Baebele ya Reng . . .
A Bosodoma bo ka Tsamaya bo Amogelesega?
BOSODOMA bo tswelela bo amogelwa mo dinageng di le dintsi. Setlhopha sengwe kwa kerekeng nngwe ya kwa United States se kopa gore go tlhalosiwe bosha se Baebele e se bolelang ka bosodoma go dirisiwa “kgopolo ya botlhale jwa segompieno.” Moruti mongwe kwa Brazil yo o sa tswang go tsena mo lenyalong le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe le ene o ne a rotloetsa “gore Baebele e sekasekiwe sesha,” gore boikutlo jwa kereke ya gagwe jwa go nna le kgopolo ya botlhale jwa segompieno bo amogelwe.
Kafa letlhakoreng le lengwe, gantsi batho ba ba sa amogeleng ditiro tsa bosodoma ba tlhalosiwa e le batho ba ba sa rateng basodoma kgotsa batho ba ba nang le tlhaolele. Tota Baebele ya reng ka bosodoma?
Baebele ya Reng?
Baebele ga e rotloetse tlhaolele kgatlhanong le batho. Le fa go ntse jalo, e tlhalosa ditiro tsa bosodoma ka tsela e e utlwalang sentle.
“O se ka wa lala le monna ka tsela e e tshwanang le e o lalang le mosadi ka yone. Ke selo se se makgapha.”—Lefitiko 18:22.
Jaaka karolo ya Molao wa ga Moshe, thibelo eno e ne e le nngwe ya melao e mentsi ya boitsholo e e neng e neetswe setšhaba sa Baiseraele ka mo go kgethegileng. Le fa go ntse jalo, taelo eo e tlhalosa boikutlo jwa Modimo ka ditiro tsa bosodoma, e ka tswa e le Bajuda kgotsa batho ba e seng Bajuda, fa e re: “Ke selo se se makgapha.” Ditšhaba tse di neng di dikologile Iseraele di ne di dira bosodoma, di tlhakanela dikobo le ba losika, di dira boaka le ditiro tse dingwe tse di neng di ileditswe ke Molao. Ka jalo, Modimo o ne a tsaya ditšhaba tseo di itshekologile. (Lefitiko 18:24, 25) A se Baebele e se bolelang se ile sa fetoga ka nako ya motlha wa Bokeresete? Ela tlhoko temana e e latelang:
“Modimo [o ne] a ba leseletsa gore ba fisegele tlhakanelodikobo e e tlhabisang ditlhong, gonne basadi ba bone ba ne ba fetola go dirisiwa ga bone ga tlholego ba go dira mo go fapaaneng le tlholego; mme ka tsela e e tshwanang le banna ba ne ba tlogela go dirisa mosadi ka tlholego mme ba gotela mo go maswe mo keletsanong ya bone e e fekeetsang, banna le banna, ba dira se se ferosang sebete.”—Baroma 1:26, 27.
Ke eng fa Baebele e tlhalosa ditiro tsa bosodoma e le tse e seng tsa tlholego le tse di ferosang sebete? Ka gonne di akaretsa ditiro tsa tlhakanelodikobo tse Mmopi wa rona a neng a sa ikaelela gore di dirwe. Batho ba ba dirang bosodoma ga ba kgone go nna le bana. Baebele e bapisa ditiro tsa bosodoma le go tlhakanela dikobo ga baengele ba batsuolodi, ba ba neng ba tlhakanela dikobo le basadi pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, ba kwa bofelong ba ileng ba itsege e le madimona. (Genesise 6:4; 19:4, 5; Jude 6, 7) Modimo o tsaya ditiro tseno ka bobedi e le tse e seng tsa tlholego.
A go Na le Dilo Tse di Dirang Gore Bosodoma bo Amogelesege?
Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore, ‘A dijini, tikologo kgotsa sengwe se se utlwisang botlhoko se se diragaletseng motho, se se jaaka go sotliwa ka tlhakanelodikobo, di dira gore go siame gore motho a ineele mo dikeletsong tsa bosodoma?’ Nnyaa, di ka se dire jalo. Akanya ka sekai seno: Motho a ka tswa a na le se baitsesaense bangwe ba reng ke mekgwa e a e gotsitseng ya go sa dirise bojalwa sentle kgotsa a ka tswa a godisitswe mo lelapeng le mo go lone go neng go tlwaelegile go dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang. Ga go na pelaelo gore, batho ba le bantsi ba ne ba tla utlwela motho yo o mo maemong a a ntseng jalo botlhoko. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ba ka se ka ba mo kgothaletsa gore a tswelele a dirise bojalwa ka tsela e e sa siamang kgotsa gore a itlhoboge mo go lwantsheng bothata jwa go dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang, e le fela ka bo go a ka tswa a tshotswe a na le tshekamelo e e ntseng jalo kgotsa a godisitswe mo tikologong e e ntseng jalo.
Ka tsela e e tshwanang, le fa Baebele e sa kgale batho ba ba lwantshang mekgwa ya bosodoma, ga e mpampetse go ineela mo mekgweng eo, e ka tswa go bakiwa ke dijini kgotsa ke dilo tse dingwe. (Baroma 7:21-25; 1 Bakorintha 9:27) Go na le moo, Baebele e neela thuso e e mosola le kgothatso e e ka thusang batho gore ba fenye ntwa ya bone kgatlhanong le ditiro tsa bosodoma.
Thato ya Modimo ke Eng ka Batho ba ba Nang le Dikeletso Tsa Bosodoma?
Baebele e re tlhomamisetsa gore thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Le fa Baebele e sa amogele ditiro tsa bosodoma, ga e kgothaletse batho gore ba tlhoe basodoma.
Tsela e Modimo a lebang bosodoma ka yone e ka se ka ya tseelwa kwa tlase. Mo go 1 Bakorintha 6:9, 10, Baebele e bolela ka tsela e e utlwalang sentle gore “banna ba ba robalang le banna” ba akarediwa gare ga batho ba ba ‘se kitlang ba rua bogosi jwa Modimo.’ Mme temana ya 11 e oketsa ka kgopolo eno e e gomotsang: “Mme le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo. Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa, lo itshepisitswe, lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo wa rona.”
Ga go na pelaelo gore batho ba ba neng ba eletsa go tswa pelong go obamela Modimo ka tsela e ene a batlang ka yone ba ne ba amogelwa ka lorato mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete. Go ntse jalo le gompieno ka batho botlhe ba ba dipelo di phepa ba ba batlang go amogelwa ke Modimo—e seng ka go tlhalosa Baebele sesha—mme ka go dira gore matshelo a bone a tsamaisane le yone.
A O KILE WA IPOTSA GORE . . .
● Baebele ya reng ka ditiro tsa bosodoma?—Baroma 1:26, 27.
● A Baebele e kgatlhanong le batho ba ba nang le dikeletso tsa bosodoma?—1 Timotheo 2:4.
● A go a kgonega gore motho a tlogele ditiro tsa bosodoma?—1 Bakorintha 6:9-11.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
A tsela e Modimo a lebang bosodoma ka yone e tshwanetse go tlhalosiwa sesha?