LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb25 September ts. 12-13
  • October 13-19

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • October 13-19
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2025
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2025
mwb25 September ts. 12-13

OCTOBER 13-19

MORERI 7-8

Pina 39 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. “Ya Kwa Ntlong ya Khutsafalo”

(10 mets.)

Iphe nako ya go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng (Mor 7:2; it “Khutsafalo” ¶9)

Gomotsa ba ba tlhokafaletsweng ka go bua ka dinonofo tse di molemo tsa motho yo o tlhokafetseng (Mor 7:1; w19.06 23 ¶15)

Rapela mmogo le ba ba tlhokafaletsweng (w17.07 16 ¶16)

Banyalani ba etetse monna yo o tlhokafaletsweng ke mosadi. Ba lebile dinepe tse ba di tshotseng le ene.

GOPOLA SENO: Batho ba ba tlhokafaletsweng ba tlhoka go tshegediwa ke Bakeresetemmogo le bone tota le fa go fetile nako ba tlhokafaletswe.​—w17.07 16 ¶17-19.

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Mor 7:20-22​—Ditemana tseno di ka re thusa jang go dira tshwetso ya gore a re ye go bua le motho yo o re kgopisitseng? (w23.03 31 ¶18)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Mor 8:1-13 (th thuto 10)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Simolola Motlotlo

(2 mets.) GO RERA PHATLALATSA. Leka go bona gore motho yo o buang le ene o kgatlhegela go bua ka eng, o bo o dira dithulaganyo tsa go boela kwa go ene. (lmd thuto 2 ntlha 4)

5. Fa o Simolola Motlotlo

(2 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. (lmd thuto 2 ntlha 3)

6. Fa o Dira Maeto a go Boela

(2 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mmontshe sengwe go tswa mo websaeteng ya rona ya jw.org. (lmd thuto 9 ntlha 4)

7. Tlhalosa Se o Se Dumelang

(5 mets.) Pontsho. ijwfq setlhogo 50​—Setlhogo: Diphitlho Tsa Basupi ba ga Jehofa di Tshwarwa Jang? (th thuto 17)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 151

8. Nonotsha Tumelo ya Gago mo Tsogong ya Baswi

(15 mets.) Motlotlo.

Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Etsa Basadi ba Tumelo!—Maratha.” Maratha le Maria ba amogela Lasaro ka boitumelo fa a sena go tsosiwa mo baswing.

Tsholofelo ya tsogo ya baswi ke nngwe ya dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse Jehofa a re neileng tsone. E re ruta ka dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa tse di jaaka maatla a gagwe, botlhale, kutlwelobotlhoko le tsela e a re ratang ka yone.​—Joh 3:16.

Tumelo ya rona mo tsogong ya baswi e tla re thusa gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo mathateng a rona. (2Bk 4:16-18) Gape e tla re thusa go nna le kagiso le go gomotsega fa re bogisiwa, re lwala kgotsa re tlhokafaletswe. (1Bt 4:13) Fa re se na tumelo mo tsogong ya baswi, re ka se kgone go itumela. (1Bk 15:19) Ke eng fa o sa ipeele mokgele wa go nonotsha tumelo ya gago mo tsholofetsong eno?

Bala Johane 11:21-24. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Maratha o ile a bontsha jang gore o na le tumelo mo tsogong ya baswi?

  • O ile a segofadiwa jang ka ntlha ya tumelo ya gagwe?​—Joh 11:38-44

Tshameka BIDIO ya Etsa Basadi ba Tumelo!​—Maratha. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Goreng tsogo ya baswi e le botlhokwa mo go wena?

  • O ka dira eng gore tumelo ya gago mo tsogong ya baswi e tswelele e nonofile?

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

(30 mets.) lfb thuto 26-27

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 124 le Thapelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela