PINA 73
Re Neye Bopelokgale
1. Fa re rera ka Bogosi,
Fa re bua ka wena,
Ba bantsi ba’a re ganetsa,
Ba bangwe ba’a re sotla.
Go na le go ba boifa,
Re tla utlwa wena fela.
A ko’o re fe moya wa gago;
Tlhe Jehofa, re a kopa.
(KHORASE)
Re neye bopelokgale
Gore re se boife.
Re neye bopelokgale
Gore botlhe ba utlwe.
’Tsatsi la gago le gaufi,
Fa re ntse re le letile,
Re neye bopelokgale.
Re a kopa.
2. Le fa gone re ka boifa,
Ga’o re felele pelo.
O re tlhomamiseditse
Gore o tla re thusa.
Babogisi ba rona
Ba leka go re tshosetsa.
Jah tlhe, re thuse re itshoke
Mme re’itsise leina la ’go.
(KHORASE)
Re neye bopelokgale
Gore re se boife.
Re neye bopelokgale
Gore botlhe ba utlwe.
’Tsatsi la gago le gaufi,
Fa re ntse re le letile,
Re neye bopelokgale.
Re a kopa.
(Bona le 1 Bathes. 2:2; Baheb. 10:35.)