LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/93 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo ka October

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo ka October
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka October 4
  • Beke E E Simololang ka October 11
  • Beke E E Simololang ka October 18
  • Beke E E Simololang ka October 25
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 10/93 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo ka October

Beke E E Simololang ka October 4

Pina 225

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akantsha gore ke ditsela dife tse dimakasine tsa bosheng di ka tsamaisiwang ka tsone mo tshimong e e mo lefelong la lona. Gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng go tsamaisa dipeeletso tsa Tsogang! le Tora ya Tebelo mo sebakeng sengwe le sengwe. Boela botlhe ba o ba tsamaiseditseng dimakasine ka boikaelelo jwa go ya go simolola ditselana tsa dimakasine. October ke kgwedi ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang. Kgothaletsa botlhe go ema nokeng ka botlalo dithulaganyo tsa bofelo tsa tshimo e e sa abiwang. Fa nako e letla, anela ka boitemogelo bo le bongwe fela kana maitemogelo a le mabedi a a itumedisang a kwa tshimong e e sa abiwang.

15 mets: “Go Bontsha go Sa Tlhaole Batho mo Bodiheding jwa Rona.” Dipotso le dikarabo. Gatelela dikarolo tsa setlhogo seno tse di amang tshimo e e mo lefelong la lona thata.

20 mets: Oketsa Bodihedi jwa Gago jwa Ntlo le Ntlo ka October. Molebedi wa tirelo kana mokaulengwe yo mongwe yo o tshwanelegang o tlotla le bareetsi ka botlhokwa jwa bodihedi jwa ntlo le ntlo. Dira pontsho jaana: (1) Mmoledi o simolola motlotlo o o tla gogelang kwa setlhogong sengwe se se mo makasineng wa bosheng wa Tsogang! kana Tora ya Tebelo. Mmoledi o tsamaisa peeletso ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo. (2) O dirisa seting e e tshwanang, mme peeletso e bo e sa amogelwe. Mmoledi o tsamaisa dimakasine a bo a thaya motheo wa go dira tselana ya dimakasine. (3) Mmoledi o dirisa pampitshana go simolola puisano e e seng ya ka tlwaelo mme go tswa foo o tsamaisetsa motho yoo yo o kgatlhegang dimakasine tsa bosheng. (4) Mmoledi yo o dirang loeto lwa tselana ya dimakasine o swetsa ka go tsamaisa peeletso. Ditsela tseo tse di farologaneng di tshwanetse tsa kgothaletsa baboledi botlhe go oketsa bodihedi jwa bone jwa ntlo le ntlo ka October. Kwantle ga pelaelo ba bangwe ba tla bo ba direla jaaka babulatsela ba ba thusang ka kgwedi eno. Go ka nna ga bo go ise go nne thari thata gore ba bangwe bao ba ka kgonang go bo dira ba bo ikwadisetse.

Pina 42 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 11

Pina 4

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya tsa madi. Bala meneelo e e amogetsweng, o bo o akgolela phuthego go bo e thusa mo tirong ya lefatshe lotlhe ka bopelotshweu mmogo le go thusa ka dilo tse di bonalang mo phuthegong ya lona. Ka bokhutshwane boeletsa dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa mo bekeng eno, o bo o bontsha kanaanelo ya kafa baboledi ba tshegetsang ka tlhoafalo ka gone.

15 mets: “Go Tsamaisa Dipeeletso ka Ntlo le Ntlo.” Tlotla le bareetsi. Re na le lebaka le le utlwalang la gore re nne tlhaga mo go tsamaisetseng batho dipeeletso ba re kopanang le bone mo tirelong ya tshimo le bao re ba neelang bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Dimakasine tseno di kwadilwe matlha mme ditokololo tsa bosheng e tshwanetse ya nna tsone di tsamaisiwang thata mme lefa go ntse jalo ga re a tshwanela go okaoka go tsamaisa dimakasine tse matlha a tsone a setseng a fetile fa sebaka se letla. Wena tlhomamisa fela gore dimakasine tse o di tsamaisang di phepa e bile ga di a kgagoga. Dira gore go nne le mmoledi yo o tshwanelegang a dira pontsho ya puisano e e bontshitsweng mo serapeng sa 3.

20 mets: “Thuto ya Bomodimo E Na Le Tlhotlheletso E E Maatla.” Setlhogo seno se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Bala dirapa le dikwalo tse di umakilweng fa nako e letla.

Pina 44 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 18

Pina 65

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Modimo.

15 mets: “Tlhokomela Kgatlhego E E Bonweng.” Puo e e nang le dipotso dingwe tse di bodiwang bareetsi. Dira pontsho ya kafa baboledi ba ileng ba dira ka teng gore go nne le kgatlhego mo tshimong e e mo lefelong la lona, kana o dire gore go nne le mmoledi yo o anelang boitemogelo jwa bosheng jaana jo bo bontshang kafa go leng botlhokwa ka gone go boela kwa go bao ba neng ba dira peeletso kana bao ba neng ba amogela kopi e le nngwe ya Tsogang! le ya Tora ya Tebelo.

20 mets: “Iponele Molemo ka Botlalo go Tswa Kopanong ya Kgaolo ya 1993 ya ‘Thuto ya Bomodimo’”—Karolo 1. Motlotlo le bareetsi ka dirapa 1-16. Baboledi ba tshwanetse go tlotla ka dintlha tse di tshwanelang le baithuti ba bone ba Bibela bao ba tla nnang gone kwa kopanong.

Pina 60 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 25

Pina 75

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Akaretsa le dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa mo bekeng eno, o bo o dira gore baboledi ba tlhokomele dintlha tse di mo dimakasineng tsa bosheng tse ba ka di dirisang fa ba tsamaisa dipeeletso. Fa nako e letla, dira pontsho e le nngwe kana di le pedi tsa dipuisano tse di tla tshwanelang tshimo e e mo lefelong la lona. Gakolola kafa go tlhokegang ka teng go boela botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego.

15 mets: “Iponele Molemo ka Botlalo go Tswa Kopanong ya Kgaolo ya 1993 ya ‘Thuto ya Bomodimo’”—Karolo 2. Tlotla ka dirapa 17-19 le bareetsi lo bo lo boeletsa ka kelotlhoko “Dikgakololo tsa Kopano ya Kgaolo.” Akaretsa le dikgakololo tse di tshwanelang tse di theilweng mo tshedimosetsong ya Tora ya Tebelo ya June 15, 1989, ditsebe 10-20, kana o kgothaletse ditlhopha tsa malapa go boeletsa dintlha tse di mo ditlhogong tseno pele ba ya kopanong.

20 mets: “Go Tshwara Thuto ya Legae ya Bibela.” Setlhogo seno se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Neela pontsho e e baakanyeditsweng sentle e mo go yone mmoledi a thusang moithuti gore a tlhaloganye kafa dikwalo tse di umakilweng fela di tshegetsang ka teng tshedimosetso e e mo serapeng se se sekasekiwang. Mo go yone pontsho eo mmoledi o dirisa dipotso tse di tla thusang moithuti go dira gore boammaaruri e nne jwa gagwe. Dirisa karolo e e tlhophilweng go tswa mo bukeng ya Go Utlwana kana ya Tshelela Ruri.

Pina 78 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela