PINA 159
Galaletsa Jehofa
1. Modimo wa me Jehofa,
Wena Mothatayotlhe,
Ke tla nna ke go leboga
Ka ntlha ya lorato lwa ’go.
Mme le fa o le mogolo
Gape o le boitshepo,
O mphile tlotla e kgolo
Ya go nna tsala ya gago.
(KHORASE)
Jah Modimo, ruri o tshwanelwa
Ke go galalediwa.
Wena Mmopi, o Kgosi ya rona.
Botshelo jwa me jotlhe,
Ke tla go galaletsa.
2. Rara, ke tshelela wena.
Ke tla nna ke go baka.
Ke tla itsise ba bangwe
Ka bomolemo jwa gago.
Fa ke go direla Ntate,
Ke tlala boitumelo.
O nna o nkaela ka metlha.
E bile o nkema nôkeng.
(KHORASE)
Jah Modimo, ruri o tshwanelwa
Ke go galalediwa.
Wena Mmopi, o Kgosi ya rona.
Botshelo jwa me jotlhe,
Ke tla go galaletsa.
3. Fa ke leba mo lefatsheng,
Ke leba magodimong,
Ke bona maatla a gago;
Ke bona lorato lwa ’go.
Modimo yo o botlhale,
’Tiro tsa ’go di’a kgatlha.
Ka metlha di ntlhotlheletsa
Gore ke go galaletse.
(KHORASE)
Jah Modimo, ruri o tshwanelwa
Ke go galalediwa.
Wena Mmopi, o Kgosi ya rona.
Botshelo jwa me jotlhe,
Ke tla go galaletsa.
(Bona le Pes. 96:1-10; 148:3, 7.)