Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
Nako nngwe mo botshelong jwa gago o ka tswa o kile wa ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa go na le pogo e e kana kana?’ Go fetile diketekete tsa dingwaga batho ba ntse ba boga ka ntlha ya dintwa, khumanego, dikotsi tsa masetlapelo, tlolomolao, tshiamololo, bolwetse le loso. Batho ba ne ba boga thata mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng go feta le fa e le leng pele. A pogo eno yotlhe e tla tsamaya e fela?
Karabo e e kgothatsang ke gore, ee pogo yotlhe e tla fela mme seo se tla tloga se direga! Lefoko la Modimo e leng Baebele le bolela jaana: “Moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Seo se tla nna gone ka lobaka lo lo kae? “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:10, 11, 29.
Fa Modimo a sena go tlosa boikepo le pogo, lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise. Ka nako eo batho ba tla kgona go tshelela ruri ba itekanetse mo mmeleng e bile ba itumetse. Lefoko la Modimo le bolelela pele jaana: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.
Tota le baswi ba tla tsosiwa gore ba tle go itumelela masego ao a mo lefatsheng le lesha: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Ke ka foo Jesu Keresete a neng a ka raya modirabosula yo o ikwatlhaileng yo o neng a bontsha go dumela mo go ene a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:43.
Ke ka Ntlha Yang Fa go Ne ga Nna le Pogo?
E re ka Modimo a ne a ikaeletse gore batho ba nne le isagwe e e molemo, ke ka ntlha yang fa a letlile gore pogo e nne teng? Ke ka ntlha yang fa a e tlogeletse lobaka lo loleele jaana?
Fa Modimo a ne a bopa Adame le Efa, o ne a ba bopa ba na le mebele le megopolo e e itekanetseng. O ne a ba baya mo tshimong e e neng e le paradaise mme a ba naya tiro e ba neng ba tla e itumelela. Baebele ya re: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” (Genesise 1:31) Fa ba ka bo ba ikobetse Modimo, ba ka bo ba nnile le bana ba ba itekanetseng, mme lefatshe lotlhe le ka bo le nnile paradaise e batho ba neng ba tla tshelela ruri mo go yone ka kagiso le boitumelo.
Modimo o bopile Adame le Efa ba na le kgololesego ya go itlhophela e leng nngwe ya ditsela tse motho a bopilweng ka tsone. E ne e se diroboto fela tse di sa kgoneng go ikakanyetsa. Le fa go ntse jalo, gore ba nne ba ntse ba itumetse jalo, go ne go ikaegile ka gore ba dirise kgololesego ya bone ya go itlhophela ka tsela e e tshwanetseng—go ikobela melao ya Modimo. Modimo a re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” (Isaia 48:17) Go se dirise kgololesego ya bone ya go itlhophela sentle go ne go tla ba tlisetsa masetlapelo ka gonne batho ba ne ba sa bopelwa gore ba atlege kwantle ga kaelo ya Modimo. Baebele ya re: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.
Ka maswabi, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba akanya gore ba ka kgona go ipusa ka katlego kwantle ga kaelo ya Modimo. Modimo ga a ka a tlhola a ba thusa gore ba nne ba itekanetse e re ka ba ne ba gana bo busiwa ke ene. Ka jalo mebele ya bone e ne ya simolola go koafala mme kgabagare ba tsofala ba bo ba swa. Mme ka go bo re le bana ba bone, re ile ra gotsa bosaitekanelang joo le loso.—Baroma 5:12.
Kgang ya Konokono—Bolaodi
Ke ka ntlha yang fa Modimo a sa ka a nyeletsa Adame le Efa mme a bo a bopa batho ba bangwe gape ba babedi? Ke ka gonne bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa Modimo, ke go re, tshwanelo ya gagwe ya go busa, bo ne bo gwetlhilwe. Kgang e ne e le go re, Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go busa, mme ke puso ya ga mang e e siameng? Le go re, A batho ba ne ba ka kgona go ipusa botoka fa ba sa busiwe ke Modimo? Ka go naya batho nako e e lekaneng ya gore ba ipuse kwantle ga kaelo ya gagwe, Modimo o ne a tla bo a ba tlhomamisetsa gore a ba ka kgona go tshela botoka fa ba ipusa kgotsa fa ba busiwa ke ene. Nako e Modimo a e neileng batho e ne e tshwanetse go nna e e lekaneng gore ba leke mefuta yotlhe ya ditsamaiso tsa sepolotiki, tsa loago, tsa ikonomi le tsa bodumedi ba sa kaelwe ke Modimo.
Matswela a seo e nnile afe? Diketekete tsa dingwaga tse di fetileng tsa hisitori ya batho di re neile bosupi jwa gore pogo e oketsegile fela thata. Mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng, batho ba ile ba boga go feta le fa e le leng pele. Dimilione tsa bone di ne tsa bolawa setlhogo ka go gailwa ke Banasi. Ba ba fetang dimilione di le 100 ba ne ba bolawa mo dintweng. Tlolomolao le thubakanyo di aname gotlhe. Go dirisiwa ga diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang go atile thata. Batho ba ba tshwaediwang ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo ba ntse ba oketsega. Ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione ba bolawa ke tlala le bolwetse. Gongwe le gongwe fela botshelo jwa lelapa le maemo a boitsholo di ntse di senyegela pele. Ga go puso epe ya batho e e nang le tharabololo ya mathata ano. Ga go epe ya tsone e e ka kgonang go fedisa botsofe, bolwetse le loso.
Maemo a batho ba leng mo go one a ntse fela jaaka Baebele e ne ya bolelela pele ka motlha wa rona. Lefoko la Modimo le tlhalosa motlha ono wa rona e le ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo fa ‘go tla bo go na le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ Mme fela jaaka Baebele e boletse, ‘batho ba ba boikepo le maferefere ba nna ba tswelela ba sulafalela pele.’—2 Timotheo 3:1-5, 13.
Pogo e Tloga e Fela
Bosupi jotlhe bo bontsha gore nako e e sa itumediseng ya gore batho ba ipuse kwantle ga kaelo ya Modimo e gaufi le go fela. Go ile ga bonala sentle gore le ka motlha motho a ka se ka a atlega go ipusa kwantle ga Modimo. Puso ya Modimo ke yone fela e ka lereng kagiso, boitumelo, botsogo jo bo siameng le botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo go setse go le gaufi thata gore Jehofa a kgaotse go itshokela boikepo le pogo. Go ise go ye kae, Modimo o tla tsenelela mo dikgannyeng tsa batho ka go senya tsamaiso eno yotlhe e e sa kgotsofatseng ya dilo.
Boporofeti jwa Baebele bo a re: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [dipuso tsa batho tse di leng teng gone jaanong] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [kwa legodimong] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a a busang jaanong], mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Thuto ya konokono e re e fitlhelang mo Baebeleng ke go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa, e leng tshwanelo ya gagwe ya go busa ka Bogosi jwa gagwe jwa legodimo. Fa Jesu a ne a bolelela pele ka karolo e e botlhokwa e e bontshang gore re mo “metlheng ya bofelo,” o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.
Fa bokhutlo bo fitlha, go tla falola bomang? Baebele e araba ka go re: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng.” (Diane 2:21, 22) Bathokgami ke batho ba ba ithutang thato ya ga Jehofa ba bo ba e dira: Jesu Keresete o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, “lefatshe le a feta . . . , mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.
Dinopolo tsa Dikwalo tse di mo pampitshaneng eno di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, kwantle ga fa go supilwe ka tsela e sele.