Bodumedi
Tlhaloso: Sebopego sa kobamelo. Se akareletsa tsamaiso ya maikutlo a sedumedi, ditumelo, le ditlwaelo; tseno e ka tswa e le tsa botho, kana di buelelwa ke phuthego nngwe. Gantsi bodumedi bo akareletsa go dumela mo Modimong kana mo palong e e rileng ya medimo; kana go leba batho, dilo tse di rileng, dikeletso, kana maatla mangwe jaaka dilo tse di ka obamelwang. Bodumedi jo bontsi bo ikaegile ka thuto ya motho ya tlholego; go na gape le bodumedi jo bo senotsweng. Go na le bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka.
Ke goreng go na le ditumelo tse dintsi go le kana?
Patlisiso ya bosheng jaana e ile ya feleletsa ka gore go na le ditumelo tse dikgolo di le 10 le makoko a a ka nnang 10 000. Mo go ano, a a ka nnang 6 000 a mo Aferika, a le 1 200 a mo United States, mme makgolo a mangwe mo mafatsheng a mangwe.
Mabaka a mantsi a ile a tlatseletsa mo go goleng ga ditlhopha tse disha tsa bodumedi. Bangwe ba ile ba re ditumelo tsotlhe tse di farologaneng di emela ditsela tse di sa tshwaneng tsa go tlhalosa boammaaruri jwa bodumedi. Mme fa dithuto tsa tsone le ditlwaelo di bapisiwa le Bibela, go supega gore, go na le moo, go fapaana ga ditumelo ke ka go bo batho ba ile ba nna balatedi ba batho go na le go reetsa Modimo. Go a kgatlhisa gore, go ya bokgakaleng jo bogolo, dithuto tse ba dumalanang mo go tsone, mme di farologane le Bibela, di ne tsa simologa mo Babelona wa bogologolo. (Bona ditsebe 29, 30, tlaseng ga setlhogo “Babelona o Mogolo.”)
Motlhotlheletsi wa tlhakatlhakano e e ntseng jalo ya bodumedi ke mang? Bibela e kgetholola Satane Diabolo jaaka “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakor. 4:4, NW) Gape e re tlhagisa ka gore “dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, e señ Modimo.” (1 Bakor. 10:20) Abo go le botlhokwa-tlhokwa jang he, go tlhomamisa gore eleruri re obamela Modimo wa boammaaruri, Mmopi wa legodimo le lefatshe, le gore kobamelo ya rona e ya mo itumedisa!
A Modimo o amogela ditumelo tsotlhe?
Baatlh. 10:6, 7: “Me bana ba Iseraela ba diha se se boshula gapè mo matlhoñ a ga Yehofa, ba dihèla bo Baale, le ba Ashetarotha, le medimo ea Siria, le medimo ea Sidona, le medimo ea Moaba, le medimo ea bana ba Amona, le medimo ea Bafilisitia; ba latlha Yehofa, ba se ka ba mo dihèla. Me bogale yoa ga Yehofa yoa tukèla Iseraela.” (Fa motho a obamela sengwe se se rileng kana motho ope fela go na le Modimo wa boammaaruri, Mmopi wa legodimo le lefatshe, go phepafetse gore sebopego sa kobamelo ya gagwe ga se amogelwe ke Jehofa.)
Mar. 7:6, 7: “Me [Jesu] a ba raea [Bafarasai le bakwadi ba Bajuda], a re, Isaia o boletse sentlè kaga lona baitimokanyi, yaka go kwadilwe, ga twe, Ba chaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bōnè, me dipelo tsa bōnè di kgakala le nna. Ba nkōbamèlèla lehèla, ka ba ruta dithutō tse e leñ melaō ea batho hèla.” (Go sa kgathalesege gore setlhopha se ipolela go obamela mang, fa ba ngaparetse dithuto tsa batho go na le Lefoko je le tlhotlheleditsweng ja Modimo, kobamelo ya bone ke ya lefela.)
Bar. 10:2, 3: “Gonne ke shupa kaga bōnè ha ba na le tlhōahalō kaga Modimo, me e be e se kaha kicoñ. Gonne e rile ka ba sa itse tshiamō ea Modimo, me ba senka go tlhōmamisa e e leñ ea bōnè, ga baa ka ba ineèla mo tshiamoñ ea Modimo.” (Batho ba ka tswa ba na le Lefoko je le kwadilweng la Modimo mme ba tlhaela kitso e e tlhomameng ya seo le se tshotseng, ka go bo ba se ka ba rutwa kafa tshwanelong. Ba ka nna ba ikutlwa gore ba tlhoafaletse Modimo, mme ba ka tswa ba sa dire seo a se tlhokang. Kobamelo ya bone ga e na go itumedisa Modimo, a ga go jalo?)
A go boammaaruri gore ditumelo tsotlhe di siame?
Ditumelo tse dintsi di ruta gore motho ga a tshwanela go aka kana go utswa, jalo le jalo. A mme seo se lekanetse? A o ne o tla itumelela go nwa metsi a a tsentsweng tšhefi ka go bo mongwe a ile a go tlhomamisetsa gore bontsi jwa seo o tla bong o se nwa e tla bo e le metsi?
2 Bakor. 11:14, 15: “Gonne Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi. Me ke gōna, e be e se selō se segolo ha batlhanka ba gagwè le bōnè ba ka ichwantsha le batlhanka ba tshiamō.” (Re tlhagisiwa fano gore ga se gore sengwe le sengwe se se tswang mo go Satane se tla lebega jaaka se se maswe. Mongwe wa mefuta ya gagwe e megolo ya go tsietsa setho e ile ya nna ka bodumedi jwa maaka jwa mefuta yotlhe, jo bongwe jwa jone a dira gore bo lebege bo siame.)
2 Tim. 3:2, 5: “Gonne batho ba tla . . . [tshola] sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō u kgaoganè nabō.” (Go sa kgathalesege boipolelo jwa bone jwa ka kwantle jwa go rata Modimo, fa e le gore bao o kopanelang le bone mo kobamelong ga ba dirise ka tlhoafalo Lefoko ja gagwe mo matshelong a bone ka sebele, Bibela e go tlhotlheletsa go kgaola bokopano jo bo ntseng jalo.)
A go siame go tlogela bodumedi jwa batsadi ba gago?
Fa e le gore se batsadi ba rona ba se re rutileng eleruri se tswa mo Bibeleng, re tshwanetse go se ngaparela thata. Le eleng fa re lemoga gore ditlwaelo le ditumelo tsa bone tsa bodumedi ga di dumalane le Lefoko ja Modimo, batsadi ba rona ba tshwanelwa ke tlotlo ya rona. Mme go tweng fa e le gore o ile wa lemoga gore mokgwa mongwe o o rileng wa batsadi ba gago o ne o le kotsi botsogong mme o ka khutshwafatsa botshelo jwa motho? A o ne o tla ba etsa, mme o bo o kgothaletsa bana ba gago go dira jalo, kana ka tlotlo o ne o tla abalana le bone se o se ithutileng? Ka mo go tshwanang, kitso ya boammaaruri jwa Bibela e tlisa boikarabelo. Fa go kgonega, re tshwanetse go abalana le maloko a lelapa se re se ithutang. Re tshwanetse go dira phetso: A eleruri re rata Modimo? A eleruri re batla go utlwa Morwa Modimo? Go direng ga rona jalo go ka re tlhoka gore re tlogele bodumedi jwa batsadi ba rona gore re amogele kobamelo ya boammaaruri. Eleruri go tla bo go sa tshwanele go letlelela boineelo jwa rona go batsadi ba rona go nna bogolo thata go na le lorato lwa rona go Modimo le Keresete, a ga go jalo? Jesu o ne a re: “Eo o ratañ rragwè kgotsa mmagwè bogolo go nna, ga aa nchwanèla; le eo o ratañ morwawè kgotsa morwadiè bogolo go nna, ga aa nchwanèla.”—Math. 10:37.
Yosh. 24:14: “Me ke gōna yana boihañ Yehofa, lo mo dihèlè ka mo go senañ boithamakō le ka boamarure; me lo tlosè medimo e borra eno ba ne ba e dihèla kwa moseya ga Noka, le mo Egepeto; me lo dihèlè Yehofa.” (Seo se ne se raya go fetoga bodumeding jwa borra-a-bone-mogolo, a gago jalo? Go direla Jehofa ka mo go amogelesegang, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tlose ditshwantsho tse di neng di dirisiwa mo bodumeding jo bo ntseng jalo mme ba phepafatse dipelo tsa bone go sa nne le keletso epe fela ya dilo tseo.)
1 Pet. 1:18, 19: “Lo nntse lo itse ha lo rekolocwe mo mokgweñ oa boithamakō oa go tshela ga lona, o lo sa leñ lo o rutwa ke borra eno; ka re, lo rekolocwe e señ ka dilō tse di bōlañ, yaka ka selefera le gouda; Ha e se ka madi a a tlhokègañ, ekete a kwanyana e e senañ bogōlè, leha e le selabe, eboñ madi a ga Keresete.” (Ka jalo, Bakeresete ba pele ba ne ba huralela dingwao tseo tsa borraa-bone-mogolo, dingwao tse le ka motlha di neng di ka se ka tsa ba neela botshelo jo bosakhutleng. Go lebogela setlhabelo sa ga Keresete go ne ga ba tlhagafaletsa go tlosa sengwe le sengwe se se neng se dira matshelo a bone go nna boithamako, a tlhaela bokao jwa mmatota ka go bo ba ne ba sa tlotle Modimo. A ga re a tshwanela go nna le boikutlo jo bo tshwanang?)
Pono ya Bibela ke efe ka tlhakanelo-tumelo?
Jesu o ne a leba jang baetapele ba bodumedi bao ba neng ba itshema go nna tshiamo mme ba tlontlolola Modimo? “Yesu a ba raea, a re, Ha Modimo e ka bo e le Rra eno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tsile ke cwa kwa Modimoñ; gonne le gōna ga kea tla kaga me, me ōna o nthomile. . . . Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna. E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rra aōna maaka. Me ga lo ntumele, ka go bo ke bolèla boamarure. . . . Ke gōna kaha lo sa a utlweñ ka gōna, ka go bo lo se ba Modimo.”—Yoh. 8:42-47.
A go ne go tla supa boikanyego go Modimo le ditekanyetsong tsa gagwe tsa tshiamo fa batlhanka ba gagwe ba ne ba amogela ka diatla tsoo-pedi mo bokaulengweng jwa bodumedi bao ka bobone ba dirang se Modimo o se kgalang kana ba mpampetsa ditlwaelo tse di ntseng jalo? “E tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi (segagaru), kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa e le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè. . . . Go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, Go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le [ba]ikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakor. 5:11; 6:9, 10) “Me . . . eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” (Yak. 4:4) “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula: o tlamèla meōea ea baitshepi ba gagwè.”—Pes. 97:10.
2 Bakor. 6:14-17: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale? kgotsa eo o sa dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ? Le tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa? . . . Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla.”
Tshen. 18:4, 5: “Me ka utlwa lencwe ye leñwe ye le cwañ legodimoñ, le re, Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.” (Go bona ditlhaloso tse dingwe, bona setlhogo se segolo “Babelona o Mogolo.”)
A go nna mo bodumeding jo bo rulagantsweng go a tlhokafala?
Bontsi jwa diphuthego tsa bodumedi bo ungwa loungo lo lo bosula. Ntlha ga se gore ga se go rulaganngwa ga ditlhopha mo go bosula. Mme tse dintsi di ile tsa rotloetsa dibopego tsa kobamelo tse di theilweng mo dithutong tsa maaka mme segolo bogolo e le tsa dingwao go na le go baakanyetsa ka kaelo ya mmatota ya semoya; di ile tsa dirisiwa ka botlhaswa mo go laoleng matshelo a batho ka maitlhomo a a bofafalele; di ile tsa tshwenyega fela thata thata ka go phutha dikoleke le go kgabisa matlo a kobamelo go na le melemo ya semoya; maloko a tsone gantsi ke baitimokanyi. Tota ga go na ope yo o ratang tshiamo yo o ka batlang go nna mo phuthegong e e ntseng jalo. Mme bodumedi jwa boammaaruri ke jo bo lapolosang go fapaana le tseo tsotlhe. Lefa go ntse jalo, go diragatsa dipatlafalo tsa Bibela, bo tshwanetse jwa rulaganngwa.
Baheb. 10:24, 25: “Me a re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona, yaka mokgwa oa bañwe, me re laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla.” (Go diragatsa taolo eno ya Dikwalo, go tshwanetse ga nna le dipokano tsa Bokeresete tse re ka yang go tsone ka metlha yotlhe. Thulaganyo e e ntseng jalo e re kgothaletsa go supa lorato lwa rona mo go ba bangwe, eseng fela go amega kaga rona.)
1 Bakor. 1:10: “Me yana, ba ga echo, kea lo rapèla, ka leina ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.” (Kutlwano e e ntseng jalo le ka motlha ga e ketla e fitlhelelwa fa batho ka bongwe ba ne ba sa kopane mmogo, ba solegelwa molemo ke thulaganyo ya semoya eo e otlang e e tshwanang, le go tlotla boemedi joo tao e e ntseng jalo e baakanyediwang ka jone. Bona gape Yohane 17:20, 21.)
1 Pet. 2:17: “Ratañ bokauleñwe.” (A seo se akaretsa fela ba ba ka nnang ba phuthegela mo legaeng je le rileng fela mme ba kopanela kobamelo? Gotlhelele nnyaa; ke bokaulengwe jwa merafe-rafe, jaaka go bontshitswe ke Bagalatia 2:8, 9; 1 Bakorintha 16:19.)
Math. 24:14: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Gore merafe yotlhe e neelwe sebaka sa go utlwa mafoko a a molemo ao, go rera go tshwanetswe ga dirwa ka tsela e e rulagantsweng, e e nang le bolebedi jo bo tshwanetseng. Lorato lwa Modimo le lwa bangwe ka rona lo ile lwa dira gore batho go dikologa lefatshe ba kitlanye maiteko a bone go dira tiro eno.)
Bona gape setlhogo se segolo “Thulaganyo.”
A go rata mongwe ka wena ke gone kgang-kgolo?
Ga go na pelaelo epe kaga gone, lorato lo lo ntseng jalo lo botlhokwa. (Bar. 13:8-10) Mme go nna Mokeresete go kopanyeletsa mo go fetang fela go nna bonolo go mongwe ka wena. Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba tla kgethololwa ka mo go tlhomologileng ka lorato lwa bone mongwe go yo mongwe, go badumedi ka bone. (Yoh. 13:35) Botlhokwa jwa seo bo otlelelwa gangwe le gape mo Bibeleng. (Bagal. 6:10; 1 Pet. 4:8; 1 Yoh. 3:14, 16, 17) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha gore se se leng botlhokwa bogolo fela thata ke lorato lwa rona go Modimo ka sebele, leo le bontshiwang ka go utlwa ga rona ditaolo tsa gagwe. (Math. 22:35-38; 1 Yoh. 5:3) Go supa lorato lo lo ntseng jalo, re tlhoka go ithuta le go dirisa Lefoko ja Modimo le go phuthegela go obamela Modimo le batlhanka ka rona.
A go nna le kamano ya botho le Modimo ke sone selo sa botlhokwa-tlhokwa?
Eleruri go botlhokwa. Go tla fela ditirelong tsa bodumedi ka mokgwa wa seo-modiro ga go ka ke ga go tseela boemo. Mme re tlhoka go nna kelotlhoko. Ka goreng? Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le batho bangwe ba ba neng ba akanya gore ba ne ba na le kamano e e molemo le Modimo mme e le bao Jesu a neng a supa fa ba fositse fela thata. (Yoh. 8:41-44) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala kaga bangwe ba go bonalang ba ne ba le tlhagafalo kaga tumelo ya bone mme tota ba ne ba akanya gore ba na le kamano e e molemo le Modimo mme ba ne ba sa tlhaloganye seo se neng se batlega tota e le gore ba tle ba amogelwe ke Modimo.—Bar. 10:2-4.
A re ka nna le kamano ya botho e e molemo le Modimo fa e le gore re tsaya ditaolo tsa gagwe jaaka tse di seng botlhokwa thata? Nngwe ya tseno ke gore ka metlha re phuthege mmogo le badumedi ka rona.—Baheb. 10:24, 25.
Fa re ipalela Bibela ka borona, a moo go lekanetse?
Go boammaaruri gore batho ba bantsi ba ka ithuta mo go golo fela thata ka go bala Bibela ka bobone. Fa boikutlo jwa bone e le go ithuta boammaaruri kaga Modimo le maikaelelo a gagwe, seo ba se dirang se akgolwa fela thata. (Dit. 17:11) Mme, fa re bua boammaaruri tota ka borona, a re ile go tlhaloganya ka botlalo bokao jwa yone yotlhe kwantle ga thuso? Bibela e re bolelela kaga monna mongwe yo a neng a na le boemo jo bo tlotlegang mme a ne a ikokobetsa fela thata go ka bolela gore o ne a tlhoka thuso go tlhaloganya boperofeti jwa Bibela. Thuso eo e ne ya baakanyediwa ke leloko la phuthego ya Bokeresete.—Dit. 8:26-38; bapisa dipego tse dingwe kaga Filipo mo go Ditihō 6:1-6; 8:5-17.
Mme kana, fa motho a bala Bibela mme a sa e dirise mo botshelong jwa gagwe, ga go mo thuse ka sepe. Fa a e dumela le go dira tumalanong le yone, o tla kopanela le batlhanka ba Modimo mo dipokanong tsa phuthego tsa ka metlha. (Baheb. 10:24, 25) Gape o tla kopanela le bone mo go abalaneng “Mahoko a a Molemō” le batho ba bangwe.—1 Bakor. 9:16; Mar. 13:10; Math. 28:19, 20.
Motho o ka itse jang gore ke bodumedi bofe jo e leng jone?
(1) Dithuto tsa jone di theilwe mo go eng? A di tswa mo Modimong, kana bogolo jwa tsone di tswa mo bathong? (2 Tim. 3:16; Mar. 7:7) Ka sekai, botsa seno: Ke kae koo Bibela e rutang gore Modimo ke Tharo-nngwe? Ke kae koo e reng moya wa motho ga o swe?
(2) Akanyetsa gore a jaana bo itsise leina ja Modimo. Jesu o ne a re mo thapelong go Modimo: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea.” (Yoh. 17:6) O ne a bolela ka gore: “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo o tla mo dihèlañ.” (Math. 4:10) A bodumedi jwa gago bo ile jwa go ruta gore ‘ke Jehofa fela yo o tshwanetseng go mo obamela’? A o ne wa tla go itse Motho yo o kgethololwang ka leina leo—maikaelelo a gagwe, ditiro tsa gagwe, le dinonofo tsa gagwe—mo eleng gore o ikutlwa o na le tsholofelo ya go mo atamela thata?
(3) A go supiwa tumelo ya boammaaruri mo go Jesu Keresete? Seno se kopanyeletsa kanaanelo ya molemo wa setlhabelo sa botshelo jwa botho jwa ga Jesu le boemo jwa gagwe gompieno jaaka Kgosi ya selegodimo. (Yoh. 3:36; Pes. 2:6-8) Kanaanelo e e ntseng jalo e supiwa ka go utlwa Jesu—go tlhakanela ka sebele le ka tlhagafalo mo tirong e a e abetseng balatedi ba gagwe. Bodumedi jwa boammaaruri bo na le tumelo e e ntseng jalo e e tshwaraganeng le ditiro.—Yak. 2:26.
(4) A segolo bogolo ke jwa ngwao fela, jwa seo-modiro, kana ke tsela ya botshelo? Modimo o ganana gotlhelele le bodumedi jo e leng jwa seo-modiro fela. (Isa. 1:15-17) Bodumedi jwa boammaaruri bo ngaparela tekanyetso ya Bibela ya boitsholo le puo e e phepa go na le go gogoulwa motlhofo fela ke ditshekamelo tse di tumileng. (1 Bakor. 5:9-13; Baef. 5:3-5) Maloko a jone a bontsha dinonofo tsa moya wa Modimo mo matshelong a bone. (Bagal. 5:22, 23) Ka jalo, bao ba ngaparelang kobamelo ya boammaaruri ba ka kgethololwa ka go bo ba lekela go dirisa ka bommaanete ditekanyetso tsa Bibela mo matshelong a bone, eseng fela kwa mafelong a bone a kopanelo mme le mo botshelong jwa bone jwa lelapa, kwa tirong ya bone ya boitshediso, le mo sekolong, le mo boitloso bodutung.
(5) A maloko a yone a a ratana eleruri? Jesu o ne a re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yoh. 13:35) Lorato lo lo ntseng jalo lo kgabaganya melelwane ya lotso, botshelo jwa batho, le bomorafe, lo tlisa batho mmogo mo bokaulengweng jwa mmatota. Lorato lo lo ntseng jalo lo nonofile fela thata mo eleng gore lo dira gore ba farologane gotlhelele. Fa merafe e ya ntweng, ke bafe ba ba nang le lorato lo lo lekanetseng lwa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete mo mafatsheng a mangwe mo eleng gore ba gana go sikara dibetsa le go ba bolaya? Seo ke sone se Bakeresete ba pele ba neng ba se dira.
(6) A eleruri bo farologane le lefatshe? Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba boammaaruri e tla bo e se “ba lehatshe.” (Yoh. 15:19) Go obamela Modimo ka tsela eo a e amogelang go tlhoka gore re ipoloke re sa “mathwe gopè ke lehatshe.” (Yak. 1:27) A go ka bolelwa jalo ka bao baruti ba bone le maloko a mangwe a kopanyelediwang mo dipolotiking, kana bao matshelo a bone a ageletsweng segolo segolo mo dikeletsong tsa dilo tse di bonalang le tsa senama?—1 Yoh. 2:15-17.
(7) A maloko a jone ke basupi ba ba tlhaga malebana le Bogosi jwa Modimo? Jesu o ne a bolelela pele ka gore: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Math. 24:14) Tota ke bodumedi bofe jo bo bolelang Bogosi jwa Modimo jaaka tsholofelo ya setho go na le go kgothaletsa batho go lebelela bobusing jwa batho go rarabolola mathata a bone? A bodumedi jwa gago bo ile jwa go tlhomelela go tlhakanela mo tirong eno, go e dira ka ntlo le ntlo jaaka Jesu a ne a ruta baaposetoloi ba gagwe go e dira?—Math. 10:7, 11-13; Dit. 5:42; 20:20.
A Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore bodumedi jwa bone ke jone fela jo eleng jone?
Bona ditsebe 56, 57, tlaseng ga “Basupi ba ga Jehofa.”
Ke goreng batho bangwe ba na le tumelo fa ba bangwe ba se na yone?
Bona setlhogo se segolo “Tumelo.”
Fa Mongwe A Re—
‘Ga ke kgatlhegele bodumedi’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Seo ga se nkgakgamatse. Batho ba bantsi ba ikutlwa jaaka o ikutlwa. A ke ka botsa, A o nnile wa ikutlwa jalo ka metlha?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Dingwe tsa dilo tse di nkgatlhileng e ne e le go fitlhela gore thuto nngwe le nngwe e kgolo e e rutiwang mo dikerekeng gompieno ga se e e fitlhelwang mo Bibeleng. (Ka gongwe o ka dirisa se se fitlhelwang mo ditsebeng 56, 57, tlaseng ga “Basupi ba ga Jehofa,” o gatelela thata Bogosi. Ka go bapisa, o supe se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang, se se tlhalositsweng mo ditsebeng 52, 53.)’
Bona gape ditsebe 16, 17.
‘Go na le boitimokanyi jo bontsi mo bodumeding’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ee, ke dumalana le wena. Ba bantsi ba rera ka selo sengwe mme ba bo ba tshela ka tsela e sele. Mme a ke o mpolelele, O ikutlwa jang kaga Bibela? (Pes. 19:7-10)’
‘Ke tshela botshelo jo bo siameng. Ke tshwara ba bangwe ka nna sentle. Ke bodumedi jo bo ntekanyeng’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ereka o re o tshela botshelo jo bo molemo, ka phepafalo o ipelela botshelo, a gago jalo? . . . A o ne o ka se rate go tshela tlaseng ga mofuta wa maemo a a tlhalositsweng fano mo go Tshenolō 21:4? . . . Elatlhoko se Yohane 17:3 e reng se a tlhokafala e le gore o tle o nne mo go one.’
Bona gape tsebe 77.
‘Ga ke kgatlhegele bodumedi jo bo rulagantsweng. Ke dumela gore kamano ya botho le Modimo ke yone kgang-kgolo’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke kgatlhwa ke go utlwa seo. A o nnile wa ikutlwa jalo ka metlha? . . . A le ka motlha o kile wa kopanela le setlhopha sengwe sa bodumedi mo nakong e e fetileng? . . . (Go tswa foo ka gongwe o bo o ka dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 76-78.)’
‘Ga ke dumalane le sengwe le sengwe se se rutwang ke kereke ya gaetsho, mme ga ke bone go tlhokafala go ya go e nngwe. Ke bona go le molemo go leka go tokafatsa ke ntse ke le moteng ga yone’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke itumelela go bo o mpolelela seo. Ke tlhomamisega gore o tla dumalana gore seo se leng botlhokwa tota-tota go rona rotlhe ke go amogelwa ke Modimo, a gago jalo?’ Mme o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Modimo o re neela rotlhe sengwe se se masisi go se akanyetsa fano mo go Tshenolō 18:4, 5. . . . Le eleng fa rona ka borona re sa dire dilo tse di phoso, Bibela e bontsha gore re tlhakanela mo molatong fa re rotloetsa diphuthego tseno. (Bona gape setlhogo se segolo “Babelona o Mogolo.”) (2) (Ka gongwe gape o dirise boikitsiso jo bo mo ditsebeng 78-80. (3) ‘Modimo o senka batho bao ba ratang boammaaruri, mme o ba phuthela mo kobamelong e e kutlwano. (Yoh. 4:23, 24)’
‘Ditumelo tsotlhe di siame; o na le ya gago, le nna ke na le ya me’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ka phepafalo o motho yo o dirisang tlhaloganyo tota. Mme gape o lemoga gore rotlhe re tlhoka kaelo e e baakanyediwang ke Lefoko ja Modimo, mme ke ka gone moo o nang le bodumedi jwa gago, a gago jalo? Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Fano mo go Mathaio 7:13, 14 Bibela e re baakanyetsa kaelo e e mosola fela thata thata mo mafokong a ga Jesu. (E bale.) . . . Ke goreng seo se ka nna jalo?’
Bona gape ditsebe 72, 73.
‘Fa fela o dumela mo go Jesu, tota ga go kgathalesege gore o wa kereke efe’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ga go na pelaelo kaga gone, go dumela mo go Jesu go botlhokwa-tlhokwa. Mme ke gopola gore ka seo o raya go amogela sengwe le sengwe seo a se rutileng. Kwantle ga pelaelo o ka tswa o ile wa lemoga, jaaka nna, gore bantsi bao ba reng ke Bakeresete eleruri ga ba tshelele seo leina leo le se emelang.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Elatlhoko se Jesu a neng a se bolela fano mo go Mathaio 7:21-23.’ (2) ‘Go na le isagwe e e molemo-lemo ya bao ba amegang fela thata ka go batla go itse seo thato ya Modimo e leng sone mme go tswa foo ba bo ba e dira. (Pes. 37:10, 11; Tshen. 21:4)’
‘Ke eng seo se dirang gore o akanye gore go na le bodumedi bo le bongwe jo bo siameng?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Kwantle ga pelaelo, go na le batho ba ba pelo-e-phepa mo bodumeding bongwe le bongwe. Mme se tota e leng kgang-kgolo ke se Lefoko la Modimo le se buang. Ke ditumelo di le kae tsa boammaaruri tse le lebisang go tsone? Elatlhoko se se kwadilweng fano mo go Baefesia 4:4, 5.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Seo se dumalana le seo mekwalo e mengwe e se tlhalosang. (Math. 7:13, 14, 21; Yoh. 10:16; 17:20, 21)’ (2) ‘Ka jalo, kgwetlho e re lebaneng le yone ke go kgetholola bodumedi joo jwa boammaaruri. Re ka go dira jang? (Ka gongwe dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 78-80.)’ (3) (Bona gape se se mo ditsebeng 52, 53 tlaseng ga setlhogo “Basupi ba ga Jehofa.”)
‘Ke ipalela Bibela ya me fela kwa gae mme ke bo ke rapela Modimo gore ke e utlwisise’
O ka nna wa araba ka gore: ‘A o ile wa atlega mo go baleng Bibela yotlhe go tla jaana?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Jaaka o ntse o direla mo go seo, o tla fitlhela sengwe se se kgatlhisang fela thata mo go Mathaio 28:19, 20. . . . Seno se botlhokwa ka go bo e bontsha gore Keresete o dirisa batho ba bangwe go re thusa go utlwisisa se se kopanyelediwang mo go nneng Mokeresete wa mmatota. Tumalanong le seo, Basupi ba ga Jehofa ba ithaopela go etela batho mo magaeng a bone mo e ka nnang ka oura mo bekeng nngwe le nngwe, mahala, go tlotla le bone Bibela. A ke ka tsaya sebaka sa metsotso e se kae go go bontsha kafa re go dirang ka teng?’
Bona gape tsebe 78.
‘Ke bona gore bodumedi ke kgang fela ya botho’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Pono eo ke e e tumileng thata mo malatsing ano, mme fa e le gore batho ruri ga ba kgatlhegele molaetsa wa Bibela, re ba tlogela fela ka boitumelo re ya mo magaeng a mangwe. A mme o ile wa lemoga gore lebaka la go bo ke tsile fano go go bona ke ka ntlha ya seno se Jesu a neng a se laela balatedi ba gagwe go se dira? . . . (Math. 24:14; 28:19, 20; 10:40)’