; 1Jo 3:8.) Gape mafoko a ga Jesu a a mo go Joh 8:54, 55 ga a bontshe gore o ne a leka go itira Modimo.
Mmalo wa Baebele
(Johane 8:31-47) Mme jalo Jesu a tswelela a raya Bajuda ba ba neng ba mo dumela a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, 32 mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” 33 Ba mo fetola ba re: “Re bana ba ga Aborahame mme ga re ise re ke re nne batlhanka ba ga ope. Go tla jang gore o re, ‘Lo tla gololesega’?” 34 Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Modiri mongwe le mongwe wa boleo ke motlhanka wa boleo. 35 Mo godimo ga moo, motlhanka ga a nnele ruri mo go ba ntlo ka bosaengkae; morwa ene o nna ka bosaengkae. 36 Jalo fa Morwa a lo golola, lo tla gololesega tota. 37 Ke a itse gore lo bana ba ga Aborahame; mme lo batla go mpolaya, ka gonne lefoko la me ga le dire kgatelopele epe mo go lona. 38 Dilo le fa e le dife tse ke di boneng mo go Rara ke a di bua; jalo, le lona lo dira dilo tse lo di utlwileng mo go rraalona.” 39 Fa ba mo araba ba mo raya ba re: “Rraarona ke Aborahame.” Jesu a ba raya a re: “Fa lo le bana ba ga Aborahame, dirang ditiro tsa ga Aborahame. 40 Mme jaanong lo batla go mpolaya, motho yo o lo boleletseng boammaaruri jo ke bo utlwileng mo Modimong. Aborahame o ne a se ka a dira seno. 41 Lo dira ditiro tsa ga rraalona.” Ba mo raya ba re: “Ga re a ka ra tsalwa ka kgokafalo; re na le Rre a le mongwe, e bong Modimo.” 42 Jesu a ba raya a re: “Fa Modimo e ka bo e le Rraalona, lo ne lo tla nthata, gonne ke tswa kwa Modimong mme ke fano. Le gone ga ke a tla ka bogame ka gope, mme ke romilwe ke Ene yoo. 43 Ke ka ntlha yang fa lo sa itse se ke se buang? Ka gonne ga lo kgone go reetsa lefoko la me. 44 Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona. Ene yoo e ne e le mmolai fa a ne a simologa, mme o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene. Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka. 45 Mme kafa letlhakoreng le lengwe, ka go bo ke bua boammaaruri, ga lo ntumele. 46 Ke mang wa lona yo o supang fa ke na le molato wa boleo? Fa ke bua boammaaruri, ke ka ntlha yang fa lo sa ntumele? 47 Yo o tswang mo Modimong o reetsa mafoko a Modimo. Ke gone ka moo lo sa reetseng, ka gonne ga lo tswe mo Modimong.”