Kgatelelo Ya go Sa Ikanyege
“Go ikanyega mo kgwebong ke selo sa bogologolo mme batho ba ba lekang go ikanyega ba ka se atlege.”—Stephen, U.S.A.
AO DUMALANA le tsela e e sa siamang e motho yono a lebang dilo ka yone? Boammaaruri ke gore gantsi go sa ikanyege go lere melemo mengwe—bobotlana ka nakwana. Ka ntlha ya seo, batho ba ba lekang go ikanyega ba lebana le kgatelelo e kgolo mo mabakeng a a latelang.
Go Raelesega. Ke mang yo neng a ka se itumelele go nna le madi a a oketsegileng le dilo dingwe tsa manobonobo? Fa motho a nna le tshono ya go nna le madi ka tsela ya go sa ikanyege, go ka nna thata gore a gane.
● “Ke nna ke abelang dikhampani tse dingwe dikonteraka mo khampaning ya rona. Go tlwaelegile gore batho ba bangwe ba ntsholofetse dipipamolomo. Batho ba le bantsi ba raelesega go bona madi mangwe ka tsela e e motlhofo.”—Franz, Botlhabagare.
Kgatelelo ya go Oketsa Dipoelo. Mo dingwageng tsa bosheng, dikgwebo go ralala lefatshe di ile tsa nna le mathata ka ntlha ya maemo a a bokoa a ikonomi. Gape di tshwanetse go lebana le thekenoloji e e nnang e fetoga ka bonako le go oketsega ga kgaisano mo dikgaolong tsa tsone le mo lefatsheng lotlhe. Bathapiwa ba ka nna ba akanya gore go sa ikanyege ke yone fela tsela ya go fitlhelela mekgele e ba e beetsweng ke beng ba dikhampani le bomanejara ba bone.
● “Re ne re akanya gore re tshwanetse go go dira. . . . Go sa nneng jalo, re ne re ka diga khampani.”—Reinhard Siekaczek, yo o neng a tshwarwa ka ntlha ya pipamolomo.—The New York Times.
Kgatelelo go Tswa Mo go Ba Bangwe. Ka dinako tse dingwe badirimmogo kgotsa batho ba o dirang kgwebo le bone ba ka nna ba akantsha kgotsa le e leng go go pateletsa gore o kopanele le bone mo maanong a bone a go sa ikanyege.
● “Manejara wa khampani nngwe e kgolo e re dirisanang le yone o ne a nkatamela mme a re a ka se tlhole a dirisana le rona mo kgwebong fa ke sa mo neye madi mo sephiring.”—Johan, Afrika Borwa.
Setso. Mo ditsong dingwe, go tlwaelegile gore fa go nna le ditirisano tsa kgwebo, go nne le dimpho tse di ntshiwang. Go ikaegile ka bogolo le maemo a mpho e ntshiwang mo go one, go ka nna ga se bonale sentle gore a ditirisano tseo ke tsa boikanyegi kgotsa nnyaa. Mo dinageng di le dintsi, badiredibagolo ba ba tlolang molao ba batla madi pele ga ba dira ditiro tsa bone mme ba amogela madi gore ba direle motho sengwe se se kgethegileng.
● “Gantsi go thata go bona pharologanyo fa gare ga madinyana a tebogo le pipamolomo.”—William, Colombia.
Tikologo. Batho ba ba nnang mo dinageng tse di humanegileng thata kgotsa kwa dinageng tse kwa go tsone go sa tlholeng go latelwa molao ba lebana le kgatelelo e kgolo le go feta. Mo mafelong a a ntseng jalo, batho ba ba sa batleng go tsietsa kgotsa go utswa ba tsewa e le batho ba ba sa kgoneng go tlamela ba malapa a bone.
● “Go sa ikanyege go tsewa e le selo se se tlwaelegileng, se se tlhokegang le se se amogelesegang fa fela o sa tshwarwe.”—Tomasi, Congo Kinshasa.
Kafa Boikanyegi bo Fokotsegang ka Teng
Kgatelelo ya go sa ikanyege e na le tlhotlheletso e kgolo. Patlisiso nngwe ya dimanejara tsa dikgwebo tsa kwa Australia e bega gore batho ba le robongwe mo go ba le lesome ba akanya gore pipamolomo le tlolomolao di “phoso mme o ka se kgone go di tila.” Batho ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bolela gore ba ka itlhokomolosa melao ya bone ya boitsholo e le fela gore ba bone konteraka kgotsa gore dikhampani tsa bone di solegelwe molemo.
Le fa go ntse jalo, batho ba ba dirang ditiro tsa go sa ikanyege gantsi ba ipona e le batho ba ba ikanyegang. Ba amanya jang tsela e ba batlang go lebiwa ka yone le boitshwaro jwa bone? Journal of Marketing Research e bega jaana: “Batho ba dira ditiro tsa go sa ikanyege gore ba bone poelo mme ba dira ditiro dingwe tsa boikanyegi e le fela gore ba lebege e kete ba ikanyega.” Ba dira gore segakolodi sa bone se se ka sa ba tshwenya ka go dira diipato, ka go tlhofofatsa kgotsa go buelela ditiro tsa go sa ikanyege ka ditsela tse di farologaneng.
Ka sekai, go sa ikanyege go ka tlhalosiwa ka mafoko a a dirang gore go utlwale go se phoso mo go kalo. Go bua maaka le go tsietsa e nna “go sa latele melao” kgotsa “go nna le moya wa go gaisana.” Pipamolomo e ka tlhalosiwa e le go direla motho sengwe le fa o sa tlhoke go se dira.
Batho ba bangwe ba mpampetsa boitshwaro jwa bone jo bo belaetsang ka go tlhofofatsa tsela e ba tlhalosang boikanyegi ka yone. Tom, yo o berekang mo kgwebong ya tsa madi, a re: “Tsela e batho ba lebang boikanyegi ka yone e amana thata le kafa ba ka tlolang molao ka teng mme ba sa tshwarwe go na le gore go amane le se tota e leng boammaaruri.” David, yo e kileng ya bo e le motsamaisimogolo wa kgwebo nngwe, a re: “Le fa batho ba gakgamalela ditiro tsa go sa ikanyege fa di senolwa, ba di leba di amogelesega fa fela motho a sa tshwarwe. Batho ba ba sa tshwarweng ba tsewa ba le botlhale ka ntlha ya ‘matlhajana’ a bone.”
Tota e bile, ba le bantsi ba bolela gore go sa ikanyege go a tlhokega gore o atlege. Monna mongwe yo o sa bolong go nna le kgwebo a re: “Gantsi moya wa kgaisano o dira gore batho ba re, ‘O tshwanetse go dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang gore o bone tiro eo.’” A mme seo se boammaaruri? Kgotsa a batho ba ba lekang go buelela go sa ikanyege tota ba “itsietsa ka tsela e e phoso ya go akanya”? (Jakobe 1:22) Ela tlhoko melemo e e mosola ya go ikanyega e go buiwang ka yone mo setlhogong se se latelang.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
“Tsela e batho ba lebang boikanyegi ka yone e amana thata le kafa ba ka tlolang molao ka teng mme ba sa tshwarwe go na le gore go amane le se tota e leng boammaaruri”
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Batho ba le bantsi ba bolela gore go sa ikanyege go a tlhokega gore o atlege