-
Rahabe o Fitlha DitlholaSe o Ka se Ithutang mo Baebeleng
-
-
THUTO 30
Rahabe o Fitlha Ditlhola
Fa banna ba Baiseraele ba ne ba ile go tlhola motse wa Jeriko, ba ile ba gorogela kwa ntlong ya mosadi mongwe yo o bidiwang Rahabe. Kgosi ya Jeriko e ne ya bolelelwa mme ya romela masole gore a ye kwa ntlong ya ga Rahabe. Rahabe o ne a fitlha banna bao mo marulelong a ntlo mme a romela masole go sele. O ne a raya banna bao a re: ‘Ke lo thusa jaana ka gonne ke itse gore Jehofa ke ene a lo thusang le gore lo tlile go gapa motse wa rona. Ke kopa lo ntsholofetse gore lo tla sireletsa ba lelapa la gaetsho.’
Banna bao ba ne ba raya Rahabe ba re: ‘Motho yo o tla bong a le mo ntlong ya gago fa re tla go senya motse ono ga a kitla a bolawa. Bofa thapo e khibidu mo fensetereng ya ntlo ya gago mme ba lelapa la gago ba tla bolokwa.’
Rahabe o ne a dirisa thapo eo go ntsha banna bao ka fensetere. Ba ne ba ya kwa thabeng mme ba iphitlha malatsi a le mararo pele ba boela kwa go Joshua. Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba kgabaganya Noka ya Joredane mme ba ipaakanyetsa go gapa motse oo. Jeriko e ne e le motse wa ntlha o ba neng ba o gapa. Jehofa o ne a raya Baiseraele a re ba dikologe motse malatsi a le marataro mme ba dire jalo gangwe ka letsatsi. Mo letsatsing la bosupa, ba ne ba dikologa motse ga supa. Go tswa foo, baperesiti ba ne ba letsa diterompeta tsa bone mme masole a ne a goela kwa godimo thata. Mabota a motse wa Jeriko a ile a wa! Mme ntlo ya ga Rahabe e e neng e ageletswe mo leboteng ga e a ka ya wa. Rahabe le ba lelapa la gagwe ba ne ba sirelediwa ka gonne Rahabe o ne a tshepa Jehofa.
“Ka tsela e e tshwanang, a. . . Rahabe . . . o ne a siame ka ntlha ya ditiro tsa gagwe fa a sena go amogela barongwa a bo a ba tshabisa ka tsela e nngwe?”—Jakobe 2:25
-
-
Joshua le BagibeoneSe o Ka se Ithutang mo Baebeleng
-
-
THUTO 31
Joshua le Bagibeone
Bakanana ba ile ba utlwa ka se se diragetseng kwa Jeriko. Dikgosi tsa Kanana di ile tsa kopana gore di lwantshe Baiseraele. Mme Bagibeone ga ba a ka ba dira jalo. Ba ne ba ya kwa go Joshua ba apere diaparo tse di onetseng mme ba mo raya ba re: ‘Re tswa kgakala. Re utlwile ka ga Jehofa le ka dilo tse a di dirileng kwa Egepeto le kwa Moabe. Re solofetseng gore ga lo kitla lo lwa le rona mme re tla nna batlhanka ba lona.’
Joshua o ne a ba dumela mme a ba solofetsa gore ga a kitla a lwa le bone. Morago ga malatsi a le mararo, Joshua o ne a lemoga gore ba ne ba sa bua boammaaruri. Ba ne ba tswa kwa nageng ya Kanana. Joshua o ne a ba botsa a re: ‘Ke eng fa lo buile maaka?’ Ba ne ba mo raya ba re: ‘Re ne re tshogile! Re a itse gore Jehofa Modimo wa lona o a lo lwela. Tsweetswee lo se ka lwa re bolaya.’ Joshua ga a ka a ba bolaya.
Dikgosi tse tlhano tsa kwa Kanana le masole a tsone a ne a tshosetsa Bagibeone. Joshua le masole a gagwe ba ne ba tsamaya bosigo jotlhe go ya go ba thusa. Ntwa e ne ya simologa mo mosong wa letsatsi le le latelang. Bakanana ba ne ba simolola go sia. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba siela gone, Jehofa o ne a ba nesetsa sefako se segolo. Go tswa foo, Joshua o ne a kopa Jehofa gore a dire gore letsatsi le eme le sa tshikinyege. Goreng a ile a kopa Jehofa gore a dire selo se a iseng a tsamaye a se dire? Ka gonne Joshua o ne a tshepa Jehofa. Jehofa o ne a dira gore letsatsi le eme go fitlha Baiseraele ba fenya dikgosi tsa Kanana le masole a tsone.
“A lefoko la lona la ‘Ee’ le reye ee mme ‘Nnyaa’ wa lona a reye nnyaa, ka gonne yo o sa diragatseng se a se buileng o tswa kwa go Satane.”—Mathaio 5:37
-