Kafa O Ka Arabelang Ka Gone Bao ba Ka Nnang Ba Kgoreletsa Puisano
Dikakgelo: Ditebelelo tsa batho tsa botshelo di ikaegile ka boikutlo jwa bone tebang le Jehofa Modimo le Bogosi jwa gagwe ka Keresete Jesu. Molaetsa wa Bogosi jwa Modimo o itumedisa tota, mme o lebisa go tsholofelo e le yosi e e ka ikanngwang ke setho. Ke molaetsa o o fetolang matshelo. Re batla gore mongwe le mongwe a o utlwe. Re lemoga gore ke palo e potlanyana fela e e tla o amogelang ka kanaanelo, mme re itse gore gone batho ba tlhoka gore ba o utlwe fa e le gore ba tla dira kgetho e e botlhale. Lefa go le jalo ga se mongwe le mongwe yo o ikemiseditseng go o reetsa, mme ga re leke go ba pateletsa. Mme ka temogo gantsi go a kgonega gore re fetolele bao ba ka nnang bakgoreletsi ba puisano mo dipakeng tsa go tsweledisa pele motlotlo. Go na le dikai fano tse Basupi bangwe ba ba nang le maitemogelo ba ileng ba di dirisa mo maitekong a bone a go batla bao ba tshwanelang. (Math. 10:11) Kakantsho ya rona ga se gore o tshware ka tlhogo epe ya diphetolo tseno mme ke gore o tshware ntlha, o e beye ka mafoko a gago mme o e tlhalose ka mokgwa oo e tla tlisang kgatlhego ya mmatota ya gago mo mothong yo o buisanang le ene. Fa o dira jalo, o ka nna le tsholofelo ya gore bao dipelo tsa bone di siameng ba tla reetsa le go arabela ka kanaanelo go seo Jehofa a se dirang go ba gogela mo dipaakanyetsong tsa gagwe tsa botshelo tse di lorato.—Yoh. 6:44; Dit. 16:14.
‘GA KE KGATLHEGE’
● ‘A ke ka botsa, A o raya gore ga o na kgatlhego mo Bibeleng, kana o ka tswa o sa kgatlhiwe ke bodumedi ka kakaretso? Ke botsa jaana ka gobo re ile ra kopana le ba bantsi bao ka nako nngwe ba neng ba rata bodumedi mme jaanong ba sa tlhole ba ya kerekeng ka gobo ba bona boitimokanyi jo bo ntsi mo dikerekeng (kana, ba ikutlwa gore bodumedi ke papadi e nngwe ya go dira madi fela; kana, ga ba rate bodumedi bo itsenya mo dipolotiking; jl jl.). Bibela ga e amogele ditlwaelo tse di ntseng jalo le yone mme e baakanyetsa ka motheo o le osi fela o re ka lebelelang isagwe ka tsholofelo ka one.’
● ‘Fa e le gore o raya gore ga o kgatlhegele bodumedi jo bongwe, ke ka tlhaloganya seo. Mme go na le moo o kgatlhegela thata mofuta wa isagwe o re ka o lebelelang ka re lebane le popo ya ntwa ya nuklea (kana, kafa re ka babalelang bana ba rona ka gone mo kgobololong ya diokobatsi; kana, gore go ka dirwa eng kaga bokebekwa e le gore re tle re se ka ra boifa go tsamaya mo mebileng; jl jl.). A o ka bona tebelelo epe ya tharabololo ya mmatota?’
● ‘A seo ke ka go bo o setse o na le bodumedi jwa gago? . . . A ke o mpolelele, A o akanya gore go tla ke go nne le nako ya fa mongwe le mongwe a tla bo a le wa bodumedi bo le bongwe? . . . Ke eng se se lebegang e le sekgoreletsi mo tseleng? . . . Gore bo tle bo nne mosola, ke motheo wa mofuta ofe o o tlhokwang?’
● ‘Ke lemoga seo. Dingwaga di sekaenyana tse di fetileng ke ne ke ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Mme ke ile ka bala sengwe mo Bibeleng seo se ileng sa nthusa go lebelela dikgang ka tsela e e farologaneng. (Bontsha motho gore e ne e le eng seo.)’
● ‘A o ka kgatlhegela gore ke go bontshe go tswa mo Bibeleng kafa o ka bonang baratiwa ba gago ba ba suleng gape ka gone (kana, gore tota boikaelelo jwa botshelo ke eng; kana, kafa e ka re thusang go boloka malapa a rona a kitlane ka gone; jl jl.)?’
● ‘Fa e le gore o raya gore ga o kgatlhegele go reka sepe, e re ke go wetse dibete. Ga ke mo papading. A mme o ne o ka kgatlhegela sebaka sa go tshela mo lefatsheng la paradaise, kwantle ga bolwetsi le bokebekwa, le baagelani bao ba go ratang eleruri?’
● ‘A ke kafa o a tleng o arabele ka gone fa Basupi ba ga Jehofa ba go etetse? . . . A o kile wa ipotsa gore tota ke ka baka lang fa re nna re eta kana tota re bua kaga eng? . . . Ka bokhutshwane, lebaka la go bo ke tsile go go bona ke gore ke itse sengwe seo le wena o tshwanetseng go se itse. Ke goreng o sa reetse fela gompieno?’
‘GA KE NA KGATLHEGO MO BODUMEDING’
● ‘Ke tlhaloganya kafa o ikutlwang ka teng. Go bua boammaaruri, dikereke ga di dire gore lefatshe leno e nne lefelo le le bolokesegileng go ka tshela go lone, a ga go jalo? . . . A ke ka go botsa, A o nnile wa ikutlwa ka metlha yotlhe ka tsela e o ikutlwang ka yone jaanong? . . . A mme o dumela mo Modimong?’
● ‘Go na le batho ba bantsi ba ba ikutlwang jaaka o ikutlwa. Bodumedi eleruri ga bo a ka jwa ba thusa. Leo ke lebaka le lengwe le re etileng—ka go bo dikereke ga di a ka tsa bolelela batho boammaaruri kaga Modimo le boikaelelo jwa gagwe jo bo molemo-lemo go setho.’
● ‘Mme ke tlhomamisega gore o kgatlhegela isagwe ya gago ka sebele. A o ne o itse gore Bibela e boleletse pele maemo one ano a a leng gone mo lefatsheng gompieno? . . . Mme ebile e bontsha gore matswela e tla nna eng.’
● ‘A o ikutlwile ka tsela eo ka metlha? . . . O ikutlwa jang kaga isagwe?’
‘GA KE KGATLHEGELE BASUPI BA GA JEHOFA’
● ‘Batho ba bantsi ba re bolelela seo. A o kile wa ipotsa gore ke ka baka lang fa batho ba ba jaaka nna ba ithaopetse go etela batho lemororo re itse gore bontsi jwa beng ba matlo ga ba ketla ba re amogela? (Bolela dintlha tsa botlhokwa tsa Mathaio 25:31-33, o tlhalosa gore tiro ya go kgaoganya batho ba merafe yotlhe e a diragala le gore karabelo ya bone mo molaetseng wa Bogosi ke lebaka la botlhokwa-tlhokwa mo go seno. Kana umaka dintlha tsa botlhokwa mo go Esekiele 9:1-11, o tlhalosa go re, mo motheong wa boitshwaro jwa batho ka molaetsa wa Bogosi, mongwe le mongwe o ‘tshwaelwa’ e ka tswa e le gore a bolokiwe mo sepitleng se segolo kana a senngwe ke Modimo.)’
● ‘Ke lemoga seo ka go bo ke kile ka ikutlwa ka tsela eo le nna. Mme, go bua boammaaruri fela, ke ne ka fetsa ka gore ke reetse mongwe wa bone. Mme ke ne ka fitlhela gore ke ne ke sa bolelelwa boammaaruri kaga bone. (Umaka tatofatso nngwe e e tlwaelesegileng ya maaka mme go tswa foo o bo o tlhalosa seo re se dumelang.)’
● ‘Eseng kgakala jaana ke ne ka raya Mosupi mongwe yo o neng a nketetse selo se se tshwanang. Mme pele ga a tsamaya ke ne ka botsa potso e ke neng ke tlhomamisega gore o ne a ka se ka a e araba. A o ne o ka rata go itse gore e ne e le efe? . . . (Jaaka sekai: Kaene o tsere mosadi wa gagwe kae?)’ (E dirisiwe fela ke bao tota ba ileng ba nna le boitemogelo joo.)
● ‘Fa e le gore o motho wa bodumedi, ke lemoga seo. Bodumedi jwa gago eleruri bo raya mo go golo go wena. Mme ke akanya gore o dumalana gore ka bobedi jwa rona re kgatlhegela (umaka setlhogo se se tshwanetseng).’
● ‘Kwantle ga pelaelo o na le bodumedi jwa gago. A o ka rata gore ke go botse gore ke bodumedi bofe joo? . . . Re itumelela go buisana le batho ba tumelo ya gago. O ikutlwa jang kaga (umaka setlhogo sa gago sa motlotlo)?’
● ‘Ee, ke a tlhaloganya. Mme lebaka la go bo re etile ke gore re lelapa le le ka ratang go bona batho ba tshela mmogo ka kagiso. Re lapisitswe ke go utlwa dikgang tsa bosigo bongwe le bongwe ka dipego tsa go tlhabana le pogo. Ke gopola gore le wena. . . . Mme ke eng se se ka tlisang phetogo e e tlhokwang? . . . Re bone kgothatso mo ditsholofetsong tsa Bibela.’
● ‘Ke itumelela go bo o ile wa nkitsise kafa o ikutlwang ka teng. A mme o ne o ka rata gore o mpolelele gore tota ke eng se o sa se rateng ka rona? A ke seo re se go bontshang mo Bibeleng, kana ke go go etela ga rona?’
‘KE NA LE BODUMEDI JWA ME’
● ‘A o ka rata go mpolelela, A bodumedi jwa gago bo ruta gore nako e tla tla e batho bao ba ratang se se siameng ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng? . . . Eo ke kgang e e ikuelang, a ga go jalo? . . . E teng fela fa mo Bibeleng. (Pes. 37:29; Math. 5:5; Tshen. 21:4)’
● ‘Ke a dumela gore mo kgannyeng eno mongwe le mongwe o tshwanetse a itirela phetso e e leng ya gagwe. A mme o ne o itse gore Modimo ka boone o lebeletse batho ba mofuta mongwe o o rileng go nna baobamedi ba gagwe ba boammaaruri? Elatlhoko Yohane 4:23, 24. Go obamela Modimo “ka boamarure” go ka tswa go rayang? . . . Modimo o re neile eng go re thusa go itse se se leng boammaaruri le se se seng boammaaruri? . . . (Yoh. 17:17) Mme elatlhoko kafa go leng botlhokwa go rona ka sebele ka teng. (Yoh. 17:3)’
● ‘A botshelo jotlhe jwa gago o ntse o le motho wa bodumedi? . . . A o akanya gore setho se tla ke se kitlane mo bodumeding bo le bongwe? . . . Ke ile ka akanya thata ka seo ka ntlha ya se se begilweng fano mo go Tshenolō 5:13. . . . Go tlhokafala eng e le gore re tle re kgone go tshwanela tlhaloso eno?’
● ‘Ke ne ke ntse ke lebeletse go bona mongwe yo o tshwanang le wena yo o nang le kgatlhego mo dilong tsa semoya. Bantsi gompieno ga ba a nna jalo. A ke ka go botsa kafa o ikutlwang ka teng ka tsholofetso ya Bibela ya gore Modimo o tla tlosa boikepo jotlhe mme a dire lefatshe leno lefelo leo go tla nnang fela mo go lone batho ba ba ratang tshiamo? A seo se a ikuela go wena?’
● ‘A o tlhagafetse thata mo dikgannyeng tsa kereke? . . . A mo metlheng ya jaanong ke gantsi o tla fitlhelang dikereke di tletse ka batho ba ba tlileng tirelong? . . . A o fitlhela e le gore bontsi jwa maloko ruri ba bontsha keletso e e tlhoafetseng go dirisa Lefoko ja Modimo mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi? (Kana, O fitlhela e le gore maloko a akanya ka go tshwana kaga se se ka rarabololang mathata a a lebaneng lefatshe?) Re fitlhela e le gore thuto ya legae ya Bibela ya botho e a thusa.’
● ‘Ka phepafalo o kgotsofetse ka bodumedi jwa gago. Mme batho ba bantsi ga ba a kgotsofadiwa ke maemo a lefatshe. Ka gongwe go ntse jalo le ka wena; a ga go jalo? . . . Tota se sotlhe se gogela go eng?’
● ‘A o motho yo o ipelelang go bala Bibela? . . . A o ipha nako ya go e bala ka metlha yotlhe?’
● ‘Ke itumelela go bo o mpoleletse seo. Mme ke tlhomamisega gore o tla dumalana gore, go sa kgathalesege gore botshelo jwa rona jwa bodumedi ke bofe, rotlhe re kgatlhegela kagiso ya lefatshe tota (kana, ditsela tsa go sireletsa bana ba rona kgatlhanong le ditlhotlheletso tse di bosula; kana, go nna le baagelani ba rona e le batho bao eleruri ba ratanang; kana, go ipelela dikamano tse di molemo le ba bangwe, mme seo se ka tlisa kgwetlho fa mongwe le mongwe a ikutlwa a le tlase ga kgatelelo).’
● ‘Ke itumelela go bo ke itse gore o motho yo o sekametseng mo bodumeding. Batho ba bantsi gompieno ga ba tseye bodumedi ka tlhoafalo. Bangwe ba akanya le eleng gore ga go na Modimo. Mme, go ya ka seo o se rutilweng, o akanya gore Modimo ke motho wa mofuta ofe? . . . Elatlhoko gore Bibela e re bolelela leina la gagwe la sebele. (Ekes. 6:3; Pes. 83:18)’
● ‘Fa Jesu a ne a romela barutwa ba gagwe go rera, o ne a ba bolelela go ya mo karolong e nngwe le e nngwe ya lefatshe, e le gore ba tle ba kopane le batho ba bantsi bao bodumedi jwa bone bo neng bo farologane le jwa bone. (Dit. 1:8) Mme o ne a itse gore bao ba bolaetsweng tlala le go nyorelwa tshiamo ba ne ba tla reetsa. Mme ke molaetsa ofe o tota a neng a bolela gore o tshwanetswe gore o rerwe mo motlheng wa rona? (Math. 24:14) Bogosi bo rayang go rona?’
‘LE RONA RE SETSE RE LE BAKERESETE FANO’
● ‘Ke itumelela go itse seo. He kwantle ga pelaelo o itse gore Jesu ka boene o ne a dira tiro e e tshwanang e, a etela batho mo magaeng a bone, mme o ne a laela barutwa ba gagwe go dira seo le bone. A o tlwaelane le setlhogo se ba neng ba rera ka sone? . . . Seo ke sone se re tlileng go buisana kaga sone gompieno. (Luke 8:1; Dan. 2:44)’
● ‘Mme he ke tlhomamisega gore o tla anaanela bomasisi jwa se Jesu a neng a se bolela fano mo Therong ya mo Thabeng. O ne a papamala fela thata-thata mme gape o ne a le lorato fa a ne a re . . . (Math. 7:21-23) Potso eo re tlhokang go e ipotsa, he ke, Tota ke itse thato ya Rre wa selegodimo sentle go le kana kang? (Yoh. 17:3)’
‘KE TSHWAREGILE’
● ‘He ke tla bua ka bokhutshwanyane. Ke tlile jaana go abalana ntlhanyana e e botlhokwa le wena. (Tlhalosa dintlha tsa botlhokwa tsa setlhogo sa puisano sa gago mo e ka nnang ka diele di le pedi.)’
● ‘Go siame. Ke ka itumelela go go etela nako e nngwe gape, fa go tla bo go go siametse. Mme pele ga ke tsamaya, ke ne ke eletsa go re ke bale lokwalo lo le longwe loo tota lo re neelang sengwe se se botlhokwa se re tshwanetseng go se akanyetsa.’
● ‘Ke a tlhaloganya. Jaaka mmè (kana, mmereki; kana, moithuti) ke na le thulaganyo e e tletseng le nna. Ka jalo ke tla khutshwafatsa fela. Rotlhe re lebane le seemo se se masisi. Bibela e bolela gore re gaufi le nako eo Modimo o tla senyang tsamaiso e e boikepo ya jaanong ya dilo. Mme go tla nna le bafalodi. Potso ke gore, Nna le wena re tshwanetse go dira eng go nna gareng ga bone? Bibela e arabela potso eo. (Sefa. 2:2, 3)’
● ‘Wa itse ke eng, leo ke lone lebaka la go bo ke etetse fa. Rotlhe re tshwaregile—re tshwaregile fela thata mo eleng gore dilo tsa botlhokwa-tlhokwa tota-tota mo botshelong ka dinako tse dingwe di a tlhokomologiwa, a ga go jalo? . . . Ke tla bua ka bokhutshwanyane, mme ke tlhomamisega gore o tla kgatlhegela lokwalo lono lo le longwe. (Luke 17:26, 27) Ga go ope wa rona yo o batlang go iphitlhela a le mo seemong seo, ka jalo re tlhoka go ipha nako mo matshelong a rona a a tshwaregileng go akanyetsa se Bibela e se buang. (Ntsha mpho ya buka.)’
● ‘A go tla bo go siame fa re ne re ka tla morago ga sephatlo sa oura, morago ga re se na go etela bangwe ba baagelani ba gago?’
● ‘He ga ke ne ke go dia. Ka gongwe ke ka tla letsatsi le lengwe. Mme pele ga ke tsamaya, ke ne ke ka rata go go neela sebaka sa go tsaya mpho eno e e kgethegileng. (Supa mpho ya kgwedi.) Kgatiso eno e tshotse thuto eo e tla go tlwaelanyang le dikarabo tsa Bibela ka sebele go dipotso tse di jaaka (umaka e le nngwe kana tse pedi).’
● ‘O tla intshwarela go bo ke go fitlhetse ka nako e e sa siamang. Jaaka o ka tswa o itse, ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke batlile go abalana le wena ntlha e e botlhokwa go tswa Bibeleng. Mme ereka o se na nako go reetsa jaanong, ka gongwe ke ne ke ka go tlogela le dimakasine tsa rona tsa bosheng, tseo di tlotlang (umaka setlhogo). O ka di ipalela fa o na le nako. Re di tlogela fela ka moneelo o mmotlana wa . . .’
● ‘Ga go thata go tlhaloganya seo. Go lebega go se na nako ya go dira sengwe le sengwe. A mme o kile wa akanyetsa kafa botshelo bo ka bong bo farologane thata ka teng fa o ne o ka tshelela ruri? Ke itse gore seo e ka tswa e le selo se sesha. Mme e re ke go bontshe temana e le nngwefela fela ya Bibela e e tlhalosang kafa selo sa go nna jalo se ka kgonegang ka gone. (Yoh. 17:3) Jalo, seo re tlhokang go se dira jaanong ke gore re nne le kitso eno kaga Modimo le Morwawe. Ke ka gone re tlogelang buka eno.’
‘KE ENG LO RE ETELA GANTSI JAANA?’
● ‘Ka go bo re dumela gore re tshela mo metlheng ya bofelo e go lebisitsweng go yone mo Bibeleng. Re ikutlwa gore go botlhokwa ka rona rotlhe go akanya kaga gore maemo a jaanong a tla felela jang. (Umaka tiragalo e le nngwe kana di le pedi tse di sa tswang go diragala kana maemo a bosheng jaana.) Potso ke gore, Re tlhoka go dira eng fa e le gore re tla falola bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo?’
● ‘Ke ka go bo re rata Modimo le baagelani ba rona. Seo ke se rotlhe re tshwanetseng go se dira, a ga go jalo?’
‘KE SETSE KE TLWAELANE LE TIRO YA LONA’
● ‘Ke itumelela go utlwa seo. A o na le mongwe wa losika yo o atamalaneng le wena kana tsala ya gago yo eleng Mosupi? . . . A ke ka go botsa: A o dumela seo re se rutang go tswa Bibeleng, eleng, gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō,” le gore gautshwane Modimo o tla senya baikepi, le gore lefatshe leno e tla nna paradaise eo go yone batho ba tla tshelelang ruri ka botsogo jo bo itekanetseng gareng ga baagelani bao eleruri ba ratanang?’
‘GA RE NA MADI’
● ‘Ga re kope madi. Mme re neela thuto ya Bibela ya legae ya mahala. Nngwe ya ditlhogo tse di akarediwang ke (dirisa setlhogo sa kgaolo go tswa kgatisong ya bosheng). A ke ka iipha metsotso e se kae go go bontsha kafa e dirang ka teng. Ga ke ne ke go lopa lefa e le peni.’
● ‘Metlha e e thata. Mme re kgatlhegela batho, e seng madi a bone. (Tswelela ka motlotlo. Morago ga go neela buka, ba bolelele gore o itse gore ba go reile ba re ga ba na madi gone jaana. Mme fa go tshwanela, o ka ba kopa go e ananya ka sengwe kana o ba bolelele gore o ka itumelela go ba direla otoro le go e tlisa ka nako e e tshwanetseng.)’
FA MONGWE A RE, ‘KE MOBUDA’
● O se ka wa feleletsa ka gore ditumelo tsa motho yoo di tshwana le tsa Babuda botlhe ba bangwe. Dithuto tsa Bobuda ga di a nitama mme batho ba ba di dumelang ba di tlhalosa ka go farologana. Bobuda jwa Japane bo farologane gotlhelele le Bobuda jwa Asia Borwa-botlhaba. Batho ka bongwe, gape, ba farologana ka boikutlo jwa bone. Lefa go ntse jalo, mo kakaretsong, dintlha tse di latelang di ka thusa: (1) Bobuda ga bo tseye fa go na le Modimo o o ka kwantle, Mmopi wa sebele. Mme Babuda ba bantsi ba obamela ditshwantsho le digopodiso tsa ga Buda. (2) Siddhartha Gautama, yo a neng a neelwa sereto sa Buda, o ne a lejwa jaaka motheo wa sedumedi ke balatedi ba gagwe, go ka ediwa ke bone. O ne a kgothaletsa gore go bonwe lesedi ka go ithuta setho go tswa ponong ya botho, gape le go kgaola metswe ya go boga ka go laola tlhaloganyo e le gore go tlosiwe keletso yotlhe ya selefatshe. O ne a ruta gore ka tsela eno motho o ka bona Nirvana, a gololesega mo go tsalweng sesha gape ga dikhuduga. (3) Babuda ba obamela bagologolwane ba bone, ka go bo ba leba bano jaaka motswedi wa botshelo jwa bone.
Dikakantsho tsa puisano: (1) Fa o buisana le Babuda, otlelela gore ga o karolo ya La-Bodumedi. (2) Babuda ba tlotla “dibuka tse di boitshepo,” mme gantsi ba tlotla Bibela ka ntlha ya seo. Mo boemong jwa gore o ganelele mo botlhajaneng jwa Bobuda, neela molaetsa o o molemo wa Bibela. Dira gore ba itse gore Bibela ga se botlhajana fela jwa motho mme ke Lefoko je le kwadilweng ke Mmopi wa setho, Jehofa Modimo. Ba kope ka maitseo fa e le gore a o ka ba bontsha ntlha e e kgatlhisang go tswa bukeng eno e e boitshepo, eleng Bibela. (3) Babuda ba bantsi ba kgatlhegela thata-thata kagiso le botshelo jwa lelapa mme ba batla go tshela botshelo jwa maitsholo a a molemo. Puisano epe ka dikgang tseno gantsi e a amogelwa. (4) Bontsha gore Bibela e tlhalosa ka puso ya selegodimo e e tshiamo godimo ga lefatshe gore ke yone tharabololo ya mmatota ya mathata a setho se lebaneng le one. E tlhalosa isagwe ya lefatshe le tebelelo e e gakgamatsang ya go tshelela ruri mo paradaiseng ya selefatshe. (5) O ka nna wa supa gore Bibela e tlhalosa tshimologo ya botshelo, bokao jwa botshelo, boemo jwa baswi le tsholofelo ya tsogo, lebaka la go nna gone ga boikepo. Go neela ka bopelonomi boammaaruri jo bo phepa jwa Lefoko ja Modimo go tla bona karabelo e e molemo mo dipelong tsa bao eleng ba seka-dinku.
Bukana ya In Search of a Father e baakanyeditswe segolo bogolo go solegela molemo Babuda ba ba peloephepa.
FA MONGWE A RE, ‘KE MOHINDU’
● O tshwanetse go elatlhoko gore botlhalefi jwa Sehindu bo raraane tota mme ga bo tsamaisane le megopolo e e utlwalang e e tlwaelesegileng. O ka go fitlhela go thusa go gakologelwa dintlha tseno: (1) Bohindu bo ruta gore modimo Brahman o akareletsa dibopego tse tharo—Brahma wa Mmopi, Vishnu wa Modibedi, le Siva wa Mosinyi. Mme Bahindu ga ba akanye gore modimo wa botho o tota o tlhaolegileng o teng. (2) Bahindu ba dumela gore dilo tsotlhe tsa tlholego di na le moya o o ka se sweng, gore moya o itemogela modikologo o tota o sa feleng wa go tsalwa ka mmele o mosha, le gore dibopego tseo di tsalwang ka one di laolwa ke ditiro (Karma), gore kgololo mo ‘leotwaneng leno le le sa feleng’ e ka kgonega fela ka go tlosa dikeletso tsotlhe tsa nama, le gore fa seno se fitlheletswe, moya (soul) o ka kopana le moya (spirit) wa mo lobopong lotlhe. (3) Gantsi, Bahindu ba tlotla ditumelo tse dingwe. Bahindu ba dumela gore, go sa kgathalesege lebaka la go bo ba ruta dithuto tsa motheo tse di thulanang, ditumelo tsotlhe di gogela mo boammaaruring bo le bongwe.
Go na le go leka go dirisana le marara a botlhajana jono jwa Sehindu, neelana ka boammaaruri jo bo kgotsofatsang jo bo fitlhelwang mo Bibeleng e e Boitshepo. Dipaakanyetso tse di lorato tsa ga Jehofa tsa botshelo di bulegetse batho ba mefuta yotlhe, mme boammaaruri jo bo papametseng mo Lefokong ja gagwe bo fitlhelela dipelo tsa bao ba bolaetsweng ke tlala le go nyorelwa tshiamo. Ke Bibela fela e e baakanyetsang ka tsholofelo ya ammaaruri e e itsetsepetseng sentle ka isagwe; ebile ke Bibela e le yosi fela e ruri e neelang dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di botlhokwa tse setho sotlhe se thulaneng le tsone. Ba neele sebaka sa go utlwa dikarabo tseo. Go a kgatlhisa gore mo seheleng sa Sehindu Rig-Veda, 10. 121, e na le setlhogo se se reng “Sa Modimo Mongwe o o sa Itsiweng.” Mo makgetlong a mangwe o ka go fitlhela go tshwanela go lebisa go seno ka mokgwa o o tshwanang le o moaposetoloi Paulo a neng a lebisa go sebeso “SA MODIMO MOÑWE O O SA ITSIWEÑ” mo Athena. (Dit. 17:22, 23) Ka mo go kgatlhisang, leina la modimo wa Sehindu Vishnu, kwantle ga digamma, ke Ish-nuh, leo ka Sekaladia le rayang “monna yo go tweng Noa.” Supa se Bibela e se buang kaga botlhokwa jwa Morwalela wa kgolokwe mo metlheng ya ga Noa. Bao ba tlaletsweng ka tebelelo ya go tsalwa ka mebele e mengwe e e sa feleng ba ka thusiwa ke boikitsiso jo bo mo tsebeng 182, 183, tlase ga setlhogo se segolo “Go Tsalwa ka Mmele o Mosha.”
Dibukana tsa The Path of Divine Truth Leading to Liberation le From Kurukshetra to Armageddon—And Your Survival di tshotse boikitsiso jo bo ka nnang mosola thata go Bahindu ba ba peloephepa.
FA MONGWE A RE, ‘KE MOJUDA’
● Lwantlha, tlhomamisa gore motho yoo o rayang fa a re ke Mojuda. Ke ba se kae fela ba e leng ba bodumedi. Go ba bantsi go nna Mojuda go raya fela tlholego ya gagwe.
Go na le dintlha di se kaenyana ke tseno tse di mosola go di gakologelwa: (1) Bajuda ba bodumedi ba leba go bidiwa ga leina la Modimo jaaka moila. (2) Bajuda ba bantsi ba tsaya gore “Bibela” ke buka ya Bokeresete, mme fa o lebisa go “Dikwalo tsa Sehebera,” “Dikwalo” kana “Torah,” bothata joo ga bo tlhage. (3) Ngwao ke karolo ya konokono ya tumelo ya bone mme e lejwa ke Bajuda ba bantsi ba bodumedi jaaka e e lekanang ka taolo le Dikwalo. (4) Ba ka nyalanya Jesu Keresete le pogiso e e botlhoko e e itemogelwang ke Bajuda ba ba bogisitsweng ke La-Bodumedi ka leina la ga Jesu. (5) Gantsi ba dumela gore Modimo o batla gore Bajuda ba boloke Sabata, tumelo eo e akareletsang go ikgogona mo go tshwareng madi mo letsatsing leo.
Go tlhomamisa gore lo tle lo utlwane, o ka nna wa re: (1) ‘Kwantle ga pelaelo o ka dumalana, gore go sa kgathalesege botshelo jwa rona, rotlhe re lebane le mathata a a tshwanang mo lefatsheng la gompieno. A o dumela gore tota go tla nna le tharabololo ya go ya go ile ya mathata a magolo ao a lebaneng le losika lono? (Pes. 37:10, 11, 29; Pes. 146:3-5; Dan. 2:44)’ (2) ‘Ga re karolo ya La-Bodumedi ebile ga re dumele Tharo-nngwe mme re obamela Modimo wa ga Aberahame. Re kgatlhegela segolo bogolo kgang ya boammaaruri jwa bodumedi. A o ka ntetla go go botsa gore o tlhomamisa jang gore selo se boammaaruri, segolo bogolo ka ntlha ya lebaka la gore go na le dipharologanyo tse dikgolo tsa ditumelo gareng ga batho ba Sejuda? . . . (Dute. 4:2; Isa. 29:13, 14; Pes. 119:160)’ (3) ‘Re kgatlhegela fela thata-thata tsholofetso ya Modimo go Aberahame gore batho ba merafe yotlhe ba tla segofala mo losikeng lwa gagwe. (Gen. 22:18)’
Fa motho a supa tlhaelo ya tumelo mo Modimong, botsa gore a o ile a nna a ikutlwa jalo ka metlha. Go tswa foo gongwe o bo o tlotla ka gore ke ka baka lang fa Modimo o dumeletse boikepo le pogo. Dikgakologelo tsa mahumapelo a bo-Nazi di ile tsa dira gore Bajuda ba bantsi ba tshwenyege kaga se.
Fa o tlotla ka botlhokwa jwa go dirisa leina la Modimo, tlhotlhomisa pele kafa motho ka boene a ikutlwang kaga lone. Supa gore Ekesodo 20:7 e iletsa go sa tseye leina la Modimo ka tsela e e botlhaswa, mme ga e iletse go dirisiwa ga lone ka tlotlo. Go tswa foo akantshana ka ditemana tse di jaaka Ekesodo 3:15 (kana Pesalema 135:13); 1 Dikgosi 8:41-43; Isaia 12:4; Yeremia 10:25; Malaki 3:16.
Fa o tlotla kaga Mesia: (1) Bua pele kaga masego a mo isagweng tlase ga puso ya gagwe, go na le gore ke mang. (2) Go tswa foo akantshana ka ditemana tse di supelang go Mesia wa sebele. (Gen. 22:17, 18; Seka. 9:9, 10; Dan. 7:13, 14) (3) O ka nna wa tlhoka go tlotla ka go tla mo go bedi ga ga Mesia. (Bapisa Daniele 7:13, 14 le Daniele 9:24-26.) (4) Fa o lebisa go Jesu, dira jalo mo mokwalong o o otlelelang go tswelela pele ga boikaelelo jwa Modimo. Umaka go re, fa Jesu a ne a ruta, nako e ne e le gaufi fa Modimo o ne wa dumelela tempele ya bobedi gore e senngwe, gore e se ka ya tlhola e agiwa gape. Mme Jesu o ne a otlelela tiragatso ya Molao le Baperofeti le isagwe e e galalelang eo go yone tseno di neng di tla lebisa batho ba ba nang le tumelo go yone.