Kgaolo 1
Ke Ka Ntlhayang Fa Re Bala Bibela?
Re tshela mo lefatsheng leo le nang le mathata a le mantsi thata mme le na le ditharabololo di sekaenyana fela tsa one. Dimilione tse dintsi tsa batho ba bolawa ke tlala ka metlha. Dipalo tse di oketsegang tsa batho ba tshwakgolwa ke diokobatsi. Malapa a le mantsi go ya pele a a thubega. Go tlhakanela dikobo le balosika le tirisa-dikgoka mo lelapeng ka metlha di gone mo dikgannyeng. Moya o re o hemang le metsi a re a nwang di tshelwa botlhole ka iketlo. Ka nako e e tshwanang, ba le bantsintsi ba rona ba welwa ke bokebekwa. A o akanya gore mathata a a tshwanang le ano a tla tsamaya a rarabololwa?
1. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) Ke mathata afe a segompieno a a bontshang gore setho se tlhoka go kaelwa?
MO GODIMO ga moo, re tshela mo motlheng oo go leng thata go dira ditlhopho mo go one. Ka sekai, ba le bantsi ba kgatlhanong gotlhelele le go senya mpa, ba go bitsa go bolaya ngwana yo a iseng a bonwe. Ba bangwe le bone ba ikutlwa ka tlhomamo fela jalo gore basadi ba na le taolo mo mebeleng eo e leng ya bone mme ba tshwanetse ba itirela ditshwetso ka bobone mo kgannyeng e e ntseng jalo. Ba le bantsi ba leba bosodoma, boaka, le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo jaaka boitshwaro jo bo maswe jo bo sa siamang. Ba bangwe ba dumela gore go dira dilo tseno ke se motho a se itlhophelang ka boene fa a batla. Ke mang yo o tshwanetseng go bolela gore ke mang yo o siameng le gore ke mang yo o leng phoso?
2, 3. Ba le bantsi ba leba jang Bibela gompieno?
2 Bibela e kaela malebana le dikgang tsa boitsholo, mme e tlhalosa kafa mathata a bokebekwa, tlala, le kgotlelo a ka rarabololwang ka teng. Bothata ke gore, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba leba Bibela jaaka yone e go ka utlwiwang ka yone mo dikgannyeng tsa go tshwana le tseno. Ka nako nngwe, e kile ya bo e reediwa ka tlotlo—bobotlana kwa Bophirima. Lemororo Bibela e kwadilwe ke batho, mo nakong e e fetileng ba le bantsi mo go La-Bodumedi ba ne ba dumela gore ke Lefoko la Modimo ebile ba dumela gore Modimo ka boene ke ene yo o tlhotlheleditseng se se mo teng ga yone.
3 Lefa go le jalo, go belaela sengwe le sengwe go tlwaelegile gompieno: ditlwaelo, megopolo, mekgwa ya boitsholo, tota le eleng go nna gone ga Modimo. Batho ba belaela boleng jwa Bibela segolo-bogolo. Ba le bantsi go bonala ba e tsaya jaaka e e fetilweng ke nako le gore ga e bereke. Batlhalefi ba sekae ba segompieno ba e leba jaaka Lefoko la Modimo. Batho ba le bantsi bogolo ba ka dumalana le moithuti mongwe ebong James Barr, yo o neng a kwala jaana: “Go ya ka pono ya me malebana le ka moo setso se se mo Bibeleng se nnileng teng ka gone ke gore ke pego e e itiretsweng ke motho fela. Ke pego ya motho ya dilo tseo a di dumelang.”1
4, 5. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore re itse gore a Bibela e tlhotlheleditswe ke Modimo kana nnyaa? Boikaelelo jwa buka eno ke bofe?
4 A seno ke seo o se akanyang? A o akanya gore Bibela ke lefoko la Modimo, kana la motho? Lefa o ka arabela potso eno jang, a o ke o akanye ka ntlha eno: Fa e le gore Bibela ke lefoko la motho fela, he go raya gore ga go na tharabololo epe ya mathata a setho. Batho ba tla tshwanelwa ke gore ba nne ba lekele pele fela ka bojotlhe jwa bone, ba solofela gore ka tsela nngwe ba tla tila go ipolaya ka botlhole kana go ithuntsha mo ntweng ya nuklea. Mme fa e le gore Bibela ke Lefoko la Modimo, ke yone eo re e tlhokang gore e re golole mo metlheng eno e e thata.
5 Buka eno e tlile go neela bosupi jwa gore Bibela eleruri ke Lefoko la Modimo. Mme bagatisi ba yone ba solofela gore fa o sena go sekaseka bosupi jono, o tla lemoga gore Bibela e na le ditharabololo tse eleng tsone fela tsa mmatota tsa mathata a setho. Lefa go le jalo, santlha re tla rata go go tlhokomedisa dintlha dingwe tseo, ka botsone, di dirang gore go bo go tshwanela gore o sekaseke Bibela.
E Rekwa go Gaisa ka Dinako Tsotlhe
6, 7. Ke dintlha dife tse di botlhokwa tse di malebana le Bibela tseo go tlhokegang gore re di tlhokomele?
6 Santlha, ke yone e e rekwang go gaisa, ke buka eo e anamisitsweng thata go di feta tsotlhe mo ditiragalong tsotlhe. Go ya ka kgatiso ya 1988 ya Guinness Book of World Records, dikaelo tse di akanyediwang go 2 500 000 000 di ile tsa gatisiwa magareng ga 1815 le 1975. Palo eo e kgolo thata. Ga go na buka epe e nngwe mo ditiragalong eo e kileng ya atamela Bibela ka dipalo tseo e anamisiwang ka tsone.
7 Mo godimo ga moo, ga go na buka epe e nngwe eo e ileng ya ranolelwa mo dipuong tse dintsintsi jaana. Bibela jaanong e ka balwa, e feletse kana karolo ya yone, ka maleme a a farologaneng a a fetang 1 800. Mokgatlho wa Dibibela wa Amerika o bega gore jaanong 98 lekgolong ya batho mo polaneteng ya rona ba ka kgona go nna le yone. A o ke o akanye fela ka maiteko a magolo ao a kopanyelediwang mo go e tlhagiseng ka dithanolo tse dintsi jaana! Ke buka efe e nngwe eo e ileng ya tlhokomelwa jaana?
Buka E E Nang le Tlhotlheletso
8, 9. Bangwe ba ile ba reng go bontsha tlhotlheletso eo Bibela e nnileng le yone?
8 The New Encyclopædia Britannica e bitsa Bibela e re “ka gongwe ke setlhopha sa dibuka tse di tlhotlheletsang thata mo ditiragalong tsa motho.”2 Mmoki wa Mojeremane wa lekgolo la bo-19 la dingwaga ebong Heinrich Heine o ne a bolela jaana: “Tshedimosetso e ke nang le yone ke na le yone fela ka ntlha ya go bo ke badile buka nngwe . . . eleng Bibela. E bidiwa sentle go twe Dikwalo Tse Di Boitshepo. Yo o latlhegetsweng ke Modimo wa gagwe a ka boela a Mmona gape mo bukeng eno.”3 Mo go lone lekgolo leo la dingwaga, William H. Seward yo o neng a le kgatlhanong le bokgoba o ne a bolela jaana: “Tsholofelo yotlhe ya gore motho a ka tswelela pele e ikaegile mo tlhotlheletsong eo e ntseng e golela pele eo Bibela e nang nayo.”4
9 Abraham Lincoln, ebong tautona wa bo-16 wa United States, o ne a bitsa Bibela a re ke “mpho e e molemolemo e Modimo a e neileng motho . . . Mme kwantle ga yone re ne re ka seka ra itse se se siameng le se se sa siamang.”5 Moatlhodi wa Boritane ebong Sir William Blackstone o ne a tlotlomatsa ka moo Bibela e nang le tlhotlheletso ka gone fa a ne a re: “Melao yotlhe ya motho e ikaegile ka metheo e mebedi eno, eleng molao wa tlholego le molao wa tshenolo [Bibela], ke gore, ga go na molao ope wa motho o o tshwanetseng wa letlwa gore o ganetsane le melao eno.”6
E Tlhoilwe Ebile E A Ratiwa
10. Go ile ga bontshiwa jang kganetso kgatlhanong le Bibela?
10 Lefa go ntse jalo, re tshwanetse ra ela tlhoko gore ga go na buka epe eo e ileng ya ganediwa ka matlho a mahibidu thata jaana le eleng go tlhoiwa mo go kana go ralala ditiragalo tsotlhe. Dibibela di ile tsa jewa ka melelo ya poo mo pepeneneng, go tswa mo Dingwageng tsa Bogareng go tla go fitlha mo lekgolong la rona la bo-20 la dingwaga. Mme go bala Bibela kana go e anamisa go ntse go otlhaelwa ka go faeniwa le go tsenngwa mo kgolegelong le eleng mo metlheng ya segompieno. Mo makgolong a a fetileng a dingwaga, “ditlolo-molao” tse di ntseng jalo gantsi di ne di gogela mo goreng o tlhokofadiwe le eleng go bolawa.
11, 12. Tyndale o ne a bontsha jang gore o rata Bibela?
11 Se se tshwanang le seno e ile ya nna boineelo joo Bibela e ileng ya bo tlhotlheletsa. Ba le bantsi ba ile ba itshokela go e bala go sa kgathalesege dipogiso tseo di sa kgaotseng. Akanya ka William Tyndale, ebong Moesemane wa lekgolo la bo-16 la dingwaga yo o tseneng sekolo kwa Yunibesithing ya Oxford mme a nna motlhatlheledi yo o tlotliwang kwa Yunibesithing ya Cambridge.
12 Tyndale o ne a rata Bibela. Mme mo metlheng ya gagwe, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba gatelela gore e tlogelwe e ntse e le ka Selatine, eleng puo eo e sa tlholeng e dirisiwa. Ka jalo, e le gore batho ba naga ya gagwe ba kgone go nna le yone, Tyndale o ne a ikemisetsa go ranolela Bibela mo Seesemaneng. Ereka seno se ne se le kgatlhanong le molao, Tyndale o ne a tshwanelwa ke gore a tlogele tiro ya gagwe e e kgotsofatsang ya thutego e e kwa godimo mme a tshabela kwa Yuropa. O ne a tshela botshelo jo bo boima jwa motshabi sebaka se seleele se se lekaneng go ka ranolela Dikwalo tsa Segerika (“Tesetamente E Ntšha”) le dingwe tsa Dikwalo tsa Sehebera (“Tesetamente E Kgologolo”) mo lelemeng la ga bone; mme kgabagare o ne a tshwarwa, a latofalediwa thuto e e timetsang, mme a kgangwa, mme setopo sa gagwe se ne sa fisiwa.
13. Ke selo sefe se le sengwe se se dirang gore Bibela e nne ya mofuta wa yone fela eleruri?
13 Tyndale ke a le mongwe fela mo dipalong tse dikgolo tsa batho bao ba ileng ba ntsha sengwe le sengwe sa bone setlhabelo e le gore ba tle ba bale Bibela kana ba dire gore ba bangwe ba nne le yone. Ga go na buka epe e nngwe eo e ileng ya tlhotlheletsa banna le basadi ba eleng batho fela ba bantsi jaana gore ba nne pelokgale go le kalokalo. Mo ntlheng eno, eleruri ga go na buka epe e e lekanang le Bibela.
Polelo ya Gore Ke Lefoko la Modimo
14, 15. Bakwadi ba Bibela baa reng gangwe le gape?
14 Gape Bibela ke ya mofuta o eleng wa yone fela ka ntlha ya seo bakwadi ba yone ba bantsi ba se bolelang. Batho ba ka nna 40, go kopanyeletsa le dikgosi, badisa, batshwari ba ditlhapi, badiredipuso, baperesiti, bobotlana mojenarale a le mongwe, le ngaka, ba nnile le seabe mo go kwaleng dikarolo tse di farologaneng tsa Bibela. Mme gangwe le gape, bakwadi ba yone ba ne ba bolela jaana ka go tshwana: gore ba ne ba sa kwale dikakanyo tse eleng tsa bone mme e ne e le tsa Modimo.
15 Ka jalo, gantsi mo Bibeleng re bala ka dipolelo tse di jaaka: “Mōea oa ga Yehofa o no oa bua ka nna, lehoko ya gagwè le ne le le mo lolemeñ loa me” kana, “Yehofa, Yehofa oa mashomōshomō, o bua yana.” (2 Samuele 23:2; Isaia 22:15) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana mo lekwalong leo a neng a le romelela moreri ka ene wa mafoko a a molemo: “Lokwalō loñwe le loñwe [lo kwadilwe, NW] ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Timotheo 3:16, 17.
16. Bibela e tlotla ka dipotso dife?
16 Tumalanong le polelo ya gore ke lefoko la Modimo, eseng la motho, Bibela e arabela dipotso tse di ka arabiwang ke Modimo fela. Ka sekai, e tlhalosa lebaka la go bo dipuso tsa batho di sa kgone go lere kagiso ya go ya go ile, ka moo batho ba ka bonang kgotsofalo e kgolo mo botshelong ka gone, le seo se tlileng go diragalela lefatshe le setho seo se leng mo go lone mo isagweng. Jaanong, jaaka motho yo o akanyang, o tshwanetse wa bo o ile wa ipotsa dipotso tseno le tse dingwe tse di tshwanang le tsone ka makgetlo a le mantsi. Ke eng bogolo fa o sa sekaseke kgonagalo ya gore Bibela ke Lefoko la Modimo mme ka jalo e kgona go neela dikarabo tse di tlhatswang pelo?
17, 18. (a) Ke ditatofatso dife tse Bibela e latofadiwang ka tsone tseo go tlotliwang ka tsone mo bukeng eno? (b) Ke dintlha dife tse dingwe tseo go tlilweng go tlotliwa ka tsone?
17 Re go rotloetsa gore o tlhatlhobe bosupi jo bo neelwang mo bukeng eno ka kelotlhoko. Dingwe tsa dikgaolo tsa yone di tla tlotla ka dilo tseo gantsi di utlwiwang go tshwaiwa Bibela diphoso mo go tsone. A Bibela ga e dumalane le saense? A e a ikganetsa? A e na le ditiragalo tse e leng tsa mmatota kana ke ditlhamane fela? A dikgakgamatso tse di begilweng mo Bibeleng di kile tsa diragala eleruri? Go neetswe bosupi jo bo bonalang jwa go araba dipotso tseno. Morago ga seno, go tlotliwa ka dilo tse di maatla tse di bontshang gore Bibela e tlhotlheleditswe ke Modimo: dipolelelopele tsa yone, botlhale jwa yone jo bogolo, le diphelelo tse dikgolo tse e nnang le tsone mo matshelong a batho. Kwa bokhutlong, re tla bona diphelelo tseo Bibela e ka nnang le tsone mo botshelong jwa gago.
18 Lefa go le jalo, santlha re tla tlotla malebana le ka moo re boneng Bibela ka gone. Le eleng le hisitori ya buka eno e e gakgamatsang e neela bosupi jwa gore ga e a itshimololelwa ke motho fela.
[Setshwantsho ses se tletseng mo go tsebe 4]
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Bibela ke buka e e anamisiwang thata ebile ke yone eo e ranolwang thata mo ditiragalong tsotlhe
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Jaaka legong leno le le setilweng la lekgolo la bo-15 la dingwaga le bontsha, ba le bantsi ba ne ba fisiwa ba ntse ba tshela ba fisediwa “tlolo-molao” ya go bala Bibela
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Bakwadi ba Bibela ba ne ba bolela gore ba tlhotlhe-leditswe ke Modimo