Jobe
30 “Jaanong banna ba babotlana mo go nna
Ba a ntshega,+
Ba borraabone nka bong ke ile ka se ka ka ba letla
Gore ba thuse dintša go disa letsomane la me.
2 Maatla a bone a ne a ntsholegela molemo ka eng?
Matlhagatlhaga a bone a nyeletse.
3 Ba onetse ka ntlha ya go tlhoka le tlala;
Ba kokona lefatshe le le omeletseng
Le le neng le setse le sentswe e bile le kgakgabaditswe.
4 Ba phutha setlhatshana sa letswai mo ditlhatshaneng;
Dijo tsa bone ke modi wa ditlhare tsa monnamotswe.
5 Ba lelekiwa mo setšhabeng;+
Batho ba ba goa jaaka fa ba ka goa legodu.
6 Ba nna mo mekgokoloseng ya mekgatšha,*
Mo mesimeng e e mo mmung le mo mafikeng.
7 Ba goa ba le mo ditlhatshaneng
Mme ba kgotlhagana fa gare ga dibabetsane.
8 Fela jaaka barwa ba batho ba ba se nang tlhaloganyo le ba ba se nang leina,
Ba lelekilwe* mo lefatsheng.
9 Mme jaanong ba a ntshotla, tota le mo dipineng tsa bone;+
11 E re ka Modimo a nkamogile dibetsa* e bile a nkokobeditse,
Ga ba itshware sentle fa ba le fa pele ga me.
12 Ba ntlhasela ka fa mojeng ba le segongwana;
Ba dira gore ke tshabe
E bile ba nthibela tsela gore ba ntlisetse masetlapelo.
13 Ba tlhatlhamolola ditsela tsa me
E bile ba oketsa masetlapelo a me,+
Go se na ope yo o ba thibang.*
14 Ba tla jaaka e kete ba tsena mo phatlheng e e atlhameng e e mo loboteng;
Ba ologela mo lefelong le le fetogileng marope.
15 Ke fekeediwa ke letshogo;
Seriti sa me se phepheutswe jaaka e kete se phepheulwa ke phefo,
Le poloko ya me e nyelela jaaka leru.
18 Seaparo sa me se gogilwe ka maatla a magolo;*
Se nkgama jaaka molala o o gagamatsang wa seaparo.
19 Modimo o ntatlhetse mo seretseng;
Ke fetogile lorole le melora.
20 Ke goela kwa go wena ke kopa thuso, mme ga o nkarabe;+
Ke tla fa pele ga gago, mme o nteba fela.
21 O mphetogetse ka tsela e e setlhogo;+
O ntlhasela ka maatla otlhe a gago.
22 O a ntsholetsa o bo o ntsaya ka phefo;
Go tswa foo o nkisa kwa le kwa mo setsuatsueng.*
23 Ke a itse gore o tla nkisa kwa losong,
Kwa ntlong e batshedi botlhe ba tla kopanelang kwa go yone.
24 Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o ka itayang motho yo o tshwenyegileng*+
Fa a ntse a kopa thuso ka nako ya masetlapelo.
25 A ga ke a ka ka lelela ba ba wetsweng ke mathata?*
A ke ne ka se ka ka hutsafalela bahumanegi?+
26 Le fa gone ke ne ke solofetse molemo, go ne ga tla bosula;
Ke ne ke letetse lesedi, mme ga tla lefifi.
27 Ke ne ka nnela go fuduega mo teng;
Ke ne ka welwa ke motlha wa pogisego.
28 Ke tsamayatsamaya ke kotlomane pelo;+ ga go na lesedi la letsatsi.
Ke ema mo phuthegong ke bo ke goa ke kopa thuso.
29 Ke fetogile morwarraagwe bophokoje,
Le tsala ya bomorwadia ntšhe.+
31 Harepa ya me e dirisediwa khutsafalo fela,
Le fulutu* ya me e lediwa fa go na le ba ba lelang.