LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lff thuto 32
  • Jaanong Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jaanong Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
  • O ITHUTILE ENG?
  • DINTLHA TSE DINGWE
  • Tatelano ya Ditiragalo Tsa Baebele e Bontsha Eng ka Ngwaga wa 1914?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa?—(Karolo 2)
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Bogosi Jwa Modimo—Ke Jwa Maemo a a Kwa Godimo ka Ditsela Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • 1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa Baebele
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
lff thuto 32
Thuto 32. Jesu Keresete ke Kgosi kwa legodimong o tshotse lore lwa segosi mme o busa lefatshe.

THUTO 32

Jaanong Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

Bogosi Jwa Modimo bo simolotse go busa kwa legodimong ka ngwaga wa 1914. Malatsi a bofelo a dipuso tsa batho le one a simologile ka one ngwaga oo. Re itse seo jang? Ela tlhoko se Baebele e neng ya se bolelela pele, ditiragalo tsa lefatshe le tsela e batho ba ntseng ba itshwara ka yone fa e sa le ka 1914.

1. Ke eng se Baebele e neng ya se bolelela pele?

Buka ya Baebele ya Daniele e tlhalosa gore Bogosi Jwa Modimo bo ne bo tla simolola go busa kwa bokhutlong jwa nako e e bidiwang “metlha e le supa.” (Daniele 4:16, 17) Makgolo a dingwaga moragonyana, Jesu o ne a bitsa nako eo a re ke “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba,” mme o ile a tlhalosa gore nako eo e ne e ise e fele. (Luke 21:24) Jaaka re tla bona, metlha eo e supa e ne ya fela ka ngwaga wa 1914.

2. Go diragala eng mo lefatsheng, mme batho ba ntse ba itshwara jang fa e sa le ka 1914?

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa ba re: “Sesupo sa gore o gone le sa gore ke malatsi a bofelo e tla nna eng?” (Mathaio 24:3) Jesu o ne a ba araba ka go bolelela pele gore go ne go tla direga dilo di le dintsi fa a sena go simolola go busa kwa legodimong e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Dilo tseo di akaretsa dintwa, ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe. (Bala Mathaio 24:7.) Gape Baebele e ne ya bolelela pele gore tsela e batho ba neng ba tla itshwara ka yone mo “malatsing a bofelo,” e ne e tla dira gore botshelo ‘bo nne thata.’ (2 Timotheo 3:1-5) Ditiragalo tseno le mekgwa eno ya batho, di ne tsa bonala thata fa e sa le ka 1914.

3. Goreng lefatshe le ile la nna maswe le go feta fa e sa le Bogosi Jwa Modimo bo simolola go busa?

Fela fa Jesu a sena go nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o ne a lwa le Satane le madimona a gagwe kwa legodimong. Satane o ne a fenngwa. Baebele e a re ‘o ne a latlhelwa mo lefatsheng, le baengele ba gagwe ba ne ba latlhelwa mo lefatsheng le ene.’ (Tshenolo 12:9, 10, 12) Satane o galefile thata ka gonne o a itse gore o tloga a fedisiwa. Ka jalo, o dira gore batho mo lefatsheng lotlhe ba utlwe botlhoko e bile ba boge. Ga go gakgamatse go bo maemo a lefatshe a le maswe thata jaana! Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa mathata ano otlhe.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore re itse jang gore Bogosi bo simolotse go busa ka 1914, le gore seo se tshwanetse go re ama jang.

4. Ditiragalo tsa Baebele di bontsha gore Bogosi Jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914

Tshameka BIDIO eno.

BIDIO: Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse go Busa ka 1914 (5:02)

Modimo o ne a dira gore Kgosi Nebukadenesare wa Babelona wa bogologolo a lore toro ya se se neng se tla direga mo nakong e e tlang. Toro eo le tsela e Daniele a ileng a e tlhalosa ka yone, di kwadilwe mo Baebeleng. Go bonala sentle gore toro eo e bua ka puso ya ga Nebukadenesare le ka Bogosi Jwa Modimo.—Bala Daniele 4:17.a

Bala Daniele 4:20-26, lo bo lo dirisa tšhate e e mo tsebeng e e latelang go araba dipotso tseno:

  • (A) Nebukadenesare o ne a bona eng mo torong ya gagwe?—Bona temana 20 le 21.

  • (B) Go ne go tla direga eng ka setlhare seo?—Bona temana 23.

  • (C) Go ne go tla direga eng kwa bokhutlong jwa “metlha e le supa”?—Bona temana 26.

Kafa Toro ya Setlhare e Amanang ka Gone le Bogosi Jwa Modimo

BOPOROFETI (Daniele 4:20-36)

Puso

(A) Setlhare se segolo

Setlhare se segolo thata.

Puso e a kgaosediwa

(B) “Remang setlhare seo,” mme ‘go fete metlha e le supa’

Sesana se bofilwe ka sebofo sa tshipi le sa kopore.

Puso e busa gape

(C) “O tla newa bogosi jwa gago gape”

Setlhare se segolo thata.

Fa boporofeti jono bo diragadiwa la ntlha . . .

  • (D) Setlhare se ne se emela mang?—Bona temana 22.

  • (E) Puso ya gagwe e ne ya kgaosediwa jang?—Bala Daniele 4:29-33.

  • (F) Go ne ga diragala eng ka Nebukadenesare kwa bokhutlong jwa “metlha e le supa”?—Bala Daniele 4:34-36.

FA BO DIRAGADIWA LA NTLHA

Puso

(D) Nebukadenesare, Kgosi ya Babelona

Kgosi Nebukadenesare o eme ka mabela.

Puso e a kgaosediwa

(E) Morago ga 606 B.C.E., Nebukadenesare o latlhegelwa ke tlhaloganyo mme ga a kgone go busa dingwaga di le supa

Nebukadenesare o rapame mme o ja tlhaga jaaka diphologolo.

Puso e busa gape

(F) Nebukadenesare o boelwa ke tlhaloganyo a bo a simolola go busa gape

Kgosi Nebukadenesare o lebile kwa magodimong a tsholeditse matsogo.

Fa boporofeti jono bo diragadiwa la bobedi . . .

  • (G) Setlhare se ne se emela bomang?—Bala 1 Ditiragalo 29:23.

  • (H) Puso ya bone e ne ya kgaosediwa jang? Re itse jang gore ba ne ba sa buse fa Jesu a ne a le mo lefatsheng?—Bala Luke 21:24.

  • (I) Puso eno e ne ya busa gape leng, mme seo se ne sa direga kwa kae?

FA BO DIRAGADIWA LA BOBEDI

Puso

(G) Dikgosi tsa kwa Iseraele tse di emelang puso ya Modimo

Dikgosi tsa Iseraele tse di tlhatlhamanang di ntse mo ditulong tsa segosi, mme di tlhomagane. Marang a lesedi a fologela mo go bone.

Puso e a kgaosediwa

(H) Jerusalema e a senngwa, mme seo se dira gore dikgosi tsa Iseraele di se ka tsa tlhola di busa ka dingwaga di le 2 520

Jerusalema wa bogologolo o fedisiwa ka molelo ka 607 B.C.E. Morago ga moo, go feta dingwaga di le 2 520.

Puso e busa gape

(I) Jesu o simolola go busa kwa legodimong e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo

Jesu o busa lefatshe a le kwa legodimong fa e sa le ka 1914 C.E. Marang a lesedi a phatsima go mo dikologa.

Metlha e le supa ke lobaka lo lo kae?

Dikarolo dingwe tsa Baebele di re thusa go tlhaloganya dikarolo tse dingwe tsa yone. Ka sekai, buka ya Baebele ya Tshenolo e tlhalosa gore metlha e le meraro le halofo e lekana le malatsi a le 1 260. (Tshenolo 12:6, 14) Metlha e le supa ke palo eo gabedi, kgotsa malatsi a le 2 520. Ka dinako tse dingwe, Baebele e dirisa letsatsi go emela ngwaga. (Esekiele 4:6) Ka jalo, metlha e le supa e go buiwang ka yone mo bukeng ya Daniele ke dingwaga di le 2 520.

5. Lefatshe le fetogile fa e sa le ka 1914

Tshameka BIDIO eno.

BIDIO: Lefatshe le Fetogile Fa e Sa le Ka 1914 (1:10)

Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo tse di neng di tla direga mo lefatsheng fa a sena go nna Kgosi. Bala Luke 21:9-11, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke ditiragalo dife tse o di boneng kgotsa tse o utlwileng go buiwa ka tsone?

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa tsela e batho ba neng ba tla itshwara ka yone mo malatsing a bofelo a dipuso tsa batho. Bala 2 Timotheo 3:1-5, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke mekgwa efe e batho ba nang le yone gone jaanong?

Ditshwantsho: Maemo a se se diregang mo lefatsheng mo malatsing a bofelo. 1. Moeteledipele wa masole o goa a tsholeditse diatla. 2. Dikago tse di sentsweng ke thoromo ya lefatshe. 3. Difofane tsa masole. 4. Batho ba rwele di-mask. 5. Kago ya The Twin Towers kwa New York e jewa ke molelo morago ga tlhaselo ya dirukhutlhi. 6. Monna o dirisa diokobatsi. 7. Monna o tsholeditse seatla e bile o omanya mosadi wa gagwe. 8. Diokobatsi tse di farologaneng le bojalwa. 9. Basadi ba babedi ba ba apereng diaparo tsa feshene e bile ba ikgabisitse ka dibenyane, ba itsaya senepe. 10. DJ o tshamekela batho mmino kwa konsarateng. 11. Mongwe mo bathong ba ba tsositseng dikhuduego o konopa sengwe se se tukang.

6. Bogosi Jwa Modimo bo tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?

Bala Mathaio 24:3, 14, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke tiro efe ya botlhokwa e e bontshang gore Bogosi Jwa Modimo bo a busa?

  • O ka dira eng gore o nne le seabe mo tirong eno?

Bogosi Jwa Modimo bo a busa, e bile letsatsi la gore bo tle go busa mo lefatsheng le atametse. Bala Bahebera 10:24, 25, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • “E re ka re bona letsatsi la Modimo le atamela,” re tshwanetse go dira eng?

Ditshwantsho: 1. Motho yo o ithutang Baebele o mo pokanong ya Basupi ba ga Jehofa. 2. Motho yoo yo o ithutang Baebele o rerela mongwe yo a tlwaelaneng le ene.

Fa e le gore o ithutile sengwe se se ka thusang ba bangwe le go ba boloka, o tla tlhotlheletsega go dira eng?

MONGWE A KA BOTSA A RE: “Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba re ngwaga wa 1914 o botlhokwa thata?”

  • O ka mo araba jang?

O ITHUTILE ENG?

Boporofeti jwa Baebele, ditiragalo tsa yone le dilo tse di diregang mo lefatsheng, di bontsha gore Bogosi Jwa Modimo bo a busa. Re bontsha gore re dumela seo ka go rera ka Bogosi joo, le ka go nna gone kwa dipokanong.

Poeletso

  • Go ne ga direga eng kwa bokhutlong jwa metlha e le supa e e neng ya bolelelwa pele mo bukeng ya Baebele ya Daniele?

  • Ke eng se se go tlhatswang pelo gore Bogosi Jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914?

  • O ka bontsha jang gore o dumela gore Bogosi joo bo a busa?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ela tlhoko se baitsehisitori le batho ba bangwe ba se buang ka diphetogo tse di ileng tsa nna gone mo lefatsheng fa e sa le ka 1914.

“Fa Boitsholo bo Senyega ka Tsela e e Gakgamatsang” (Tsogang!, April 2007)

Utlwa gore boporofeti jo bo mo go Mathaio 24:14 bo ne jwa ama botshelo jwa monna mongwe jang.

“Ke ne Ke Rata Beisebolo go Feta Sengwe le Sengwe!” (Tora ya Tebelo No. 3 2017)

Re itse jang gore boporofeti jo bo mo go Daniele kgaolo 4 bo bua ka Bogosi Jwa Modimo?

“Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa? (Karolo 1)” (Tora ya Tebelo, October 1, 2014)

Ke eng se se bontshang gore “metlha e le supa” e go buiwang ka yone mo go Daniele kgaolo 4 e khutlile ka 1914?

“Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa? (Karolo 2)” (Tora ya Tebelo, November 1, 2014)

a Bona ditlhogo tse pedi tsa bofelo tse di tlhagang mo karolong ya Dintlha Tse Dingwe mo thutong eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela