Kgaolo Ya Boraro
Ngangatlela Lefoko la Modimo Thata
1. (a) Baiseraele ba bogologolo ba ne ba bona jang gore lefoko la Modimo le boammaaruri? (b) Ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela seo?
“LO ITSE sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela.” (Joshua 23:14-16) Joshua o ne a raya banna ba bagolwane ba Iseraele jalo fa ba sena go goroga kwa Nageng e e Solofeditsweng. Ee, go ne ga bonala gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di a ikanyega. Pego eo—le Baebele yotlhe e feletse—e ne ya bolokelwa rona gore “re nne le tsholofelo.”—Baroma 15:4.
2. (a) Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo” ka tsela efe? (b) E re ka re itse gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, re na le boikarabelo bofe?
2 Le fa go ne ga dirisiwa bakwadi ba batho ba ka nna 40 go kwala Baebele, Jehofa ke ene Mokwadi wa yone. A seno se raya gore o ne a kaela go kwalwa ga sengwe le sengwe se se mo go yone ka tlhamalalo? Ee. O ne a dira seno ka moya wa gagwe o o boitshepo o o nonofileng, maatla a gagwe a a dirang. Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana, a bua boammaaruri: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo . . . gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” Batho gongwe le gongwe ba ba dumelang seo ba tsaya Baebele tsia e bile ba tshela go dumalana le se se mo go yone.—2 Timotheo 3:16, 17; 1 Bathesalonika 2:13.
Thusa ba Bangwe go e Anaanela
3. Tsela e e molemolemo ya go thusa batho ba bantsi ba ba sa dumeleng gore Baebele ke Lefoko la Modimo ke efe?
3 Batho ba le bantsi ba re buang le bone ga ba dumele jaaka rona gore Baebele ke Lefoko la Modimo. Re ka ba thusa jang? Gantsi, tsela e e molemo ke go bula Baebele re bo re ba bontsha se se mo go yone. “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) “Lefoko la Modimo” ga se hisitori fela e e sa kayeng sepe mo motlheng wa rona; le a tshela! Ditsholofetso tsa Baebele di ya di lebile go diragadiwa mme go se na sepe se se tla di kgoreletsang. Molaetsa wa Baebele o kgona go tlhotlheletsa maikutlo a motho a a kwa teng mme o maatla go feta sepe se rona re ka se buang.
4. Ke ditlhaloso dife tsa boammaaruri jwa Baebele tse di fetotseng boikutlo jwa batho bangwe malebana le Baebele, mme ka ntlha yang?
4 Go bona leina la Modimo mo Baebeleng go ile ga dira gore batho ba le bantsi ba e sekaseke thata. Ba bangwe ba ile ba swetsa ka go re ba ithute Baebele fa ba bontshiwa se e se bolelang malebana le lebaka la go bo re le mono, lebaka la go bo Modimo a letleletse boikepo, bokao jwa ditiragalo tsa malatsing ano kgotsa tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Mo dinageng tse kwa go tsone ditiro tsa bodumedi di dirileng gore batho ba tshwenngwe ke meya e e bosula, batho ba ile ba kgatlhegela Baebele thata fa ba sena go utlwa se e se tlhalosang malebana le gore meya eno e bakwa ke eng le kafa ba ka gololesegang ka teng mo go yone. Ke ka ntlha yang fa dintlha tseno di kgatlha batho ba ba peloephepa? Ka gonne Baebele ke yone fela motswedi wa tshedimosetso e e ikanyegang malebana le dikgang tsotlhe tse di tshwanang le tseno tse di botlhokwa.—Pesalema 119:130.
5. (a) Fa batho ba re ga ba dumele mo Baebeleng, mabaka e ka tswa e le afe? (b) Re ka thusa batho ba ba ntseng jalo jang?
5 Le fa go ntse jalo, go tweng fa batho ba re bolelela gore ga ba dumele mo Baebeleng? A motlotlo o tshwanetse wa felela foo? E seng fa ba ka rata go bontshiwa mabaka. Gongwe ba leba Baebele jaaka buka ya Labokeresete. Tsela e Labokeresete a itsegeng ka boitimokanyo jwa gagwe ka yone le go itshunya nko ga gagwe mo dipolotiking, mmogo le go nnela go kopa madi ga gagwe, e ka nna ya bo e le yone e dirang gore ba se ka ba leba Baebele sentle. Ke eng fa o sa ba botse gore a go ntse jalo? Ba ka nna ba simolola go kgatlhegela Baebele fa ba bona tsela e e kgalang ditsela tsa Labokeresete tse di bosula ka yone, mmogo le ditsela tse Labokeresete a farologanang ka tsone le Bokeresete jwa boammaaruri.—Mika 3:11, 12; Mathaio 15:7-9; Jakobe 4:4.
6. (a) Wena ke eng se se go tlhatswang pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo? (b) Ke dintlha dife tse dingwe tse di ka dirisiwang go thusa batho go tlhaloganya gore tota Baebele e tswa kwa Modimong?
6 Ba bangwe bone ba ka thusiwa fela ka go tlhalosediwa ka tlhamalalo bosupi jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Wena ke eng se se go supelang sentle gore Baebele e tswa kwa go Jehofa Modimo? A ke se Baebele e se bolelang malebana le kwa e tswang teng? Kgotsa a ke lebaka la go bo Baebele e na le dipolelelopele di le dintsi tse di bontshang gore e na le kitso e e feletseng ka isagwe, dipolelelopele tse di tshwanetseng tsa bo di tswa kwa go mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho? (2 Petere 1:20, 21) A gongwe ke ka gonne Baebele e bontsha go dumalana ka tsela e e gakgamatsang, le fa e kwadilwe ke banna ba le 40 mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna 1 600? Kgotsa a ke ka gonne e opa kgomo lonaka fa e bua ka dilo tsa saense go farologana le dibuka tse dingwe tsa metlha eo? Kgotsa a ke tsela e bakwadi ba yone ba buang puo phaa ka yone ba sa fitlhe sepe? Kgotsa a ke lebaka la go bo e ile ya babalesega le fa go ne go na le maiteko a magolo a go e fedisa? Le fa e ka nna eng se o boneng se go kgatlha, le sone o ka se dirisa go thusa batho ba bangwe.a
Go Bala ga Rona Baebele
7, 8. (a) Re tshwanetse ra bo re dira eng ka Baebele? (b) Ke eng se re se tlhokang mo godimo ga go bala Baebele fa re le rosi? (c) Wena o ile wa kgona jang go tlhaloganya maikaelelo a ga Jehofa?
7 Mo godimo ga go thusa batho ba bangwe go dumela Baebele, rona ka borona re tshwanetse ra ipha nako ya go e bala ka metlha. A o dira jalo? Mo dibukeng tsotlhe tse di kileng tsa dirwa, eno ke yone ya botlhokwa go di feta tsotlhe. Mme gone seno ga se reye gore fa re e ipalela fela ka borona, ga re tlhoke sepe se sele. Dikwalo di re tlhagisa gore re se ka ra itlhaola. Ga re a tshwanela go akanya gore re ka iponela karabo ya sengwe le sengwe ka go itirela patlisiso ka borona. Re tlhoka go ithuta rona ka borona mmogo le go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa batho ba Modimo gore re tle re nne Bakeresete ba ba tekatekano.—Diane 18:1; Bahebera 10:24, 25.
8 Malebana le seno, Baebele e re bolelela ka ga motlhankedi mongwe wa Moethiopia yo o neng a bala boporofeti jwa ga Isaia. Moengele mongwe o ne a kaela moefangedi wa Mokeresete e bong Filipo go botsa monna yono a re: “A tota o itse se o se balang?” Moethiopia o ne a araba jaana ka boikokobetso: “Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” O ne a kopa Filipo gore a mo tlhalosetse tema eo ya Lokwalo. Ela tlhoko gore Filipo e ne e se motho yo o ipalelang Baebele fela a le esi a bo a naya maikutlo a gagwe ka Dikwalo. O ne a dirisana thata le phuthego e e bonalang ya Modimo. Ka jalo o ne a ka thusa Moethiopia gore a solegelwe molemo ke thuto e Jehofa a neng a e mo naya ka phuthego eo. (Ditiro 6:5, 6; 8:5, 26-35) Le gompieno fela jalo, motho ga a tlhaloganye maikaelelo a ga Jehofa ka nepo a le esi fela. Rotlhe re tlhoka thuso e Jehofa a e nayang ka lorato ka phuthego ya gagwe e e bonalang.
9. Ke thulaganyo efe ya go bala Baebele e e ka re solegelang molemo rotlhe?
9 Phuthego ya ga Jehofa e re naya tshedimosetso e e molemolemo ka Dikwalo mo dikgatisong tse di farologaneng go re thusa go tlhaloganya Baebele. Mo godimo ga moo, re diretswe thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele e e tsamaisanang le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se se tshwarwang mo diphuthegong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Go itlhatlhobela Dikwalo Tse di Boitshepo ka bowena go ka go solegela molemo thata. (Pesalema 1:1-3; 19:7, 8) Tsaya matsapa a a kgethegileng gore o bale Baebele ka metlha. Le fa o sa tlhaloganye sengwe le sengwe ka botlalo, o tla solegelwa molemo thata ke go tlhaloganya Dikwalo ka kakaretso. Ka sekai, fa o bala ditsebe di le nnè kgotsa di le tlhano fela ka letsatsi, o ka wetsa Baebele yotlhe ka ngwaga.
10. (a) O bala Baebele leng? (b) Ke bomang gape ba ba tshwanetseng ba akarediwa fa go balwa Baebele, mme ke eng fa go le botlhokwa go e bala ka metlha?
10 O ka bala Baebele leng? Fa o beela kwa thoko le fa e ka nna metsotso e le 10 kgotsa e le 15 ka letsatsi gore o e bale, o tla solegelwa molemo thata. E seng jalo, bogolo rulaganya gore go nne le malatsi a a rileng a o balang ka one ka metlha beke nngwe le nngwe, o bo o ngaparela thulaganyo eo. Fa e le gore o nyetse kgotsa o nyetswe, wena le molekane wa gago lo ka ipelela go balelana Baebele kwa godimo. Fa go na le bana ba ba setseng ba kgona go bala, ba ka refosana go balela kwa godimo. Go bala Baebele e tshwanetse ya nna mokgwa wa botshelo jotlhe, jaaka go ja dijo. Jaaka o itse, fa motho a sa je sentle, ga a kitla a nna le botsogo jo bontle. Fela jalo, le botshelo jwa rona jwa semoya, go akaretsa le botshelo jwa rona jo bo sa khutleng, bo ikaegile ka gore re fepiwe ka metlha ka “lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.”—Mathaio 4:4.
Boikaelelo Jwa Rona
11. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna bofe fa re bala Baebele?
11 Boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna bofe fa re bala Baebele? Mokgele wa rona ga e a tshwanela go nna fela go bala palo e e rileng ya ditsebe tsa Baebele. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna go batla go itse Modimo botoka gore re kgone go mo rata go feta pele le go mo obamela ka tsela e a e amogelang. (Johane 5:39-42) Re tshwanetse ra ikutlwa jaaka mokwadi mongwe wa Baebele fa a ne a re: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago.”—Pesalema 25:4.
12. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go nna le “kitso ya boammaaruri,” mme fa re bala re ka tlhoka go dira boiteko bofe gore re nne le kitso eo? (b) Re ka dirisa dintlha dife tse nnè go sekaseka ka tsela e e mosola se re se balang mo Baebeleng? (Bona lebokose le le mo go tsebe 30.) (c) Bontsha kafa dintlha tseno di dirang ka teng ka go araba dipotso tse di mo serapeng seno. Bala ditemana tse di umakilweng mme di sa nopolwa.
12 Fa re ntse re rutiwa ke Jehofa, re tshwanetse ra eletsa go nna le “kitso ya boammaaruri.” Kwantle ga yone, re ne re ka dirisa jang Lefoko la Modimo sentle mo matshelong a rona le go le tlhalosetsa ba bangwe ka nepo? (Bakolosa 3:10; 2 Timotheo 2:15) Re tshwanetse go bala ka kelotlhoko gore re nne le kitso ya boammaaruri, mme fa karolo nngwe e le bokete go e tlhaloganya, re ka nna ra tlhoka go e bala gantsinyana gore re e tlhaloganye sentle. Gape re tla solegelwa molemo fa re ipha nako ya go tlhatlhanya ka se re se balang, re akanya ka sone ka ditsela tse di farologaneng. Ditsela tse di mosola tse nnè tsa go akanya tse re ka di tlhatlhobang di bontshitswe mo go tsebe 30. Dikarolo di le dintsi tsa Dikwalo di ka tlhatlhobiwa ka tsela e e mosola ka go dirisa ntlha e le nngwe kgotsa go feta mo go tseno. Fa o ntse o araba dipotso tse di mo ditsebeng tse di latelang, o tla bona gore seo se ntse jalo ka tsela efe.
(1) Go le gantsi, karolo e o e balang ya Dikwalo e ka go bolelela sengwe ka ga gore Jehofa ke motho wa mofuta ofe. Ka sekai, mo go Pesalema 139:13, 14, re utlwa ka tsela eo Modimo a amegang thata ka yone ka masea a a iseng a tsholwe: “O ne wa mpoloka ke bipilwe mo sebopelong sa ga mmè. Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa, jaaka moya wa me o lemoga sentle.” A bo ditiro tsa ga Jehofa tsa popo di le dintle jang ne! Tsela e batho ba dirilweng ka yone e bontsha fela kafa a re ratang thata ka teng.
Ka ntlha ya se se bolelwang mo go Johane 14:9, 10, fa re bala kafa Jesu a neng a dirisana le ba bangwe ka teng, tota re bona kafa Jehofa ka boene a neng a ka dira ka teng. Re akantse ka seo, re ka dira tshwetso efe kaga Jehofa mo ditiragalong tse di begilweng mo go Luke 5:12, 13 le Luke 7:11-15?
(2) Akanya kafa kgang e o e balang e amanang ka teng le kgangkgolo ya Baebele: go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le go itshepisiwa ga leina la gagwe ke Bogosi fa go tla bo go busa Jesu Keresete, Losika lo lo solofeditsweng.
Kgangkgolo ya Baebele e ne ya gatelelwa jang ke Esekiele le Daniele? (Esekiele 38:21-23; Daniele 2:44; 4:17; 7:9-14)
Baebele e bontsha ka phepafalo jang gore Jesu ke Losika lo lo solofeditsweng? (Bagalatia 3:16)
Tshenolo e tlhalosa jang konelo e e gakgamatsang ya kgangkgolo ya Bogosi? (Tshenolo 11:15; 12:7-10; 17:16-18; 19:11-16; 20:1-3; 21:1-5)
(3) Ipotse gore o ka dirisa jang se o se balang mo botshelong jwa gago. Ka sekai, fa re bala Ekesodo go fitlha kwa go Duteronome re utlwa kaga boitshwaro jo bo sa siamang le botsuolodi jwa Iseraele. Re utlwa gore maikutlo ao le ditiro tseo di ne tsa nna le matswela a a bosula. Ka jalo, re tshwanetse ra tlhotlheletsega go itumedisa Jehofa ka go sa etse sekao se se sa siamang sa Iseraele. “Dilo tseno di ne tsa tswelela di ba diragalela e le dikao, mme di ne tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.”—1 Bakorintha 10:11.
Pego ka ga Kaine a bolaya Abele e re naya thuto efe? (Genesise 4:3-12; Bahebera 11:4; 1 Johane 3:10-15; 4:20, 21)
A kgakololo ya Baebele e e yang kwa Bakereseteng ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong e ama le batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng? (Dipalo 15:16; Johane 10:16)
Le fa re na le boemo jo bo siameng le phuthego ya Bokeresete, ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa kafa re ka dirisang ka botlalo ka teng kgakololo ya Baebele e re setseng re e itse? (2 Bakorintha 13:5; 1 Bathesalonika 4:1)
(4) Akanyetsa gore o ka dirisa jang se o se balang go thusa ba bangwe. Batho botlhe ba tshwenyegile ka mathata a botsogo, ka jalo re ka ba balela se Jesu a neng a se dira go bontsha se a tla se dirang ka selekanyo se segolwane thata fa a setse a busa a na le maatla a Bogosi: “Boidiidi jo bogolo jwa mo atamela, bo na le batho ba ba tlhotsang, ba ba golafetseng, ba ba foufetseng, ba ba dimumu, le ba bantsi ba ba ka tsela e sele, . . . mme a ba alafa.”—Mathaio 15:30.
Ke bomang ba ba ka thusiwang ke pego ya go tsosiwa ga ga morwadia Jairo? (Luke 8:41, 42, 49-56)
13. Re ka lebelela go nna le matswela afe fa re na le thulaganyo e e tswelelang pele ya go bala le go ithuta Baebele le phuthego ya ga Jehofa?
13 A bo go bala Baebele go nna le matswela jang ne fa re sekaseka dintlha tse nnè tse di umakilweng fa godimo! Eleruri, go bala Baebele ke kgwetlho. Mme go ka re solegela molemo botshelo jwa rona jotlhe, gonne fa re ntse re bala Dikwalo, re tla nonofa semoyeng. Go bala Baebele ka metlha go tla re atametsa gaufi le Rraarona yo o lorato, Jehofa, le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Go tla re thusa go utlwa kgakololo ya gore re ‘ngangatlele lefoko la botshelo.’—Bafilipi 2:16.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso ya lebaka la go bo Baebele e tshwanelwa ke go tlhatlhobiwa, bona boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Motlotlo wa Poeletso
• Ke ka ntlha yang fa Baebele e ile ya kwalwa ya ba ya bolokwa go fitlha mo motlheng wa rona?
• Re ka thusa ba bangwe jang gore ba anaanele Baebele?
• Ke eng fa go bala Baebele ka metlha go na le mosola? Re ka sekaseka se re se balang ka tsela e e nang le matswela ka go dirisa dintlha dife tse nnè?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 30]
FA O BALA KAROLO NNGWE YA BAEBELE, ELA TLHOKO
Se e se go bolelelang kaga Jehofa jaaka motho
Kafa e amanang ka teng le kgangkgolo ya Baebele yotlhe
Kafa e tshwanetseng ya ama botshelo jwa gago ka teng
Kafa o ka e dirisang ka teng go thusa batho ba bangwe