LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • tp kgao. 13 ts. 142-151
  • Pono ya Gago ya Bonna le Bosadi—e Dira Pharologanyo Efe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pono ya Gago ya Bonna le Bosadi—e Dira Pharologanyo Efe?
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boloka Lenyalo le Tlotlwa mo go Botlhe
  • Go Amogela Pono ya Modimo ya Tlhalano
  • Go Ikeha Bomaswe Jotlhe le Bohula jwa Bonna le Bosadi ka Botlhale
  • Pono ya Gago E Ama Kagiso ya Gago le Polokesego ga Boteng
  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Bonna le Bosadi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo
    Tsogang!—2013
  • Dipotso di le Lesome ka Tlhakanelodikobo di a Arabiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
tp kgao. 13 ts. 142-151

Kgaolo 13

Pono ya Gago ya Bonna le Bosadi—e Dira Pharologanyo Efe?

1-3. (a) Bibela e bontsha jang gore go tlhakanela dikobo ga monna le mosadi go na le kamogelo ya bomodimo? (b) A e tla nna molemong wa motho go ipelela tiriso e e tlhokang boikgapo ya maatla a gagwe a bonna le bosadi?

BATHO bangwe ba na le mogopolo wa gore Bibela e kgatlhanong le sengwe le sengwe se se amanang le bonna le bosadi. Lefa go ntse jalo, go tlhatlhoba Bibela ka boyone go senola gore seno ga se boammaaruri. Kafa morago ga go bolela kaga popo ya Modimo ya monna wa ntlha le mosadi, e tswelela ka go anela: “Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe.”—Genesise 1:27, 28.

2 Ka jalo, go tlhakanela dikobo ga monna le mosadi, ka phepafalo go na le kamogelo ya bomodimo. A mme Modimo o amogela dikamano tsa bonna le bosadi tse di senang melelwane? A seno se ka lere boipelo jo bogolo mo botshelong? A se ka re tlisetsa kagiso ya boammaaruri le polokesego le mo go ba ba re dikologileng?

3 Bonna le bosadi bo ka nna jwa dirisiwa ka mo go sa tshwanelang fela jaaka ditiro tse dingwe tsa batho. Go ja go molemo ebile go tlhokafalela botshelo. Lefa go le jalo bogagaru bo ka koafatsa boitekanelo le go khutshwafatsa botshelo jwa motho. Boroko, le jone, bo a tlhokafala. Mme phetelelo e thukhutha botshelo phitlhelelo mme ebile e ka koafatsa mmele. Jaaka fela boipelo jwa boammaaruri jwa botshelo bo sa nne gone ka bogagaru, botagwa, le botshwakga, jalo fela ga bo nne gone ka tiriso e e tlhokang boikgapo ya maatla a motho a bonna le bosadi. Boitemogelo jwa motho ka dikete tsa dingwaga bo neelana ka tshupo ya se. A re tlamegile go iponela seno ka boitemogelo jwa botho jo bo bogalaka? Go na le tsela e e botoka.

4. Re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke eng go tshegetsa ditekanyetso tsa Modimo malebana le bonna le bosadi?

4 Lefoko la Modimo le neelana ka pono e e lekalekanang ya bonna le bosadi eo e tla sireletsang boitumelo jwa rona jaanong le mo isagweng. Lefa go le jalo, ga se fela ka ntlha ya kagiso ya rona le polokesego ka sebele re tshwanetseng go ithuta le go tshwarelela ditekanyetsong tsa Modimo malebana le tiriso ya dinonofo tseno. Se se leng botlhokwa go feta, re tshwanetse ra dira jalo ka ntlha ya go tlotla Mmopi wa rona. Fa ruri re nna kaha letlhakoreng ja gagwe mo kganetsanong ya bolaodi jwa lobopo, ka boitumelo re tla ineela mo botlhaleng jwa gagwe jo bogolo le taolo mo kgannyeng eno gape.—Yeremia 10:10, 23.

Go Boloka Lenyalo le Tlotlwa mo go Botlhe

5. Bibela e reng kaga go tshwarega mo dikamanong tsa bonna le bosadi kwantle ga lenyalo?

5 Bibela e gakolola jaana: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Bahebera 13:4) Jalo, Modimo o kgatlhanong le go tlhakanela dikobo ka kwantle ga lenyalo. Seno se tsamaisana le bonnete jwa gore fa a ne a neela motho wa ntlha molekane, Modimo o bontshitse gore thato ya one e ne e le gore bobedi jwa bone ba nne “nama e le ñwe hèla,” mo tlamong ya go ya go ile ya kopano. Dingwaga dingwe di le dikete di le nne moragonyana, Morwa Modimo o ne a bontsha gore Rraagwe ga a ise a latlhe tekanyetso eno. (Genesise 2:22-24; Mathaio 19:4-6) A mme tekanyetso e e ntseng jalo ke e e kganelang ka mo go sa tlhokafaleng? A e re amoga sengwe se se molemo?

6. Ke eng se se bontshang gore molao wa Modimo o o kgatlhanong le boaka ke wa molemo wa rona?

6 Boaka bo tlola tekanyetso ya bomodimo, mme Jehofa Modimo o solofetsa go fetoga “moshupi eo o boheho” mo katlholong kgatlhanong le baboaka. (Malaki 3:5) Maungo a a bosula a go tlhakanela dikobo le mongwe kwantle ga kopano ya lenyalo a gatelela botlhale jwa molao wa Modimo. Boaka bo tlhagisa tsholofelo e e robegileng le pelaelo. Bo baka go sa bolokesege le go reketlisa kagiso ya lenyalo. Bogalaka jo bo nnang gone le go phatloga ga pelo gantsi di gogela tlhalanong. Bana baa boga jaaka ba bona lelapa la bone le gagoga. Ka phepafalo, go nyatsa ga Modimo boaka ke go re direla molemo. Lefoko la gagwe le bontsha gore mongwe le mongwe yo o ratang wa ga gabo ga a kake a dira boaka.—Baroma 13:8-10.

7. Tlhalosa se se kaiwang ke kgokahalo, jaaka e supetswe mo Bibeleng.

7 Jaaka re setse re tlhokometse, Bibela gape e tlhalosa katlholo ya Modimo kgatlhanong le bagokahadi. Tota kgokahalo ke eng? Lemororo tiriso ya Bibela ya lereo leno e ka akaretsa go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang gammogo le boaka, gantsi le na le tlhaloso e e atlabetseng. Lefoko la “kgokahalo” leo le neng le dirisiwa fa go ne go kwalwa dipolelo tsa ga Jesu le tsa barutwa ba gagwe ke lefoko la Segerika ebong por·neiʹa. Le ntshiwa motsweng o o tshwanang wa lereo la segompieno “bopepe.” Por·neiʹa e dirisitswe mo metlheng ya Bibela go tlhalosa dibopego tsotlhe tsa bokopano jwa bonna le bosadi jo bo seng kafa molaong ka kwantle ga lenyalo. Por·neiʹa e kopanyeletsa tiriso e e sokameng thata-thata ya se/dirwe tsa tsalo tsa bobotlana motho a le mongwe (e ka ne e le ka tsela ya tlholego kana e e sokameng). Gape, go tshwanetse ga bo go ne go na le se sengwe gape se se tlhakanetseng mo boitsholong jo bo sa siamang—motho wa bong lefa e ka nna bofe kana phologolo.

8. Ke ka ntlha ya mabaka afe a a nonofileng ao moaposetoloi Paulo a kgothaleditseng Bakeresete gore ba “ithibe mo [kgokahalong, NW]”?

8 Fa a ne a kgothaletsa Bakeresete go re ba “ithibe mo [kgokahalong, NW],” moaposetoloi Paulo o ne a neela mabaka a a nonofileng, ka go re: “Go re opè motho a se ka a tlola, me a herekanèla oa ga gabō mo seoñ se: gonne Morèna [Jehofa] ke èna mmusholosi mo diloñ cotlhe tse, . . . Gonne Modimo ga oa re biletsa bomashwè, . . . Ke gōna eo o ganañ, ga a gane motho, ha e se Modimo.”—1 Bathesalonia 4:3-8.

9, 10. (a) Ke eng fa batho bangwe ba ikutla mo lenyalong la kafa molaong, lefa ebile ba tshela le mongwe wa bong jo bo fapaaneng? (b) Lemororo kgokahalo e le ka tumalano, ke jang go nang le go ‘tlola le go herekanela ditshiamelo tsa ba bangwe’?

9 Yo o dirang kgokahalo eleruri o a ‘tlola le go herekanela ditshiamelo tsa ba bangwe.’ Ka sekai, seno se ntse jalo ka batho ba ba tshelang mmogo kwantle ga molemo wa lenyalo le le kafa molaong. Ke ka ntlha yang fa ba dira jalo? Gantsi go ntse jalo e le gore ba ka nna le go latlha kopano ka nako efe le efe e ba e ratang. Ga ba neele molekane wa bone polokesego eo lenyalo leo go nang le boikarabelo le tshwanetseng go e lere. Mme fa batho boo babedi ba tsenelela mo kamanong eo ka go rata, a ba sa ntse ba ntse ba ‘tlola le go herekanela ditshiamelo tsa ba bangwe’? Ee, go ntse jalo fela.

10 Go na le diphelelo di le dintsi tsa ditiro tsa bagokahadi tseo di ‘tlolang le go herekanela ditshiamelo tsa ba bangwe.’ Lebaka ke gore, mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo kgokahalong o abalana mo go senyeng segakolodi sa motho yo mongwe gammogo le kemo efe le efe e e phepa e motho a ka neng a ile a nna le yone le Modimo. Mogokahadi o senya sebaka sa motho yo mongwe go tsena lenyalo ka tshimologo e e phepa. O tlisa tlontlololo, kgobo, le khutsafalo mo malokong a lelapa la motho yo mongwe, gammogo le la ga bone. Gape a ka nna a baya boitekanelo jwa tlhaloganyo, boikutlo, le mmele tsa motho yo mongwe mo kotsing. Malwetsi a thobalo a a boitshegang jaaka AIDS (Acquired Immune Deficiency Syndrome) gantsi a tsamaelana le boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong.

11. Ke eng fa go sena lebaka lepe la gore mang kana mang a dumele gore Modimo o tla kgothaletsa kgokahalo?

11 Ba le bantsi ba tlhopha gore e ne ekete ga ba bone dikotsi tseno. Mme a o dumela gore Modimo, mo tshiamong ya ona, o tla itebatsa tlhokomologo e e ntseng jalo ya bopeloethata ya ditshiamelo tsa ba bangwe? Lefoko la Modimo le biletsa go ‘tlotla,’ e seng go rama kana go phuaganya thulaganyo ya gagwe e e boitshepo ya lenyalo.—Bahebera 13:4; Mathaio 22:39.

12. (a) Pono ya Modimo ka bosodoma ke efe? (b) Molao wa Modimo o o iletsang bosodoma o re sireletsa kgatlhanong le eng?

12 Gotweng ka bosodoma? Jaaka re setse re bone, tlwaelo eno e akareditswe ke lefoko por·neiʹa (“kgokahalo”), le le dirisitsweng ke Jesu le barutwa ba gagwe. Morutwa Jude o dirisitse lefoko leo fa a ne a supela ditirong tsa bonna le bosadi tse e seng tsa tlholego tsa batho ba Sodoma le Gomora. (Yude 7) Bosodoma koo bo ne jwa baka tlontlologo e e neng ya tlhagisa “phashogō” e kgolo. Mme ya gogela phedisong ya Modimo ya metse eo le baagi ba yone. (Genesise 18:20; 19:23, 24) A pono ya Modimo e fetogile fa e sa le go tswa foo? Nnyaa. Ka sekai, 1 Bakorintha 6:9, 10, e tsenya “basodoma” gareng ga bao, fa ba tswelela ka tlwaelo e e ntseng jalo ba se kitlang ba rua Bogosi jwa Modimo. Gape, a tlhalosa diphelelo go batho ba ba ‘tlontlololang mebele ya bone mo masweng,’ ba latela “mokgwa oa nama e sele,” Bibela e re ba ne ba “gakalèlana mo dikgatlhegoñ tsa bōnè, banna ba diha le banna ba bañwe mo go tlhabisañ ditlhoñ, me ba ipōnèla mo go bōnè tuèlō e e chwanetseñ timèlō ea bōnè.” (Baroma 1:24, 27) Batho ba ba ntseng jalo ga ba wele fela tlase ga katlholo ya Modimo, mme gape ba iponela “tuèlō” ya tshenyego ya tlhaloganyo le ya mmele. Ka sekai, gompieno, thosola, AIDS, le malwetsi a mangwe a dikobo a mantsi thata gareng ga basodoma. Ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo tsa Lefoko la Modimo di re sireletsa kgatlhanong le kgobalo e e ntseng jalo, go na le go re amoga sengwe se se molemo.

Go Amogela Pono ya Modimo ya Tlhalano

13. Kgang ya boikanyegi mo maikanong a motho a lenyalo e masisi jang?

13 “Ke ila tlhalō.” Ke ka tsela eo Jehofa Modimo a tlhalositseng boikutlo jwa gagwe fa a ne a kgalemela bao ba ‘dirileng ka bonongwane’ le balekane ba bone ba lenyalo. (Malaki 2:14-16) Lefoko la gagwe le neelana ka kgakololo e ntsi go thusa batho go dira katlego ya lenyalo le go tila bogalaka jwa tlhalano. Gape le phepafatsa gore Modimo o leba boikanyegi maikanong a motho a lenyalo jaaka boikarabelo jo bo boitshepo.

14, 15. (a) Motheo o o tshwanetseng fela wa tlhalano ke eng? (b) A kgokahalo e setse fela e kgaola sebofo sa lenyalo? (c) Go nyala gape go letlelesegile tlase ga maemo afe?

14 Seno se gatelelwa ke bonnete jwa gore o dumela motheo o o tshwanetseng o le mongwe fela wa tlhalano. Jesu o ne a bontsha gore o ke ofe: “Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka [kgokahalo, NW, por·neiʹa], me a nyala eo moñwe, o diha boaka: le eo o mo nyalañ a sena go tlhalwa, o diha boaka.” (Mathaio 19:9; 5:32) Por·neiʹa, jaaka re setse re bone, e supela dikamanong tsa bonna le bosadi ka kwantle ga lenyalo, e le ka tlholego kana ka go sele.

15 Fa molekane wa motho a nna molato wa kgokahalo, a seno se setse se kgaola sebofo sa lenyalo? Nnyaa, ga go a nna jalo. Molekane yo o senang molato o ka ikatlholela gore a e kane o tla mo itshwarela kana nnyaa. Moo go atlholelwang tlhalano, tlhokomelo ya Mokeresete ya taolo e e tshwanetseng ya mmuso wa lefatshe e tla mmakela gore a falatse lenyalo kafa molaong, a dira jalo mo motheong wa boammaaruri. (Baroma 13:1, 2) Fa dipatlafalo di konetswe, go nyala gape go a letlelesega. Mme Dikwalo di gakolola gore lenyalo lefe le lefe le le ntseng jalo le nne go Mokeresete yo mongwe fela, yoo ruri a leng mo “Moreneñ.”—1 Bakorintha 7:39.

16. Mo mafatsheng ao molao wa lefatshe o sa letleng tlhalano mo motheong lefa e le ofe, Basupi ba ga Jehofa ba bontsha jang tlotlo e e tshwanetseng ya molao wa Modimo mo kgannyeng?

16 Gotweng fa e le gore melao ya lefatshe ga e letle tlhalano epe, e sita le ka lebaka la boitsholo jo bo maswe jwa bonna le bosadi? Molekane yo o se nang molato mo kgetseng e e ntseng jalo gongwe a ka kgona go bona tlhalano mo nageng eo tlhalano e dumeletsweng. Legale, maemo, gongwe ga a kitla a go kgonagatsa. Mme sebopego sengwe sa kgaogano ya kafa molaong se ka nna sa bo se le gone mo nageng ya motho mme se ka batliwa. E ka ne boemo ke bofe, molekane yo o senang molato a ka kgaogana le yo o molato mme a tlhagise tshupo e e tlhamaletseng ya mabaka a Dikwalo a tlhalano go bagolwane mo phuthegong ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa. Gotweng he fa e le gore motho yoo e ne e ka re moragonyana a fetsa ka gore a tseye molekane yo mongwe? Phuthego ga e kitla e tsaya kgato go mo tlosa jaaka moakahadi fa fela a ile a neela phuthego polelo e e kwadilweng e e nang le ikano ya boikanyegi mo molekaneng wa jaanong le tumalano ya go bona lokwalo lwa lenyalo lwa kafa molaong fa lenyalo la pele le ka fedisiwa e ka ne e le kafa molaong kana ke loso. Lefa go le jalo, motho o tla tshwanelwa ke go lebana le matswela afe le afe a a ka nnang gone go ya ka moo lefatshe le le ka kwantle ga phuthego le amegang ka teng. Gonne lefatshe ka kakaretso ga le tlhokomele gore molao wa Modimo o mogolo mo melaong ya batho le gore melao ya batho e na le taolo e e kwa tlase.—Bapisa Ditihō 5:29.

Go Ikeha Bomaswe Jotlhe le Bohula jwa Bonna le Bosadi ka Botlhale

17. Go tswa Dikwalong, tlhalosa sebaka se se tshwanetseng se dikamano tsa bonna le bosadi di nang le sone mo matshelong a batho ba ba nyetseng.

17 Dikamano tsa bonna le bosadi ka phepafalo di na le sebaka se se tshwanetseng mo matshelong a batho ba ba nyetseng. Modimo o baakanyeditse se jaaka thuso eo bana ba neng ba ka bonwa ka yone, gape le jaaka motswedi wa boipelo go batsadi. (Genesise 9:1; Diane 5:18, 19; 1 Bakorintha 7:3-5) Lefa go ntse jalo, o tlhagisitse kgatlhanong le go gobolola neo e.—Baefesia 5:5.

18, 19. (a) Ke eng fa tlwaelo ya go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi, kana go itira leswe e sa tshwanela Mokeresete? (b) Ke eng se se ka thusang motho go tila tlwaelo e e ntseng jalo?

18 Ntateng ya kgatelelo e e bewang mo go tsa dikobo gompieno, batho ba basha ba bantsi ba fitlhela gore keletso ya bone ya kgotsofalo ya kafa dikobong e tsosiwa e sita le pele ba nna mo boemong jwa go nyala. Ka jalo, bangwe ba bone ba batla monate oo ka go tsosa dikarolo tsa bone tsa bonna le bosadi. Seno ke phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi, kana go itira leswe. A ke tlwaelo e e tshwanetseng kana e e botlhale?

19 Dikwalo di gakolola jaana: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithatō, le keleco e e boshula, le pelotshètlha.” (Bakolosa 3:5) A yo o iphaphamisang dirwe tsa bonna le bosadi o ‘bolaya ditokololo tsa mmele wa gagwe malebana le thato ya bonna le bosadi’? Mo phapaanong, o phaphamisa thato ya bonna le bosadi. Bibela e kgothaletsa gore motho a ikehe mofuta wa mogopolo le boitshwaro jo bo gogelang mathateng a a ntseng jalo, gore a di refose ka tiro e e itekanetseng, le gore a tlhagolele boikgapo. (Bafilipi 4:8; Bagalatia 5:22, 23) Fa seno se dirwa ka tlhoafalo ya nnete, go itira leswe mo go ntseng jalo go ka tilwa, ka melemo ya tlhaloganyo, boikutlo le bomoya.

20. Ke eng se se bontshang gore ga go kitla go tshwanela ka monna le mosadi go latlha boithibo jotlhe fa ba tlhakanela dikobo?

20 Se Bibela e se bolelang malebana le “bomashwè, le dithatō, le keleco e e boshula” se dira mo Bakereseteng botlhe, ba ba sa nyalang le ba ba nyetseng. Ke boammaaruri gore monna le mosadi ba na le tshiamelo ya Dikwalo go tlhakanela dikobo mmogo. A mme seno se raya gore ba ka latlha boithibo jotlhe? Bonnete jwa gore Lefoko la Modimo le kgothaletsa Bakeresete botlhe go tlhagolela boikgapo bo ganela pono e e ntseng jalo. (2 Petere 1:5-8) Mokwadi wa Bibela yo o tlhotlheleditsweng ga a ka a tlhokafalelwa ke go tlhalosa tsela ya tlholego e dirwe tsa tsalo tsa monna le mosadi di itekanyedisanyang ka teng. Dikamano tsa bosodoma ka phepafalo ga di ka ke tsa latela tsela eno ya tlholego. Jalo, basodoma ba banna le ba basadi ba dirisa dibopego tse dingwe tsa bokopano jwa bonna le bosadi mo go se moaposetoloi a se supelang jaaka ‘dithato tse di tlhabisang ditlhong’ le ditlwaelo tse “di tlhabisañ ditlhoñ.” (Baroma 1:24-32) A banyalani ba ka etsa dibopego tse di ntseng jalo tsa bosodoma tsa bokopano jwa bonna le bosadi mo lenyalong la bone mme ba nne ba gololesege mo matlhong a Modimo mo go bontsheng ‘dithato tse di tlhabisang ditlhong’ kana “keleco e e boshula”?

21. Go sa tlhokomelege se tsela ya botshelo ya motho e kileng ya ne e le sone mo nakong e e fetileng, o bulegetswe ke sebaka sefe jaanong?

21 Mo go sekasekeng se Dikwalo di se bolelang, motho gongwe o ka lemoga gore mogopolo wa gagwe wa nako e e fetileng ka dilo tse o ne o bopilwe ke batho bao jaaka Bibela e bolela, ba neng ba “helecwe ke maikutlō.” Mme, ka thuso ya Modimo, motho a ka ‘apara botho jo bosha,’ jo bo bopilweng tumalanong le ditekanyetso tsa Modimo tsa tshiamo. (Baefesia 4:17-24) Ka tsela eo motho o bontsha gore eleruri o ikaeletse fa a re o batla go dira thato ya Modimo.

Pono ya Gago E Ama Kagiso ya Gago le Polokesego ga Boteng

22. Ke melemo efe ya nako eo e e tlelang ba ba dirisang kgakololo ya Lefoko la Modimo malebana le boitsholo jwa bonna le bosadi?

22 Go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo mabapi le boitsholo jwa bonna le bosadi ga go boima. Bapisa loungo lwa tsela e Bibela e e thadisang le selekanyo se se kwa godimo sa lefatshe sa tlhalano, magae a a kgaoganeng, bana ba diganana, bopèpè, bolwetsi, le bothubaki le dipolao tse di dirwang malebana le kgotelo ya bonna le bosadi. (Diane 7:10, 25-27) Abo botlhale jwa Lefoko la Modimo bo phepafetse jang! Fa o gana mogopolo wa lefatshe o o theilweng mo keletsong ya bogagapa mme o bo o tlisa mogopolo wa gago tumalanong le kgakololo ya ga Jehofa, pelo ya gago e tla thatahadiwa tota mo dikeletsong tse di siameng. Mo boemong jwa menate e e fetang ya boitsholo jo bomaswe jwa bonna le bosadi, o tla ipelela segakolodi se se phepa le kagiso ya mogopolo ya go ya go ile. Dibofo tsa lenyalo le tsa lelapa di tla thatahadiwa ka kgolo ya boikanyo jwa thuanyo magareng ga balekane ba lenyalo le jwa tlotlo e e tswang mo baneng.

23. Pono ya motho ya bonna le bosadi ke lebaka jang mo go ‘tshwaiweng’ ga gagwe go falolela mo ‘lefatsheng le lesha’ la Modimo?

23 Mme o se latlhegelwe ke pono ya bonnete jwa gore tsholofelo ya gago ya botshelo jo bosakhutleng e a kopanyelediwa. Jalo boitsholo jwa kafa Dikwalong bo tla tlatseletsa mo go oketsegileng go feta boitekanelo jwa gago jwa jaanong. (Diane 5:3-11) Bo tla fetoga bontlha bongwe jwa bosupi jwa gore e le tota o hutsafalela dilo tse di makgapha tse di dirwang ke batho ba ba sa tseyeng Modimo tsia le gore o ‘tshwaetswe’ go falolela mo ‘lefatsheng le lesha’ la Modimo, koo, go senang go nna gone boitsholo jo bo sa siamang, mme go tla nnang gone tshiamo. Abo go le botlhokwa-tlhokwa jang ne, gore, o ‘tlhoafale jaanong gore o fitlhelwe ke Modimo o sena selabe, o sena molato e bile o le mo kagisong.’—Esekiele 9:4-6; 2 Petere 3:11-14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela