LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 2 ts. 16
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re tshela “mo metlheng ya bofelo”?
  • Batho ba tla nna le bokamoso jo bo ntseng jang?
  • A Lefatshe le ya Bokhutlong?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Sesupo sa ‘Malatsi a Bofelo’ Kgotsa sa “Bokhutlo” ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Boikaelelo jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 2 ts. 16
Bagolo le bana ba tshela monate mo Paradaiseng

Ba ba falolang metlha ya bofelo ba tla tshela mo lefatsheng la paradaise

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A re tshela “mo metlheng ya bofelo”?

O ne o ka reng?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

Se Baebele e se buang

“Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata.” (2 Timotheo 3:1) Boporofeti jwa Baebele le dilo tse di diregang gompieno di bontsha gore re tshela “mo metlheng ya bofelo.”

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dintwa, tlala, dithoromo tsa lefatshe le malwetse a mantsi a a kotsi.—Mathaio 24:3, 7; Luke 21:11.

  • Mo metlheng ya bofelo, batho ga ba kitla ba itshwara sentle e bile ba tla tlogela go direla Modimo.—2 Timotheo 3:2-5.

Batho ba tla nna le bokamoso jo bo ntseng jang?

Batho bangwe ba dumela gore . . . kwa bokhutlong jwa metlha ya bofelo, lefatshe le tla fedisiwa le batho botlhe ba ba mo go lone, mme ba bangwe ba dumela gore maemo a tla tokafala. Wena o akanya eng?

Se Baebele e se buang

“Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Kwa bokhutlong jwa metlha ya bofelo, dilo tsotlhe tse di sa siamang di tla fedisiwa.—1 Johane 2:17.

  • Lefatshe le tla fetolwa paradaise.—Isaia 35:1, 6.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ‘metlha ya bofelo,’ bona kgaolo 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.pr2711.com/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela