LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 10/8 ts. 10-13
  • Lefatshe Le Lesha Leo Le Senang Pogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Lesha Leo Le Senang Pogo
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di Ne Tsa Tshwantshediwa mo Dipolelelongpele tsa Bibela
  • Ga Di Kitla Di Angwa ke Dilo tsa mo Nakong E E Fetileng
  • Puso E E Farologaneng
  • ‘Popo E Golotswe’
  • “Lobaka Lo Lo Laocweñ”
  • “Tuelo”
  • Go Bonela Dilo Pele
  • O Tla Tlhopha Eng?
  • Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
    Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
  • Lefatshe Le Lesha Le Le Molemolemo Le Le Dirilweng Ke Modimo
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 10/8 ts. 10-13

Lefatshe Le Lesha Leo Le Senang Pogo

“Dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ. Me lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlhōlañ.”—Isaia 65:17, 18.

MAFOKO ao a boperofiti a ne a tlhotlhelediwa ke Modimo mo dingwageng tse di fetang 2 700 tse di fetileng. Di tlhalosa go sekae malebana le ka moo botshelo bo tla nnang ka gone mo lefatsheng mo isagweng. Leng? Morago ga gore Modimo o fedise tsamaiso ya jaanong ya dilo. Dipolelelopele di le dintsi tsa Bibela di tlhalosa ka phepafalo gore Modimo o ikaeletse gore ka bonako fela o fedise tsamaiso ya jaanong ya dilo mme mo boemong jwa yone o tlise lefatshe le lesha leo le senang pogo.

Abo botshelo bo tlile go nna jo bo farologaneng thata jang ne mo lefatsheng le lesha leo fa bo bapisiwa le botshelo go ralala hisitori yotlhe e e fetileng ya motho! Lefoko la Modimo leo a le boleletseng pele le re bolelela gore le tla bo le sena ntwa ka gope, thubakano, lehuma, le tshiamololo. Bolwetsi le loso di tla bo di etse ruri. Ga go kitla go tlhola go nna le dipuso tse di kgaoganyang batho, madumedi, kana ditsamaiso tsa ikonomi tseo di itshupileng di tlhaela. Dikeledi tsa boipelo di tla bo di tseela dikeledi tsa kutlobotlhoko sebaka ka gonne boikepo le pogo di tla bo di etse ruri.

Di Ne Tsa Tshwantshediwa mo Dipolelelongpele tsa Bibela

A o ke o lebe ka moo maemo a a ntseng jalo a neng a tshwantshediwa ka gone mo dipolelelong pele tseno tsa Bibela:

Go Sa Tlhole Go Na le Ntwa: “O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.” (Pesalema 46:9) “Morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:4.

Mongwe le Mongwe O Tla Direlwa Tshiamo: “Ke diha tshiamishō go nna thapō e e lekanyañ, le tshiamō go nna selekanyō se se thōkgameñ.”—Isaia 28:17.

Ga go Kitla go Tlhola go Nna le Poifo: “Moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.” (Mika 4:4) “Ba tla nna ka thagamō mo lehatshiñ ya bōnè.”—Esekiele 34:27.

Tlala E Fedisitswe: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba: louñō loa aōna lo tla ebelèga.” (Pesalema 72:16) “Le setlhare sa naga se tla uñwa; le lehatshe le tla ntsha totahalō ea yeōna.”—Esekiele 34:27.

Go Sa Tlhole go Na le Botsofe Kana Bolwetsi: “Nama ea gagwè e tla shahala bogolo go ea ñwanyana, o tla boèla mo malatsiñ a bokau yoa gagwè.” (Yobe 33:25) “Monni wa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”—Isaia 33:24.

Loso, Bohutsana, le Ditlhabi Di Tla Bo Di Etse Ruri: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:4.

Ga Di Kitla Di Angwa ke Dilo tsa mo Nakong E E Fetileng

Lefatshe le lesha le le tlang leo le dirilweng ke Modimo e tla bo e le leo le kgotsofatsang mo eleng gore baagi ba lefatshe ba tla ipelela botshelo ba sa kgorelediwe tota le ke go gakologelwa dilo dipe tse di sa itumediseng tsa go boga ga mo nakong e e fetileng. Dikakanyo di le dintsi tse di agang le ditiro tseo e tla bong e le botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa batho bao ba tla bong ba le mo motlheng oo o mosha ka iketlo di tla sutlha dilo tsa mo nakong e e fetileng tse di bosula tseo ba tla di gakologelwang. Modimo o solofetsa jaana: “Dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ.” Batho ba tla ‘itumela ka bosakhutlheng’ ka ntlha ya seo Modimo o tla se dirang mo lefatsheng lotlhe. “Lehatshe yeotlhe le ikhutsitse, le iketlile; ba ponyèga mo go opeleñ.”—Isaia 65:17, 18; 14:7.

Gompieno, “cholohèlō e e diegisiwañ e tle e ñodiise pelo,” jaaka fa Bibela e bolela. Mme boemo bo tla bo bo fetotswe mo lefatsheng le lesha. Ka nako eo “seelecō se tlañ, e [tla bo] e le setlhare sa botshelō.” (Diane 13:12) Dipelo ga di kitla di tlhola di utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya go boga kana ka ntlha ya ditsholofetso tse di sa diragadiweng. Mo boemong jwa moo, di tla tladiwa ka thetebalo le boipelo ka ntlha ya dilo di le dintsi tse di molemolemo tseo Modimo o tlileng go di direla lelapa la motho.

Puso E E Farologaneng

Mo boemong jwa gore re nne le puso ya motho e e sa kgotsofatseng eo e kgaoganeng le Modimo, lefatshe le lesha le tla nna le puso e e farologaneng le yone gotlhelele. Taolo ya go busa e tla bo e tshotswe mo bathong. Mme ga ba kitla ba tlhola ba letlwa gape gore ba buse ba kgaogane le Modimo.

Polelelopele ya Bibela e bolela jaana: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō [babusi bao ba busang jaanong], Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi [kwa legodimong] yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele [ereka go tla bo go sena puso epe ya motho], me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe [ao a leng gone jaanong], me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele puso e ntšha ya lefatshe fa a ne a bolela jaana: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:10.

Eo e tla bo e le puso e ntšha ya setho—puso ya selegodimo ya Modimo ka Bogosi jwa gagwe bo le mo diatleng tsa ga Keresete. Mme mo lefatsheng, batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba batho ba tla bo ba dira dilo go ya ka kaelo ya Modimo. (Isaia 32:1) Moaposetoloi Petere o ne a bua ka thulaganyo eno e ntšha a e bitsa “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Petere 3:13) Puso eo ya Bogosi ke selo sa konokono se se rutwang mo Bibeleng.

‘Popo E Golotswe’

Puso eno gape e tla dira gore maatla a tlholego a lefatshe a nne kafa tlase ga taolo e e feletseng. ‘Ditiragalo tsa tlholego’ tse di ntseng jaaka dithoromo tsa lefatshe, dikgwanyape, merwalela, kana leuba ga di kitla di tlhola di baka kutlobotlhoko. Jesu ka boene o ne a bontsha ka moo a leng maatla ka gone fa a ne a laola maatla ano. Ka sekai, ka nako nngwe fa mokoro o Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba le mo go one o ne o tla tloga o nwela ka ntlha ya ledimo, o ne a didimatsa phefo le lewatle. Barutwa bao ba neng ba gakgametse ba ne ba bolela jaana: “Ana monna eo, ke motho eo o nntseñ yañ, ha e bo ne ne diphehō le cōna di mo utlwa yana le lewatlè?”—Mathaio 8:23-27.

Ka jalo lefatshe, mmogo le batho bao ba bopilweng mo go lone, ba tla bo ba na le kgololesego eo e ka sekeng ya bapisiwa le epe. “Lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo. Gonne rea itse ha lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno.”—Baroma 8:21, 22.

A re ka tlhomamisega gore puso ya motho e tla tloga e fela le gore puso e ntšha ya Modimo e tla nna yone e kaelang merero yotlhe ya lefatshe? Eleruri re ka tlhomamisega jalo, ka gonne Molaodi wa Lobopo lotlhe o boletse jaana: “Kgakololō ea me e tla èma, ke tla diha go kgatlhèga ga me gotlhe hèla. . . . Ke ikaeletse, le gona ke tla dihatsa; ke ikaeletse, le gōna ke tla diha.”—Isaia 46:10, 11.

“Lobaka Lo Lo Laocweñ”

Seno se tla diragala jang? Se tla diragala leng? Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna.” (Moreri 3:1) Seno se kopanyeletsa le nako eo Modimo o e beileng ya gore a re ‘go lekane!’ mme a fedise boikepo le pogo. Daniele o ne a bolela ka “lobaka lo lo laocweñ loa bokhutlō.” (Daniele 8:19) Jesu le ene o ne a bua ka “lobaka [lo lo laotsweng, NW].”—Mareko 13:32, 33.

Ee, Modimo o tlhomile nako e e tlhomameng eo a tlileng go tsenelela mo mererong ya motho ka yone mme a senye tekeletso e e utlwisang botlhoko eno ya puso ya motho a busa kwantle ga gagwe. “Modimo o tla atlhola basiami le baikepi: gonne go na le motlha oa boikaèlèlō boñwe le boñwe.” (Moreri 3:17) Mme bosupi jo bo bontshang gore boperofeti jwa Bibela bo a diragala bo supa gore nako eo Modimo o e letleletseng ya go letla pogo e tla tloga e fela. Fa nako eo e setse e fedile, o tla fedisa tsamaiso eno e e sa kgotsofatseng ya puso ya motho eo e lereditseng batho pogo e kgolo ka dingwaga di le diketekete jaana.—Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5, 13; Tshenolō 19:11-21.

Fa Modimo o diragatsa dikatlholo tsa one, bona seo se tlileng go diragalela bao ba ineelang kafa tlase ga puso ya gagwe, fa ba bapisiwa le bao ba sa direng jalo: “Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: . . . Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” “Losika loa baikepi lōna, lo tla kgaolwa. Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” “Lepa moitekanedi, me u lebè mothōkgami: gonne bokhutlō yoa mothō eouō ke kagishō. Kaga batlodi, ba tla señwa mmōgō.”—Pesalema 37:10, 11, 28, 29, 37, 38; bona gape Diane 2:21, 22; Mathaio 5:5.

Mme go tweng ka batho ba le dikete tse di dimilione bao ba setseng ba sule? Ba tlile go solegelwa molemo jang ke lefatshe le lesha? Ka tsogo, ba busediwa mo botshelong gone mono mo lefatsheng. Ba tla boa go tswa kwa mabitleng mme ba tla newa tshono ya gore ba ipelele botshelo ka bosakhutleng. Lefoko la Modimo le tlhomamisa jaana: “Go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Mme Jesu o ne a bontsha seno ka go tsosa batho ba ba suleng, ba ba ntseng jaaka Lasaro le morwa wa motlholagadi wa kwa Naina.—Yohane 11:38-44; Luke 7:11-16.

“Tuelo”

Abo go kgothatsa jang ne go itse gore boikaelelo jwa Modimo ke gore a fedise pogo le gore a tlise lefatshe le lesha la tshiamo! A o ke o akanye fela ka go tshela dingwaga di le dimilionemilione—ka bosakhutleng eleruri—o na le pholo e e itekanetseng le boitumelo mo gare ka maemo a paradaise, koo boikepo le pogo e tla nnang dilo tse di fetetseng ruri!

A o ne o ka seka wa dumalana gore “tuelo” eno ya Modimo mo sethong—ya go ya go ile—e gaisa kgakala dingwaga di le dikete di sekae fela tseo Modimo o letleletseng gore pogo e nne gone ka tsone? A mme gape ga e gaise dingwaga di le 70 kana di le 80 tsa pogo—kana tse di kwa tlase ga tseo—tseo re ka nnang ra bo re ile ra di itshokela ka borona mo botshelong jwa rona jotlhe?

Go Bonela Dilo Pele

Ereka Mmopi a kgona go bonela dilo pele, o a itse gore go ne go le botlhokwa gore a rarabolole pele dikgang tseno tse di masisi tse di malebana le tshwanelo ya gagwe ya go busa jaaka Molaodi wa Lobopo le tse di leng malebana le gore a puso ya gagwe e tshwanetse. Ebile go ne go le botlhokwa gore go rarabololwe kgang kaga go dirisiwa go go tshwanetseng le go go sa tshwanelang ga kgololesego ya boikgethelo. Gape go ne go le botlhokwa gore a bontshe gore popo ya gagwe e itekanetse mo eleng gore batho bao ba ineelang mo melaong ya gagwe e e tshiamo ba ka kgona go boloka bothokgami mo go ene ba ntse ba bogisiwa ke babusi ba lefatshe ebile ba ba leka, sekai se se tlhomologileng sa seno e le sa Morwawe ka namana, ebong Jesu, sa fa a ne a le mo lefatsheng.

Morago ga go rarabolola dikgang tsotlhe tseno, Modimo ga o kitla o letla boikepo le pogo gore di boe di nne gone go tla go kgotlhela lobopo lono lo lo nang le kagiso. “Patikègō ga e ketla e coga loa bobedi.”—Nahume 1:9.

Mo nakong yotlhe e e sa feleng eo e tlang, Modimo o ka nna wa dirisa seo se ileng sa diragala mo dingwageng tseno tse di diketekete tse di fetileng jaaka ekete e ne e le kgetsi eo go dirilweng tumalano ka yone eo go dirilweng tshwetso ka yone mo kgotlatshekelongkgolo. Dilo tseo di ileng tsa diragala mo go yone mo nakong e e fetileng di ka nna tsa dirisiwa mo nakong nngwe le nngwe fela ya mo isagweng, gongwe le gongwe fela mo lobopong, fa go ka diragala gore go tlhage dipotso gape tse di leng malebana le bolaodi jwa Modimo le tse di leng malebana le go dirisa kgololesego ya boikgethelo ka tsela e e tshwanetseng.

O Tla Tlhopha Eng?

Gompieno re na le seo re tshwanetseng ra se tlhopha. Re ka nna ra dirisa kgololesego ya rona ya boikgethelo ka nngwe ya ditsela tse pedi tseno: Re ka nna ra tlhopha go itlhokomolosa maikaelelo a Modimo, re kgotsofalele puso ya motho e e sa itekanelang, mme re robe ditlamorago tsa yone nayo, kana re ka nna ra dirisetsa kgololesego ya rona ya boikgethelo go ithuta seo maikaelelo a Modimo eleng sone le seo re tshwanetseng ra se dira e le gore re ke re o itumedise jaaka babusiwa ba ba ineetseng ba Bogosi jwa gagwe.

Jesu o ne a bolelela Modimo jaana ka thapelo: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Ka jalo fa e le gore re batla botshelo mo lefatsheng le lesha, re tshwanetse ra dira boiteko jwa gore re ithute boammaaruri kaga Modimo, maikaelelo a gagwe, le dipatlafalo tsa gagwe. Tlhokomela ka moo Bibela e tlhalosang seno ka gone: “Yehofa o na le lona, ha lo sa nntse lo na le èna; ha lo mmatla, o tla bōnwa ke lōna; me ha lo mo latlha, le èna o tla lo latlha.”—2 Ditihalō 15:2.

Nako ya lefatshe leno la bogologolo e a fela; le lesha le a tla: “Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” (1 Yohane 2:17) O tla tlhopha eng—lefatshe leno la bogologolo le le fetang kana lefatshe le lesha le le tlang?

Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Ke beile botshelō le losho ha pele ga gago, tshegōhacō le phucō: ke gōna itshenkèlè botshelō, gore u tshelè, wèna le losika loa gago: Gore u ratè Yehofa Modimo oa gago, go inèla go utlwa lencwe ya gagwè, le go mo ñaparèla: gonne ke èna botshelō yoa gago, le bolele yoa malatsi a gago.”—Duteronome 30:19, 20.

A o eletsa go ipelela masego ao Modimo o a boloketseng bao ba dumalanyang thato ya bone le ya gagwe? Bagatisi ba makasine ono kana Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe mo lefatsheng ba tla itumelela go go thusa, mahala, gore o ithute mo go oketsegileng kaga seno.

[Mafoko mo go Setshwantsho mo go tsebe 12]

Baswi ba tla nna le tshono ya go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo ka go tsosiwa mo lebitleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela