Ga go Thari go Nna Tsala ya Modimo
Jaaka go boletse Olavi J. Mattila
“A o kile wa ipotsa gore a o ka kgona go bona kitso ya boammaaruri ka Mmopi?” Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ile a mpotsa potso eo mme e ne ya dira gore ke akanye ka gone. Ka nako eo, ke ne ke na le dingwaga tse di fetang 80 mme ke ne ke setse ke itse batho ba le bantsi ba maemo a a kwa godimo, tota le e leng baeteledipele ba dipolotiki. Le fa go ntse jalo, a tota ke ne ke ka kgona go itse Modimo le go nna tsala ya gagwe ka nako eo mo botshelong jwa me?
KE TSHOTSWE ka October 1918 kwa Hyvinkää, kwa Finland. Fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ka simolola go dira ditiro tse di farologaneng mo polaseng. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba ruile dikgomo, dipitse, dikoko le diganse. Ke ne ka ithuta go bereka ka natla le go ipela ka tiro ya me.
Fa ke ntse ke gola, batsadi ba me ba ne ba nkgothaletsa go gagamalela thuto. Ka jalo, fa ke ne ke setse ke godile, ke ne ka tswa kwa gae ka ya kholetšheng. Gape ke ne ka nna le seabe mo metshamekong ya diatleletiki ka ba ka tlwaelana le modulasetulo wa Finnish Athletic Association, e bong Urho Kekkonen. Ke ne ke sa itse gore Rre Kekkonen e ne e tla nna tonakgolo ya kwa Finland mme moragonyana a nna poresidente ya naga, e leng setulo se a neng a nna mo go sone ka dingwaga di ka nna 30. Mo godimo ga moo, ke ne ke sa akanye gore o ne a tla nna le tlhotlheletso e kgolo mo botshelong jwa me.
Botshelo Jwa Maemo le go Nna le Maatla
Ka 1939, go ne ga nna le dikgogakgogano fa gare ga Finland le Soviet Union. Ka November wa one ngwaga oo, ke ne ka kwadisiwa mo sesoleng. Sa ntlha ke ne ke le mothapisi wa masole a a neng a sa ye ntweng mme moragonyana ka nna molaodi wa masole a a dirisang ditlhobolo tsa motšhini. Lefelo le go neng go lwelwa kwa go lone e ne e le Karelia, kgaolo nngwe e e mo molelwaneng o o fa gare ga Finland le Soviet Union. Ka paka ya selemo sa 1941, fa re ne re ntse re lwa gaufi le toropo ya Vyborg, ke ne ka gobala thata ka ntlha ya bomo e e neng ya thunya mme ka isiwa kwa kokelong ya sesole. Dikgobalo tsa me di ne tsa dira gore ke se ka ka tlhola ke kgona go lwa.
Ka September 1944, ke ne ka gololwa mo sesoleng mme ka boela kwa kholetšheng. Gape ke ne ka tswelela ka metshameko ya me ya diatleletiki. Ke ne ka nna mmampodi wa naga ka makgetlho a le mararo, ka makgetlho a le mabedi ke le motabogi wa relay mme ka lekgetlho le le lengwe ke le motabogi yo o tlolang ditshipi. Gape ke ne ka bona didikirii tsa yunibesithi tsa thekenoloji le thutaikonomi.
Ka nako eo, Urho Kekkonen e ne e setse e le motho yo o nang le maatla mo dipolotiking. Ka 1952, ka nako ya fa e ne e nna tonakgolo, o ne a nkopa gore ke nne moemedi wa puso kwa China. Fa ke ntse ke le koo, ke ne ka kopana le badiredibagolo ba le mmalwa ba puso, go akaretsa le Mao Tse-tung, yo ka nako eo e neng e le moeteledipele wa China. Le fa go ntse jalo, motho yo o botlhokwa thata yo ke neng ka kopana le ene kwa China e ne e le mosadi mongwe yo montle e bong, Annikki, yo o neng a bereka kwa Ministry of Foreign Affairs ya kwa Finland. O ne a nna mosadi wa me ka November 1956.
Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka fudusediwa kwa ntlong ya kemedi ya Finland kwa Argentina. Fa re ntse re nna kwa nageng eo, re ne ra nna le bana ba rona ba ntlha, basimane ba le babedi. Ka January 1960, re ne ra boela kwa Finland. Ka bonako morago ga foo, re ne ra nna le ngwana wa rona wa boraro, mosetsana.
Mo Maemong a a Kwa Godimo Thata a Puso
Le fa ke ne ke ise ke ko ke nne leloko la setlhopha sa dipolotiki, ka November 1963, Poresidente Kekkonen o ne a nkopa gore ke nne tona ya gagwe ya dikgwebo kwa dinageng di sele. Mo dingwageng di le 12 tse di latelang, ke ne ka direla mo dikabineteng di le thataro, ke le moemedi wa dikgang tsa dinaga di sele ka makgetlho a le mabedi. Ka nako eo ke ne ke dumela thata gore mathata a lefatshe a tla rarabololwa ka botlhale jwa batho. Mme go ise go ye kae, ke ne ka bona sentle kafa batho ba gagamalelang go nna le maatla ka teng. Ke ne ka iponela ka matlho ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go sa ikanye batho ba bangwe le tsa bopelotshetlha.—Moreri 8:9.
Mme gone ke ne ka bona gape le gore go na le batho ba le bantsi ba ba lekang ka peloyotlhe go tokafatsa dilo. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong, tota le baeteledipele ba ba nang le maitlhomo a a siameng ba palelwa ke go fitlhelela mekgele ya bone.
Ka paka ya selemo sa 1975, baeteledipele ba puso ba le 35 ba ne ba tla mo Helsinki go nna teng mo Khonferenseng ya Pabalesego le Tirisanommogo kwa Yuropa. Ka nako eo, ke ne ke le moemedi wa dikgang tsa dinaga di sele e bile ke le mogakolodi yo mogolo wa ga Poresidente Kekkonen. Ke ne ka newa boikarabelo jwa go rulaganya khonferense eo mme ka kopana le baeteledipele botlhe ba dinaga ba ba neng ba tlile.
Mo malatsing a le mmalwa ao, bokgoni jwa me jwa go nna moemedi bo ne jwa lekiwa thata. Go dira fela gore maloko a khonferense a dumalane ka tsela e go tla nniwang ka yone e ne e le kgwetlho! Le fa go ntse jalo, ke ne ka akanya gore khonferense eo, mmogo le dikokoano tse dingwe tse di neng di tla latela, di ne tsa nna le seabe mo go tokafatseng ditshwanelo tsa batho le go dira gore mebuso e megolo e utlwane botoka.
Go Tshwenyega Ka se Ke se Tlhokang Semoyeng
Ka 1983, ke ne ka tlogela tiro mme ka fudugela kwa Fora, kwa morwadiake a neng a nna gone. Morago ga foo, ke ne ka welwa ke masetlapelo. Ka November 1994, go ne ga lemogiwa gore Annikki o na le kankere ya mabele. Mo go one ngwaga oo, ke ne ka amega mo thulaganyong ya go boloka madi e e neng e le ya tsietso. Ke ne ke dirile ka natla botshelo jwa me jotlhe gore ke itirele leina le lentle. Mme phoso eno e le nngwe e ile ya ntshenya leina.
Ke ne ke a tle ke kopane le Basupi ba ga Jehofa. Le fa ke ne ke itumelela maeto a bone e bile ke amogela dimakasine tsa bone, ke ne ke tshwaregile thata mme ke se na nako ya dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, ka ngwaga wa 2000, ke ne ke tlhokomela Annikki, yo o neng a sa ntse a lwantshana le kankere. Ka letsatsi lengwe ka September 2002, ke ne ka etelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a mpotsa potso e e umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘A tota go a kgonega gore ke ithute boammaaruri ka Modimo? A go a kgonega go nna tsala ya gagwe?’ Ke ne ka batla Baebele ya me, e ke neng ke na le lobaka lo loleele ke sa e bale mme ka simolola go nna le metlotlo ya Dikwalo le Basupi ka metlha.
Ka June 2004, mosadi wa me yo o rategang o ne a tlhokafala mme ke ne ka sala ke le nosi. Mme gone bana ba me ba ne ba nkgomotsa thata. Mme ke ne ke sa ntse ke na le dipotso malebana le gore go direga eng ka rona fa re swa. Ke ne ka botsa baruti ba le babedi ba kereke ya Lutheran ka gone. Ba ne ba nkaraba fela ka gore, “Dipotso tseno di boima tota.” Ke ne ke sa kgotsofadiwe ke karabo ya bone. Ke ne ka lemoga le go feta gore go na le se ke se tlhokang semoyeng.
Fa ke ntse ke tswelela go ithuta Baebele le Basupi, kitso ya boammaaruri e ke neng ke eletsa go nna le yone e ne ya gola. Ka sekai, Baebele e tlhalosa gore loso ke seemo se mo go sone motho a sa utlweng sepe, fela jaaka go ntse fa motho a robetse le gore baswi ba na le tsholofelo ya go tshela gape mo lefatsheng e le batho. (Johane 11:25) Seno se ne sa dira gore ke nne le tsholofelo e bile se ne sa nkgomotsa fela thata.
Go ise go ye kae, ke ne ka ipalela Baebele yotlhe. Temana nngwe e e ileng ya nkgatlha e ne e le Mika 6:8, e e reng: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?” Ke ne ka kgatlhiwa ke botlhale le go sa raraana ga kgopolo eo. Gape e ne ya senola kafa Jehofa Modimo a leng lorato e bile a le tshiamiso ka teng.
Tsholofelo ya Isagwe
Fa ke ntse ke ithuta boammaaruri ka Modimo, tumelo ya me le tsela e ke mo ikanyang ka yone e ne ya oketsega. Ke ne ka simolola go nna le botsalano jwa mmatota le Mmopi wa me! Ke ne ka kgatlhiwa ke mafoko a gagwe a a mo go Isaia 55:11 a a reng: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.” Ee, go fitlha jaanong Modimo o diragaditse ditsholofetso tsa gagwe mme o tla dira jalo le mo isagweng. O tla diragatsa mekgele e mebuso ya batho le dikhonferense tse dintsi tsa bone tsa dipolotiki di paletsweng ke go e fitlhelela. Ka sekai, Pesalema 46:9 ya re: “O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.”
Go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa go ntsholegetse molemo thata. Mo go tsone ke iponetse lorato lwa mmatota lwa Bokeresete lo lo tlhaolang balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri. (Johane 13:35) Lorato lono lo gaisa bošetshaba e bile ga lo yo mo dipolotiking le mo dikgwebong tsa lefatshe leno.
Tshiamelo e e Botlhokwa go di Gaisa
Gone jaanong ke na le dingwaga tse di fetang 90 mme ke tsaya go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e le tshiamelo e kgolo go gaisa e nkileng ka nna le yone. Keletso ya me ya dilo tsa semoya e kgotsofaditswe. Ke nnile le tshiamelo ya go ithuta ka boikaelelo jwa botshelo le boammaaruri ka ga Modimo.
Mme gape ke itumelela gore le mo dingwageng tse ke leng mo go tsone gone jaanong, ke kgona go nna le seabe se segolo mo ditirong tsa Bokeresete. Le fa ke ile ka kopana le banna ba le bantsi ba ba nang le taolo e bile ke ile ka nna le maikarabelo a magolo mo botshelong jwa me, ga go na sepe se nka se bapisang le tshiamelo ya go itse Mmopi e bong Jehofa Modimo le go nna tsala ya gagwe. Ke mo leboga thata mme ke batla go mmaka ka ntlha ya tshono eno ya go nna mongwe wa “badirimmogo” le ene. (1 Bakorintha 3:9) Ga go thari go nna tsala ya Mmopi e bong, Jehofa Modimo!
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ke na le Poresidente Kekkonen le Poresidente ya United States e bong Ford ka khonferense ya 1975 kwa Helsinki
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ke na le Poresidente Kekkonen le moeteledipele wa Soviet e bong Brezhnev
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke na le seabe ka metlha mo ditirong tsa Bokeresete
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Lower left: Ensio Ilmonen/Lehtikuva; lower right: Esa Pyysalo/Lehtikuva