LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 1 ts. 12-13
  • Go Etela Liechtenstein

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela Liechtenstein
  • Tsogang!—2016
Tsogang!—2016
g16 no. 1 ts. 12-13
Borogo jo bo khurumeditsweng jo bo kgabaganyang noka kwa Liechtenstein

BATHO LE DINAGA

Go Etela Liechtenstein

Mmapa o o bontshang Liechtenstein mo melelwaneng ya Switzerland le Austria

KE NNGWE ya dinaga tse dinnye go gaisa mo lefatsheng, e e fa gare ga dithaba tse di kwa godimodimo tsa Switzerland le Austria. Mo dingwageng di le makgolo tse di fetileng, Ba-Celt, Ba-Rhaetian, Baroma le Ba-Alemanni ba ne ba nna mo kgaolong eno. Gompieno batho ba le babedi mo go ba le bararo ba ba nnang kwa Liechtenstein ke ditlogolwana tsa lotso lwa Alemanni, lo lo neng lwa nna mo kgaolong eno dingwaga di ka nna 1 500 tse di fetileng.

Le fa go na le dipuo tse di farologaneng mo metseng ya koo, Sejeremane ke puo e e buiwang thata kwa Liechtenstein. Mefuta e mebedi ya dijo tse di tlwaelegileng thata kwa Liechtenstein ke Tüarka-Rebel, e e dirilweng ka mmidi le Käsknöpfle, e leng pasta e e tlhakantsweng le tšhisi.

Mefuta e mebedi ya dijo tse di tlwaelegileng thata kwa Liechtenstein

Käsknöpfle

Mosadi le mosetsana kwa Liechtenstein ba apere diaparo tse di mebala tsa setso

Diaparo tse di mebala tsa setso

Fa baeti ba tsamaya mo nageng eo, ba kgona go bona dithaba tse di khurumeditsweng ke kapoko, dipoa tse ditala, masimo a mofine le mefuta e mentsi ya dimela. Ka sekai, go na le mefuta e le 50 ya dithunya mo nageng eno e nnye ya dithaba tse dintle. Gape Liechtenstein e na le dimusiamo, mafelo a bobogelo le mafelo a go dirwang beine kwa go one. Ka jalo, bajanala ba etela lefelo leno ka selemo le ka mariga.

Basupi ba ga Jehofa ba simolotse go nna gone mo Liechtenstein ka dingwaga tsa bo1920. Gompieno mo nageng eno go na le Basupi ba le 90 ba ba rutang baagi ba mono le baeti molaetsa wa Baebele.

Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa ka Sejeremane—puo ya semolao ya kwa Liechtenstein—e bile e gone mo website ya www.pr2711.com.

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • Palo ya Batho: 37 000

  • Motsemogolo: Vaduz

  • Puo: Sejeremane

  • Bodumedi: Bontsi bo tsena Kereke ya Katoliki

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Ke sefe sa dilo tseno se se boammaaruri ka Liechtenstein?

  1. Ke nngwe ya dinaga tse pedi mo lefatsheng tse di fa gare ga dinaga tse dingwe.

  2. E na le mefuta e e fetang 50 ya diphologolo.

  3. E na le mefuta e ka nna 1 600 ya dimela.

  4. Ke naga e e se nang masole.

Karabo: Dintlha tseno tsotlhe tse nnè di boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela