LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 2/8 ts. 14
  • A Ke Boitsholo jwa Go Goga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ke Boitsholo jwa Go Goga?
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matshelo a Dimilione a Kuelela Mosi
    Tsogang!—1995
  • Babueledi ba Motsoko ba Ntsha Dibaluni Tsa Bone Tsa Moya o o Mogote
    Tsogang!—1995
  • A Tota Ga go Re Sepe mo Modimong Gore ke a Goga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Disekerete—A o A di Gana?
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 2/8 ts. 14

A Ke Boitsholo jwa Go Goga?

“B.A.T. [British American Tobacco] Uganda 1984 Ltd. ga e dumele gore go goga disekerete go kotsi mo pholong.” Polelo eno, eo e neng e kwadilwe mo lekwalong le le neng le ya kwa Lephateng la Pholo kwa Entebbe, kwa Uganda, e tsositse moferefere kwa Borithane kaga ditatofatso tsa maitshwaro a a belaetsang le ditekanyetso tse di boferefere tsa papadi. Ka ntlha yang?

Ditlhagiso tsa Puso tse di malebana le pholo di tshwanetse go tlhaga mo diphuthelwaneng tsa disekerete kwa dinageng tsa Bophirima koo mokgwa wa go goga jaanong o fokotsegang ka 1 lekgolong ngwaga le ngwaga gone. Lefa go ntse jalo, mo mafatsheng a a santseng a tlhabologa gantsi dipatlafalo tse di ntseng jalo tsa semolao ga di teng, mme koo di leng teng, di ka nna tsa se ka tsa bonwa fa batho ba ba gogang ba reka disekerete ka bongwe, eseng ka sephuthelwana. Thekiso ya tsone kwa dinageng tseo e gola ka koketsego ya 2 lekgolong ngwaga le ngwaga. Mme lefa go ntse jalo seo ke karolo fela ya bothata jono. Motsoko o o bogale thata “o o leng kotsi thata mo go bone [ba dinaga tsa Yuropa] fa ba o goga” o a rekisiwa kwa Yuropa mme o rekisediwa Afrika le dinaga tse dingwe tse di tlhabologang, go bolela jalo Dr. Roberto Masironi, moetapele wa thulaganyo ya Tobacco or Health ya WHO (World Health Organisation).

Go rekisa ka go susumetsa go sa akanyediwe ba bangwe gape go kgothaletsa mefuta e mesha, e e bogale le go feta, mme e le ya tlhwatlhwa e e kwa tlase. Kwa Zimbabwe, koo sephatlo sa palo ya batho ba leng kwa tlase ga dingwaga tse 16 mme go sena tekanyetso malebana le gore o tshwanetse wa reka motsoko o na le dingwaga tse kae, go na le poifo ya gore bana ba basha ba tla tshwakgolwa ke mokgwa wa go goga motsoko. Dr. Timothy Stamps, yo e leng tona ya pholo ya Zimbabwe, le ene o bontshitse gore o tlhobaediwa ke “melaetsa ya tsone e e boferefere e e lebisitsweng go makgarebe” e e ba kgothaletsang gore e re kgabagare ba tshwakgolwe ke motsoko, o o ileng wa bidiwa “seokobatsi se se tagang ka bonako go di feta tsotlhe kwa dinageng tsa Bophirima.” Fa a ne a buisana le phuthego ya WHO, modiredi yo mogolo wa tsa kalafi wa Borithane o ne a re: “Ga ke kgone go tlhaloganya gore go tla jang gore motho a ipone fela a tswelela a kgothaletsa mokgwa ono o o diphatsa.”

Ereka go na le dikgatelelo tse di ntseng jalo, ke ka ntlha yang fa letsholo la go oketsa thekiso ya one le sa palelwe? Go na le mabaka a konokono a le mabedi. La ntlha ke gore, fa le ne le ka palelwa, diphatlha tse di diketekete tsa ditiro kwa madirelong a Yuropa a motsoko di ne di ka fela. La bobedi ke gore, go na le diikonomi tsa kwa dinageng tseo motsoko o rekisiwang mo go tsone. Ka sekai, Kenya e bona 5 lekgolong ya madi otlhe a lotseno a puso mo go duediseng barekisi le mo dipoelong tsa makgetho a thekiso ya motsoko. Se sengwe gape se se tlatseletsang gore thekiso ya motsoko e gole ke thuso ya madi eo madirelo a motsoko a e neelang tsa metshameko.

Go ntse go eme jalo, mathata a pholo a mafatshe a Bophirima jaanong a kukunela mo dinageng tsa Afrika. Fa ba ntse ba tsweletse ka go tlhabana le bolwetsi jwa malaria le malwetsi a mangwe a mantsintsi a a ganelelang koo, ba iphitlhela ba tlamaganya madi a bone a manyenyane gore ba kopanyeletse le malwetsi ao a bakiwang ke go goga motsoko.

Asia ke lefelo le lengwe la thekiso koo dikompone tsa motsoko jaanong di lebisang matlho teng. Gone koo, go akanyediwa gore thekiso ya motsoko e tla gola ka bobotlana 18 lekgolong mo dingwageng tse some tse di tlang. Go lebeletswe gore e tla re kgabagare China le yone e amogele motsoko o o tswang kwa Bophirima. Go setse go itsewe gore 30 lekgolong ya disekerete tse di mo lefatsheng lotlhe di gogiwa ke Ba-China. Moitseanape wa bolwetsi jwa kankere wa Borithane ebong Moperofesa Richard Peto o bolelela pele gore mo baneng botlhe ba Ba-China ba ba tshelang gompieno, ba le dimilione tse 50 ba bone e tla re kgabagare ba swe ba bolawa ke malwetsi a a bakiwang ke motsoko, go bega jalo The Sunday Times ya Lontone.

Nngwe ya dilo tse di tlhaolang Basupi ba ga Jehofa—bao ba ka nnang dimilione tse nnè lefatshe ka bophara—ke gore ga ba goge motsoko. Mme lefa go ntse jalo, ba le bantsi mo go bone ba kile ba bo e le bagogi ba bagolo ba motsoko. Ba ile ba kgaotsa go dira jalo fa ba ne ba lemoga gore go goga ga go dumelane le tumelo ya Bokeresete. (Mathaio 22:39; 2 Bakorintha 7:1) Fa e le gore totatota o batla gore o tlogele go goga motsoko, kopa thuso le kgakololo mo go mongwe fela wa bone. O tla itumelela go go e naya.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela