LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 9/8 ts. 26-27
  • “O Se Ka Wa Nyema Mooko”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Se Ka Wa Nyema Mooko”
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Re Tlhoka Batho ba ba Tshepegang’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ba Bolelele Gore O a Ba Rata
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
Tsogang!—1991
g91 9/8 ts. 26-27

“O Se Ka Wa Nyema Mooko”

WILMA RUDOLPH fa a ne a tsholwa o ne a le monnyennyane thata ebile a sena botsogo jo bontle. O ne a setse a le dingwaga di le nnè pele a ka simolola go tsamaya. Go tswa foo ke fa a simolola go lwala thata a bolawa ke letshoroma le lehibidu le pneumonia. Lemororo a ne a se ka a swa, leoto la gagwe la molema le ne la swa ditokololo. Ereka mmaagwe Wilma a ne a ititeile sehuba gore Wilma o ne a tlile go kgona go tsamaya, mmaagwe o ne a tlhola a sidila leoto la gagwe le le lwalang a bo a ruta bana ba gagwe ba bararo ba bagolo mo go ene gore ba dire ka mo go tshwanang. Ka jalo ba ne ba refosana go “sidila Wilma” ganè letsatsi le letsatsi.

Ka nako ya fa Wilma a le dingwaga di robabobedi, o ne a setse a kgona go tsamaya a bofile leoto leo ka sengwe go le naya maatla. Go ise go ye kae o ne a setse a taboga ebile a tshameka. O ne a ikemiseditse go fenya bogole joo jwa gagwe. Go itshidila mmele go ne ga mo thusa, mmogo le kgakololo ya ga mmaagwe e e reng: “O se ka wa nyema mooko.”

Wilma o ne a se ka a nyema mooko. Mme ka 1960 o ne a amogela dimetlele tsa gouta di le tharo kwa Diolimpiking kwa Roma, Italy. O ne a fenya mo mabelong a dimitara di le 100 le 200 mme o ne a tswa wa ntlha mo karolong ya bofelo ya lobelo lwa go refosana lwa dimitara di le 400.

Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, Glenn Cunningham o ne a sha maoto moo a neng a batla a swa, ka nako ya fa a ne a santse a le mosimane fela wa dingwaga tse supa. O ne a senya dikgwedikgwedi a lwala le gone a bo a bolelelwa gore a ka nna a se ka a tlhola a kgona go tsamaya gape. Letsatsi le letsatsi mmaagwe o ne a mo sidila mesifa e e gobetseng eo mme a ba a mo rotloetsa gore a tsamayetsamaye a bo a taboga. Glenn o ne a se ka a nyema mooko. Ebile tota, e ne ya re kgabagare a fenya mabelo a mmaele a le 21 mo go a le 31 a a neng a tabogelwa mo teng ga kago kwa Madison Square Garden. Mme, ka 1934, o ne a tlhoma rekoto ya lefatshe mo lobelong lwa sekgala se seleele.

Mo botshelong ka dinako tse dingwe re lebana le mathata a mefuta e e farologaneng. Gantsi e le bothata bongwe jwa pholo. Mo boemong jwa go rwala matsogo mo tlhogong, abo go molemo jang ne go ikemisetsa gore ga o kitla o nyema mooko! “Ga re [nyeme mooko],” moaposetoloi Paulo o ne a kwala jalo malebana le maiteko a re a dirang semoyeng. “Leha motho oa rona oa kaha ntlè [mmele wa rona] a ōnala, leha go nntse yalo motho oa rona oa kaha teñ oa ba a nntse a shahadiwa [kana o fiwa nonofo e ntšha] ka letsatsi le letsatsi.”—2 Bakorintha 4:16.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

UPI/Bettmann Newsphotos

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela