Boikaelelo jwa Mmatota jwa Botshelo
TSAYA gore o etetse tsala ya gago kwa e direlang teng. O sa tswa go fetsa tiro nngwe, mme e a go kgatlha. Selo seo a se dirileng seo se sentle fela thata mme ebile kafa se bopilweng ka teng se a go kgatlha. Mme lefa o re o leka bojotlhe jwa gago, ga o kgone go tlhaloganya gore o se diretse eng. O tla itse jang? Ee, ke fela ka go botsa tsala ya gago, mme ga go belaetse gore o tla itumelela go go tlhalosetsa.
Ka jalo re ka itse jang boikaelelo jwa botshelo? Eeeh, a ga se gore re botse Modimo, “motswedi oa botshelō”? (Pesalema 36:9) O ka mmotsa jang? Se se itumedisang ke gore, o ne a bua le rona a dirisa Bibela. O ile a dirisa batho bangwe ba ba nang le tumelo go kwala megopolo ya gagwe ka tsela eo re ka kgonang go e tlhaloganya. Tota ebile, boikaelelo jwa botshelo bo ka tlhalosiwa ka mafokonyana ano a a seng kae fela: Re mo lefatsheng go ithuta ka Modimo le go dira thato ya gagwe. Bibela e a re: “Bokhutlō yoa mahoko ke yo; go utlwilwe gotlhe: Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.”—Moreri 12:13.
A seno se utlwala se le lolea thata? Nnyaa, ga se a nna jalo. Go nna ga rona teng e le gore re tle re ithute kaga Modimo le go dira thato ya gagwe go na le bokao jo bo molemo le jo bogolo fela thata.
Boikaelelo jwa kwa Tshimologong jwa Modimo
Go ithuta kaga se Modimo a neng a se ikaeletse ka motho kwa tshimologong go tla re thusa go tlhaloganya boikaelelo jwa botshelo. Gape go tla fa tlhaloso mabapi le lebaka la go bo dilo tse go ileng ga buiwa ka tsone mo ditlhogong tse di fetileng di dira gore ba le bantsi gompieno ba nne le matshelo a a nang le bokao le boikaelelo jo bogolo.
Pego ya Bibela kaga popo ya motho e a re: “Me Modimo oa re, A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona.” (Genesise 1:26) Ka jalo, batho ba ne ba dirilwe ba na le bokgoni jwa go ka tshwana le Modimo, ka go nna le dinonofo tsa one tse di tlhomologileng, tse di akaretsang botlhale, thata, tshiamo, le lorato. A ke se se gakgamatsang he, go bo bangwe ba bona kgotsofalo ka go batla kitso e ntšha kgotsa ka go dira ditiro tse di gwetlhang dinonofo tsa bone tsa tlhaloganyo le tsa mmele? Mme gape a ke selo se se sa solofelwang gore go thusa ba bangwe go bo go dira matshelo a ba le bantsi go nna a a nang le boikaelelo? Nnyaa le eseng. Seno tota ke karolo ya seo re neng re bopetswe go se dira.
Pego ya Bibela e tswelela ka go bolela gore batho ba ne ba neetswe gore ba laole ditshedi tse dingwe tse di mo lefatsheng—‘ditlhapi tsa lewatle le ditshedi tse di fofang kwa legodimong le phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang mo lefatsheng.’ (Genesise 1:26) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo le gompieno ba le bantsi ba santse ba itumedisiwa ke go nna le diphologolo le go tshameka le tsone. Bangwe ba ikutlwa gore diphologolo ke boikarabelo jwa bone ka tsela eo eleng gore ba dira ka natla gore ba sireletse diphologolo tse di ka nnang tsa fela losika, kana ba buelela diphologolo tse di bogisiwang ka tsela e e sa tlhokafaleng.
Batho gape ba ne ba laelwa gore ba ‘fenye lefatshe.’ (Genesise 1:28) Seno se ne se raya eng? Seno ka phepafalo se ne se sa reye gore batho ba ulaule dikhumo tsa lefatshe ka tsela eo eleng gore go tla sala go sena sepe, phefo ya teng e kgotletswe, le mawatle le lefatshe le tletsetletse ka matlakala ka ntateng ya go sa dire dilo segolo le bogagapa. Go na le moo, Modimo o ne a baya sekao sa kafa lefatshe le ka fenngwang ka teng fa a ne a ‘lema tshimo mo Edena kafa ntlheng ya botlhabatsatsi, mme a baya motho yo a mmopileng gone.’ (Genesise 2:8) Tshimo eno ya Edena e ne e le sekai sa kafa lefatshe le neng le tshwanetse go nna ka teng. E ne e bontsha se boikaelelo jwa Modimo e neng ele sone ka polanete eno ya rona.
Pego ya Bibela e tlhalosa jaana: “Me Modimo oa ba segōhatsa [monna wa ntlha le mosadi wa ntlha]; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè.” (Genesise 1:28) Modimo o ne a batla gore batho ba nne le bana mme ba tlale ka lefatshe. O ne a kopanya monna wa ntlha le mosadi wa ntlha, mme ka go dira jalo, a tlhoma lenyalo la ntlha. (Genesise 2:22-24) Ga go gakgamatse he fa lenyalo le lelapa di tlatseletsa mo go direng gore matshelo a ba le bantsi jaana a nne le bokao le boikaelelo!
Mofuta wa Botshelo Joo Bo Ka Bong Bo Nnile Teng
Fa re ntse re ithuta Bibela, go supega sentle gore boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore lelapa la ga Adame le gole le gore ene le bana ba gagwe ba atolose melelwane ya tshimo ya Edena go fitlhelela batho ba tlala ka lefatshe lotlhe. Mme lefatshe le le neng le tla fenngwa e ne e tla bo e le la paradaise. Ee gone motho o ne a tla dirisetsa dikhumo tsa lefatshe go itsholegela molemo. Mme lefa go le jalo seno se ne se tla dirwa ka kelotlhoko. Motho o ne a tshwanetse go nna motlhokomedi wa lefatshe, eseng mosenyi wa lona. Tshenyo eo re e bonang e diragala mo lefatsheng gompieno e kgatlhanong le thato ya Modimo, mme botlhe bao ba tsayang karolo mo go yone ba dira kgatlhanong le boikaelelo jwa Modimo ka botshelo.—Tshenolō 11:18.
Re ithuta sengwe gape go tswa mo pegong ya kgale ya Bibela, mme seo ke gore e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba swe. Batsadi ba rona ba ntlha ba ne baa swa ka ntateng ya go bo ba ile ba seka ba utlwa Modimo. (Genesise 2:16, 17) Ka go tlhoka kutlo, ba ne ba sa tlhole jaanong ba diragatsa boikaelelo jwa botshelo—ba ne ba sa tlhole ba dira thato ya Modimo. Ka jalo ga se fela gore ba ne ba swa mme gape le bana ba bone ba ile ba swa ka ntateng ya go bo ba ile ba rua bosaitekanelang mo go bone. (Baroma 5:12) Lefa go le jalo, boikaelelo jwa kwa tshimologong e ne e le gore batho ba tshelele ruri, ba sa swe. Seno ke sone seo go lebegang se dira gore ba le bantsi ba ikutlwe ba bolawa ke pelo fa ba akanya ka ntlha ya gore matshelo a bone a kgaosediwa ka bokhutshwane jaana ke loso.
Go Diragatsa Boikaelelo jwa Modimo
Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka setho le lefatshe leno ga bo ise bo fetoge. O santse a ikaeletse gore go nne le lefatshe la paradaise le le nniwang ke batho ba ba itekanetseng. Lefa go le jalo, o ne a tshwanelwa ke go dira dithulaganyo go baakanya seemo se se maswe se se neng sa tlisiwa ke go palelwa ga batsadi ba rona ba ntlha. Go dira thato ya Modimo gompieno go akaretsa go tshela tumalanong le dithulaganyo tseno tsotlhe tsa Modimo. Se se itumedisang ke gore, Bibela e na le tlhaloso ya tiragatso e e tswelelang pele ya go diragatsa boikaelelo jono jwa gagwe.
Re bala mo bukeng ya ntlha ya Bibela gore Modimo o ne a bua ka “losika” lo lo tla tlang go baakanya tshenyo yotlhe eo e ileng ya dirwa ke go palelwa ga ga Adame le Efa go dira thato ya Gagwe. (Genesise 3:15) Mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete (“Tesetamente E Ntšha”), re bala ka go tla ga ga Jesu Keresete jaaka “losika,” le ka botshelo jwa gagwe jo bo senang boleo, le ka loso lwa gagwe a bolawa ke baba ba gagwe. Totatota, loso lwa ga Jesu e ne e le setlhabelo mo boemong jwa rona, lo re bulela sebaka sa go ka bona gape botshelo jo bo sa khutleng jo Adame le Efa ba bo latlhileng. (Bahebera 7:26; 9:28) Ee, Bibela e a re: “Leha e le mañ eo o dumelañ mo go èna a se ka a nyèlèla me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 3:16.
Me ga se seo fela. Morago ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a tsosiwa jaaka sebopiwa sa moya se se nang le bosasweng mme jaanong o busa jaaka Kgosi ya Bogosi jwa legodimo jwa Modimo. Go ise go ye kae Bogosi joo bo tla tsaya kgato go emisetsa mebuso ya gompieno ya lefatshe ka mokgatlho wa lefatshe le lesha o o tla sikarang tsamaiso ya merero ya batho. Boperofeti jwa Bibela bo solofetsa jaana: “Me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.
Mme kwa morago, Bogosi jono bo tla tlhokomela tiro e e itumedisang ya go busetsa Paradaise mo lefatsheng le ya go tlhabololela setho mo boitekanelong. Bibela gape e bua le ka tsogo ya baswi, e le gore le bone ba tle ba kgone go nna le sebaka sa go tsaya karolo mo tiragatsong e kgolo ya boikaelelo jwa Modimo ka setho. (Ditihō 24:15) Ka gone he go tla bo go diragaditswe tsholofetso eno e e itumedisang: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō. Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:11, 29.
Go Solegelwa Molemo ka Namana
E le gore re tle re kgone go solegelwa molemo ka namana fa boikaelelo jono jo bogolo jwa Modimo ka lefatshe bo diragadiwa, re tshwanetse gore pelepele re itse Modimo. Jesu Keresete o ne a re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, go re ba go itse, wèna Modimo o o osi o o boamarure, le èna eo o mo romileñ eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Mme seno re ka se dira jang? Re ithuta dilo dingwe kaga Modimo ka go ela tlhoko dilo tse di mo lefatsheng go re dikologa, popo ya gagwe, go akaretsa le dinaledi tsa legodimo. (Pesalema 19:1) Lefa go le jalo, re ithuta bogolo jang ka Modimo—le ka Morwawe ebong Jesu Keresete—mo Bibeleng. Re ithuta leina la gagwe le dinonofo tsa gagwe, le go lemoga ka botlalo seo Modimo a ileng a se direla setho. Kitso e e ntseng jalo e dira gore re mo rate le go mo atamela ene le Morwawe.
Go itse Modimo go dira gore re batle go dira thato ya gagwe. Gongwe re setse re kile ra rapela jaana jaaka fa Jesu a ile a laela: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go diragale mo lehatsheñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo—jo bo lereng kgotsofalo ya boammaaruri—ke ka go tshela matshelo a rona tumalanong le thato eo ya Modimo.
Lefa go le jalo go dira thato ya Modimo go kopanyeletsa eng? Mo go Adame le Efa, go ne go akaretsa go tlhokomela diphologolo le go fenya lefatshe le go le tlatsa ka bana ba ba itekanetseng. Mme gore re dire thato ya Modimo gompieno, re tshwanetse go ithuta kaga setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu le go bontsha tumelo mo go sone. Mme gape re tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu sa go bolelela ba bangwe ka ‘mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo.’—Mathaio 24:14.
Go dira thato ya Modimo gape go akaretsa le go aga botho jwa bomodimo. Ka jalo re tla lemoga dilo tse Modimo o di ilang—tse di ntseng jaaka go aka, bogodu, go seba mo go senyang maina, le go tenega mo go senang selekanyo—mme le rona re di ile. Gape re tla ithuta ka dinofofo tse Modimo o di ratang—tse di ntseng jaaka lorato, boipelo, kagiso, bopelonomi, le bomolemo—mme re di tlhagolele ka thuso ya moya o o boitshepo. (Bagalatia 5:19-24) Fa re batla go bona botshelo jo bo sa khutleng, re tshwanetse go nna batho ba mofuta o Modimo o tla batlang gore ba bo ba le teng ka bosakhutleng. Ka boammaaruri, go ithuta ka Modimo le go dira thato ya gagwe go dira gore matshelo a rona a nne le boikaelelo le bokao go gaisa sepesepe fela!
Diphelelo Tseo Seno Se Nnang le Tsone
Dimilionemilione tsa batho go dikologa lefatshe di supela ntlha ya gore go bona boikaelelo jwa boammaaruri mo botshelong go na le diphelelo tsa botlhokwa mo mothong. Akanya ka sekai sa ga Wayne yo o ileng a hutsafadiwa thata ke loso lwa mosadi wa gagwe wa ntlha. Moruti wa lefelo la bone o ne a paletswe ke go mo gomotsa, ka jalo Wayne o ne a tlhagafala mo tirong ya boithaopo. O ne a direla jaaka molaodi wa American Legion kwa U.S. le go nna tlhaga mo ditlhopheng tsa sepolotiki. Mme morago ga moo o ne a nyala gape, lefa go le jalo moo e ne e se lenyalo e le tlhakantsuke fela. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba sena thulaganyo epe e ba e latelang mo matshelong a bone.
Lefa go le jalo, letsatsi lengwe Wayne o ne a tsaya Bibela mme a simolola go e bala. Morago ga dikgwedi tse tharo ke fa a setse a e kgaretlhile, mme a re: “Jaanong ke ne ka itse gore go na le boikaelelo jwa go bo re tshela le gore go na le tsholofelo ya botshelo morago ga loso.” O ne a bolelela mosadi wa gagwe jaana: “Re tshwanetse go batla batho ba re ka kopanelang le bone bao ba ngaparetseng thata mo Bibeleng.” Mme go ise go ye kae o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, mme puisano ya bone le bone e ne ya oketsa fela thata keletso ya bone ya go dira thato ya Modimo. Wayne le mosadi wa gagwe ba ne ba neela matshelo a bone go direla Modimo, mme botshelo jwa bone jwa lelapa bo ne jwa tokafala fela thata.
Susan yo e neng e le morwadia barongwa ba Presbyterian, o ne a batla go dira sengwe mo botshelong se eleng gore tota se ne se tla thusa lefatshe. Thuto kaga bodiphatsa jwa maatla a nuklea e ne ya mo kgotsofatsa gore seno ke selo sa botlhokwatlhokwa fela thata. Ka jalo he o ne a tlogela kholetšhe e le gore a tle a kgone go dirisa nako ya gagwe e ntsi a ruta batho kaga bothata jono. Mme fa a ne a le dingwaga tse 21, o ne a direla jaaka mookamedi wa dipopelelo tse dikgolo tse di neng di le kgatlhanong le nuklea. Mme kwa morago o ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa mme a bontshiwa se Bibela e se buang, mme fa nako e ntse e ya, o ne a bona boikaelelo jwa boammaaruri jwa botshelo. Lefa gone kwantle ga pelaelo a santse a tshwenyegile ka tsela eo batho ba senyang lefatshe ka yone, jaanong o lemoga gore Modimo o tla rarabolola mathata ano ka Bogosi jwa gagwe. Ka jalo, o thusa batho go nna le tumelo mo go jone.
Marielle o ne a ikaelela go ja monate wa dilo tse lefatshe leno le di neelang mo botshelong jwa gagwe. O ne a tsenela tiro nngwe jaaka tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe. O ne a ipelela dilo tse di neng di tseetswe kwa godimo kwa Los Angeles, California, U.S.A., go akaretsa meletlo le diokobatsi. Mme e ne ya re fa a simolola go ithuta Bibela, le go itse ka Modimo le go mo direla, o ne a simolola go bona gore dilo tseo tsotlhe di ne di sena mosola gotlhelele. A re botshelo jwa gagwe jaanong bo itumedisa le go feta ereka bo dumalana le maikaelelo a Modimo.
Palo ya bao matshelo a bone a ileng a tokafadiwa ke go ithuta ka boikaelelo jwa boammaaruri jwa botshelo e oketsega ka makgolokgolo letsatsi le letsatsi. Go tshela tumalanong le boikaelelo joo jwa boammaaruri jwa botshelo ka go dira thato ya ga Rraarona wa selegodimo, yo o lorato ka boammaaruri go nna le diphelelo tsa botlhokwa mo go rona. Ke selo se se ka dirang diphetogo mo botshelong jwa gago mme jwa tokafala. Re go laletsa gore le wena o itshekatshekele ka kgang eno ka namana. Botshelo jwa gago bo tla itumedisa fela thata fa o ka dira jalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Monei wa botshelo o ne a na le boikaelelo fa a ne a bopa setho
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Modimo ga o ise o latlhe boikaelelo jwa one jwa gore lefatshe e nne paradaise le gore le tladiwe ka batho ba ba itekanetseng