PINA 135
Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”
E e Gatisitsweng
	- 1. Lona basha ipediseng - pelo ya me. - Bontshang yo’o nkgobang gore - lo bana ba me. - Gore tota lo ineetse - ka go rata; - Bontshang botlhe gore - ruri lo a nthata. - (KHORASE) - Morwa wa me le Morwadiaka, - Ipediseng pelo ya me. - Lo ntirele ka pelo yotlhe, - Mme lo mpakeng ka go rata. 
- 2. Ipeleleng go ntirela - ka bojotlhe, - Le fa lo ka kgotšwa, - ke tla lo tsholetsa. - Le fa ba lo sotla kgotsa - ba lo kgoba, - Ke tla nna ke lo rata - ka pelo yotlhe. - (KHORASE) - Morwa wa me le Morwadiaka, - Ipediseng pelo ya me. - Lo ntirele ka pelo yotlhe, - Mme lo mpakeng ka go rata. 
(Bona le Dute. 6:5; Mor. 11:9; Isa. 41:13.)