LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 1/1 ts. 3
  • Ditlamorago Tse di Botlhoko Tsa Loso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlamorago Tse di Botlhoko Tsa Loso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mmaba oa Bohèlō” O Tla Fenngwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Loso lo Komediwa ka Bosaengkae”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Fa Lebolela la Loso Le Tlositswe
    Tsogang!—1992
  • O Akanya Eng ka Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 1/1 ts. 3
Motsamaya ka dinao yo o thudilweng ke koloi e bo e mmolaya

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | A LOSO KE BOKHUTLO?

Ditlamorago Tse di Botlhoko Tsa Loso

Loso ga se kgang e e monate. Batho ba le bantsi ba tlhopha gore ba se ka ba bua ka lone. Mme nako nngwe, re tshwanelwa ke go lebana le lone. Mme ditlamorago tse di botlhoko tsa loso di ka se bapisiwe le sepe.

Ga go na sepe se se ka dirang gore re amogele loso lwa motsadi, molekane kgotsa lwa ngwana. Masetlapelo a ka wela motho a sa lebelela kgotsa bo ka tsaya nako e telele. Le fa maemo e ka tswa e le afe, botlhoko jwa loso bo ka se ka jwa tilwa segolobogolo ka go bo go lebega e le bokhutlo jwa sengwe le sengwe go nna botlhoko le go feta.

Antonio, yo rraagwe a ileng a swa mo kotsing ya koloi, o tlhalosa jaana: “Go nna e kete mongwe o ile a lotlela ntlo ya gago mme a bo a latlha dilotlolo. Ga o kgone go boela kwa ntlong ya gago, le fa e le nakwana fela. O sala fela o gopola gore go ne go ntse jang. Ke maemo a masha a lo tshwanetseng go lebana le one. Le fa o sa batle go dumela go re go diragetse—gongwe ka go bo go lebega e le bosetlhogo—ga go na se o ka se dirang.”

Fa Dorothy le ene a ne a lebana le tatlhegelo e e ntseng jalo, a nna motlholagadi a le dingwaga di le 47, o ne a ikemisetsa go bona dikarabo tsa dipotso dingwe. E re ka e ne e le morutisi wa sekolo sa Sontaga, o ne a ise a ko a akanye gore loso ke bokhutlo. Mme ga a ise a ko a bone dikarabo tse di utlwalang. O ne a botsa moruti wa gagwe wa kereke ya Anglican a re: “Go direga eng ka rona fa re swa?” O ne a araba a re: “Tota ga go na ope yo o itseng. Re tla tshwanelwa fela ke go leta re bone gore go direga eng.”

A mme ke gone fela gore re “lete re bone gore go tla direga eng”? A go na le tsela epe e ka yone re ka itseng gore a loso ke bokhutlo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela