PINA 113
Re Tshwanetse go Rata Kagiso
E e Gatisitsweng
1. Jah o rata kagiso;
Mo galaletseng.
O tla fedisa dintwa,
Go nne kutlwano.
Jesu Kreste ke Kgosi,
E e bonolo.
O tla fenya bosula,
Go nne kagiso.
2. Ga re tlhole re bua
Puo e’e kgobang.
E bile ga re tlhole
Re rata go lwa.
Gore go nne kagiso,
Re’itshokelaneng.
Gape re’itshwarelaneng;
Re’etse Jehofa.
3. Kagiso ya Modimo,
Ke tshegofatso.
Re ikobela Mmopi
Go tswa dipelong.
Re tla ikemisetsa
Go nna kagiso,
Go fitlha e anama
Mo ’fatsheng lotlhe.
(Bona le Pes. 46:9; Isa. 2:4; Jak. 3:17, 18.)