LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 10/1 ts. 5-10
  • “Sengwe le Sengwe Se na Le Motlha wa Sone”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Sengwe le Sengwe Se na Le Motlha wa Sone”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Motlha wa go Lela, le Motlha wa go Tshega”
  • Go Itumela Thata, le Mororo re Lela!
  • “Motlha wa go Tlamparela, le Motlha wa go Lesa go Tlamparela”
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Lenyalo le go Nna Motsadi mo Metlheng Eno ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Ipaakanyetsa go Atlega mo Lenyalong
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Itumele Mo Lenyalong La Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 10/1 ts. 5-10

“Sengwe le Sengwe Se na Le Motlha wa Sone”

“Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, le boikaelelo bongwe le bongwe tlase ga legodimo bo na le motlha wa jone.”—MORERI 3:1.

1. Batho ba ba sa itekanelang ba na le bothata bofe, mme seno se ile sa baka eng ka dinako tse dingwe?

GANTSI batho ba tle ba re, “Nkabo ke ile ka go dira go sa le gale.” Kgotsa fa sengwe se setse se diragetse ba re, “Nkabo ke ile ka leta.” Mafoko ao a supa kafa go leng thata ka teng gore batho ba ba sa itekanelang ba nepe nako e e siameng e ba tshwanetseng go dira dilo dingwe ka yone. Bothata jono bo dirile gore batho ba nne le dikgotlhang. Bo bakile go swaba le go betwa ke pelo. Mme se se maswe le go feta, bo dirile gore bangwe ba se ka ba tlhola ba nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe.

2, 3. (a) Ke eng fa go le molemo go ikanya tsela ya ga Jehofa ya go tlhoma dinako tse di tshwanetseng? (b) Ke pono efe e e lekalekaneng e re tshwanetseng go nna le yone malebana le go diragadiwa ga dipolelelopele tsa Baebele?

2 E re ka Jehofa a na le botlhale le temogo e batho ba se nang yone, o kgona gore fa a batla, a itse go sa le gale gore kgato nngwe le nngwe e tla felela jang. O kgona go “[bolela] bokhutlo e sa ntse e le tshimologo.” (Isaia 46:10) Ka gone, o kgona go tlhopha sentle nako e e tshwanelang thata go ka dira sepe fela se a batlang go se dira. Ka jalo, go na le gore re ikanye tsela ya rona e e tleng e fose ya go bala nako, go ka nna molemo fa re ikanya tsela ya ga Jehofa ya go tlhoma dinako tse di tshwanetseng!

3 Ka sekai, Bakeresete ba ba nonofileng sentle ba letela ka boikanyegi nako e Jehofa a e tlhomileng e a tlileng go diragatsa dipolelelopele dingwe tsa Baebele ka yone. Ba nna ba tshwaregile mo tirelong ya gagwe, ba tla ba sa lebale molaomotheo wa Dikhutsafalo 3:26: “Go molemo gore motho a solofele a be a lebelele poloka ya ga Jehofa a iketlile fela.” (Bapisa Habakuke 3:16.) Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba tlhatswegile pelo gore nako ya katlholo ya ga Jehofa e e boletsweng, “le fa e ka diega, . . . ruri e tla diragala. Ga e kitla e tla morago ga nako.”—Habakuke 2:3, NW.

4. Amose 3:7 le Mathaio 24:45 di ka re thusa jang go letela Jehofa ka bopelotelele?

4 Ka fa letlhakoreng le lengwe, a re na le lebaka la go fela pelo fa re sa tlhaloganye ditemana dingwe tsa Baebele sentle kana ditlhaloso dingwe tse di mo dikgatisong tsa Watch Tower? Go molemo gore re letele nako e Jehofa a e tlhomileng gore dilo di tle go tlhalosiwa sentle ka yone. “Ruri Morena Modimo o tlaa bo a sa dire sepe, fa e se ka go senolela batlhanka ba gagwe baporofeti leoma la gagwe.” (Amose 3:7) A tsholofetso e e molemo ruri! Mme gone, re tshwanetse go lemoga gore Jehofa o senola maoma a gagwe ka nako e ene a bonang e tshwanetse. Ka gone, Modimo o tlhomile “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” go tlamela batho ba gagwe ka “dijo tsa bone [tsa semoya] ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:45) Ka jalo, ga go na lebaka la gore re tshwenyege thata kana re tenege fa dilo dingwe di sa tlhalosiwe ka botlalo. Go na le moo, re ka tshepa re sa belaele gore fa re letela Jehofa ka bopelotelele, o tla dirisa motlhanka yo o boikanngo go re tlamela ka se re se tlhokang “ka nako e e tshwanetseng.”

5. Ke eng fa re ka solegelwa molemo ke go sekaseka Moreri 3:1-8?

5 Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a bua ka dilo tse 28 tse sengwe le sengwe sa tsone se nang le “motlha wa sone.” (Moreri 3:1-8) Fa re ka tlhaloganya bokao jwa se Solomone a neng a se bolela, re tla kgona go itse nako e e tshwanetseng le e e sa tshwanelang ya go dira dilo dingwe go ya kafa Modimo a di lebang ka teng. (Bahebera 5:14) Seo se tla re thusa go tshela botshelo jwa rona ka tsela e e tshwanetseng.

“Motlha wa go Lela, le Motlha wa go Tshega”

6, 7. (a) Ke eng se gompieno se dirang gore batho ba ba amegang ba ‘lele’? (b) Lefatshe le leka go tsibogela jang maemo a a masisi a le iphitlhelang mo go one?

6 Le fa go na le “motlha wa go lela, le motlha wa go tshega,” ke mang yo o ka se rateng motlha wa go tshega? (Moreri 3:4) Ka maswabi, re tshela mo lefatsheng le le re dirang gore re age re lela. Bobegadikgang bo tletse fela ka dikgang tse di hutsafatsang. Re garoga pelo fa re utlwa go buiwa ka basha ba ba ganyaolang baithutikabone ka ditlhobolo kwa sekolong, batsadi ba ba sotlang bana ba bone, barukhutlhi ba ba bolayang kana ba golafatsa batho ba ba se nang molato, le dilo tse go tweng ke masetlapelo a tlholego tse di gobatsang batho le go senya dithoto. Mo dithelebisheneng tsa rona re bona bananyana ba ba gonyetseng matlho ka ntlha ya tlala le batshabi ba ba lelekilweng kwa dinageng tsa bone. Mafoko a pele a neng a sa itsiwe a a jaaka kgailo ya morafe, AIDS, ntwa kgatlhanong le megare le El Niño, jaanong a tsentse tsebetsebe mo megopolong le mo dipelong tsa rona—lengwe le lengwe ka tsela ya lone.

7 Ga go pelaelo, lefatshe gompieno le tletse ka masetlapelo le mathata. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape madirelo a tsa boitlosobodutu a dira gore go nne jaaka e kete dilo tseno ga di masisi go le kalo ka go tlhagisa ditiragalo tsa bosetlhogo, tse di tlhapatsang, ka dinako tse dingwe e le tsa boitsholo jo bo maswe, tse di diretsweng go re dira gore re itlhokomolose masetlapelo a batho ba bangwe ba leng mo go one. Mme gone, metlae eo ya boeleele le ditshego tsa bomatla tse di sa bontsheng go amega ka batho ba bangwe e boitlosobodutu jo bo ntseng jalo bo e tlhagisang ga ya tshwanela go tsewa e le boipelo jwa boammaaruri. Boipelo jo e leng loungo lwa moya wa Modimo ga se selo se lefatshe leno la ga Satane le ka kgonang go re abela sone.—Bagalatia 5:22, 23; Baefeso 5:3, 4.

8. A gompieno Bakeresete ba tshwanetse go tsaya go lela kana go tshega go le botlhokwa? Tlhalosa.

8 Fa re lemoga maemo a a maswe a lefatshe le leng mo go one gompieno, re ka tlhaloganya gore gompieno ga se nako ya go tsaya go tshega e le selo se se botlhokwa thata. Ga se nako ya go tlhola re inaakantse le boitapoloso le boitlosobodutu kana go letla gore “go ijesa menate” e nne selo se se tsayang maemo a go gagamalela dilo tsa semoya. (Bapisa Moreri 7:2-4.) Moaposetoloi Paulo o ile a re, “ba ba dirisang lefatshe” ba nne “jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo.” Ka ntlha yang? Ka gonne “seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (1 Bakorintha 7:31) Bakeresete ba boammaaruri ba tshela letsatsi lengwe le lengwe ba itse sentle gore re tshela mo dinakong tse di masisi.— Bafilipi 4:8.

Go Itumela Thata, le Mororo re Lela!

9. Ke seemo sefe se se sa itumediseng se se neng se le teng mo malatsing a pele ga Morwalela, mme seno se kaya eng mo go rona gompieno?

9 Batho ba ba neng ba tshela ka nako ya Morwalela wa lefatshe lotlhe ba ne ba sa tseye botshelo masisi. Ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi mme ba se ka ba ledisiwa ke “boikepo jwa motho [jo bo neng] bo le bogolo mo lefatsheng,” ba itlhokomolosa dilo fa ‘lefatshe le ntse le tlala ka thubakano.’ (Genesise 6:5, 11) Jesu o ile a bua ka seemo seo se se sa itumediseng, mme a bolelela pele gore batho ba motlha wa rona le bone ba ne ba tla nna le boikutlo jo bo ntseng jalo. O ile a tlhagisa jaana: “Jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa o tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o ba o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.”—Mathaio 24:38, 39.

10. Baiseraele ba motlha wa ga Hagai ba ile ba bontsha jang gore ga ba anaanele nako e Jehofa a e beileng?

10 Dingwaga di ka nna 1 850 morago ga Morwalela, mo motlheng wa ga Hagai, Baiseraele ba le bantsi ba ile ba bontsha moya o o ntseng jalo wa go se tseye dilo tsa semoya masisi. E re ka ba ne ba tshwaregile thata mo go gagamaleleng dilo tsa bone ka namana, ba ile ba se ka ba lemoga gore nako ya bone e ne e le nako ya gore ba beye dilo tsa ga Jehofa kwa pele. Re bala jaana: “Tšhaba e, ya re: ‘Ga se lobaka lwa rona go tla, ga se lobaka lwa ntlo ya ga Jehofa go agiwa.’ Foo ga tla lefoko la ga Jehofa, la tla ka Hagai moperofeti, la re: ‘A ke lobaka mo go lona ka losi lwa go aga mo mantlong a a khurumeditsweng kwa godimo ka dimati, mme ntlo e yone, e kgakgabetse fela? Ke gone jaana, go bua Jehofa wa masomosomo jaana, a re: “Gopolang mekgwa ya lona.”’”—Hagai 1:1-5.

11. Ke dipotso dife tse go ka tshwanelang gore re ipotse tsone?

11 Gompieno rona Basupi ba ga Jehofa re tla bo re dira sentle fa re ela ditsela tsa rona tlhoko thata ka gonne Jehofa a re neile maikarabelo le ditshiamelo fela jaaka Baiseraele ba motlha wa ga Hagai. A re a “lela” ka ntlha ya maemo a lefatshe leno le ka ntlha ya kafa seno se senyang leina la Modimo ka teng? A re utlwa botlhoko fa batho ba latola gore Modimo o teng kana fa ba itlhokomolosa melaometheo ya gagwe e e siameng ka boomo? A re tsiboga ka tsela e e tshwanang le e batho ba ba tshwailweng ba Esekiele a ileng a ba bona mo ponatshegelong dingwaga tse 2 500 tse di fetileng ba ileng ba tsiboga ka yone? Re bala jaana ka bone: “Jehofa a . . . raya [monna yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwadi] a re: ‘Ralala motse fa gare, fa gare ga Jerusalema, mme o beye lotshwao mo diphatlheng tsa banna ba ba fegelwang, le ba ba sonelelang dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang mo gare ga one.’”—Esekiele 9:4.

12. Esekiele 9:5, 6 e na le bokao bofe mo bathong gompieno?

12 Re kgona go lemoga kafa pego eno e nang le bokao ka teng mo go rona gompieno fa re bala ditaelo tseno tse di neetsweng banna ba barataro ba ba tshotseng dibolao tse di senyang: “Ralalang motse lo mo setse morago, mme lo kgemethe; a leitlho la lona le se rekegele, le fa e le go tlhomoga pelo. Bolaelang ruri monna mogolo, lekau le morweetsana, le banyana ba bannye le basadi; mme lo se ka lwa atamela motho ope yo lotshwao lo mo go ene; lo simolole fa felong ga me ga boitshepo.” (Esekiele 9:5, 6) Re ka kgona go falola pitlagano eo e kgolo e e atamelang ka bofefo fa fela re lemoga gore gompieno ke nako e e botlhokwa thata ya gore re lele.

13, 14. (a) Jesu o ile a re go itumela batho ba mofuta ofe? (b) Tlhalosa lebaka la go bo o akanya gore tlhaloso eno e tshwanela Basupi ba ga Jehofa.

13 Ke boammaaruri gore, ga se gore fa batlhanka ba ga Jehofa ba “lela” ka ntlha ya maemo a a hutsafatsang a lefatshe leno go bolela gore ga ba itumela. Legoka! Tota ke bone batho ba ba itumetseng go gaisa botlhe mo lefatsheng. Jesu o ile a tlhalosa matshwao a boitumelo jwa mmatota fa a ne a re: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya, . . . ba ba hutsafetseng, . . . ba ba maikutlo a bori, . . . ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, . . . ba ba kutlwelobotlhoko, . . . ba ba itshekileng mo pelong, . . . ba ba kagiso, . . . ba ba bogisitsweng ka ntlha ya tshiamo.” (Mathaio 5:3-10) Go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore tlhaloso eno e tshwanela Basupi ba ga Jehofa fa ba le botlhe go feta mokgatlho ope fela o mongwe wa bodumedi.

14 Batho ba ga Jehofa ba ba itumetseng ba na le lebaka la go “tshega” segolobogolo fa e sa le kobamelo ya boammaaruri e tsosolosiwa ka 1919. Ba ile ba diragalelwa ka tsela ya semoya ke se se ileng sa diragalela batho ba ba neng ba boa go tswa kwa Babelona mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E.: “E rile Jehofa . . . a busa botshwaro jwa Sione, ra nna jaaka ba ba lorang. Foo molomo wa rona wa tlala setshego, le loleme lwa rona lwa tlala go opela. . . . Jehofa o re diretse dilo tse dikgolo, tse re di itumelelang.” (Pesalema 126:1-3) Le fa Basupi ba ga Jehofa ba tshega ka tsela ya semoya, ka botlhale ba nna ba gopotse kafa metlha eno ya rona e leng masisi ka teng. Fa lefatshe le lesha le sena go nna gone mme baagi ba lefatshe ba setse ba “[tshwere] botshelo jwa mmatota ka thata,” go tla bo go fitlhile nako ya gore go lela go tseelwe maemo ke setshego ka bosakhutleng.—1 Timotheo 6:19; Tshenolo 21:3, 4.

“Motlha wa go Tlamparela, le Motlha wa go Lesa go Tlamparela”

15. Ke eng fa Bakeresete ba kgetha batho ba ba itsalanyang le bone?

15 Bakeresete ba kgetha batho ba ba itsalanyang le bone. Ga ba lebale kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo se ka lwa timediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola.” (1 Bakorintha 15:33) Mme Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a re: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.”—Diane 13:20.

16, 17. Basupi ba ga Jehofa ba leba botsala, thatano le lenyalo jang, mme ka ntlha yang?

16 Batlhanka ba ga Jehofa ba tlhopha ditsala tse di ratang Jehofa le tshiamo ya gagwe jaaka bone. Le fa ba anaanela e bile ba itumelela go itisa le ditsala tsa bone, ka botlhale ba tila tsela ya go leseletsa dilo thata malebana le kgang ya thatano e e tlwaelegileng thata gompieno mo dinageng dingwe. Go na le gore ba tseye thatano e le monate fela o o seng kotsi, ba e tsaya e le kgato e e masisi e e lebisang kwa lenyalong e motho a tshwanetseng go e tsaya fa fela a setse a godile sentle mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo semoyeng—e bile a gololesegile go ya ka Dikwalo—go ka tsena mo kgolaganong e e nnetseng ruri.—1 Bakorintha 7:36.

17 Batho bangwe ba ka akanya gore motho ga a tlhabologa fa a na le pono e e ntseng jalo ka thatano le lenyalo. Mme gone, Basupi ba ga Jehofa ga ba letle gore ba tlhotlhelediwe ke balekane fa ba tlhopha ditsala kana fa ba tsaya tshwetso malebana le thatano le lenyalo. Ba a itse gore “botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Ka metlha Jehofa o itse dilo go re gaisa, ka jalo ba tsaya tsia kgakololo ya gagwe ya gore ba nyale “fela e le mo Moreneng.” (1 Bakorintha 7:39; 2 Bakorintha 6:14) Ba tila go itlhaganelela go tsena mo lenyalong ka kakanyo e e phoso ya gore tlhalo kana kgaogano ke tlhopho e motho a ka e tsayang fa lenyalo le sa atlege. Ba tsaya nako go tlhopha molekane yo o tshwanetseng ka ba itse gore fa ba setse ba dirile maikano a lenyalo, ba tshwanetse go ikobela molao ono wa ga Jehofa: “Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo o se jokileng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6; Mareko 10:9.

18. Ke eng se e ka nnang kgato e e molemo e e ka thusang motho go nna le lenyalo le le itumetseng?

18 Lenyalo ke maitlamo a botshelo jotlhe mme motho o tshwanetse go le rulaganyetsa ka kelotlhoko. Ga go pelaelo gore monna o tla tshwanelwa ke go ipotsa gore, ‘A ruri o ntshwanetse?’ Mme gape go botlhokwa fela jalo gore a ipotse gore, ‘A ruri ke mo tshwanetse? A ke Mokeresete yo o nonofileng sentle yo a ka kgonang go mo tlhokomela ka dilo tse a di tlhokang semoyeng?’ Batho bano ba babedi ba ba tla nyalanang ba na le boikarabelo fa pele ga Jehofa gore ba nonofe semoyeng, ba kgone go dira kgolagano e e nonofileng ya lenyalo e Modimo a ka e itumelelang. Diketekete tsa banyalani ba Bakeresete di ka tshegetsa boammaaruri jwa gore bodiredi jwa nako e e tletseng ke kgato e e molemo e e ka thusang motho go nna le lenyalo le le itumetseng ka gonne bo gatelela motho gore a rate go aba go na le go rata go amogela.

19. Ke eng fa Bakeresete bangwe ba sa tsene mo lenyalong?

19 Bakeresete bangwe ba “lesa go tlamparela” ka go tlhopha go se tsene mo lenyalong ka ntlha ya dikgang tse di molemo. (Moreri 3:5) Ba bangwe ba diegisa go tsena mo lenyalong go fitlha ba ikutlwa ba tshwanelega semoyeng go ka ngoka kgatlhego ya molekane yo o tshwanetseng. Mme a re se lebaleng le Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ba eletsang botsalano le melemo ya lenyalo mme le fa go ntse jalo ba sa atlege go ka bona molekane. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o itumelela go bo ba gana go ineelela go tlola melaometheo ya gagwe fa ba ntse ba senka lenyalo. Gape go molemo gore re anaanele boikanyegi jwa bone le go ba ema nokeng ka tsela e e ba tshwanetseng.

20. Ke eng fa le banyalani ka dinako tse dingwe ba “lesa go tlamparela”?

20 A banyalani le bone ba ka “lesa go tlamparela” ka dinako dingwe? Go bonala go ntse jalo mo mabakeng mangwe, ka gonne Paulo o ile a re: “Seno ke a se bua, bakaulengwe, nako e e setseng e khutshwafetse. Go tloga jaanong a ba ba nang le basadi ba nne jaaka e kete ba ne ba se na bape.” (1 Bakorintha 7:29) Ka dinako tse dingwe go tshwanetse ga dirwa gore maikarabelo a puso ya Modimo a tle pele ga boipelo le melemo ya lenyalo. Go nna le pono e e lekalekaneng ka kgang eno ga go ne go koafatsa lenyalo go na le moo, go tla le nonotsha ka gonne go thusa banyalani boobabedi go gakologelwa gore ka metlha ba tshwanetse go dira gore Jehofa e nne motho wa konokono yo o nonotshang kamano ya bone.—Moreri 4:12.

21. Ke eng fa re sa tshwanela go tshwaya banyalani phoso mo kgannyeng ya go nna le bana?

21 Mo godimo ga moo, banyalani bangwe ba ile ba itima go nna le bana e le gore ba gololesege go tswelela pele ka tirelo ya bone go Modimo. Seno se ile sa ba tlhoka gore ba intshe setlhabelo mme Jehofa o tla ba duela ka tsela e e tshwanetseng. Le fa Baebele e kgothaletsa batho gore ba nne ba sa nyala ka ntlha ya dikgang tse di molemo, ga e bue sepe se se kalo malebana le gore motho a nne a se na bana ka lone lebaka leno. (Mathaio 19:10-12; 1 Bakorintha 7:38; bapisa Mathaio 24:19 le Luke 23:28-30.) Ka gone, banyalani ba tshwanetse go itirela tshwetso go ya ka maemo a bone le kafa digakolodi tsa bone di ikutlwang ka teng. Le fa ba ka tsaya tshwetso efe, ga ba a tshwanela go tshwaiwa phoso.

22. Ke eng se go leng botlhokwa gore re se tlhatlhobe?

22 Ee, “sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, le boikaelelo bongwe le bongwe tlase ga legodimo bo na le motlha wa jone.” Go na le “motlha wa ntwa, le motlha wa kagiso.” (Moreri 3:1, 8) Setlhogo se se latelang se tla re tlhalosetsa gore ke eng fa go le botlhokwa gore re tlhatlhobe gore gone jaanong re mo go ofe wa metlha eno e mebedi.

A o ka Tlhalosa?

◻ Ke eng fa go le botlhokwa gore re itse gore “sengwe le sengwe se na le motlha wa sone”?

◻ Ke eng fa gompieno segolobogolo e le “motlha wa go lela”?

◻ Ke eng fa Bakeresete e le batho ba ba itumetseng thata le mororo ba “lela”?

◻ Bakeresete bangwe ba bontsha jang gore ba tsaya nako eno e le “motlha wa go lesa go tlamparela”?

[Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Le fa Bakeresete ba “lela” ka ntlha ya maemo a lefatshe. . .

. . . tota ke batho ba ba itumetseng go gaisa botlhe mo lefatsheng

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Bodiredi jwa nako e e tletseng ke motheo o o molemo wa lenyalo le le itumetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela