BOTSHELO JWA BOKERESETE
O ka Rera le go Ruta!
Moshe o ne a akanya gore a ka se kgone go dira kabelo e Jehofa a neng a mo neile yone. (Ek 4:10, 13) A le wena wa tle o ikutlwe jalo? A o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa? A o ipotsa gore a le wena o tla kgona go rere ka ntlo le ntlo? Kgotsa o mosha yo o tshabang go rerela basha ba bangwe kwa sekolong. Kgotsa gongwe o tshaba go rera phatlalatsa kgotsa ka founo. Kopa Jehofa a gore a go thuse ka moya o o boitshepo. (1Pe 4:11) Nna le tumelo ya gore a ka kgona go go thusa ka kabelo nngwe le nngwe e a go nayang yone.—Ek 4:11, 12.
LEBANG BIDIO YA, NNA PELOKGALE . . . MMOLEDI, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Kgaitsadi Aoyama o ne a na le bothata bofe?
Ke eng se se mo thusitseng gore a se ka a tshaba le gore a nne pelokgale?—Jer 20:7-9
Go direla Jehofa mo go oketsegileng go ile ga mo thusa jang?
Jehofa a ka go thusa jang mo bodireding?