PINA 144
Leba Kwa Mokgeleng!
E e Gatisitsweng
1. Fa bofofu bo fedisiwa
Le bogole bo alafiwa,
Bana le bone ba’itumetse,
Go rena kagiso ’fatsheng,
Fa baswi ba tla bo ba tsoga,
Batho ba sa tlhole ba boga,
(KHORASE)
Mme o tla bona tseno tsotlhe,
Fa o leba kwa mokgeleng.
2. Fa phiri e fula le kwana,
Mme kgomo e fula le bera,
Fa mosimane a di disa,
Mme di reetsa lentswe la ’gwe.
Fa re tshela ka boitumelo,
Go se poifo le botlhoko,
(KHORASE)
Mme o tla bona tseno tsotlhe,
Fa o leba kwa mokgeleng.
(Bona le Isa. 11:6-9; 35:5-7; Joh. 11:24.)