PINA 142
A re Ngangatleleng Tsholofelo ya Rona
E e Gatisitsweng
1. Batho ba ntse ba tsamaya mo lefifing.
Ba ntse ba kgaratlha ba batla thuso.
Gonne batho botlhe ke baleofi
Ba tlhobogane le Modimo.
(KHORASE)
A re bakeng Jah ka boitumelo.
Bogosi jwa gagwe bo atametse.
Bo tla fedisa bosula jotlhe;
A re ngangatleleng tsholofelo’eno.
2. Ruri ‘letsatsi la Modimo le gaufi!’
A re se ka ra le felela pelo!
Jah o tla tloga a golola batho.
A re mmakeng ka boitumelo.
(KHORASE)
A re bakeng Jah ka boitumelo.
Bogosi jwa gagwe bo atametse.
Bo tla fedisa bosula jotlhe;
A re ngangatleleng tsholofelo’eno.
(Bona le Pes. 27:14; Mor. 1:14; Joele 2:1; Hab. 1:2, 3; Bar. 8:22.)