Tsebe ya Ditlhogo/Tsebe ya Bagatisi
Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Go Babadi
Botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise! Re itse ka tsholofelo eno e e molemolemo ka go ithuta Baebele. Mme seno, mmogo le dithuto tse dingwe tsa motheo tsa Lefoko la Modimo, ke tshimologo fela. Baebele e rotloetsa botlhe ba ba ratang Modimo gore ba ‘tshware ka mogopolo se e leng bogodimo le boteng’ jwa boammaaruri jwa gagwe jo bo tlhwatlhwakgolo. (Baefeso 3:18) Buka eno e baakanyeditswe sone seo. Re solofela gore e tla go thusa go gola semoyeng, le gore o tlhomelelwe sentle go tsamaya mo tseleng e tshesane e e isang kwa botshelong mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo.
—Bagatisi
E gatisitswe ka 2006
Buka eno ke karolo ya thulaganyo ya lefatshe lotlhe ya go ruta Baebele, thulaganyo e e tshegediwang ka meneelo e e ntshiwang ka go rata.
Dinopolo tsa Dikwalo tse di mo bukeng eno di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe. Koo NW e latelang morago ga nopolo nngwe gone, go supa gore e ranotswe go tswa go New World Translation of the Holy Scriptures—With References ya puo ya Seesemane
Photo Credits:
▪ Cover: U.S. Navy photo
▪ Page 180: Children: UNITED NATIONS/J. FRANK