PINA 61
Tswelelang, Lona Basupi!
1. Ba tlhagafetse motlheng wa bofelo,
Batlhanka ba Jah ba rera ka Bogosi.
Satane o ntse a ba lwantsha,
Mme ba lwa le ene ka thuso ya Jah.
(KHORASE)
Basupi lo tsweleleng lo tlhagafetse!
Dirang tiro ya Modimo lo’itumetse!
Rutang botlhe ka Bogosi Jwa Modimo
Le gore bo tla tlisa masego.
2. Batlhanka ba Jah ga ba itshelele;
Ga re’ipedise babusi ba lefatshe.
Re direla Mmopi wa rona.
Re tla nna rei’kanyega mo go ene.
(KHORASE)
Basupi lo tsweleleng lo tlhagafetse!
Dirang tiro ya Modimo lo’itumetse!
Rutang botlhe ka Bogosi Jwa Modimo
Le gore bo tla tlisa masego.
3. Batho ba gana Puso ya Modimo;
Leina la gagwe ba nna ba le senya.
A re le’itshepiseng ka metlha,
Re bueng ka lone ditšhabeng tsotlhe.
(KHORASE)
Basupi lo tsweleleng lo tlhagafetse!
Dirang tiro ya Modimo lo’itumetse!
Rutang botlhe ka Bogosi Jwa Modimo
Le gore bo tla tlisa masego.
(Bona le Ekes. 9:16; Bafil. 1:7; 2 Tim. 2:3, 4; Jak. 1:27.)