-
Dipetso Tse Thataro Tse di LatelangSe o Ka se Ithutang mo Baebeleng
-
-
THUTO 20
Dipetso Tse Thataro Tse di Latelang
Moshe le Arone ba ne ba ya go bolelela Faro molaetsa wa Modimo ba re: ‘Fa o sa golole batho ba me, ke tla romela diboba mo nageng ya gago.’ Diboba tseo di ne tsa tsena mo matlong otlhe a Baegepeto. Naga yotlhe e ne e tletse ka diboba. Mme diboba tseo di ne di seyo kwa nageng ya Goshene kwa Baiseraele ba neng ba nna gone. Petso eno le tse dingwe tse di latelang di ne tsa diragalela Baegepeto fela. Faro o ne a raya Moshe a re: ‘Kopa Jehofa gore a tlose diboba tseno. Baiseraele ba ka nna ba tsamaya.’ Mme fa Jehofa a sena go ntsha diboba tseo, Faro o ne a gana go golola batho ba Modimo. Ruri Faro o ne a le tlhogoethata!
Jehofa o ne a re: ‘Fa Faro a sa letle batho ba me gore ba tsamaye, diphologolo tsa Baegepeto di tla lwala di bo di swa.’ Mo letsatsing le le latelang, diphologolo di ne tsa simolola go swa. Mme tsa Baiseraele di ne di sa swe. Faro o ne a sa ntse a le tlhogoethata e bile a sa batle go golola Baiseraele.
Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re a boele kwa go Faro mme a gase molora mo moyeng. Molora oo o ne wa fetoga lorole lo lo neng lwa dira gore Baegepeto le diphologolo tsa bone ba tswe dintho tse di botlhoko. Mme Faro o ne a sa ntse a sa batle go golola Baiseraele.
Jehofa o ne a romela Moshe gape kwa go Faro gore a mmotse a re: ‘A o sa ntse o sa batle go tlogela batho ba me gore ba tsamaye? Kamoso go tla tsoga go na sefako mo Egepeto.’ Mo letsatsing le le latelang, Jehofa o ne a romela sefako, magadima le molelo. E ne e le la ntlha selo sa mofuta ono se direga mo Egepeto. Ditlhare le dimela tsotlhe di ne tsa senyega ntle le tse di kwa Goshene. Faro o ne a re: ‘Kopa Jehofa gore a emise! Mme lo ka nna lwa tsamaya.’ Mme ka bonako fela fa sefako le pula di sena go emisa, Faro o ne a gana go golola Baiseraele.
Go tswa foo, Moshe o ne a re: ‘Jaanong ditsie di tla ja dimela tse di tlogetsweng ke sefako.’ Lesogodi lwa tsie le ne la ja sengwe le sengwe se se neng se setse mo masimong le mo ditlhareng. Faro o ne a raya Moshe a re: ‘Kopa Jehofa gore a tlose ditsie tseno.’ Mme le fa Jehofa a sena go tlosa ditsie tseo, Faro o ne a sa ntse a le tlhogoethata.
Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Otlololela seatla sa gago kwa legodimong.’ Go ne ga nna lefifi thata. Go ne ga feta malatsi a le mararo Baegepeto ba sa bone sepe. Lesedi le ne le bonesitse fela mo matlong a Baiseraele.
Faro o ne a raya Moshe a re: ‘Wena le batho ba gago lo ka tsamaya. Mme lo se ka lwa tsaya diphologolo tsa lona.’ Moshe o ne a re: ‘Re tshwanetse go tsaya diphologolo tsa rona ka gonne re tlhoka go ntshetsa Modimo wa rona setlhabelo ka tsone.’ Faro o ne a galefa thata. O ne a goa a re: ‘Tswa fa pele ga me! Fa nka go bona gape, ke tla go bolaya.’
“Gape lo tla bona pharologanyo fa gare ga motho yo o siameng le motho yo o bosula, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direleng.”—Malaki 3:18
-
-
Petso ya BolesomeSe o Ka se Ithutang mo Baebeleng
-
-
THUTO 21
Petso ya Bolesome
Moshe o ne a bolelela Faro gore ga a kitla a tlhola a mmona gape. Mme pele a tsamaya, o ne a raya Faro a re: ‘Bosigogare, leitibolo lengwe le lengwe la bana ba Baegepeto, go tloga ka ngwana wa mosimane wa ga Faro go fitlha ka bana ba basimane ba malata a gagwe, ba tla swa.’
Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba je dijo tse di kgethegileng. O ne a ba raya a re: ‘Tlhabang phelefu kgotsa phoko e e nang le ngwaga mme lo tshase madi a yone mo godimo le mo matlhakoreng a dikgoro tsa lona. Besang nama eo mme lo e je ka dikuku tse di se nang sebediso. Aparang diaparo, rwalang bompaatšhane ba lona mme lo ipaakanyetse go tsamaya. Mo bosigong jono, ke tlile go lo golola.’ Akanya fela kafa Baiseraele ba neng ba itumetse ka gone!
Fa go nna bosigogare, moengele wa ga Jehofa o ne a feta mo matlong otlhe a Egepeto. Mme fa a sa fitlhele ntlo e tshwailwe ka madi, o ne a bolaya ngwana wa leitibolo wa ntlo eo. Mme o ne a tlola matlo a a neng a tshwailwe ka madi. Maitibolo otlhe a Egepeto a ne a bolawa. Mme ga go na ngwana ope wa Moiseraele yo o neng a swa.
Tota le morwa Faro o ne a sule. Faro o ne a setse a utlwile. Ka yone nako eo, o ne a raya Moshe le Arone a re: ‘Tsamayang! Tswang fano! Tsamayang lo ye go direla Modimo wa lona! Tsayang diphologolo tsa lona lo tsamayeng!’
Baiseraele ba ne ba tswa mo Egepeto ngwedi o tletse, ba tswa ka malapa le ka ditso. Go ne go na le banna ba le 600 000, basadi ba le bantsi le bana. Gape go ne go na le batho ba bangwe ba ba neng ba tsamaya le bone go ya go direla Jehofa. Baiseraele ba ne ba golotswe!
Ba ne ba tshwanetse go ja dijo tseo tse di kgethegileng ngwaga le ngwaga go gopola kafa Jehofa a ileng a ba golola ka gone. Dijo tseo di ne di bidiwa dijo tsa Tlolaganyo.
“Ke go tlogetse gore o tswelele o le gone ka lebaka leno: gore ke bontshe maatla a me ka wena le gore ke dire gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.”—Baroma 9:17
-