LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w23 December ts. 32
  • Maitemogelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maitemogelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhomogela ba Bangwe Pelo
  • Etsa Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • ‘Modimo wa Rona o Pelotlhomogi Thata’
    Atamalana le Jehofa
  • Lo Nne Pelotlhomogi le Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
w23 December ts. 32

Maitemogelo

Tlhomogela ba Bangwe Pelo

Kgaitsadi mongwe wa kwa New Zealand o ile a lebelela bidio e e neng e tlhalosa gore Jehofa o tlhomogela batho pelo a bo a ba thusa. (Isa. 63:7-9) O ile a ipolelela gore o tlile go dirisa se a se ithutileng. Mo go lone letsatsi leo, fa a ya dishopong, o ile a kopana le mosadi mongwe yo o nnang mo seterateng a bo a kopa go mo rekela dijo. Mosadi yoo o ile a dumela. Fa kgaitsadi a sena go mo naya dijo, o ile a mmolelela ka Jehofa a bo a mo naya pampitshana ya setlhogo se se reng, A Pogo e Tla Fela?

Mosadi yoo o ile a thubega ka selelo a bo a bolelela kgaitsadi gore o godisitswe ke Basupi, le fa go ntse jalo o ile a tlogela boammaaruri dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Gape o ile a mo tlhalosetsa gore o ne a ntse a rapela Jehofa, a mo kopa gore a mo thuse go boela kwa go ene. Kgaitsadi o ile a mo naya Baebele a bo a dira dithulaganyo tsa gore a ithute le ene.a

Re ka etsa Jehofa ka go tlhomogela batho ba bangwe pelo, go akaretsa ba masika le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. Gape re ka bontsha gore re tlhomogela ba bangwe pelo ka go ba bolelela ka Jehofa.

a Fa o batla go itse gore o ka thusa jang batho ba ba sa tlholeng ba direla Jehofa, bala setlhogo se se reng, “Boelang mo go Nna” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 2020.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela