LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb25 September ts. 14-15
  • October 20-26

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • October 20-26
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2025
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2025
mwb25 September ts. 14-15

OCTOBER 20-26

MORERI 9-10

Pina 30 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Leba Mathata a Gago ka Tsela e e Siameng

(10 mets.)

Re a itse gore fa re nna le mathata, seo ga se reye gore Jehofa ga a re amogele (Mor 9:11; w13 8/15 14 ¶20-21)

Ga re a lebelela gore dilo di re tsamaele sentle ka dinako tsotlhe mo lefatsheng leno le le busiwang ke Satane (Mor 10:7; w19.09 5 ¶10)

Tota le fa re na le mathata, re tshwanetse go ipha nako ya go itumelela dimpho tse Jehofa a re fileng tsone (Mor 9:7, 10; w11 10/15 8 ¶1-2)

Mosadi mongwe o eme mo borogong jo bo metsing e bile o lebile kwa godimo.

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Mor 10:12-14​—Ditemana tseno di na le tlhagiso efe ka go seba? (it “Go Seba, Go Senya Leina” ¶4, 8)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Mor 10:1-20 (th thuto 11)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Simolola Motlotlo

(3 mets.) GO RERA PHATLALATSA. Simolola motlotlo le motho yo o hutsafetseng. (lmd thuto 3 ntlha 4)

5. Fa o Simolola Motlotlo

(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Tlotla ka nngwe ya “Dithuto Tsa Baebele Tse re di Rutang” mo karolong ya dintlha tse di oketsegileng A, mo boroutšhareng jwa Rata Batho le motho yo o go bolelelang gore o tshwenyegile ka maemo a ikonomi. (lmd thuto 4 ntlha 4)

6. Fa o Dira Barutwa

(5 mets.) lff thuto 17 karolo ya “O Ithutile Eng?,” “Poeletso” le ya “Leka go Dira Seno”. (lmd thuto 12 ntlha 3)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 47

7. Go Bona Thuso ka Nako ya Mathata

(15 mets.) Motlotlo.

Re lebana le mathata a a farologaneng letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, mathata mangwe a ka re tshoganyetsa e bile a ka nna boima mo re ka ipotsang gore a re tla kgona go a itshokela. Ke mang yo o tla re thusang, mme re ka dira eng fa re tlhagelwa ke mathata?

Le fa re ka lebana le mathata afe, Jehofa ke ‘ene a nnang a re sireletsa.’ (Isa 33:6) Gore re kgone go ikaega ka Jehofa, re tlhoka go nna tekatekano. (Dia 11:2) Fa re welwa ke mathata, re ka tlhoka go ipha nako ya go ikhutsa, go dira ditshwetso tse di siameng, go tlhokomela mongwe mo lelapeng kgotsa go ipha nako ya go hutsafala. (Mor 4:6)

Jehofa o dirisa batlhanka ba gagwe go thusana. Ka jalo, re tshwanetse go kopa thuso kgotsa go e amogela. Se lebale gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba go rata fela thata, mme ba itumelela go go tshegetsa.

Bala 2 Bakorintha 4:7-9. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • Goreng re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go ya dipokanong, go bala Baebele le go ya bodireding, tota le fa go le thata go dira jalo?

Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Jehofa o Gaufi Le ba Ba Pelo e Phatlogileng.” Mokaulengwe le Kgaitsadi Septer ba hutsafaditswe ke go tlhokafalelwa ke ngwana.

Tshameka BIDIO ya “Jehofa o Gaufi Le ba Ba Pelo e Phatlogileng.” Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Jehofa o thusitse jang Mokaulengwe le Kgaitsadi Septer?

  • Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba ba thusa jang?

  • O ithuta eng gape mo sekaong sa bone?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

(30 mets.) lfb thuto 28, matseno a karolo 6 le thuto 29

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 28 le Thapelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela