Kgaolo ya Bone
Go Ema Le go Wa ga Setshwantsho se se Boitshegang
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela se se neng sa direga dingwaga di le lesome morago ga gore Kgosi Nebukadenesare a ise Daniele le ba bangwe kwa botshwarong?
GO FETILE dingwaga di le lesome fa e sa le Kgosi Nebukadenesare a isa Daniele le ba bangwe ba “batho ba batona ba lefatshe” la Juda botshwarwa kwa Babelona. (2 Dikgosi 24:15) Daniele yo mmotlana o direla mo kgotleng ya kgosi fa go tlhaga boemo bongwe jo bo tsenyang botshelo jwa gagwe mo kotsing. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela seno? Ka gonne tsela e Jehofa Modimo a tsenelelang ka teng mo kgannyeng eno ga e felele fela ka go boloka botshelo jwa ga Daniele le ba bangwe mme gape e re bontsha kafa mebuso ya lefatshe mo boporofeting jwa Baebele e latelanang ka gone go tla go fitlha mo metlheng ya rona.
KGOSI E LEBANA LE BOTHATA JO BO BOIMA
2. Nebukadenesare o ne a nna leng le toro ya gagwe ya ntlha ya boporofeti?
2 Moporofeti Daniele o ne a kwala jaana: “E rile ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Nebukatenesare, Nebukatenesare a lora ditoro; mme mowa wa gagwe wa khidiega, le boroko jwa tloga mo go ene.” (Daniele 2:1) Molori fano e ne e le Nebukadenesare, kgosi ya Mmusomogolo wa Babelona. O ne a ile a kgona go nna mmusi wa lefatshe ka 607 B.C.E. fa Jehofa Modimo a ne a mo letla go senya Jerusalema le tempele ya yone. Mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Nebukadenesare e le mmusi wa lefatshe (606/605 B.C.E.), Modimo o ne wa mo romelela toro e e tshosang.
3. Ke bomang ba ba neng ba palelwa ke go tlhalosa toro ya kgosi, mme Nebukadenesare o ne a arabela jang?
3 Toro eno e ne ya tshwenya Nebukadenesare fela thata mo e leng gore o ne a tlhorega boroko. Ka tlholego fela, o ne a eletsa fela thata go itse gore e kayang. Le fa go ntse jalo, kgosi e e nonofileng eno e ne e lebetse toro eno! Ka jalo a bitsa baitseanape ba Babelona, dingaka, le baloi, mme a batla gore ba mmolelele toro ba bo ba e mo tlhalosetse. Ba ne ba sa kgone. Go palelwa ga bone go ne ga galefisa Nebukadenesare thata mo e leng gore o ne a bo a ntsha taelo ya gore “go senngwe batlhale botlhe ba Babilone.” Taelo eno e ne e tla dira gore moporofeti Daniele a feleletse a lebagane le modiragatsakatlholo yo o tlhomilweng. Ka ntlha yang? Ka gonne ene le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera—Hanania, Mishaele le Asaria—ba ne ba balelwa mo gare ga banna ba ba botlhale ba Babelona.—Daniele 2:2-14.
DANIELE O A NAMOLA
4. (a) Daniele o ne a itse jang toro ya ga Nebukadenesare le se e se bolelang? (b) Daniele o ne a reng go leboga Jehofa Modimo?
4 Fa a sena go utlwa lebaka la go bo Nebukadenesare a ntshitse taelo e e bogale jaana, “Daniele a tsena, a ya go lopa kgosi gore a mo neye lobaka, mme o tlaa supetsa kgosi phuthololo.” Kopo ya gagwe e ne ya diragadiwa. Daniele a boela kwa ntlong ya gagwe, mme ene le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera ba ne ba rapela, ba kopa “mautlwelo botlhoko mo Modimong wa legodimo ka ga bosaitsiweng jo.” Mo go jone bosigo joo ka ponatshegelo, Jehofa o ne a senolela Daniele sephiri sa toro eno. Daniele, a itumetse, a bolela jaana: “A leina la Modimo le bakwe ka bosakhutleng le ka bosaengkae; gonne botlhale ke jwa one le thata. O fetola metlha le dipaka; o tlose dikgosi, o bo o tlhome dikgosi; o neye batlhale botlhale; le kitso o e neye ba ba itseng tlhaloganyo. O senole dilo tse di boteng le tse di sa itsiweng; o itse se se mo lefifing, le lesedi le agile nao.” Daniele o ne a baka Jehofa ka ntlha ya temogo eno.—Daniele 2:15-23.
5. (a) Fa a le fa pele ga kgosi, Daniele o ne a isa tlotlo jang kwa go Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela tlhaloso ya ga Daniele gompieno?
5 Mo letsatsing le le latelang, Daniele a atamela Arioke, molaodi wa badisa, yo o neng a tlhomilwe go senya banna ba ba botlhale ba Babelona. Fa a sena go utlwa gore Daniele o ne a kgona go tlhalosa toro eno, Arioke a mo itlhaganedisetsa kwa kgosing. Kwantle ga gore Daniele a itlisetse tlotlo, o ne a bolelela Nebukadenesare jaana: “Go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme one o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tlaa dirafalang mo metlheng ya kwa bofelong.” Daniele o ne a siametse go senola, e seng fela isagwe ya Mmusomogolo wa Babelona mme gape le ditiragalo tsa lefatshe go tloga mo motlheng wa ga Nebukadenesare go tla go fitlha mo motlheng wa rona le go ya pele.—Daniele 2:24-30.
TORO—E A GAKOLOGELWA
6, 7. Toro e Daniele a neng a e gakolola kgosi e ne e le efe?
6 Nebukadenesare o ne a reeditse ka tlhoafalo fa Daniele a tlhalosa: “Wena kgosi, o ne wa leba, mme bonang, ga bo go le setshwantsho se segolo. Setshwantsho seo sa ema fa pele ga gago, se nonofile thata, se bile se le phatsimo e e feteletseng; mme ponalo ya sone e ne e boitshega. Ka ga setshwantsho seo, tlhogo ya sone e ne e le gouta e e itshekileng, sehuba sa sone le mabogo a sone e ne e le selefera, mpa ya sone le dirope tsa sone e ne e le kgotlho; memo ya sone e ne e le tshipi, dinao tsa sone, ntlha nngwe e ne e le tshipi ntlha nngwe letsopa. Wa leba, ga tsamaya tshilo ya kabolwa e seng ka diatla, ya itaya setshwantsho mo dinaong tse e leng tsa tshipi le letsopa, mme la di thubaganya. Foo ga thubaganngwa tshipi le letsopa, le kgotlho le selefera, le gouta go le mmogo, mme tsa nna jaaka mmoko wa dibopi tsa pholelo tsa selemo; mme phefo ya di kgophola, mme di se ka tsa bonelwa bonno; tshilo eo e e iteileng setshwantsho, ya tla ya nna lefika le legolo, mme la tlala ka lefatshe lotlhe.”—Daniele 2:31-35.
7 A bo Nebukadenesare a tshwanetse a bo a ile a itumela jang ne fa a utlwa Daniele a mmolelela toro eno! Mme iketle pele! Banna ba ba botlhale ba Babelona ba ne ba ka bolokwa fa fela Daniele a ne a ka kgona le go tlhalosa toro eno. Fa a ne a bua ka ene le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera, Daniele o ne a bolela jaana: “Ke yone toro; mme re tlaa bolela phuthololo ya yone fa pele ga kgosi.”—Daniele 2:36.
BOGOSI JO BO TLHOMOLOGILENG THATA
8. (a) Daniele o ne a tlhalosa gore tlhogo ya gouta ke mang kgotsa ke eng? (b) Tlhogo ya gouta e ne ya nna gone leng?
8 “Wena kgosi, o kgosi ya dikgosi, yo Modimo wa legodimo o go neileng bogosi, le thata, le nonofo, le kgalalelo. Gongwe le gongwe kwa bana ba batho ba agileng gone, diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi, o di tsentse mo seatleng sa gago, mme o go neile taolo mo go tsone tsotlhe; ke wena tlhogo ya gouta.” (Daniele 2:37, 38) Mafoko ano a ne a dira mo go Nebukadenesare fa Jehofa a sena go mo dirisa go senya Jerusalema, ka 607 B.C.E. Go ntse jalo ka gonne dikgosi tse di tlhomilweng kwa Jerusalema e ne e le tse di tswang mo losikeng lwa ga Dafide, e bong kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa. Jerusalema e ne e le motsemogolo wa Juda, setshwani sa bogosi jwa Modimo jo bo tshwantshetsang bolaodi jwa ga Jehofa mo godimo ga lefatshe. E ne ya re fa motse oo o senngwa ka 607 B.C.E., bogosi jono jo bo tshwantshetsang jwa Modimo bo ne jwa emisa go tlhola bo nna gone. (1 Ditiragalo 29:23; 2 Ditiragalo 36:17-21) Mebuso ya lefatshe e e neng e tla latela e e tshwantshediwang ke dikarolo tsa metale tsa setshwantsho seno jaanong e ne e ka busa lefatshe kwantle ga go kgorelediwa ke bogosi jono jo bo tshwantshetsang jwa Modimo. Jaaka tlhogo ya gouta, e leng metale o o neng o itsiwe o tlhokega thata mo metlheng ya bogologolo, Nebukadenesare o ne a tlhomologile ka gore o menotse bogosi joo ka go senya Jerusalema.—Bona “Kgosi ya Motlhabani e Aga Mmusomogolo,” mo tsebeng ya 63.
9. Ke eng se se neng se tshwantshediwa ke tlhogo ya gouta?
9 Nebukadenesare, yo o busitseng dingwaga di le 43, e ne e le ene wa ntlha mo losikeng lwa gagwe lwa segosi go busa Mmusomogolo wa Babelona. Lo ne lo akaretsa mogwe wa gagwe e bong Nabonidase le morwawe yo mogolo e bong Efile-merodake. Losika loo lwa segosi lo ne lwa tswelela dingwaga tse dingwe gape di le 43, go fitlha ka loso lwa ga morwa Nabonidase e bong Beleshasare, ka 539 B.C.E. (2 Dikgosi 25:27; Daniele 5:30) Ka jalo tlhogo ya gouta mo setshwantshong seno sa toro e ne e tshwantshetsa e seng fela Nebukadenesare mme le losika lotlhe lwa segosi lwa Babelona.
10. (a) Toro ya ga Nebukadenesare e ne ya bontsha jang gore Mmuso wa Lefatshe wa Babelona o ne o se kitla o nnela ruri? (b) Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele eng ka yo o neng a tla fenya Babelona? (c) Mmuso wa Bameda le Baperesia o ne o le kwa tlase ga Babelona ka kgopolo efe?
10 Daniele o ne a bolelela Nebukadenesare jaana: “Morago ga gago go tlaa tsoga bogosi jo bongwe jo bobotlana mo go wena.” (Daniele 2:39) Bogosi jo bo tshwantshediwang ke sehuba le mabogo tsa selefera tsa setshwantsho seno bo ne bo tla tlhatlhama jwa losika lwa segosi lwa ga Nebukadenesare. Dingwaga di ka nna 200 pelenyana, Isaia o ne a bolelela pele bogosi jono, a bo a bolela le leina la kgosi ya jone ya mofenyi—Kurose. (Isaia 13:1-17; 21:2-9; 44:24–45:7, 13) Jone e ne e le Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia. Le mororo Bameda le Baperesia ba ne ba tlisa ditlhabologo tse dikgolo, tse di neng di sa fetwe ke tsa Mmusomogolo wa Bababelona, bogosi jono bo emelwa ke selefera, e leng metale o o seng botlhokwa go le kalo fa o bapisiwa le gouta. Bo ne bo le kwa tlase ga Mmuso wa Lefatshe wa Babelona ka gore bo ne bo sa tlhaolega ka go menola Juda, bogosi jo bo neng bo tshwantshetsa jwa Modimo, jo motsemogolo wa jone o neng o le kwa Jerusalema.
11. Losika lwa segosi lwa ga Nebukadenesare lo ne lwa khutla leng go nna gone?
11 Mo e ka nnang dingwaga di le 60 morago ga go tlhalosa toro eno, Daniele o ne a bona bokhutlo jwa puso ya losika lwa ga Nebukadenesare. Daniele o ne a le teng mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E., fa masole a Bameda le Baperesia a ne a gapa Babelona yo go neng go bonala a ka se tsenege mme a bolaya Kgosi Beleshasare. Fa Beleshasare a swa, tlhogo ya gouta ya setshwantsho seno sa toro—Mmusomogolo wa Babelona—e ne ya khutla go tlhola e nna teng.
BATHO BA BA ISITSWENG BOTSHWARWA BA GOLOLWA KE BOGOSI BONGWE
12. Taolo e e ntshitsweng ke Kurose ka 537 B.C.E. e ne ya solegela Bajuda ba batshwarwa molemo jang?
12 Mmuso wa Bameda le Baperesia o ne wa emisetsa Mmusomogolo wa Babelona jaaka mmuso wa lefatshe ka 539 B.C.E. Fa Dario wa Momeda a ne a na le dingwaga di le 62, o ne a nna mmusi wa ntlha wa motse o o fentsweng wa Babelona. (Daniele 5:30, 31) Ka lobakanyana, ene le Kurose wa Moperesia ba ne ba busa Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia ba o tshwaraganetse. Fa Dario a swa, Kurose o ne a nna mmusi a le esi wa Mmusomogolo wa Peresia. Mo Bajudeng ba ba kwa Babelona, go busa ga ga Kurose go ne go bolela go gololwa ga bone mo botshwarong. Ka 537 B.C.E., Kurose o ne a ntsha taolo ya gore a batshwarwa ba Bajuda ba ba kwa Babelona ba boele kwa nagagaeng ya bone mme ba age Jerusalema le tempele ya ga Jehofa sesha. Le fa go ntse jalo, bogosi jole jo bo tshwantshetsang jwa Modimo ga bo a ka jwa tlhongwa gape kwa Juda le Jerusalema.—2 Ditiragalo 36:22, 23; Esera 1:1–2:2a.
13. Sehuba le mabogo tsa selefera mo setshwantshong sa toro ya ga Nebukadenesare di ne di tshwantshetsang?
13 Sehuba le mabogo tsa selefera mo setshwantshong seno sa toro di ne di tshwantshetsa tatelano ya dikgosi tsa Peresia go simolola ka Kurose yo Mogolo. Losika loo lwa segosi lo ne lwa tsaya lobaka lwa dingwaga di le 200. Go dumelwa gore Kurose o sule a le mo ntweng ka 530 B.C.E. Mo dikgosing di le 12 tse di neng tsa mo tlhatlhama mo setulong sa bogosi sa Mmusomogolo wa Peresia, ke di le 2 fela tse di neng tsa tshwara batho ba ba itshenketsweng ba ga Jehofa sentle. E nngwe e ne e le Dario I (Moperesia), mme e nngwe e ne e le Aretaserese I.
14, 15. Dario yo Mogolo le Aretaserese I ba ne ba thusa Bajuda jang?
14 Dario I e ne e le wa boraro mo tatelanong ya dikgosi tsa Peresia morago ga ga Kurose yo Mogolo. Go bonala ba babedi ba ba tlileng pele ga gagwe e ne e le Cambyses II le morwarraagwe e bong Bardiya (kana gongwe yo o neng a itshema go nna Mo-Magi, yo o neng a bidiwa Gaumata). Ka nako ya fa Dario I, yo gape a neng a itsiwe e le Dario yo Mogolo, a ne a nna mo setulong sa bogosi ka 521 B.C.E., tiro ya go aga tempele sesha kwa Jerusalema e ne e thibetswe. Fa a sena go bona setlankana se se neng se na le taelo ya ga Kurose kwa mabolokelong a a kwa Ekabatana, Dario o ne a dira se se fetang fela go tlosa thibelo eno ka 520 B.C.E. Gape o ne a ntsha madi go tswa mo bobolokelamatlotlong jwa segosi gore a dirisediwe go aga tempele sesha.—Esera 6:1-12.
15 Mmusi yo mongwe wa Moperesia yo o neng a thusa mo maitekong a Bajuda a go tsosolosa e ne e le Aretaserese I, yo o neng a tlhatlhama rraagwe e bong Ahasueruse (Serese I) ka 475 B.C.E. Aretaserese o ne a okelediwa leina ka Longimanus ka gonne letsogo la gagwe la moja le ne le le leleele go feta la molema. Mo ngwageng wa gagwe wa bo20 a busa, ka 455 B.C.E., o ne a tlhoma motsholasenwelo wa gagwe wa Mojuda e bong Nehemia gore a nne molaodi wa Juda le gore a age dipota tsa Jerusalema sesha. Tiragalo eno e ne e tshwaya go simologa ga ‘dibeke di le masome a supa tsa dingwaga’ tse go buiwang ka tsone mo kgaolong ya borobongwe ya Daniele e bile e ne e tlhoma matlha a go tlhaga le go swa ga ga Mesia, kana Keresete, Jesu wa Nasaretha.—Daniele 9:24-27; Nehemia 1:1; 2:1-18.
16. Mmuso wa Lefatshe wa Bameda le Baperesia o ne wa khutla leng mme o khutlisiwa ke kgosi efe?
16 Wa bofelo wa dikgosi tse thataro tse di neng tsa tlhatlhama Aretaserese I mo setulong sa bogosi sa Mmusomogolo wa Peresia e ne e le Dario III. Mmuso wa gagwe o ne wa khutla ka tshoganyetso fela ka 331 B.C.E. fa a ne a fenngwa botlhoko ke Alexander yo Mogolo kwa Gaugamela, gaufi le Ninefe wa bogologolo. Go fenngwa gono go ne ga khutlisa Mmuso wa Lefatshe wa Bameda le Baperesia o o neng o tshwantshediwa ke karolo ya selefera ya setshwantsho sa toro ya ga Nebukadenesare. Mmuso o o neng o tla latela o ne o le kwa godimo ka ditsela dingwe, mme o le kwa tlase ka tse dingwe. Re bona seno sentle fa re reetsa Daniele fa a tswelela pele go tlhalosa toro ya ga Nebukadenesare.
BOGOSI—JO BOGOLO MME E LE JO BO KWA TLASE
17-19. (a) Mpa le dirope tsa kgotlho di ne di emela mmuso ofe wa lefatshe, mme bobusi jwa one bo ne bo le bogolo go le kanakang? (b) Alexander III e ne e le mang? (c) Go tlile jang gore Segerika e nne puo e e dirisiwang ke ditšhaba tsotlhe, mme se ne se tshwanela eng sentle?
17 Daniele o ne a bolelela Nebukadenesare gore mpa le dirope tsa setshwantsho se se boitshegang seno e ne e le “bogosi jo bongwe jwa boraro e le jwa kgotlho, jo bo tlaa nnang le taolo mo lefatsheng lotlhe.” (Daniele 2:32, 39) Bogosi jono jwa boraro bo ne bo tla latela mmuso wa Babelonia le wa Bameda le Baperesia. Fela jaaka fa kgotlho e le ya maemo a a kwa tlase fa e bapisiwa le selefera, mmuso ono o mosha wa lefatshe o ne o tla nna o o kwa tlase ga wa Bameda le Baperesia ka gore o ne o se kitla o nna le tshiamelo epe e e tshwanang le ya go golola batho ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, bogosi jono jwa sekakgotlho bo ne bo tla ‘nna le taolo mo lefatsheng lotlhe,’ se se bontshang gore bo ne bo tla nna bogolo thata go feta jwa Babelonia kana jwa Bameda le Baperesia. Dintlha tsa hisitori di bontsha eng ka mmuso ono wa lefatshe?
18 Ka bonakonyana fela morago ga go newa setulo sa bogosi sa Makedonia ka 336 B.C.E. a le dingwaga di le 20, Alexander III yo o ikgodisang o ne a simolola letsholo la phenyo. Ka ntlha ya go atlega ga gagwe mo ntweng, o ne a bidiwa Alexander yo Mogolo. Fa a ntse a tsweletse pele jalo a fenya, o ne a nna a tsena mo mmusong wa Peresia. Fa a sena go fenya Dario III mo ntweng kwa Gaugamela ka 331 B.C.E., Mmusomogolo wa Peresia o ne wa simolola go wa mme Alexander a tlhoma Gerika go nna mmuso o mosha wa lefatshe.
19 Fa a sena go fenya kwa Gaugamela, Alexander a tswelela go gapa metsemegolo ya Peresia e bong Babelona, Susa, Peresepolisa le Ekabatana. Ya re fa a fenya karolo yotlhe ya Mmusomogolo wa Peresia, a fetela le kwa bophirima jwa India. Dikolone tsa Gerika di ne tsa dirwa mo mafatsheng a a fentsweng. Ka jalo, puo ya Segerika le setso sa teng tsa anamela gotlhe kwa a neng a busa teng. Tota e bile, Mmusomogolo wa Gerika o ne wa nna mogolo go feta ope fela o o tlileng pele ga one. Jaaka fa Daniele a ne a bolelela pele, bogosi jwa kgotlho ‘bo ne jwa nna le taolo mo lefatsheng lotlhe.’ Nngwe ya diphelelo tsa seno e ne ya nna gore Segerika (sa Koine) e nne puo e e dirisiwang ke ditšhaba tsotlhe. E re ka e ne e kgona go itlhalosa sentle, e ne ya itshupa e le yone e e tshwanelang sentle go ka dirisiwa go kwala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.
20. Go ne ga diragalang ka Mmusomogolo wa Gerika morago ga loso lwa ga Alexander yo Mogolo?
20 Alexander yo Mogolo o ne a tshela dingwaga di le robedi fela e le mmusi wa lefatshe. Le fa a ne a le mmotlana, Alexander yo o dingwaga di 32 o ne a lwala morago ga moletlo mme a swa moragonyana fela ga moo, ka June 13, 323 B.C.E. Fa nako e ntse e tsamaya, mmuso wa gagwe o mogolo wa kgaoganngwa go nna dinaga di le nnè, nngwe le nngwe ya tsone e busiwa ke mongwe wa bagenerale ba gagwe. Ka gone mo mmusong o le mongwe o mogolo go ne ga tswa mebuso e le menè e kgabagare e neng ya komediwa ke Mmusomogolo wa Roma. Mmuso ono wa lefatshe wa sekakgotlho o ne wa busa fela go fitlha ka 30 B.C.E. fa mmuso wa bofelo wa e menè eno—mmuso wa losika lwa segosi lwa ga Ptolemy o o neng o busa kwa Egepeto—kgabagare o ne o digwa ke Roma.
BOGOSI JO BO THUBAKANYANG LE JO BO TŠHWETLAKANYANG
21. Daniele o ne a tlhalosa “bogosi jwa bone” jang?
21 Daniele o ne a tswelela pele a tlhalosa setshwantsho seno sa toro: “Bogosi jwa bone [morago ga Babelona, Bameda le Baperesia le Gerika] bo tlaa nna thata jaaka tshipi; ka tshipi e thubaganya, e fenya dilo tsotlhe; le jaaka tshipi e e thugang dilo tse tsotlhe, bo tlaa thubaganya bo thuga jalo.” (Daniele 2:40) Ka maatla a one le bokgoni jwa one jwa go thubakanya, mmuso ono wa lefatshe o ne o tla tshwana le tshipi—o le maatla go feta mebuso e megolo e e tshwantshediwang ke gouta, selefera, le kgotlho. Mmusomogolo wa Roma e ne e le mmuso o o ntseng jalo.
22. Mmusomogolo wa Roma o ne o tshwana le tshipi jang?
22 Roma e ne ya thubakanya ya bo ya tšhwetlakanya Mmusomogolo wa Gerika ya bo ya kometsa masalela a mebuso ya lefatshe ya Bameda le Baperesia le Babelona. E re ka e ne e sa tlotle Bogosi jwa Modimo jo bo neng bo bolelwa ke Jesu Keresete, e ne ya mmolaela mo koteng ya tlhokofatso ka 33 C.E. Fa e ne e leka go tšhwetlakanya Bokeresete jwa boammaaruri, Roma e ne ya bogisa barutwa ba ga Jesu. Mo godimo ga moo, Baroma ba ne ba senya Jerusalema le tempele ya yone ka 70 C.E.
23, 24. Mo godimo ga Mmusomogolo wa Roma, maoto a setshwantsho seno a tshwantshetsa eng?
23 Memo ya tshipi mo setshwantshong sa toro ya ga Nebukadenesare e ne e tshwantshetsa e seng Mmusomogolo wa Roma fela mme gape le letlhogela la one mo dipolotiking. Ela tlhoko mafoko ano a a kwadilweng mo go Tshenolo 17:10: “Go na le dikgosi di supa: di le tlhano di ole, e le nngwe e gone, e nngwe ga e ise e goroge, mme fa ruri e goroga e tshwanetse go nna lobakanyana.” Fa moaposetoloi Johane a ne a kwala mafoko ano, o ne a isitswe botshwarwa ke Baroma, kwa setlhaketlhakeng sa Patamose. Dikgosi tse tlhano tse di oleng, kana mebuso ya lefatshe, e ne e le Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia le Gerika. Wa borataro—Mmusomogolo wa Roma—o ne o sa ntse o busa. Mme le one o ne o tshwanetse go wa, mme kgosi ya bosupa e ne e tla ema e tswa mo go nngwe ya dinaga tse di gapilweng tsa Roma. Mmuso oo wa lefatshe e ne e tla nna ofe?
24 Boritane e kile ya bo e le karolo ya bokonebophirima ya Mmusomogolo wa Roma. Mme ka ngwaga wa 1763, o ne o fetogile go nna Mmusomogolo wa Boritane—Britannia e e neng e busa mawatle a le supa. Ka 1776 dikolone tsa yone di le 13 tsa Amerika di ne tsa bolela fa di bone boipuso e le gore di dire United States of America. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa moragonyana, Boritane le United States di ne tsa nna balekane mo ntweng le mo kagisong. Ka gone, mmuso o o kopanetsweng wa Maesemane le Maamerika o ne wa nna gone e le mmuso wa lefatshe wa bosupa mo boporofeting jwa Baebele. Fela jaaka Mmusomogolo wa Roma, o itshupile o “le thata jaaka tshipi,” o dirisa thata e e tshwanang le ya tshipi. Ka gone memo ya tshipi mo setshwantshong seno sa toro a akaretsa Mmusomogolo le mmuso o o kopanetsweng wa lefatshe wa Maesemane le Maamerika.
MOTSWAKO O O SENG THATA
25. Daniele o ne a reng ka dinao le menwana ya dinao ya setshwantsho seno?
25 Morago ga moo Daniele o ne a bolelela Nebukadenesare jaana: “E re ka o bonye dinao le menwana ya tsone, ntlha nngwe e le letsopa la mmopi, le ntlha e nngwe e le tshipi, e tlaa nna bogosi jo bo kgaoganyeng; mme go tlaa nna mo go jone thata ya tshipi, ka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga. E re ka menwana ya dinao e ne e le tshipi ntlha nngwe, le letsopa ntlha nngwe, jalo fela bogosi bo tlaa nna thata ntlha nngwe, le ntlha nngwe bo nne sepha. Mme ereka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga, ba tlaa itlhakanya le losika lwa batho; mme ga ba ketla ba ngaparelana, fela jaaka tshipi e se ke e kgomaragana le letsopa.”—Daniele 2:41-43.
26. Puso e e tshwantshediwang ke dinao le menwana ya dinao e nna gone leng?
26 Go latelana ga mebuso ya lefatshe e e neng e tshwantshediwa ke dikarolo tse di farologaneng tsa setshwantsho sa toro ya ga Nebukadenesare go ne ga simolola ka tlhogo mme ga tswelela go fitlha kwa dinaong. Ka mo go utlwalang, dinao le menwana ya dinao ya “tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga” di ne di tla tshwantshetsa go nna gone ga bofelo ga puso ya batho e e neng e tla nna gone mo “motlheng wa bokhutlo.”—Daniele 12:4.
27. (a) Dinao le menwana ya dinao tsa tshipi e e tlhakantsweng le letsopa di tshwantshetsa boemo jo bo ntseng jang jwa lefatshe? (b) Menwana e e lesome ya setshwantsho e tshwantshetsa eng?
27 Fa lekgolo la bo20 la dingwaga le simolola, Mmusomogolo wa Boritane o ne o busa nngwennèng ya batho mo lefatsheng. Mebuso e mengwe e megolo ya Yuropa e ne e laola batho ba bangwe ba le dimilionemilione. Mme Ntwa ya Lefatshe I e ne ya dira gore go nne le ditlhopha tsa merafe mo boemong jwa mebuso e megolo. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, mokgwa ono o ne wa oketsega. Jaaka fa botšhaba bo ne bo ntse bo golela pele, palo ya merafe mo lefatsheng e ne ya gola fela thata. Menwana e le lesome ya dinao ya setshwantsho seno e tshwantshetsa mebuso le dipuso tseno tsotlhe tse di busang ka nako e le nngwe, ka gonne mo Baebeleng palo ya lesome ka dinako dingwe e tshwantshetsa go felela ga dilo tsa mo lefatsheng.—Bapisa Ekesodo 34:28; Mathaio 25:1; Tshenolo 2:10.
28, 29. (a) Go ya ka Daniele, letsopa le ne le emela eng? (b) Go ka bolelwang ka motswako wa tshipi le letsopa?
28 Jaanong ka re le mo “motlheng wa bokhutlo,” re fitlhile kwa dinaong tsa setshwantsho seno. Dingwe tsa dipuso tse di tshwantshediwang ke dinao le menwana ya dinao ya tshipi e e tlhakantsweng le letsopa mo setshwantshong seno di tshwana le tshipi—ke dipuso tsa bobusaesi kana ke tse di gatelelang. Tse dingwe di tshwana le letsopa. Ka tsela efe? Daniele o tshwantsha letsopa le “losika lwa batho.” (Daniele 2:43) Le fa letsopa e le selo se se seng thata, se losika lwa batho lo dirilweng ka sone, dipuso tse di tlwaelegileng tse di tshwanang le tshipi di ile tsa patelesega gore di tswelele pele go reetsa batho ba maemo a a sa reng sepe, ba ba batlang go nna le lefoko mo dipusong tse di ba busang. (Jobe 10:9) Mme le fa go ntse jalo, puso ya bobusaesi le batho ba maemo a a sa reng sepe ga ba kgone go ngaparagana—fela jaaka fa tshipi e sa kgone go kopana le letsopa. Ka nako ya fa setshwantsho seno se nyelela, lefatshe le tla bo le le makgaoganyane tota mo dipolotiking!
29 A go kgaogana ga dinao le menwana ya dinao go tla dira gore setshwantsho seno sotlhe se we? Go tla diregang ka setshwantsho seno?
SETLHOA SA DITIRAGALO!
30. Tlhalosa gore toro ya ga Nebukadenesare e felela jang.
30 Ela tlhoko gore toro eno e felela jang. Daniele o ne a bolelela kgosi jaana: “Wa leba, ga tsamaya tshilo ya kabolwa e seng ka diatla, ya itaya setshwantsho mo dinaong tse e leng tsa tshipi le letsopa, mme la di thubaganya. Foo ga thubaganngwa tshipi le letsopa, le kgotlho le selefera, le gouta go le mmogo, mme tsa nna jaaka mmoko wa dibopi tsa pholelo tsa selemo; mme phefo ya di kgophola, mme di se ka tsa bonelwa bonno; tshilo eo e e iteileng setshwantsho, ya tla ya nna lefika le legolo, mme la tlala ka lefatshe lotlhe.”—Daniele 2:34, 35.
31, 32. Go ne ga bolelelwa pele eng malebana le karolo ya bofelo ya toro ya ga Nebukadenesare?
31 Fa bo tlhalosa seno boporofeti jono bo tswelela jaana: “E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng. Ereka o bonye fa tshilo e kabotswe mo thabeng e seng ka diatla, le gone ya thubaganya tshipi, le kgotlho, le letsopa, le selefera, le gouta; Modimo o mogolo o itsisitse kgosi se se tlaa namang se dirafala, mme toro e tlhomame, le phuthololo ya yone ke ya mmaanete.”—Daniele 2:44, 45.
32 Fa a lemoga gore toro ya gagwe e gakologetswe ya ba ya tlhalosiwa, Nebukadenesare o ne a bolela gore ke Modimo wa ga Daniele fela yo e neng e le “Morena wa dikgosi, le mosenodi wa tse di sa itsiweng.” Kgosi gape e ne ya naya Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera maemo a boikarabelo jo bogolo. (Daniele 2:46-49) Le fa go ntse jalo, ‘phuthololo eno ya mmannete’ ya ga Daniele e na le bokao bofe gompieno?
‘LEFIKA LE LEGOLO LE TLALA KA LEFATSHE LOTLHE’
33. “Tshilo” e ne ya kabolwa mo “thabeng” efe, mme seno se ne sa diragala leng, le gone jang?
33 Fa “dinako tse di tlhomilweng tsa merafe” di ne di khutla ka October 1914, “Modimo wa legodimo” o ne a tlhoma Bogosi jwa legodimo ka go baya Morwawe yo o tloditsweng, e bong Jesu Keresete, mo setulong sa bogosi, e le “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena.”a (Luke 21:24; Tshenolo 12:1-5; 19:16) Go diragetse ka tsela eno gore ka maatla a Modimo, e seng ka diatla tsa batho, “tshilo” ya Bogosi jwa Bomesia e ne ya kabolwa mo “thabeng” ya bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. Puso eno ya selegodimo e mo diatleng tsa ga Jesu Keresete, yo Modimo o mo neileng bosasweng. (Baroma 6:9; 1 Timotheo 6:15, 16) Ka gone, “bogosi [jono] jwa [Modimo] Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe”—tsela e Jehofa a bontshang ka yone bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe—ga bo kitla bo fetisediwa mo mothong ope o sele. Bo tla ema ka bosakhutleng.—Tshenolo 11:15.
34. Bogosi jwa Modimo bo ne jwa tsalwa jang “mo metlheng ya dikgosi tseo”?
34 Go tsalwa ga Bogosi go ne ga direga “mo metlheng ya dikgosi tseo.” (Daniele 2:44) Tseno e ne e se dikgosi tse di neng di tshwantshediwa ke menwana e e lesome ya dinao ya setshwantsho fela mme gape le tse di neng di tshwantshediwa ke dikarolo tsa sone tsa tshipi, kgotlho, selefera le gouta. Le mororo mebuso e megolo ya Babelona, Peresia, Gerika le Roma e ne ya feta jaaka mebuso ya lefatshe, masalela a yone a ne a sa ntse a le teng ka 1914. Ka nako eo Mmusomogolo wa Ba-Ottoman ba Turkey o ne o busa naga ya Babelonia, mme dipuso tsa setšhaba di ne di busa kwa Peresia (Iran) le Gerika le Roma, e bong Italy.
35. “Tshilo” e tla itaya setshwantsho leng, mme setshwantsho seno se tla nyelediwa go le kanakang?
35 Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo tla tloga bo itaya setshwantsho seno sa tshwantshetso mo dinaong tsa sone. Morago ga moo magosi otlhe a a tshwantshediwang ke sone a tla thubaganngwa, bo a fedisa. Eleruri, kwa “ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,” “tshilo” eo e tla thubaganya ka tsela e e leng gore setshwantsho seo se tla silwa gore se bo se nne lerole fela mme sefefo sa Modimo se tla le tlosa jaaka mmoko mo seboaneng. (Tshenolo 16:14, 16) Go tswa foo, jaaka leje le le neng la gola go lekana le thaba mme la tlala lefatshe lotlhe, Bogosi jwa Modimo bo tla nna thaba ya puso e e tla amang “lefatshe lotlhe.”—Daniele 2:35.
36. Ke ka ntlha yang fa Bogosi jwa Bomesia bo ka bidiwa puso e e tlhomameng?
36 Le mororo Bogosi jwa Bomesia e le jwa selegodimo, bo tla anamisetsa maatla a jone mo kgolokweng eno ya rona go segofatsa baagi botlhe ba ba kutlo ba lefatshe. Puso eno e e tlhomameng ‘ga e kitla e senngwa gope’ le fa e le go “tlogelelwa tšhaba e sele.” Go farologana le magosi a babusi ba batho ba ba swang, “bo tla ema ka bosakhutleng,” go ya go ile. (Daniele 2:44) E kete o ka nna le tshiamelo ya go nna mongwe wa ba ba busiwang ke jone ka bosakhutleng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Kgaolo 6 ya buka eno.
O LEMOGILENG?
• Ke mebuso efe ya lefatshe e e tshwantshediwang ke dikarolo tse di farologaneng tsa setshwantsho se se boitshegang sa toro ya ga Nebukadenesare?
• Dinao le menwana ya dinao e e lesome ya tshipi e e tlhakantsweng le letsopa di tshwantshetsa boemo bofe jwa lefatshe?
• “Tshilo” e ne ya kabolwa leng le gone mo “thabeng” efe?
• “Tshilo” e tlile go itaya setshwantsho leng?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 63-67]
KGOSI YA MOTLHABANI E AGA MMUSOMOGOLAO
MOTLHATLHAMI wa setulo sa bogosi wa Babelona le masole a gagwe o tšhwetlakanya masole a Egepeto a ga Faro Neko kwa Karakemishe, kwa Siria. Baegepeto ba ba fentsweng ba tshabela kwa borwa go ela kwa Egepeto, mme Bababelona ba a ba konatelela. Mme molaetsa mongwe o o tswang kwa Babelona o patelela kgosana eno ya mofenyi gore e tlogele go ba konatelela. Dikgang ke gore rraagwe, e bong Nabopolasare, o tlhokafetse. Ya re a sena go neela bagenerale ba gagwe boikarabelo jwa go busa batshwarwa le thopo, Nebukadenesare o boela gae ka bonako mme o fitlha a nna mo setulong sa bogosi se se tlogetsweng ke rraagwe.
Ka gone Nebukadenesare o ne a nna mo setulong sa bogosi sa Babelona ka ngwaga wa 624 B.C.E. mme a nna mmusi wa bobedi wa Mmusomogolo wa Neo-Babylonia. Mo nakong ya go busa ga gagwe dingwaga di le 43, o ne a gapa dinaga tse pele di neng di busiwa ke Mmuso wa Lefatshe wa Asiria mme a atolosa puso ya gagwe, a atolosetsa Siria kwa bokone le Palesetina kwa borwa go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Egepeto.—Bona mmapa.
Mo ngwageng wa bonè wa go busa ga gagwe (620 B.C.E.), Nebukadenesare o ne a dira Juda bogosi jo bo kafa tlase ga gagwe. (2 Dikgosi 24:1) Dingwaga di le tharo moragonyana, go tsuologa ga Juda go ne ga dira gore Jerusalema a dikaganyediwe ke Bababelona. Nebukadenesare o ne a tsaya Jehoiakine, Daniele, le ba bangwe a ba isa botshwarwa kwa Babelona. Kgosi eno gape e ne ya tsamaya ka dilwana dingwe tsa tempele ya ga Jehofa. O ne a dira gore rrangwanaagwe Jehoiakine, e bong Sedekia, a nne kgosi ya Juda e e kafa tlase ga gagwe.—2 Dikgosi 24:2-17; Daniele 1:6, 7.
Nako nngwe moragonyana, Sedekia le ene o ne a tsuologa, a ikgolaganya le Egepeto. Nebukadenesare o ne a dikanyetsa Jerusalema gape, mme ka 607 B.C.E. a thuba lobota lwa yone, a ja tempele ka molelo, mme a senya motse oo. O ne a bolaya barwa botlhe ba ga Sedekia mme go tswa foo a foufatsa Sedekia a ba a mmofa, gore a mo ise Babelona e le legolegwa. Nebukadenesare o ne a isa bontsi jwa batho botshwarwa a ba a isa dilwana tse di setseng tsa tempele kwa Babelona. “Jalo Bajuta ba ntshiwa mo lefatsheng ba tlosiwa ba golegilwe.”—2 Dikgosi 24:18–25:21.
Nebukadenesare gape o ne a fenya Ture ka go dikanyetsa motse ono—a o dikanyetsa dingwaga di le 13. Fa a ntse a o dikanyeditse jalo, ditlhogo tsa masole a gagwe di ne tsa “tšhemoga” ka ntlha ya go gotlhwa ke ditlhoro tsa bone tsa phemelo, le magetla a bone a ne a “kgoboga” ka ntlha ya go sikara dilwana tse di neng di dirisiwa mo go ageng lobota lwa go dikanyetsa. (Esekiele 29:18) Kgabagare Ture e ne ya ineela mo masoleng a Babelona.
Go bonala kgosi ya Babelona e ne e le setswerere mo go rulaganyeng ntwa. Dibuka dingwe, segolobogolo tsa Babelona, gape di mo tlhalosa e le kgosi e e tshiamo. Le mororo Dikwalo di sa bue ka papamalo gore Nebukadenesare o ne a le tshiamo, moporofeti Jeremia o ne a bolela gore le mororo Sedekia a ile a tsuologa, o ne a tla tshwarwa sentle ‘fa a ne a ka tswa a ya kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babelona.’ (Jeremia 38:17, 18) Mme morago ga go senngwa ga Jerusalema, Nebukadenesare o ne a tshwara Jeremia ka tlotlo. Malebana le Jeremia, kgosi eno e ne ya laela jaana: “Mo tseye o mo dise sentle, o se ka wa mo utlwisa botlhoko; o mo direle fela ka fa o tlaa go rayang ka gone.”—Jeremia 39:11, 12; 40:1-4.
Jaaka mookamedi, Nebukadenesare o ne a le bonako go lemoga dinonofo le dikgono tsa ga Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo—Shaderake, Meshake le Abedenego—ba maina a bone a Sehebera e neng e le Hanania, Mishaele le Asaria. Ka gone kgosi e ne ya ba naya maemo a boikarabelo mo bogosing jwa yone.—Daniele 1:6, 7, 19-21; 2:49.
Mo bodumeding, Nebukadenesare o ne a ineetse thata mo go Maraduke, modimo o mogolo wa Babelona. Kgosi eno e ne ya bolela gore Maraduke ke ene a dirileng gore a bone diphenyo tse a di boneng. Kwa Babelona, e ne ya aga ditempele tsa ga Maraduke le tse dingwe di le mmalwa tsa medimo ya Babelona ya bo ya di kgabisa. Setshwantsho sa gouta se se neng se tlhomilwe kwa dipoeng tsa Dura se ka tswa se ne se neetswe go Maraduke. Mme go bonala Nebukadenesare a ne a ikantse dilo tsa boitseanape thata fa a ne a rulaganya dintwa tsa gagwe.
Nebukadenesare gape o ne a ikgantsha ka go tsosolosa Babelona, motse o o neng o le mogolo thata ka nako eo o ageletswe ka dipota. Ka go feleletsa dipota tse dikgolo thata tsa motse ono tse di neng di agilwe sebedi tse rraagwe a neng a simolotse go di aga, Nebukadenesare o ne a dira gore motse ono o bonale o ka se tsenege. Kgosi eno e ne ya baakanya ntlo ya segosi ya bogologolo e e neng e le mo garegare ga motse mme ya aga ntlo ya segosi ya selemo mo e ka nnang dikilometara di le pedi go ela kwa bokone. Go kgotsofatsa kgosigadi ya gagwe e e tswang kwa Media, e e neng e tlhologeletswe dithota le dikgwa tsa kwa nagagaeng ya yone, go begwa gore Nebukadenesare o ne a dira ditshingwana tsa mo dithabeng—tse go bolelwang e le dingwe tsa dikgakgamatso di le supa tsa lefatshe la bogologolo.
“A ga se one Babilone o mogolo, o ke o agileng gore o nne boago jwa segosi, ka bonatla jwa thata ya me, le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa me?” kgosi eno e ne ya ikgantsha jalo e ntse e tsamayatsamaya mo ntlong ya yone ya segosi ya Babelona. “E rile lefoko le sa ntse le le mo molomong wa kgosi,” ya tlelwa ke botsenwa. E re ka e ne e sa kgone go busa ka dingwaga di le supa, e ne ya ja bojang, fela jaaka Daniele a ne a boleletse pele. Kwa bokhutlong jwa lobaka loo, Nebukadenesare o ne a busetswa bogosi, mme a busa go fitlha a swa ka 582 B.C.E.—Daniele 4:30-36.
O LEMOGILENG?
Go ka bolelwang ka Nebukadenesare jaaka
• setswerere mo go rulaganyeng ntwa?
• mookamedi?
• moobamedi wa ga Maraduke?
• moagi?
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
MMUSOMOGOLO WA BABELONA
LEWATLE LE LEHIBIDU
Jerusalema
Noka ya Euferatese
Noka ya Tigris
Ninefe
Susa
Babelona
Ure
[Setshwantsho]
Babelona, motse o mogolo thata ka nako eo o o ageletsweng ka dipota
[Setshwantsho]
Kgogela e ne e le letshwao la ga Maraduke
[Setshwantsho]
Ditshingwana tse di itsegeng thata tsa Babelona tsa mo dithabeng
[Setshwantsho mo go tsebe 56]
(For fully formatted text, see publication)
MEBUSO YA LEFATSHE YA BOPOROFETI JWA GA DANIELE
Setshwantsho se se boitshegang (Daniele 2:31-45)
BABELONIA go tloga ka 607 B.C.E.
BAMEDA LE BAPERESIA go tloga ka 539 B.C.E.
GERIKA go tloga ka 331 B.C.E.
ROMA go tloga ka 30 B.C.E.
MMUSO WA LEFATSHE WA MAESEMANE LE MAAMERIKA go tloga ka 1763 C.E.
LEFATSHE LE LE KGAOGANENG KA DIPOLOTIKI mo metlheng ya bofelo
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 47]
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 58]