Jobe
29 Jobe o ne a tswelela ka puo* ya gagwe a re:
2 “E kete nkabo ke le mo dikgweding tse di fetileng,
Mo metlheng ya fa Modimo a ne a ntshireleditse,
3 Fa a ne a phatsimisa lobone lwa gagwe mo tlhogong ya me,
Fa ke ne ke tsamaya mo lefifing ka lesedi la gagwe,+
4 Fa ke ne ke sa ntse ke le* matlhagatlhaga,
Mo malatsing a fa nna le Modimo re ne re le ditsala tse ditona.+
5 Fa Mothatayotlhe a ne a sa ntse a na le nna,
Fa bongwanake* ba ne ba ntikologile gotlhe fela,
6 Fa dinao tsa me e ne e kete di mo botorong,
Le fa mafika a ne a ntshelela melatswana ya leokwane.+
7 Fa ke ne ke tle ke ye kwa kgorong ya motse+
Ke bo ke nna mo patlelong,+
8 Makawana a ne a tle a mpone a bo a fapoga,*
Tota le bannabagolo ba ne ba tle ba eme ka dinao ba bo ba tswelela ba eme.+
9 Dikgosana di ne di kgaotsa go bua;
Di ne di tle di beye seatla mo molomong.
10 Mantswe a banna ba ba tlotlegang a ne a didimadiwa;
Maleme a bone a ne a ngaparetse magalapa a bone.
11 Ope fela yo o neng a nkutlwa o ne a tle a mpue bontle,
Le ba ba neng ba mpona ba ne ba tle ba neye bosupi ka ga me.
13 Yo o neng a tloga a nyelela o ne a tle a ntshegofatse,+
Mme ke ne ke itumedisa pelo ya motlholagadi.+
14 Ke ne ke apara tshiamo jaaka diaparo tsa me;
Tshiamiso ya me e ne e tshwana le seaparo se setelele* le tuku e e kgethegileng.
15 Ke ne ka nna matlho mo go yo o foufetseng
E bile ke ne ke le dinao mo go yo o golafetseng.
17 Ke ne ke tle ke robaganye ditlhaa tsa modiraphoso+
Ke bo ke tsubula se a se tsomileng mo menong a gagwe.
18 Ke ne ke tle ke re, ‘Ke tla swela mo legaeng la me,*+
Mme malatsi a me a tla nna mantsi jaaka motlhaba.*
19 Medi ya me e tla namela mo metsing,
Mme monyo o tla nna mo dikaleng tsa me bosigo jotlhe.
20 Kgalalelo ya me e nna e ntšhafadiwa,
Mme bora jo bo mo seatleng sa me bo tla nna bo hula.’
21 Batho ba ne ba tle ba ntheetse,
Ba letetse kgakololo ya me ka tidimalo.+
22 E ne e re fa ke sena go bua, ba ne ba tlhoka se ba ka se buang;
Ba ne ba itumelela go utlwa mafoko a me.
23 Ba ne ba nkemela jaaka e kete ba emetse pula;
Ba ne ba eletsa go utlwa se ke tla se buang jaaka e kete ba emetse pula ya dikgakologo.+