Thulaganyo ya Beke ya Sedimonthole 22
BEKE E E SIMOLOLANG KA SEDIMONTHOLE 22
Pina 15 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 17 ¶17-23, lebokose le le mo ts. 177 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Joshua 9-11 (10 mets.)
No. 1: Joshua 9:16-27 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ga go Na Karolo Epe ya Moya mo Mothong e e Tswelelang e Tshela fa Motho a Swa—rs ts. 303 ¶2–ts. 304 ¶1 (5 mets.)
No. 3: Lorato—Nna o Atamalane Thata le Jehofa Le ba Ba mo Ratang—it-1-E ts. 55, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
Setlhogo sa Kgwedi: Go ntsha “dilo tse di molemo” mo letlotlong le re le neilweng.—Math. 12:35a.
5 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
25 mets: “Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2015 se re Thusa go Tokafatsa Tsela e re Rutang ka Yone.” Motlotlo ka molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Molebedi wa sekolo a ka tlhopha gore go balwe dirapa dingwe pele di sekasekiwa. Gatelela diphetogo tse di dirilweng mo Puo No. 1, mo nakong ya Dintlhakgolo Tsa Mmalo wa Baebele le mo kgakololong ya molebedi wa sekolo. Dira gore go balwe serapa 7 mme morago ga go tlotla ka sone, dira gore go dirwe pontsho ya mogolwane a tshwere thuto ya lelapa le mosadi wa gagwe le ngwana ba dirisa tshedimosetso e e mo go tsebe 15 ya bukana ya Se se Mo Lefokong la Modimo. Kgothaletsa botlhe go dirisa thapiso e e neelwang mo sekolong sa puso ya Modimo le go dirisa ka botlalo buka ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
Pina 117 le Thapelo