PINA 30
Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me
E e Gatisitsweng
1. Botshelo bo boima.
Bo tletse mahutsana fela.
Mme ka metlha ke tla re,
‘Ke ikanya Mmopi.’
(KHORASE)
Jah ga a tshiamololo,
Ga a lebale ’tiro tsa me.
Ka metlha o na le nna;
Ga a kitla a ntlogela.
Ke motlamedi wa me;
o’a ntshireletsa ’nako tsotlhe.
Jah Modimo, ke Rre wa me,
Tsala ya me.
2. Ke setse ke tsofetse;
Ke aparetswe ke mathata.
Mme tumelo e nthusa
Go nna ke’itshokile.
(KHORASE)
Jah ga a tshiamololo,
Ga a lebale ’tiro tsa me.
Ka metlha o na le nna;
Ga a kitla a ntlogela.
Ke motlamedi wa me;
o’a ntshireletsa ’nako tsotlhe.
Jah Modimo, ke Rre wa me,
Tsala ya me.
(Bona le Pes. 71:17, 18.)