Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
© 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
JULY 21-27
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIANE 23
Melaometheo E e Ka go Thusang go Dirisa Bojalwa Sentle
it-1-E 656
Botagwa
Baebele e Kgala Botagwa. Baebele e kgala motho yo o nwang bojalwa go fitlha a tagwa. Mokwadi wa Diane o tlhalosa ditlamorago tsa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, mme le saense e dumalana le tlhaloso ya gagwe. O tlhagisa jaana: “Ke mang yo o bogisegang? Ke mang yo o sa ritibalang? Ke mang yo o nang le dikgotlhang? Ke mang yo o ngongoregang? Ke mang yo o nang le dintho kwa ntle ga lebaka? Ke mang yo o nang le matlho a a letobo? Ke ba ba fetsang lobaka lo loleele ba nwa beine, ba ba senkang beine e e tlhakantsweng. O se ka wa leba mmala o mohibidu wa beine fa e ntse e phatsima mo koping, [fa beine e lebega e kgatlha, e eletsega kgotsa e gogela], e bile e le monate fa o e e nwa [fa e wela monate mo mometsong]. Gonne kwa bofelong e loma jaaka noga, e bile e ntsha botlhole jaaka lebolobolo [bo ka go koafatsa (ka sekai, bo ka omeletsa sebete sa gago) e bile fa bo go tshwakgotse bo ka go bakela bolwetse jwa go roroma thata fa o sa bo nwe, mo godimo ga moo, bo ka go bolaya]. Matlho a gago a tla bona dilo tse di sa tlwaelegang [bojalwa bo ama tsela e boboko bo berekang ka yone, mekgwa e motho a sa batleng batho ba bangwe ba e itse e tswela kwa ntle; o bona le go bua dilo tse di seyong; o bua a sa akanyetse ba bangwe e bile a sa kgathale gore ba reng], le pelo ya gago e tla bua dilo tse di sokameng [dilo tse a ithibang gore a se ka a di bua le dikeletso tse di sa siamang tse a nang le tsone di itswela fela].”—Dia 23:29-33; Hos 4:11; Mat 15:18, 19.
Mokwadi wa Diane o tswelela a tlhalosa jaana ka letagwa: “Mme o tla nna jaaka motho yo o rapameng mo lewatleng [o mo maibing jaaka mongwe yo o nwelang, go tswa foo a bo a sa tlhole a bona se se diragalang], jaaka yo o rapameng kwa godimo ga pilara ya sekepe [jaaka sekepe se se sa iketlang se se yang kwa le kwa, botshelo jwa letagwa bo mo kotsing, a ka itewa ke seterouku, a lwa le batho, jalo le jalo]. ‘Ba ntiteile, mme ke ne ke sa utlwe sepe. Ba mpeditse, mme ke ne ke sa itse [go bua letagwa jaaka e kete le bua le le nosi; o ne sa utlwe le fa e le go bona se se mo diragalelang le botlhoko jo botagwa bo mmaketseng jone]. Ke tla tsoga leng? Ke batla go nwa gape [jaanong o tshwanetse go robala gore a tswe mo maibing mme e re ka bo mo tshwakgotse, o ikaelela go nwa gape fa tshono e tlhaga].’” O tla humanega ka gonne o dirisa madi a mantsi go reka bojalwa, e bile ga a kitla a ikanngwa ka gonne a itshupa a sa kgone go bereka.—Dia 23:20, 21, 34, 35.
AUGUST 4-10
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIANE 25
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-2-E 399
Bonolo
Motho o kgona go nna bonolo ka gonne a na le tumelo e bile go na le sengwe se se mo tlhotlheletsang go nna bonolo. Ga a tsewe ke phefo nngwe le nngwe fela e bile o na le temogo. Go sa nne bonolo go bakiwa ke go sa itshepe, go fela pelo, go sa nne tumelo le tsholofelo le go gagamalela se o se batlang le fa go dira jalo go se botlhale. Baebele e tlhalosa motho yo o seng bonolo jaana: “Motho yo o sa kgoneng go laola bogale jwa gagwe, o tshwana le motse o o thubegileng, o o se nang lobota.” (Dia 25:28) Go sa nne bonolo go dira gore go nne motlhofo gore motho a akanye ka dilo tse di sa siamang e bile a ka feleletsa a di dira.
AUGUST 11-17
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIANE 26
Tsamaela Kgakala le “Motho yo o Sematla”
it-2-E 729 ¶6
Pula
Dipaka. Kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, selemo e ne e le paka ya komelelo mme mariga e ne e le paka ya pula. (Bapisa Ps 32:4; Sfl 2:11, ntlh.) Go ne go sa ne pula e ntsi mo gare ga kgwedi ya April go fitlha mo gare ga kgwedi ya October. Nako eno e ne e le ya thobo. Diane 26:1 e bontsha gore go ne go sa tlwaelega gore pula e ne ka nako ya thobo. (Bapisa 1Sa 12:17-19.) Pula e ne e sa ne malatsi otlhe ka paka ya yone, ka malatsi a mangwe, go ne go apogile. E re ka mariga e ne e le paka e e tsididi, fa o nelwa ke pula, o ne o tlile go sitwa. (Esr 10:9, 13) Ka jalo, o ne o tlhoka lefelo le le sireletsegileng le le le bothitho.—Isa 4:6; 25:4; 32:2; Job 24:8.
w87-E 10/1 19 ¶12
Kotlhao e Ungwa Maungo a a Molemo
12 Batho bangwe ba tlhoka go otlhaiwa ka tsela e e gagametseng, go dumalana le Diane 26:3: “Seme ke sa pitse, tomo ke ya tonki, mme thupa ke ya mokwatla wa batho ba ba dimatla.” Ka dinako dingwe, Jehofa o ne a letlelela Baiseraele ba gatelelwa ke mathata a ba ipaketseng one: “Gonne ba ne ba sa reetsa lefoko la Modimo; ba ne ba sa tlotle kgakololo ya Mogodimodimo. Ka jalo, o ne a kokobetsa dipelo tsa bone ka matshwenyego; ba ne ba kgopiwa, mme go ne go se na ope yo o ba thusang. Fa ba le mo matshwenyegong, ba ne ba goela kwa go Jehofa ba kopa thuso; O ne a ba golola mo mathateng a ba neng ba le mo go one.” (Pesalema 107:11-13) Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba dimatla ba thatafatsa dipelo tsa bone gore kotlhao e se ka ya ba tswela mosola: “Motho yo o thatafatsang thamo ya gagwe a sena go kgalemelwa gantsintsi o tla robega ka tshoganyetso mo a ka se kang a fola.”—Diane 29:1.
it-2-E 191 ¶4
Go tlhotsa
Go ya ka buka ya Diane. Kgosi Solomone o ile a re: “Motho yo o nayang sematla maikarabelo a go dira tiro nngwe o tshwana le motho yo o ikgolafatsang dinao [seo se tla dira gore a tlhotse] le yo o ikgobatsang.” Motho yo o thapang motho yo o sematla gore a mo direle tiro nngwe o a ikgobatsa. Tiro eo e tla phutlhama mme seo se tla utlwisa mothapi botlhoko.—Dia 26:6.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 846
Sematla
Go araba motho yo o sematla “go ya ka boeleele jwa gagwe” ka go nganga le ene, go bontsha gore o dumalana le tsela e e sa siamang e a akanyang ka yone. Gore re se ka ra tshwana le motho yo o sematla, buka ya Diane e re tlhagisa jaana: “O se ka wa araba motho yo o sematla go ya ka boeleele jwa gagwe.” Kafa letlhakoreng le lengwe, Diane 26:4, 5 e bontsha gore go araba motho yo o sematla “go ya ka boeleele jwa gagwe” ke go batla go tlhaloganya boikaelelo jwa gagwe, go mmontsha gore tsela e a akanyang ka yone ga e a siama le gore dilo tse a di akanyang di ka se direge jaaka a akanya. Go mo araba ka maikaelelo ano go ka mo tswela mosola.
AUGUST 18-24
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIANE 27
Ditsala Tsa Boammaaruri di re Thusa Jang?
it-2-E 491 ¶3
Moagelani
Re tshwanetse go tshepa gore ditsala tsa rona di tla re thusa ka dinako tsa mathata. Diane 27:10 e a re: “O se ka wa latlha tsala ya gago kgotsa tsala ya ga rrago, e bile o se ka wa tsena mo ntlong ya wa losika lwa gago mo letsatsing la fa o wetswe ke masetlapelo; Moagelani [sha·khenʹ] yo o gaufi o botoka go na le wa losika lwa gago yo o kgakala.” Go lebega mokwadi wa Diane a ne a tlhalosa gore re tshwanetse go tsaya tsala e le botlhokwa fela jaaka ba losika le gore re kope thuso mo go ene. Go dira jalo go tla re thusa, bogolo jang fa ba losika ba nna kgakala kgotsa maemo a bone a sa ba letle go re thusa.
AUGUST 25-31
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIANE 28
Pharologanyo Magareng ga Motho yo o Bosula Le yo O Siameng
it-2-E 1139 ¶3
Temogo
Ba ba fularelang Modimo. Fa motho a simolola go dira dilo tse di sa siamang ga a tlhole a akanya ka Modimo fa a dira ditshwetso. (Job 34:27) Motho yo o ntseng jalo o letlelela gore pelo ya gagwe e mo tsietse gore a dire dilo tse di bosula e bile seo se dira gore a tlhaele temogo. (Ps 36:1-4) Le fa a itira e kete o obamela Modimo, o rata melao ya batho fela thata go feta ya Modimo. (Isa 29:13, 14) O ipha mabaka e bile o bona tsela e a itshwarang ka yone e le “motshameko.” (Dia 10:23) O itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang, o rata ntwa e bile o bua dilo tsa bomatla tse di jaaka gore Modimo ga a bone dilo tse di bosula tse a di dirang, jaaka e kete Jehofa ga a sa tlhole a na le maatla a go bona se se molemo le se se bosula. (Ps 94:4-10; Isa 29:15, 16; Jer 10:21) E nna e kete a re, “ga go na Jehofa” ka dilo tse a di dirang (Ps 14:1-3) e bile ga a akanye ka Jehofa fa a dira ditshwetso. E re ka a sa dirise melaometheo go dira ditshwetso, ga a lebe dilo sentle, ga a kgone go bona ditlamorago tsa dilo tse a di dirang, ka jalo o feleletsa a sa dire ditshwetso tse di molemo.—Dia 28:5.
it-1-E 1211 ¶4
Ba ba Se Nang Molato
Motho yo o ikaegang ka maatla a gagwe ga a ka ke a kgona go ikanyega mo go Jehofa. Gore a kgone go ikanyega mo go Jehofa, o tshwanetse go nna le tumelo mo go ene le go ikaega ka moya wa gagwe o o boitshepo. (Ps 25:21) Jehofa o solofetsa ba ba ikanyegang mo go ene gore o tla nna “thebe” le “kago e e thata” mo go bone. (Dia 2:6-8; 10:29; Ps 41:12) Motho yo o se nang molato o batla go amogelwa ke Jehofa, ka jalo o dira sotlhe se a se kgonang gore a nne a ikanyega mo go ene. (Ps 26:1-3; Dia 11:5; 28:18) Jobe o ne a re ka ntlha ya puso ya motho yo o bosula, motho yo o se nang molato o a boga e bile o a swa fela jaaka batho ba ba bosula. Le fa go ntse jalo, Jehofa o netefaletsa motho yo o se nang molato gore o bona se se mo diragalelang e bile o mo solofetsa gore o tla mo naya boswa jo bo nnelang ruri, kagiso le dilo tse di molemo mo nakong e e tlang. (Job 9:20-22; Ps 37:18, 19, 37; 84:11; Dia 28:10) Fela jaaka se se diragaletseng Jobe, motho o tlotliwa fa a ikanyega mme e seng ka gonne a na le dikhumo. (Dia 19:1; 28:6) Bana ba ba nang le motsadi yo o ntseng jalo, ba a itumela ka gonne o ba tlhomela sekao se se molemo (Dia 20:7), e bile ba itumelela masego a a nnang gone ka ntlha ya leina le le molemo le rraabone a itiretseng lone.