Go Gapiwa
Tlhaloso: Tumelo ya gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba tla tsholediwa ka mebele go tswa kgolokweng, le go tsewa ka tshoganetso mo lefatsheng, go nna mmogo le Morena “mo moyeng.” Lefoko “go gapiwa” le tlhaloganngwa ke batho bangwe, mme eseng ke botlhe, go raya tlhaloso ya ga 1 Bathesalonia 4:17. Lefoko “go gapiwa” ga le tlhage mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng.
Fa moaposetoloi Paulo a ne a re Bakeresete ba ne ba tla “cholediwa” go ya go nna le Morena, go ne go tlotliwa kgang efe?
1 Bathes. 4:13-18: “Me ga re rate loa tlhōka go itse, ba ga echo, kaga ba ba rōbalañ [“ba ba robalang mo losong,” NE; “ba ba suleng,” TEV, JB], gore lo se hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō. Gonne ha re dumèla gore Yesu o ne a shule me a ba a coga, hèla yalo ba ba shwetseñ mo go Yesu, Modimo o tla ba lere naè. Gonne se, re se bua le lona ka lehoko ya Morèna, go re, rona ba re tla boñ re tshedile, ba e tla reñ mo go tleñ ga Morèna re hitlhèlwa re setse, ga re ketla re ètèlèla ba ba shuleñ pele. Gonne Morèna ka esi o tla hologa kwa legodimoñ ka loshalaba, le ka lencwe ya moengele eo mogolo, le ka go galaotèga ga lonaka loa Modimo: me bashwi ba ba shwetseñ mo go Keresete ba tla coga pele: Hoñ, rona ba re tla boñ re tshedile re tlogecwe, re tla cholediwa mmōgō nabō mo maruñ, re ea go kgatlhantsha Morèna mo loapiñ; me yalo re tla nnèla rure le Morèna. Ke gōna, gomotsanyañ ka mahoko a.” (Ka phepafalo maloko mangwe a phuthego ya Bokeresete mo Thesalonika a ne a sule. Paulo o ne a kgothatsa ba ba setseng go gomotsanya ka tsholofelo ya tsogo. O ne a ba gakolola gore Jesu o ne a tsosiwa morago ga loso lwa gagwe; mme gape, le mo go tleng ga Morena, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba neng ba sule gareng ga bone ba ne ba tla tsosiwa go ya go nna le Keresete.)
Ke bomang ba ba tla ‘tsholediwang mmogo ba le mo marung,’ jaaka go tlhalositswe go 1 Bathesalonia 4:17?
Temana ya 15 e tlhalosa ka gore ke ba ba ikanyegang ‘ba e tla reng mo go tleng ga Morena ba fitlhelwe ba setse,’ ke gore, ba sa ntse ba tshela mo nakong ya go tla ga ga Keresete. A ba tla tsamaya ba a swa? Go ya ka Baroma 6:3-5 le 1 Bakorintha 15:35, 36, 44 (e e tsopotsweng mo tsebeng 170), ba tshwanetse go swa pele ga ba ka bona botshelo jwa selegodimo. Mme ga go tlhokafale gore ba sale ba ntse ba le mo boemong jwa loso ba letile go tla ga ga Keresete. Ba tla “cholediwa,” ka bonako “ka ponyō ea leitlho,” go nna le Morena.—1 Bakor. 15:51, 52; gape Tshenolō 14:13.
A Keresete o tla bonala ka nama mo lerung mme go tswa foo a phamolele Bakeresete ba ba ikanyegang kwa magodimong fa lefatshe le tla bo le lebile?
A Jesu o ne a bolela gore a jaana lefatshe le ne le tla mmona gape ka matlho a bone a senama?
Yoh. 14:19: “E tla re kwa pelenyana, lehatshe le bo le sa tlhole le mpōna; me lona [barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang] lo bo lo nntse lo mpōna: ereka ke tshedile, le lona lo tla tshela.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) (Bapisa 1 Timotheo 6:16.)
Go tewang ka Morena a “hologa kwa legodimoñ”?
A Morena o tla “hologa kwa legodimoñ,” jaaka go tlhalositswe go 1 Bathesalonia 4:16, kwa ntle ga go bonwa ka matlho a senama? Mo metlheng ya Sodoma le Gomora tsa bogologolo, Jehofa o ne a bolela fa a tla ‘hologa a ya go bona’ se ba neng ba se dira. (Gen. 18:21) Mme fa Jehofa a ne a dira tshekatsheko eo, ga go na motho ope yo o neng a mmona, lemororo ba ne ba bona baemedi ba baengele ba a neng a ba romile. (Yoh. 1:18) Ka mo go tshwanang, kwa ntle ga go tla mo nameng, Jesu o ne a ka lebisa tlhokomelo ya gagwe go balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang mo lefatsheng go ba duela.
Ke ka tlhaloganyo efe, he, batho ba tla “bōnañ” Morena “a tla ka leru”?
Jesu o ne a bolelela pele ka go re: “Ediha gōna ba tla bōnañ Morwa Motho [Jesu Keresete] a tla ka leru, ka nonohō, le ka kgalalèlō e kgolo.” (Luke 21:27) Ga go na ka tsela epe tlhaloso eno kana tse dingwe tse di tshwanang mo ditemaneng tse dingwe di ganetsanang le se Jesu a se buileng jaaka go kwadilwe go Yohane 14:19. Akanyetsa seno: Kwa Thabeng ya Sinai, go ne ga diragalang fa Modimo ‘a tla kwa bathong ka leru le le kwenneng,’ jaaka go tlhalositswe go Ekesodo 19:9? Modimo o ne a le gone a sa bonale; batho ba Iseraele ba ne ba bona bosupi jo bo bonalang jwa go nna gone ga gagwe, mme ga go bape ba bone ba tota ba boneng Modimo ka matlho a bone. Jalo, ka mo go tshwanang, fa Jesu a ne a re o ne a tla tla “ka leru,” o tshwanetse a bo a ne a raya gore o ne a se ketla a bonwa ke matlho a batho mme gore batho ba ne ba tla lemoga go nna gone ga gagwe. Ba tla ‘mmona’ ka matlho a tlhaloganyo, ba lemoga lebaka la gore o ne a le gone. (Kaga dikakgelo tse di oketsegileng, bona setlhogo se segolo “Go Boa ga ga Keresete.”)
A go a kgonagala ka Bakeresete go tseelwa kwa legodimong ka mebele ya bone ya senama?
1 Bakor. 15:50: “Me yana, ba ga echo, ke bua lehoko ye, ka re, nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo; le gōna go bōla ga go kake ga rua bosaboleñ.”
A boitemogelo jwa ga moperofeti Elija bo ganetsa seno? Le eseng. Bo tshwanetse jwa tlhaloganngwa go ya ka tlhaloso e e phepafetseng ya ga Keresete makgolo a dingwaga moragonyana: “Me ga goa tlhatlogèla opè kwa legodimoñ, ha e se èna eo o hologileñ kwa legodimoñ, eboñ Morwa Motho eo o kwa legodimoñ.” (Yoh. 3:13) Lemororo Elija a ne a bonwa fa a “tlhatlogèla kwa legodimoñ ka sehehō,” seno ga se reye gore o ne a ya mo sebakeng sa moya. Ka ntlha yang? Ka gonne kwa moragonyana o ne a begwa a romela lokwalo lwa kgalemelo go kgosi ya Juda. (2 Dikg. 2:11; 2 Ditih. 21:1, 12-15) Pele ga batho ba dira difofane, Jehofa koo o ne a dirisa tsela e e leng ya gagwe (kara ya molelo le sefefo) go tsholetsa Elija go tswa mo lefatsheng go ya mo loaping koo dinonyane di fofang gone le go mo isa kwa lefelong le lengwe.—Bapisa Genesise 1:6-8, 20.
A ka gongwe Bakeresete ba ba ikanyegang ba tla tseelwa legodimong ka sephiri, ba nyelela fela mo lefatsheng kwantle ga go swa?
Bar. 6:3-5: “Kgotsa a ga lo itse ha rona ba re kolobeledicweñ Keresete Yesu, re kolobeledicwe losho loa gagwè? . . . Gonne ha re patagancwe naè ka chwanō ea losho loa gagwè, re tla nna yalo le ka chwanō ea go coga ga gagwè.” (Se se diragetseng mo kgannyeng ya ga Jesu se ne sa tlhoma motlhala. Barutwa ba gagwe ga mmogo le ba bangwe ba ne ba itse go re o ne a sule. O ne a se ka a tsosolosediwa botshelong jwa selegodimo go fitlhelela morago ga loso lwa gagwe le tsogo.)
1 Bakor. 15:35, 36, 44: “Me moñwe o ba a tla re, Ana bashwi ba cosiwa yañ? me ba tla tla ka mmele o o nntseñ yañ? Seeleele ke wèna! le se wèna ka wesi u se yalañ, ga se ke se tshela, ha se sa shwe pele: Go yalwa e le mmele oa tlhōlègō; go cosiwe e le mmele oa semōea.” (Jalo loso lo tla pele ga motho a amogela mmele oo wa semoya, a ga go jalo?)
A Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba tla tlosiwa mo lefatsheng ka dikgakgamatso ke Morena pele ga sepitla se segolo?
Math. 24:21, 22: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshahadiwa.” (Seno ga se reye gore “baitshenkedwi” ba tla bo botlhe ba tseetswe kwa legodimong pele ga sepitla se segolo se simologa, a go raya jalo? Go na le moo, go ka tswa go supa gore bangwe ba bone, mmogo le balekane ba bone mo nameng, ba tla falola sepitla se segolo seo mo lefatsheng.)
Tshen. 7:9, 10, 14: “Moragō ga dilō tse ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana. . . . Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo.” (Go ‘tswa mo’ sengweng motho o tshwanetse go tsena mo go sone kana go nna mo go sone. Jalo bontsi-ntsi jo bogolo jono e tshwanetse e bo e le batho bao tota ba itemogetseng sepitla se segolo le go tswa mo go sone jaaka bafalodi.) (Malebana le go nna ga bone mo lefatsheng, bona ditsebe 233, 234.)
Ke tshireletso efe e e tla nnang gone go Bakeresete ba boammaaruri ka nako ya sepitla se segolo?
Bar. 10:13: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna [“Jehofa,” NW] o tla bolokwa.”
Sefa. 2:3: “Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.” (Gape Isaia 26:20)
A ka gongwe Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tla tseelwa legodimong morago ga sepitla se segolo?
Math. 5:5: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.”
Pes. 37:29: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” (Gape ditemana 10, 11, 34)
1 Bakor. 15:50: “Nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo.”
Bona gape setlhogo se segolo “Legodimo.”
Ke ka baka lang fa Bakeresete bangwe ba tseelwa legodimong go nna le Keresete?
Tshen. 20:6: “Me ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.” (Ereka ba tla busa le Keresete, go tshwanetse ga nna le batho bao ba tla ba busang. Bano ke bafe? Bona Mathaio 5:5 le Pesalema 37:29.)
Bona gape le setlhogo se segolo “Tsalo Sesha.”
A bao ba yang legodimong e tla re moragonyana ba busediwe mo lefatsheng go tshelela ruri mono mo Paradaiseng?
Dia. 2:21: “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna.” (Elatlhoko gore temana ga e re batho ba ba siameng bao ba tla boela mo lefatsheng mme ya re ba tla nnela ruri koo.)
1 Bathes. 4:17: “Me yalo re [Bakeresete ba ba tseetsweng kwa legodimong] tla nnèla rure le Morèna.”
Fa Mongwe A Re—
‘A o dumela mo go gapiweng?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke lemoga gore ga se mongwe le mongwe yo o nang le mogopolo o o tshwanang wa se go gapiwa go se rayang. A ke ka botsa se o se akanyang kaga gone? . . . Mo kgannyeng nngwe le nngwe, go botlhokwa go bapisa megopolo ya rona le se Bibela ka boyone e se buang. (Dirisa dikarolwana tsa kgang e e fa godimo tse di tshwanelang.)’
Kana o ka nna wa re: ‘Ke ile ka tlhalosediwa fa go gapiwa e le thulaganyo ya go falotsa Bakeresete. Bontsi bo ikutlwa gore eno ke tsela eo ba tla falolang go tla ga sepitla se segolo ka yone. A ke ka moo o ikutlwang ka teng?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Ruri re tla batla tshireletso ya Modimo ka nako eo, mme ke bona go kgothatsa thata go bo ditemana tse dingwe di bontsha ka moo e ka re solegelang molemo ka teng. (Sefa. 2:3)’ (2) ‘Ka mo go itumedisang, Bibela e bontsha gore Modimo o tla sireletsa baikanyegi bangwe teng mono mo lefatsheng. (Dia. 2:21, 22) Seo se tumalanong le boikaelelo jwa Modimo fa a ne a simolola go bopa Adame le go mmaya mo Paradaiseng, a ga go a nna jalo?’
Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Fa o bua ka go gapiwa a o raya gore Bakeresete bao ba tla bong ba tshela kwa bofelong jwa tsamaiso ya dilo ba tla tseelwa kwa legodimong? . . . A o kile wa ipotsa gore ba tla feta ba dirang fa ba tsena kwa legodimong? . . . Elatlhoko se Tshenolō 20:6 (le 5:9, 10) e se buang. . . . Mme ba tla bo ba busa bomang? (Pes. 37:10, 11, 29)’