LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 5/1 ts. 23
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tswelela o Bue O se Ka wa Didimala”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Go Neela Bosupi ka Botlalo le ka “Bopelokgale jo Bogolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Lefoko la ga Jehofa le A Anama!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 5/1 ts. 23

A o Ne o Itse?

‘Setulo sa katlholo’ se moaposetoloi Paulo a neng a isiwa kwa go sone e ne e le eng?

▪ Pego e e mo go Ditiro 18:12, 13 ya re Bajuda ba kwa Korintha ba ne ba latofatsa Paulo ka gore o sokolola batho ka tsela e e seng kafa molaong le gore ba ne ba mo isa kwa “setulong sa katlholo” kgotsa beʹma (lefoko la Segerika le le kayang “kgato”). Korintha ya bogologolo e ne e na le serala se se kwa godimo se se neng se le gaufi le lefelo la bokopanelo kgotsa marekisetso a a neng a ka tswa a le dikgato di se kae go tswa kwa sinagogeng. Lefelo le serala seno se neng se le mo go lone le ne le dira gore go nne motlhofo go bua le batho. Serala seno se se neng se agilwe ka mmabole o mosweu le o o pududu se kgabisitswe ka mekgabisa e e gabilweng, se ne se na le diphaposi tse pedi tsa go leta tse di neng di na le dibanka tse di dirilweng ka mmabole e bile bodilo jwa tsone bo kgabisitswe ka digalase tse dinnye tsa mebalabala.

Go lebega serala seo e ne e le setulo sa katlholo se moaposetoloi Paulo a neng a ema kwa go sone fa pele ga molaodi wa masole Galio, e bong molaodi wa Moroma wa kwa Akaia. Balaodi ba ne ba tle ba nne mo lefelong leno ba reetsa dikgetse ba bo ba itsise boidiidi jo bo leng moo ditshwetso tsa bone tsa boatlhodi.

Mo dipusong tsa motse wa Gerika, go ne go tlwaelegile gore batho ba kopane fa pele ga beʹma kwa dikgwebo tsotlhe tsa setšhaba di neng di direlwa gone. Mo dipegong tsa tsheko ya ga Jesu, ditemana tsa Segerika tsa Mathaio 27:19 le Johane 19:13 tsa re Ponto Pilato o ne a bua le boidiidi a eme mo godimo ga beʹma ya gagwe.—Ditiro 12:21.

Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba bangwe ba ne ba kgopisiwa ke tsela e Jesu a suleng ka yone?

▪ Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana ka Bakeresete ba bogologolo: “Re rera Keresete yo o bapotsweng, mo Bajudeng ke selo se se kgopang mme mo ditšhabeng ke boeleele.” (1 Bakorintha 1:23) Ke ka ntlha yang fa tsela e Jesu a suleng ka yone e ne e ka kgopisa batho ba bangwe?

Malebana le tsela e Jesu a suleng ka yone le setso sa batho ba ba neng ba tshela kwa Botlhabagare mo lekgolong la ntlha la dingwaga, motlhalosi wa Baebele e bong Ben Witherington III a re “go swa ka tsela eo e ne e le matlhabisa ditlhong mo motlheng oo. Go ne go sa tsewe e le tsela e e tlotlegang ya go nna moswelatumelo.” Gape Witherington a re: “Batho ba mo motlheng oo ba ne ba dumela gore tsela e o swang ka yone e ne e tlhalosa gore o ne o le motho yo o ntseng jang. Ka jalo, go ne go ka tsewa gore Jesu e ne e le senokwane, motho yo o dirileng ditiro tsa boepapuso, motho yo o neng a tshwanelwa ke go atlholwa ka tsela e makgoba a batsuolodi a neng a atlholwa ka yone.” Re akantse ka setso sa motlha oo, go lebega go sa utlwale go akanya gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ka itlhamela dipego tse di ka ga loso le tsogo ya ga Jesu.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela