PINA 107
Sekao sa Modimo sa Lorato
1. Jehofa Mmopi o re bontsha tsela
Ya ’rato lwa nnete.
O re rutile go bontsha lorato
Ka ditiro le mafoko.
O ntshitse Morwa yo’a mo ratang thata
Go re golola le go re’itshwarela.
Jehofa Mmopi, ruri o lorato!
Tsela ya ’gwe, ke ya lorato.
2. Fa re tsamaya mo tseleng ya ga Jah,
Re tla nna lorato;
Mme re tla thusa bakaulengwe botlhe,
Ba bagolo le ba basha.
Fa re rata Jah Modimo wa rona,
Re tshwanetse go rata le ba bangwe.
Re tla’itshokela makoa a bone,
Re ba rate ka pelo yotlhe.
3. Lorato lono lo a re kopanya
Mme re nna lelapa.
Jehofa Mmopi o a re laletsa
Gore re nne ka kutlwano.
A re’ipeleleng go bontsha lorato.
A re lateleng sekao sa gagwe.
Mme batho botlhe ba tla itse gore
Re batlhanka ba ga Jehofa.
(Bona le Bar. 12:10; Baef. 4:3; 2 Pet. 1:7.)