Hara-Magedona
Tlhaloso: Har Ma·ge·donʹ ka Segerika, e e ranoletsweng “Hara-Magedona” go tswa Sehebereng ke baranodi ba bantsi, e raya “Thaba ya Megiddo,” kana “Thota ya Bophuthegelo jwa Masole.” Bibela e nyalanya leina, eseng le mahumapelo a nuklea, mme le ‘ntwa ya lobopo e e tlang ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe.’ (Tshen. 16:14, 16) Leina leno le dira ka tlhamalalo fela go “lefelo [Segerika, toʹpon; ke gore, boemo kana seemo]” leo go lone baetapele ba sepolotiki ba lefatshe ba phuthelwang go lone kgatlhanong le Jehofa le Bogosi jwa gagwe ka Jesu Keresete. Kganetso e e ntseng jalo e tla sutšwa ke kgato ya kgolokwe kgatlhanong le batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng, baemedi ba ba bonalang ba Bogosi jwa Modimo.
A batho ba tla letlelelwa ke Modimo go senya lefatshe ka seo bangwe ba se bitsang “Hara-Magedona ya mogote wa nuklea”?
Pes. 96:10: “Yehofa oa busa; lobopō [Sehebera, te·velʹ; lefatshe, jaaka je le nonneng le je le ntsweng, kgolokwe e e agilweng] le lōna lo nitame, ga lo kake loa tshikiñwa.”
Pes. 37:29: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”
Tshen. 11:18: “Me dichaba tsa tlala bogale, me bogale yoa gago [Jehofa] yoa tla, le lobaka . . . loa go senya ba ba senyañ lehatshe.”
Hara-Magedona ke eng, jaaka e lebisitswe mo Bibeleng?
Tshen. 16:14, 16: “Gonne ke meōea ea badimo, e e dihañ dichupō; e e cwèlañ kwa dikgosiñ tsa lehatshe yeotlhe, e ea go di phuthèla kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe. Me ea di phuthèla mo heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona [Aramagedona], mo puoñ ea Sehebera.”
A Hara-Magedona e tla lwelwa fela kwa Botlhaba Gare?
Babusi le masole a merafe yotlhe ba tla phuthwa kgatlhanong le Modimo
Tshen. 16:14: “E [tswela] kwa dikgosiñ tsa lehatshe yeotlhe, e ea go di phuthèla kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.”
Tshen. 19:19: “Me ka bōna sebatana [bobusi jotlhe jwa sepolotiki jwa batho], le dikgosi tsa lehatshe, le dintwa tsa cōna, di kokwanetsè èna eo o pagameñ pitse le ntwa ea gagwè, go tlhabana naè.”
Yer. 25:33: “Me babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe.”
Tiriso ya leina Hara-Magedona (Aramagedona) ga e ka ke ya raya gore ntwa e tla lwelwa kwa Thabeng ya Megiddo ya mmatota
Ga go na Thaba ya Megiddo ya mmatota; fa e se fela thotobolo e e bogodimo jwa dikgato tse di ka nnang 70 (21 m) koo matlotla a Megiddo wa bogologolo a leng gone.
Dikgosi le masole a “lehatshe yeotlhe” ga di ka ke tsa tsena tsotlhe mo Dipoeng tsa Esdraelon, kwa tlase ga Megiddo. Leboana leo le le sephara le bo le nna motsu, le dimmaele tse 20 fela (32 km) ka boleele mme le dimmaele tse 18 (29 km) ka bophara kafa ntlheng ya botlhaba.—The Geography of the Bible (New York, 1957), Denis Baly, ts. 148.
Leina le le a tshwanela ka ntlha ya seabe sa Megiddo mo ditsong; dipoa tse di kwa tlase ga Megiddo e ne e le setsha sa dintwa tsa makgaola-kgang
Gone koo Jehofa o ne a fenya Sisera kgosana ya batlhabani ba Kanana, pele ga Moatlhodi Barake.—Baatlh. 5:19, 20; 4:12-24.
Thutmose III, faro wa Egepeto, o ne a re: “Go gapa Megiddo ke go gapa metse e le sekete!”—Ancient Near Eastern Texts Relating to the Old Testament (Princeton, N.J.; 1969), e e neng ya kwalwa ke James Pritchard, ts. 237.
Go bua ka Megiddo (e e rayang “Bophuthegelo jwa Masole”) go a tshwanela ka go bo Hara-Magedona ke seemo sa lefatshe seo go sone masole le barotloetsi ba bangwe ba babusi ba ditšhaba tsotlhe ba tla kopanyelediwang teng.
Go tla senngwa bomang kana eng kwa Hara-Magedona?
Dan. 2:44: “Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi . . . bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”
Tshen. 19:17, 18: “Me ka bōna moengele moñwe a eme mo letsatsiñ; me a kua ka lencwe ye legolo, a raea dinōnyane cotlhe tse di hohañ ha gare ga loapi loa legodimo, a re, Tlaañ lo phuthègèlè selalèlō se segolo sa Modimo; Gore lo yè nama ea dikgosi, le nama ea beñ ba mephatō, le nama ea banna ba ba thata, le nama ea dipitse, le ea ba ba thata, le nama ea ba ba di pagameñ, le nama ea batho botlhe, ba e leñ bana ba motse le batlhanka, bannye le bagolo.”
1 Yoh. 2:16, 17: “Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe. Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”
Tshen. 21:8: “Me kaga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumeleñ, le ba ba mashwè, le babolai, le bagokahadi, le baloi, le ba ba dihèlañ medimo ea disètwa, le baaki botlhe, kabèlō ea bōnè e tla nna mo bodibeñ yo bo shañ ka molelō le sulefura; mo e leñ losho loa bobedi.”
A tshenyego ke ya bosena-bokhutlo?
Math. 25:46: “Me bauō [bao ba ganang go direla “bonnake” ba ga Keresete molemo] ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ.”
2 Bathes. 1:8, 9: “Ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ.”
A go tla nna le bafalodi?
Sefa. 2:3: “Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”
Bar. 10:13: “Gonne, ga twe, Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya [ga Jehofa] o tla bolokwa.”
Pes. 37:34: “Lebèlèla mo go Yehofa, u bo u chwarè tsela ea gagwè, me o tla gu goletsa go tla u rua lehatshe: e tla re mogañ baikepi ba kgaolwañ, u tla go bōna.”
Yoh. 3:16: “Modimo . . . oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumelañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”
Tshen. 7:9, 10, 14: “Ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana. . . . Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo.”
Bananyana ba tla diragalelwa ke eng kwa Hara-Magedona?
Bibela ga e arabe potso eo ka tlhamalalo, mme ga re baatlhodi. Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha gore Modimo o leba bananyana ba Bakeresete ba boammaaruri jaaka ba ba ‘itshepileng.’ (1 Bakor. 7:14) Gape e senola gore mo dinakong tse di fetileng fa Modimo o ne o senya baikepi ka mo go tshwanang o ne a senya le bananyana ba bone. (Dipa. 16:27, 32; Esek. 9:6) Modimo ga o batle ope gore a senngwe, ka jalo o dira gore go utlwadiwe tlhagiso jaanong tsholegelong molemo ya batsadi le bana. A go tla bo go se botlhale ka batsadi go latedisa tsela eo e tla felelang ka gore bana ba bone ba lejwe ka kamogelo ke Modimo jaanong le ka Hara-Magedona?
A go nna lorato ga Modimo go senngwa ke tshenyego ya baikepi?
2 Pet. 3:9: “[Jehofa] . . . o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.”
Luke 18:7, 8: “Me Modimo ōna, a ga o ketla o sèkèla ba e leñ baitshenkedwi ba ōna, ba ba goèlañ kwa go ōna motshegare le bosigo, me o bile o pelotelele kaga bōnè. Kea lo bolèlèla, O tla ba sèkèla ka bonakō.”
2 Bathes. 1:6: “Ke raea ha e le mo go siameñ mo Modimoñ go lehetsa pitlaganyo ea ba ba lo pitlaganyañ [batlhanka ba gagwe].”
A go ka kgonega go ema fela o itlhaotse?
2 Bathes. 1:8: “A itehetsa mo go ba [ka go ikgethela] ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.”
Math. 24:37-39: “Me yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, . . . Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.”
Math. 12:30: “Eo o sa èmañ le nna o tlhabana le nna; le eo o sa phutheñ le nna oa halatsa.”
Bapisa Duteronome 30:19, 20.
Merafe e kgoromediwa ke tlhotlheletso ya ga mang go ya seemong sa lefatshe seo se tla felelang ka ntwa kgatlhanong le Modimo?
Tshen. 16:13, 14: “Me ka bōna ha go cwa mo ganoñ ya kgōgèla [Satane Diabolo; Tshen. 12:9], le mo ganoñ ya sebatana, le mo ganoñ ya moperofeti eo e señ èna, meōea e e mashwè e le meraro, ekete digwagwa: Gonne ke meōea ea badimo, e e dihañ dichupō; e e cwèlañ kwa dikgosiñ tsa lehatshe yeotlhe, e ea go di phuthèla kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.”
Bapisa Luke 4:5, 6; 1 Yohane 5:19; gape le Ditihō 5:38, 39; 2 Ditihalō 32:1, 16, 17.