LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/12 ts. 14-15
  • Alpenhorn—Mmino o o Tswang mo Setlhareng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Alpenhorn—Mmino o o Tswang mo Setlhareng
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira Alpenhorn
  • Ditsela Tse e Neng e Dirisiwa ka Yone
  • O e Letsa Jang?
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Loeto lo lo Neng Lwa re Bontsha Gore Batho Ba ne Ba Tshela Jang Bogologolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Bona Leina mo Mokgatšheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Motshamekapiano wa Mmino wa Tlelasiki o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 1/12 ts. 14-15

Alpenhorn—Mmino o o Tswang mo Setlhareng

GO RALALA makgolokgolo a dingwaga, baagi bangwe ba ba nnang kwa Dithabeng Tsa Switzerland ba ne ba dirisa sedirisiwa se se tlhomologileng go buisana—alpenhorn. E ka lebega e se tsela e e motlhofo ya go buisana—di-alpenhorn dingwe di feta banna ba ba di tshamekang gabedi ka boleele. Le fa go ntse jalo, alpenhorn e ka kgona go tsholwa ka seatla. Mefuta mengwe ya yone e kgona le e leng go kgaoganngwa ka dikarolwana tse di kgonang go tsena mo lekaseng le le tshwanelang. Modumo wa alpenhorn o kgona go utlwala sentle bokgakala jwa dikilometara tse di ka nnang lesome go ralala mekgatšha ya dithaba tse di kwa godimo!

Go Dira Alpenhorn

E re ka gantsi alpenhorn e dirwa ka ditlhare tsa spruce tse di kwa dithabeng, go a tshwanela go bo e fitlhelwa kwa Dithabeng tse dintle tsa Switzerland. Maemo a bosa le go bo ditlhare tseno di gola mo matlhakoreng a dithaba tse di kwa godimo go dira gore ditlhare di obege kwa tlase.

Fa motho yo o dirang alpenhorn a sena go tlhopha setlhare, o se kgaoganya ka kelotlhoko ka dikarolo di le pedi mme a bo a epa dikarolo tse pedi tseno ka fa gare ka petlwana e e kgethegileng. Go dira tiro eno fela go ka tsaya diura tse di ka nnang 80! Morago ga foo, mmetli o gotlha bokafateng jwa setlhare gore bo nne borethe. Go tswa foo, o kgomaretsa dikarolo tse pedi tseno mmogo a bo a di bofa thata ka dikala tse ditshesane tsa setlhare sa birch. Gape o tsenya leotwana la logong, le alpenhorn e nnang mo godimo ga lone fa e ntse e lediwa. Kwa bofelong, fa a sena go tsenya molomo o o tshwanelang mo sedirisiweng seno le go kgabisa karolo e e kwa tlase e e bulegileng ka pente kgotsa ka setshwantsho se se gabilweng ka seatla, mmetli o tshasa alpenhorn ka varnish e e thibelang metsi.

Ditsela Tse e Neng e Dirisiwa ka Yone

Badisa ga ba bolo go letsa alpenhorn ba le kwa godimo kwa dithabeng go neela ba malapa a bone ba ba kwa tlase molaetsa wa go ba gomotsa gore “sengwe le sengwe se apere tshiamo.” Le fa go ntse jalo, ba ne ba e dirisetsa thata go bitsa dikgomo tsa bone gore di tle go gamiwa. Banna ba kwa Switzerland ba ba nang le dikgomo tsa mashi ga ba bolo go dumela gore molodi o o monate wa alpenhorn o dira gore dikgomo di ritibale fa di gamiwa.

Ka mariga, fa dikgomo di boetse mo masakeng a tsone mo mokgatšheng, badisa ba le bantsi ba ne ba ya ka di-alpenhorn tsa bone kwa toropong mme ba bo ba di letsa gore ba fiwe madi, a a neng a oketsa lotseno lwa bone. Mo nakong e e fetileng, alpenhorn e ile ya bo ya dirisiwa go bitsa banna go ya ntweng.

O e Letsa Jang?

Fa o leba alpenhorn lekgetlho la ntlha, go ka lebega go le motlhofo go e letsa. Tota e bile, ga e na diphatlha, dikonopo kgotsa dibelefo tse o tshwanetseng go di laola. Kgwetlho ke go laola tsela e moya o fetang mo phaepeng ka teng gore go tswe molodi o o o batlang.

Di-alpenhorn di ntsha melodi e le 12 fela ya tlholego. Le fa gone melodi yotlhe e ka se lediwe mo seletsweng seno, e kwalelwa melodi mengwe e e kgethegileng mme motho yo o kgonang go e letsa a ka letsa melodi e e monate e e farologaneng.

Bakwadi ba mmino ba ba tumileng ba ile ba dirisa modumo wa alpenhorn mo mminong wa bone wa okhestra o ba o kwadileng. Ka sekai, Leopold Mozart, rraagwe Wolfgang Amadeus Mozart, o ne a kwala “Sinfonia Pastorella” ya gagwe a e kwalela okhestra le corno pastoritio—mofuta wa alpenhorn. Brahms o ne a etsa molodi wa alpenhorn ya kwa Switzerland a dirisa difolutu le dinaka mme Beethoven, mo simfoneng ya gagwe ya Pastoral, o ne a etsa molodi wa alpenhorn go dira gore batho ba akanye ka botshelo jwa bodisa.

Alpenhorn e ne ya umakiwa lekgetlho la ntlha ka leina kwa Switzerland ka ngwaga wa 1527, mo bukeng ya dipego e e neng e le ya ntlo ya baitlami ya St. Urban. Gone jaanong, mo e ka nnang dingwaga di le 500 moragonyana, molodi o o monate wa alpenhorn o sa ntse o ka kgona go utlwiwa o tswa kwa Dithabeng tse dintle tsa Switzerland.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

“Alpenhorn” e ka kgaoganngwa e bo e tsholwa ka seatla

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela