Dingwaga Tsa bo 1990—Lesome la Dingwaga Le Le Tletseng Tlhobaelo
MASIMOLOGO a bo 1990 a tlile ka ditsholofelo tse disha tsa kagiso ya lefatshe. Mme lefa go ntse jalo gape a tlile le tlhobaelo mmogo le go tlhakana tlhogo tseo di iseng di ko di bo di tsamaye di nne teng pele.
Ka sekai, go na le tlhobaelo e e seng kana ka sepe malebana le gore ke eng seo se tlileng go diragalela merafe eo e latlhang diikonomi tsa yone tseo di neng di rulagantswe selegae tseo di reteletsweng ke go atlega. Bontsi jwa mafatshe ano a fetogela mo mmarakeng o o bulegetseng botlhe wa bokapitalise. Mme lefa go ntse jalo merafe e le mentsi eo e setseng e le ya bokapitalise e na le lehuma le legolo mmogo le go tlhoka mmereko, infoleishene e e kwa godimo mmogo le sekoloto. Le eleng United States e na le sekoloto seo se seng kana ka sepe sa selegae—seo eleng diranta di le dimilione tse tharo ga milione—mme ebile ke morafe o o nang le molato o mogolo go e feta yotlhe mo kgwebisanong ya boditšhabatšhaba.
Nngwe ya diphelelo tsa masetlana a ikonomi ya lefatshe e bolelwa ke bobegadikgang jwa New York Times, joo bo neng jwa bolela jaana: “Go na le batho ba le bantsi bao eleng badidi ba nta ya tlhogo mo lefatsheng go feta lefa e le leng pele.”
Bontlhanngwe jwa seno e le ka ntlha ya ditlhobaelo tseo di ntseng di gola, ba le bantsi ba ile ba retologela mo bopelotshetlheng: maikutlo a boithati, bogagapa jwa dilo tse di bonalang, go eletsa go ikgotsofatsa ka ponyo ya leitlho go sa kgathalesege ditlamorago tsa seo. Go dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang ga diokobatsi goo go anameng ke bosupi jwa seno. Christopher Lasch, yoo eleng moporofesara wa histori kwa Yunibesithing ya Rochester, o ne a tlhalosa seno ka tsela eno: “Motheo wa boitsholo o thubegile mo setšhabeng sa rona.”
Mankge wa tsa ikonomi yo o tumileng mo merafeng yotlhe ebong Arjo Klamer o bolela jaana: “Bataki, boraikonomi, borakgwebo le malapa ba latlhegetswe ke tshepo mo dilong tsa segompieno tseo go ka nnwang le tsholofelo mo go tsone. . . . Go felelwa ke tshepo go fetogile maikutlo ao batho ba ba dirang ditiro tsa mefuta yotlhe le ba ditlhopha tsotlhe tsa taolo ba nang le one botlhe.” Fa a ne a bolela gore “go tlhakana tlhogo go aname,” o ne a oketsa ka go re: “Go kgaogana makgaoganyane. Go ikutlwa o sena mosola. Go diragalelwa ke dilo tse di sa lebelelwang. Tlhakantsuke. Tseno ke dingwe tsa dipolelwana tseo di tumileng. A tlhalosa thulaganyo eo e raraaneng jaaka bobi ya morago ga segompieno eo batho ba segompieno ba iphitlhelang ba latlhegetse mo go yone.”
Go bonala ka tsela e e utlwisang botlhoko gore ditsamaiso tsa lefatshe leno tsa sepolotiki, tsa ikonomi, le tsa loago ga di kake tsa rarabololela mathata ao a seng kana ka sepe a gompieno mmogo le ditlhobaelo tsa gone di a rarabololela ruri. Mme lefa go ntse jalo jone boemo jono bo ile jwa bolelelwa pele mo dipolelelongpele tsa Bibele tsa mo motlheng wa rona. A o ke o tlhokomele dikai di sekae tsa seno: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ.” “Mo lehatshiñ pitlaganō ea marahe, e rarañwa . . . Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”—2 Timotheo 3:1; Luke 21:25, 26.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Fotogafía de Publicaciones Capriles, Caracas, Venezuela